“Tlhakole 23–Mopitlo 1. ‘A go na le sengwe se se thata mo go Morena?’: Genesise 18–23,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Tlhakole 23–Mopitlo 1. ‘A go na le Sengwe se se Thata mo go Morena?’,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026
Sarah and Isaac [Sara le Isake], ka Scott Snow
Tlhakole 23–Mopitlo 1: “A Go na le Sengwe se se Thata mo go Morena?”
Genesise 18-23
Botshelo jwa ga Aborahame le Sara, jo bo tletseng ka ditiragalo tse di garolang pelo le tse di itumedisang pelo, ke bosupi jwa boammaaruri jo Aborahame a bo ithutileng mo ponatshegelong—gore re mo lefatsheng go tla go lekwa, “go bona fa ba [re] tlaa dira dilo tsotlhe le fa e le eng se Morena Modimo wa [rona] a tlaa se [re] laelang” (Aberahame 3:25). A Aborahame le Sara ba ne ba tla itshupa ba ikanyega? A ba ne ba tlaa tswelela ba na le tumelo mo tsholofetsong ya Modimo ya bana ba le bantsi, tota le fa ba ne ba sa ntse ba se na bana mo botsofeng jwa bone? Mme fa Isake a sena go tsholwa, a tumelo ya bone e ne e tlaa itshokela se se neng se sa akanngwa—taelo ya go ntsha ene morwa setlhabelo yo Modimo a neng a solofeditse go diragatsa kgolagano eo ka ene?
Aborahame le Sara ba ne ba tshepa Modimo, le ene a ba tshepa (bona Genesise 15:6; Baroma 4:3). Mo Genesise 18–23, re fitlhela dipolelo tse di tswang mo matshelong a ga Aborahame, Sara, le ba bangwe tse di ka re tlhotlheletsang go akanya ka go iketleeletsa ga rona go dumela ditsholofetso tsa Modimo, go tshaba boikepo le go se tlhole re leba kwa morago, le go ikanya Modimo go sa re sepe gore re ntsha setlhabelo sefe. Mo go re lekeng, Modimo le ene o a re tokafatsa.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Genesise 18:9–14; 21:1–7
Morena o diragatsa ditsholofetso tsa Gagwe mo nakong ya Gagwe.
Morena o dirile ditsholofetso tse di galalelang mo baikanyeging, mme ka dinako tse dingwe seemo sa matshelo a rona se ka dira gore re ipotse gore a ditsholofetso tsena di ka diragadiwa. Aborahame le Sara ba ka tswa ba ne ba ikutlwa jalo. O ithuta eng mo maitemogelong a bone? Go ka nna ga thusa go simolola thuto ya gago ka go boeletsa se Morena a neng a se solofeditse mo Genesise 17:4, 15–22. Aborahame le Sara ba ne ba itshwara jang? (bona Thanolo ya ga Joseph Smith, Genesise 17:23 [mo Genesise 17:17, mokwalo b]; Genesise 18:9–12). Morena o ne a tsibogela jang go ba thusa go nna le tumelo e kgolwane mo ditsholofetsong tsa Gagwe? (Bona Genesise 18:14).
Ke eng se o se bonang mo ditemaneng tsena se se agang tumelo ya gago? Ke maitemogelo afe a mangwe—mo botshelong jwa gago kgotsa jwa motho yo mongwe—a a nonositseng tumelo ya gago ya gore Morena o tlaa diragatsa ditsholofetso tsa Gagwe ka nako ya Gagwe le ka tsela ya Gagwe? O ka nna wa akanya gape ka tsela e o ka tshegetsang tumelo ya gago ka yone fa ditshegofatso tse di solofeditsweng di sa amogelwe mo botshelong jo. O bona kgakololo efe mo Bahebere 11:8–13 le mo molaetseng wa ga Poresidente Russell M. Nelson “Christ Is Risen; Faith in Him Will Move Mountains”? Liahona, Motsheganong 2018, 101–4).
Bona gape Dithuto le Dikgolagano 88:68.
Genesise 19:12–29
Morena o ntaela gore ke tshabe boikepo mme ke seka ka leba kwa morago.
Ke dithuto dife tse o di ithutang ka go tshaba boikepo fa o ntse o bala ka Lote le lelwapa la gagwe? Sekai, ke eng se se go kgatlhang ka se baengele ba neng ba se bua le go se dira go thusa Lote le lelwapa la gagwe gore ba se ka ba senngwa? (Bona Genesise 19:12–17). Morena o go thusa jang le lelwapa la gago go tshaba kgotsa go bona tshireletso go tswa mo ditlhotlheletsong tse di bosula mo lefatsheng? Akanya ka dingwe tse di dirang gore o raelesege go “[leba] kwa morago” (temana 26) fa o tshwanetse go lebelela pele ka tumelo mo Mmoloking. Ke eng se Luke 9:62 e se oketsang mo go tlhaloganyeng ga gago ga molawana ona?
Bona le gone Thanolo ya ga Joseph Smith, Genesise 19:9–15 (mo aphentikiseng ya Baebele).
Genesise 19:26
Mosadi wa ga Lote o ne a dira phoso efe?
Mogolwane Jeffrey R. Holland o ne a ruta:
“Go bonala fa se se neng se le phoso ka mosadi wa ga Lote e ne e le gore o ne fela a sa lebe kwa morago; mo pelong o ne a batla go boela morago. Go lebega e kete le pele ga a feta melelwane ya toropo, o ne a setse a tlhwaafalela se Sodoma le Gomora di neng di se mo fa. …
“Go ka direga gore mosadi wa ga Lote o ne a lebile kwa morago a galefetse Morena ka ntlha ya se A neng a mo kopa gore a se tlogele. … Ka jalo ga se fela gore o ne a leba kwa morago; O lebile kwa morago ka keletso. Ka bokhutshwane, tshwaragano ya gagwe le dilo tse di fetileng e ne e imela tshepo ya gagwe mo isagong. Seo, go bonala e kete e ne e le karolo ya sebe sa gagwe.
“… Ke a lo kopa gore lo se ka lwa nna mo malatsing a a fetileng jaanong le fa e le go eletsa mo fifing dilo tsa maabane, le fa maabane ao a ka tswa a ne a le monate go le kana kang. Nako e e fetileng go tshwanetse go ithutiwa mo go yone mme e seng go tshelela mo go yone. Re leba kwa morago go batla dikgase go tswa mo maitemogelong a a phatsimang mme e seng melora. Mme fa re setse re ithutile se re tshwanetseng go se ithuta mme re tlile ka dilo tse di molemo tse re di itemogetseng, ke gone re lebang kwa pele mme re gakologelwe gore tumelo ka metlha e lebile isago. …
“… Go nna o akantse ka matshelo a a fetileng, go akaretsa le diphoso tsa nako e e fetileng, ga go a siama fela! Ga se efangele ya ga Jeso Keresete. …
“Ke bitsa [batho] botlhe ba kokomana nngwe le nngwe, ke re, ‘Gakologelwang mosadi wa ga Lote’ [Luke 17:32]. Tumelo ke ya isago. Tumelo e aga mo dilong tse di fetileng mme ga e ke e eletsa go nna koo. Tumelo e tshepa gore Modimo o na le dilo tse dikgolo tse a di boloketseng mongwe le mongwe wa rona le gore Keresete ele ruri ke ‘moperesiti yo mogolo wa dilo tse di molemo tse di tlang’ (Bahebera 9:11)” (“The Best Is Yet to Be,” Ensign, Firikgong. 2010, 24, 26–27).
Abraham and Isaac [Aberahame le Isake], ka Harold Copping
Genesise 22:1–19
Go iketleeletsa ga ga Aberahame go ntsha Isake setlhabelo ke tshwantsho ya Modimo le Morwawe
Le fa re sa itse mabaka otlhe a gore ke eng Modimo a ne a laela Aborahame go ntsha Isake setlhabelo, re a itse gore e ne e le teko ya tumelo ya gagwe mo Modimong. Re itse gape gore e ne e le “tshwano ya Modimo le Morwa wa Gagwe yo o Tsetsweng a le Esi” (Jacobe 4:5). Fa o ntse o bala Genesise 22:1–19, o ka nna wa batla matshwao kgotsa dilo tse di tshwanang fa gare ga tshupelo ya ga Aberahame ya ga Isake le tshupelo ya ga Rara ya ga Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete . Akanyetsa go kwala se o se bonang mo tšhateng e e tshwanang le eno:
|
Aborahame le Isake |
Rara wa Legodimo le Jeso Keresete |
|---|---|
Aborahame le Isake Isake e ne e le morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Aborahame le Sara (Genesise 22:2; bona le gone Bahebera 11:17) | Rara wa Legodimo le Jeso Keresete Jeso Keresete ke yo o Tsetsweng a le Esi wa Rara (Johane 3:16) |
Aborahame le Isake Isake o ne a tshwanetse go ntshiwa setlhabelo mo boemong jwa kwana (Genesise 22:7–9) | Rara wa Legodimo le Jeso Keresete Jeso Keresete ke Kwana ya Modimo (Johane 1:29) |
Ke matshwao afe kgotsa ditshwano le setlhabelo sa tefetso sa Mmoloki tse o di bonang di na le bokao jo bogolo? Akanyetsa go opela kgotsa go bala mafoko a sefela se se bontshang lorato lwa ga Rara wa Legodimo mo go rona, jaaka “God Loved Us, So He Sent His Son,” Hymns, no. 187. O ka nna gape wa kwala maikutlo a gago ka ga Rara wa Legodimo le Jeso Keresete le setlhabelo sa Bone mo go wena.
Fa o batla go ithuta thata ka setlhabelo sa Mmoloki wa rona, akanyetsa go bala molaetsa wa ga Poresidente Jeffrey R. Holland “Behold the Lamb of God” (Liahona, Motsheganong 2019, 44–46). Ke eng kwana e le letshwao le le maatla jaana la Morwa Modimo? Ke eng se Poresidente Holland a se rutang se se oketsang tlotlo ya gago ya mpho ya ga Rara wa Legodimo?
Bona le gone “Akedah (The Binding)” (setshwantsho sa motshikinyego), Gospel Library.
Akedah (The Binding)
Dirisa ditshwantsho go ruta. Go oketsa pharologano mo go ruteng le mo go ithuteng, o ka dirisa setshwantsho se le sengwe kgotsa go feta mo tshobokong e fa o ntse o ithuta dipolelo tse di mo go Genesise 18–23. Sekai, wena le lelwapa la gago kgotsa tlelase lo ka ela tlhoko dintlha mo ditshwantshong tsa ga Aberahame le Isake. Bua ka gore ke ka ntlha ya eng fa dintlha tsena di le botlhokwa mo polelong, mme o batle dintlha tsena mo dikwalong tse di boitshepo. Di tshwaya jang tshwantshetso ya kgang ya setlhabelo sa Morwa Modimo?
Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa dimakasine tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana .
Megopolo ya go Ruta Bana
Genesise 17:15–21; 18:14; 21:1–7
ke ka ikanya Modimo go tshegetsa ditsholofetso tsa Gagwe.
-
Go ithuta ka boikanyego jwa ga Aberahame le Sara mo ditsholofetsong tsa Modimo, wena le bana ba gago le ka bua ka nako e ba neng ba tshwanelwa ke go emela sengwe se ba neng ba se batla tota. Ke gone o ka lebang setshwantsho sa ga Sara le Isake kwa tshimologong ya tshoboko e mme le bue ka tsholofetso e Modimo a e modiretseng le Aberahame (bona le gone “Aberahame and Sara” mo Old Testament Stories, 28–31). Thusa bana ba gago go akanya ka dilo tse Modimo a di re solofeditseng fa re nna boikanyego. Ba rotloetse go nna pelotelele le go tshepha gore Modimo o tlaa tshegetsa ditsholofetso tsa Gagwe.
2:20Abraham and Sarah
-
Go thusa bana ba gago go ithuta boammaaruri mo Genesise 18:14, o ka kwala lefoko lengwe le lengwe go tswa mo polelong ya ntlha ya temana eo mo dipampiring tse di farologaneng. Go tswa foo tlhakanya dipampiri tseo, mme o laletse bana ba gago go baya mafoko ka tatelano e e siameng. Morago ga moo wena le bana ba gago lo ka bala Genesise 17:15–21; 21:1–7 go bona sekai sa sengwe se Morena a se dirileng se se neng se lebega se sa kgonege. Abelana le bana ba gago tumelo ya gago ya gore Morena o tlaa diragatsa ditsholofetso tsa gagwe, le fa di lebega di ka se kgonege kgotsa di tsaya nako e telele.
Genesise 19:15–26
Nka tshaba boikepo.
-
Botsa bana ba gago ka diemo tse mo go tsone mongwe a ka nnang a ba laletsa go dira sengwe se ba itseng gore ga se a siama. Re ne re tlaa “tshaba” diemo tse jang? Soboka Genesise 19:15–26 ka go tlhalosa gore lelwapa la ga Lote le ne le nna mo motseng o o bosula thata mme baengele ba ne ba ba tlhagisa gore ba tloge. Fa wena le bana ba gago lo ntse lo bala mmogo ditemana 15–17, 26, ba botse gore go ka kaya eng mo go rona gompieno go “falola” bosula le go “se lebe kwa morago” (temana 17).
Sodom [Sodoma], ka Julius Schnorr von Carolsfeld
Genesise 22: 1– 14
Aberahame o ne a obamela Morena.
-
Go dirisa ditshwantsho tsa ga Aborahame le Isake le tsa go Bapolwa (bona Gospel Art Book, nos. 9, 57) go ka thusa bana ba gago go tshwantshanya polelo mo Genesise 22 ka setlhabelo sa Mmoloki (bona Mathaio 27:26–37). Ke eng se re ka se ithutang ka Rara wa Legodimo le Jeso Keresete go tswa mo dipegong tsa ga Aberahame le Isake le tsa Papolo? (Bona le gone “Aberahame le Isake,” mo Old Testament Stories, 34–37.)
2:0Abraham and Isaac
-
A o ka akanya ka motshameko o o motlhofo o o ka o tshamekang le bana ba gago o o tlhokang gore ba sale morago ditaelo? Gongwe dikaelo di ka lebisa kwa setshwantshong se se fitlhegileng sa Mmoloki. Motshameko o ka tlhotlheletsa puisano ka dilo tse Rara wa Legodimo a re laetseng go di dira gore re ka tshela le Ene le Jeso Keresete gape. Akanyetsa go opela pina jaaka “Keep the Commandments” (Children’s Songbook, 146–47). Tsebe ya tiro ya beke eno le yone e ka thusa.
Go bona go le gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.