Tlayang, Ntshaleng Morago
Mopitlo 23–29. “Ke Gakologetswe Kgolagano ya Me”: Ekesodo 1–6


“Mopitlo 23–29. ‘Ke Gakologetswe Kgolagano ya Me’: Ekesodo 1–6,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Mopitlo 23–29. ‘Ke Gakologetswe Kgolagano ya Me’,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026

Moše le setlhare se se tukang

Moses and the Burning Bush [Moše le setlhare se se tukang], ka Jerry Thompson

Mopitlo 23–29: “Ke Gakologetswe Kgolagano ya Me”

Ekesodo 1–6

Taletso go nna kwa Egepeto e bolokile lelwapa lwa ga Jakobe. Mme morago ga dingwaga tse di makgolo, dikokomane tsa bone di ne tsanna batshwarwa le go tshwenngwa ke faro yo moša yo o “sa itseng Josefa” (Ekesodo 1:8). Go ka bo go nnile motlhofo gore Baiseraele ba gakgamalele gore ke eng Modimo a letleletse se go ba diragalela, batho ba Gagwe ba kgolagano. A o ne a gakologelwa kgolagano e A e dirileng le bone? A ba ne e sa ntse e le batho ba Gagwe? A O bona ka fa ba sotlegang ka teng?

Go ka tswa go na le dinako tse o ikutlwileng o ka botsa dipotso tse di tshwanang. O ka gakgamala, “A Modimo o itse se ke se raletseng? A O utlwa dikopo tsa me tsa thuso?” Kgololo ya Iseraele go tswa mo Egepeto e araba dipotso tse di ntseng jalo ka tlhamalalo: Modimo ga a lebale batho ba Gagwe. O gakologelwa dikgolagano tsa Gagwe le rona mme o tlaa di diragatsa ka nako le tsela ya Gagwe. “Ke tlaa lo rekolola ka letsogo le le otlolotsweng,” A bolela. “Ke Morena Modimo wa lona, yo o lo ntshang go tswa ka fa tlase ga merwalo [ya lona]” (Ekesodo 6:6–7).

Go bona tshoboko ya buka ya Ekesodo, bona “Exodus, book of” mo Bible Dictionary.

aekhone ya ithutuntsho

Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Ekesodo 1–2

Modimo o ka dira ka nna go diragatsa maikaelelo a Gagwe.

Ke eng se se go kgatlhang ka basadi ba ba nankotsweng mo Ekesodo 1–2? Ba thusitse jang go diragatsa togamaano ya Modimo go batho ba Gagwe? Matsapa a bone a go ruta eng ka ga tirelo mo tirong ya Modimo?

Ekesodo 1–3

Jeso Keresete ke Mogolodi wa me.

Pele ga o simolola go bala Ekesodo, o ka akanya ka ga bothata jo o bo raletseng—sengwe se o solofelang Morena a ka go golola mo go sone. Ke a fe mafoko le diele mo Ekesodo 1–3 tse di utlwalang go tshwana le botshwaro jwa semowa kgotsa dilo dingwe tse re lebaganang le tsone gompieno? Tshwaela le gone ka fa bana ba Iseraele ba batlileng kgololo le ka fa Morena a fetotseng ka teng (bona, ka sekai, Ekesodo 2:23–25; 3:7–8). Morena o tlile jang “kwa tlase go go golola” wena?

Go ralala buka ya ga Ekesodo, le gone o ka tshwaya dingwe tsa tse ditshwanang ma gareng ga ga Moše le Jeso Keresete (bona Duteronome 18:18–19; 1 Nefi 22:20–21). Ka sekai, ke eng mo go tshwanang mo o go bonang ma gare ga Ekesodo 1:22; 2:1–10 le Mathaio 2:13–16? Kgotsa magare ga Ekesodo 24:18 le Mathaio 4:1–2? O ikutlwa gore ke eng se Morena a batlang o se tlhaloganya ka ga Ene le thata ya Gagwe?

Batla matshwao a a pakang ka ga Jeso Keresete. “O ka … bona di papisa tsa botshelo jwa Mmoloki mo matshelong a baperofeti le ba bangwe banna le basadi ba ba boikanyego mo dikwalong tse di boitshepo. [Go dira se] go senola boammaaruri ka ga Mmoloki mo mafelong a o ka se a eleng tlhoko” (Bona Teaching in the Savior’s Way7; bona le gone Hose 12:10).

basadi ba ntsha tlatlana go tswa mo nokeng

Faith at Water’s Edge [Tumelo kwa Letshitshing la Metsi], ka Anne Marie Oborn

Ekesodo 3:1–6

aekhone ya seminari
Ke ka tlotla dilo le mafelo a a boitshepo.

A o ka akanya ka nako e sengwe se go tladitseng ka kakabalo le kgakgamalo? O ne wa dira jang? O ka tlhalosa jang maikutlo a o nnileng le one?

Ka seo mo tlhaloganyong, bala Ekesodo 3:1–6. Ke eng se se go kgatlhang ka maitemogelo a tlhotlheletsang a ga Moše? Moše o dirile eng go supa tlotlo mo Modimong? O bona dikopanyi dife magareng ga ditiro le tlotlo ya gagwe go dilo tse di boitshepo?

Go bala ditemana tse go ka go tlhotlheletsa go akanya ka ga dilo tse di boitshepo le mafelo a boitshepo mo botshelong jwa gago. Ke eng di le boitshepo mo go wena? O di tsaya jang go farologana le dilo tse di tlwaelesegileng? Go kaela go tlhatlhanya ga gago, o ka leba kgaolo e biditswe “Remembering the Promises” mo molaetseng wa ga Mogolwane David A. Bednar “Exceeding Great and Precious Promises” (Liahona, Nov. 2017, 91–93). Gape o ka opela kgotsa wa reetsa sefela se se ka tlhotlheletsang kgakgamalo, jaaka“I Stand All Amazed” (Hymns, no. 193) mme o tlhatlhanye gore ke eng ka efangele se se go gakgamatsang.

Ke gone, le fa re nnile le maitemogelo a semowa a a gakgamatsang, go na le kotsi ya go tsaya dilo tse boitshepo motlhofo. O ka tila se jang? Fa ke melaetsa e mebedi e e rarabololang seemo se; tlhopha o le mongwe, mme o batle mafoko a a go thusang: Ulisses Soares, “In Awe of Christ and His Gospel” (Liahona, Motsheganong 2022, 115–17); Gérald Caussé, “Is It Still Wonderful to You?Liahona, Motsheganong 2015, 98–100).

Bona le gone Dithuto le Dikgolagano 6:10–12; 63:64.

Ekesodo 3–4

Modimo o neela thata go batho ba A ba bitsang go dira tiro ya Gagwe.

Gompieno re itse Moše jaaka moperofeti le moeteledipele yo o mogolo. Mme Moše o ne a sa ipone jalo lwa ntlha fa Morena a mmitsa. Jaaka o bala Ekesodo 3–4, nankola matshwenyego a ga Moše le ka fa Morena a a arabileng ka bongwe. Ke eng se o se bonang mo dikgaolong tse se se ka go tlhotlheletsang fa o ikutlwa o tlhaela? O bone leng Modimo a thatafatsa wena kgotsa ba bangwe go dira tiro ya Gagwe?

Bona le gone “The Church Gives Us Opportunities to Assist in God’s Work” mo “Church Organization” mo Topics and Questions, Motlobo wa Efangele.

Ekesodo 5–6

Maikaelelo a Morena a tlaa diragadiwa ka nako ya Gagwe.

Go ka kgoba marapo fa matsapa a rona a tlhwaafalo go dira molemo a lebega a sa bereke—fa re leka go dira thato ya Morena mme re sa bone maduo a re a solofetseng. Go ithuta ka maitemogelo a tshwanang le a ga Moše, bala Ekesodo 5:4–9, 20–23. Morena o thusitse jang Moše go fenya maikutlo a gagwe a go kgobega marapo? (bona Ekesodo 6:1–13). Morena o go thusitse jang go tswelela o dira thato ya Gagwe?

Bona le gone Jeffrey R. Holland, “Waiting on the Lord,” Liahona, Nov. 2020, 115–17.

Go feta fa, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .

kgaolo ya bana aekhone 01

Megopolo ya go Ruta Bana

Gonne Tshipi o ke Tshipi wa botlhano wa kgwedi, Barutintshi ba Poraemari ba rotloediwa go dirisa ditiragatso tsa thuto mo “Appendix B: Go Baakanyetsa Bana Botshelo Jotlhe Mo Tseleng ya Kgolagano Ya Modimo.”

Ekesodo 1–2

Modimo o ka dira ka nna go diragatsa maikaelelo a Gagwe.

  • Moše o na le tiro e kgolo ya go golola Iseraele mo botshwarong. Mme o ka bo a sa kgona go fitlhelela se fa mmaagwe, kgaitsadie, morwadie Faro, le ba bangwe bomme ba ba boikanyego ba ne ba sa mo sireletsa le go mo tlhokomela. Thusa bana ba gago go ithuta ka ga basadi ba mo Ekesodo 1:15–20; Ekesodo 2:2–10 (bona le gone Dipalo 26:59); le Ekesodo 2:16–21. Le gone o ka dirisa tsebe ya tiragatso ya beke e le “Baby Moses” (mo Old Testament Stories, 61–63) go bolela dipolelo tsa bone. Bomme ba ba thusitse jang go diragatsa togamaano ya Modimo? Buisanang ka ga batho ba bangwe ba lo ba kgatlhegelang ba ba thusang ka tiro ya Modimo, go akaretsa ka ditsela tse di nnye e bile di le motlhofo. Re ka sala sekai sa bone morago jang?

    1:36

    Baby Moses

Ekesodo 3:1–5

Ke ka tsaya mafelo a boitshepo ka tlotlo.

  • Morago ga go bala Ekesodo 3:1–5 mmogo, kopa bana ba gago go soboka ditemana tse ka mafoko a bone (bona le gone “Moses the Prophet” mo Old Testament Stories, 64–66). Moše o ne a supa tlotlo jang mo boleng teng jwa Morena? Morena o batla re supa jang tlotlo? O ka nna le gone wa kopa bana ba gago go go thusa go batla (kgotsa go tshwantsha) ditshwantsho tsa mafelo a a boitshepo kgotsa ditiragatso kwa re tshwanelwang ke go nna tlotlo. Re ka dira eng go dira legae la rona lefelo le le boitshepo?

    1:26

    Moses the Prophet

  • Opelang mmogo pina ka ga tshisimogo, jaaka “Reverence Is Love” (Children’s Songbook, 31). Jaaka lo dira, bana ba gago ba ka batla mafoko kgotsa diele tse di tlhalosang gore go raya eng go nna tlotlo. Fa re ne re tlisa tsala e le lantlha kwa kerekeng, re ka tlhalosa jang gore go raya eng go nna tlotlo?

Moše le Arone ba bua le batho

Moses and Aaron Speak to the People [Moše le Arone ba Bua le Batho], ka James J. Tissot

Ekesodo 3–4

Fa Morena a nkopa go dira sengwe, O tlaa nthusa go se dira.

  • Go dirisa pego mo Ekesodo 3; 4:1–17, letla bana ba gago ba fapaanela go itira go nna Moše. Go ka kgatlhisa go akaretsa di dirisiwa kgotsa tse dingwe tse di motlhofo, jaaka pone le sejwalo go kaya naga e e tukang. Thusa bana ba gago go lemoga ka fa Moše a ikutlwileng ka teng ka ga thomo e Morena a mo e neetseng (bona Exodus 3:11; 4:1, 10). Gongwe lo ka abelana ka bo lona dinako tse lo neng lo na le maikutlo a a tshwanang. Ke efe kgakololo e re ka e abelanang le Moše go mo thusa? Bala ka ga ka fa Morena a rotloeditseng Moše mo Ekesodo 3:12; 4:2–9, 11–12. Bolelela bana ka fa Mmoloki a go thusitseng ka teng go diragatsa pitso, go sala morago tlhotlheletso, kgotsa go dira sengwe se sele se se neng se go palela.

Go feta, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e wa Tsala .

Mmaagwe Moše

The Mother of Moses [Mmaagwe Moše], ka Simeon Solomon

Tsebe ya tiragatso ya poraemari: Ke ka itshwarela