“Tlhakole 16–22. ‘Go Nna Molatedi yo Mogolo wa Tshiamo’: Genesis 12–17; Abraham 1–2,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Tlhakole 16–22. ‘Go Nna Molatedi yo Mogolo wa Tshiamo’,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026
Melchizedek Blesses Abram [Melekiseteke o Segofatsa Aboramo], ka Walter Rane (ntlha)
Tlhakole 16–22: “Go Nna Molatedi yo Mogolo wa Tshiamo”
Genesise 12–17; Aberahame 1–2
Gonne ka kgolagano e Modimo a e dirileng le ene, Aberahame o ntse a bidiwa “rre wa ba ba boikanyego” (Dithuto le Dikgolagano 138:41) le “Tsala ya Modimo” (Jakobe 2:23). Didikadike gompieno ba mo tlotla jaaka moswi wa bone ka tlhamalalo, mme ba bangwe ba kopantswe le lelwapa la gagwe ka go sokologela mo efangeleng ya ga Jeso Keresete. Le fa go ntse jalo Aberahame ka bo ene o tswa mo lelwapeng le le tshwenyegileng—rraagwe, yo a neng a tlogetse go obamela Modimo wa boammaaruri, o lekile gore Aberahame a ntshiwe setlhabelo sa medimo e e seng ya boammaruri. Le go ntse jalo, keletso ya ga Aberahame e ne e le “go nna molatedi yo mogolo wa tshiamo” (Aberahame 1:2), mme polelo ya botshelo jwa gagwe e supa gore Modimo o ne a tlotla keletso ya Gagwe. Botshelo jwa ga Aberahame bo eme jaaka bopaki gore le fa ditso tsa lelwapa la motho di ka bo di ntse jang, isago e ka tlala ka tsholofelo.
Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Modimo o tlaa ntshegofaletsa tumelo ya me le dikeletso tsa tshiamo.
“Rotlhe re tlhotlhelediwa ke malwapa a rona [le] ngwao ya rona,” go rutile Mogolwane Neil L. Andersen, “le ntswa ke dumela gore go na le lefelo mo go rona mo go kgethegileng le ka borona re go laolang le go go bopa. … Kgabagare, bo teng jwa dikeletso tsa rona bo neela botshelo le go bonwa mo ditshwetsong tsa rona le ditiro tsa rona” (“Educate Your Desires, Elder Andersen Counsels,” ChurchofJesusChrist.org). Akanya ka fa Aberahame 1:1–19 e supang se Mogolwane Andersen a se rutileng. Dipotso jaaka tse di ka thusa:
-
Aberahame o ne a eletsa eng? Dikeletso tsa gagwe di ne di supagala jang mo ditirong tsa gagwe? Modimo o ne a mo thusa jang mo dikeletsong tsa gagwe?
-
Ke dife dikeletso tsa gago? Di supagala jang mo ditirong tsa gago? Modimo o go thusa jang?
-
Ditemana tse di na le melaetsa efe go batho bao maloko a bone a lelwapa ba sa eletseng tshiamo?
Nngwe ya dikeletso tse di kgolo tsa ga Aberahame le Sara—go nna le ngwana—e ile e sa diragadiwa dingwaga tse dintsi (bona Genesise 15:1–6). O ithuta eng go tswa mo Bahebera 11:8–13 mabapi le ka fa Aberahame le Sara ba lebaganeng le teko e? Mmoloki o go thusa jang go “amogela” ditsholofetso tsa Gagwe, le e leng fa di le “kgakala”?
Bona le gone “Deliverance of Abraham” (setshwantsho sa motshikenyego), Motlobo wa Efangele.
Deliverance of Abraham
Genesise 12:1–3; 13:15–16; 15:1–6; 17:1–8, 15–22; Aberahame 2:6–11
Modimo o batla ke dira le go tshegetsa dikgolagano le Ene.
Ke eng go le botlhokwa gore o itse ka ga kgolagano e Modimo a e dirileng le Aberahame? Gonne Modimo o batla go dira kgolagano e e tshwanang le wena. O ne a solofetsa gore kgolagano e e tlaa tswelela mo kokomaneng ya ga Aberahame, kgotsa “peo” le gore “bontsi jaaka bo tlaa amogela Efangele e ba tlaa … balelelwa peo ya gago” (bona Aberahame 2:10–11). Ka mafoko a mangwe, kgolagano e tswelela mo go wena—fa o kolobediwa le mo go feleletseng fa o dira dikgolagano mo tempeleng (bona Bagalatia 3:26–29; Dithuto le Dikgolagano 132:30–32).
Ka lebaka leo, o ka batla go ithutontsha Aberahame 2:6–11 mme o dire mola wa se, tota, Modimo a se solofeditseng Aberahame le Sara (le gone bona Genesise 12:1–3; 13:15–16; 15:1–6; 17:1–8, 15–22). Ditshegofatso tse di ka go ama jang?
Dingwe tsa ditsholofetso tse di na le dipapisa tsa bosakhutleng. Ditsholofetso jaaka boswa jwa lefatshe kgotsa kokomana e ntsi di diragadiwa jang mo bosakhutleng? (bona Dithuto le Dikgolagano 131:1–4; 132:20–24, 28–32).
Kwa ntle ga go solofetsa ditshegofatso, Modimo o boleletse Aberahame go “nna tshegofatso” (Genesise 12:2; go gatelela go tlalaleditswe). O akanya gore se se raya eng? O tlaa nna tshegofatso jang? (bona Aberahame 2:11).
Go ruta ka ga dikgolagano, Mogolwane Dale G. Renlund o buile ka makhubu a mo Nokeng ya Amazon, le Poresidente Emily Belle Freeman o buile ka ga go tsamaya mo tseleng e e matlapa ka lelengana le le robegileng (bona “Accessing God’s Power through Covenants,” Liahona, Motsheganong 2023, 35–37; “Walking in Covenant Relationship with Christ,” Liahona, Nov. 2023, 76–79). Sekaseka nngwe kgotsa ka bobedi jwa melaetsa e diele tse di thusang go araba potso “Ke eng Modimo a batla ke dira kgolagano le Ene?”
Laletsa batho go rutana. Fa ele gore o ruta lelwapa la gago kgotsa tlelase ya Kereke ka ga dikgolagano, akanyetsa go neela mongwe le mongwe karolo ya molaetsa wa ga Mogolwane Renlund kgotsa Poresidente Freeman go o ithutuntsha. Ke gone ba ka abelana le botlhe ba lelwapa kgotsa tlelase se ba se ithutileng. Se se letlelela batho go paka go le go ithuta go tswa mongwe go yo mongwe, mme se se laletsa Mowa. (Bona Teaching in the Savior’s Way, 26.)
Bona le gone Topics and Questions, “Abrahamic Covenant,” Motlobo wa Efangele; “Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa,” mo sedirisiweng se.
The Abrahamic Covenant [Kgolagano ya ga Aberahame], ka Dilleen Marsh (ntlha)
Genesise 14:18–19; Thanolo ya gaJoseph Smith, Genesise 14:25–40
“Melekiseteke e ne e le monna wa tumelo.”
Akanya gore o ne o itsese Melekiseteke go mongwe yo a sa mo itseng. O ka reng? Batla megopolo mo Joseph Smith Translation, Genesis 14:26–27, 33–38 (in the Bible appendix); Alema 13:13–19; Dithuto le Dikgolagano 107:1–4. Ke mekgwa e fe ya ga Keresete e o e bonang mo tlhalosong ya ga Melekiseteke? Ithutontsho ya gago ya botshelo jwa ga Melekiseteke e ama jang tsela e o lebang Boperesiti jwa ga Melekiseteke?
Genesise 14:18–24; Thanolo ya ga Joseph Smith, Genesise 14:36–40
Aberahame o ntshitse tsabolesome.
O ithuta eng ka ga mokgwa wa ga Aberahame ka dikhumo go tswa Genesise 14:18–24 le Thanolo ya ga Joseph Smith, Genesise 14:36–40 (mo aphentikisi ya Baebele)? Ka sekai, leba phetolo ya gagwe go kgosi ya Sotoma mo Genesise 14:23. Go obamela molao wa tsabolesome go ama jang ka fa o lebang madi ka teng?
Genesise 16
Modimo o a nkutlwa.
Jaaka o bala Genesis 16, o kanna wa akanya ka ga nako e o utlwileng gore ga o a tsewa sentle, jaaka Hagare a ikutlwile. Tshwaela gore “Išemaele” o raya “Modimo wa utlwa.” Modimo o go bontshitse jang gore O a go utlwa?
Bona le gone “Secret Prayer,” Hymns, no. 144.
Go feta fa, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .
Megopolo ya go Ruta Bana
Jeso Keresete o tla nkgoga ka letsogo.
-
Jaaka wena le bana ba gago lo bala Aberahame 1:18 le 2:8, o ka ba laletsa go reetsa karolo ya mmele e e nankotsweng mo ditemaneng ka bobedi. Gongwe o ka tshameka motsheko o mo go one ngwana a tswalang matlho mme o gogele ngwana golo gongwe ka seatla. Ke gone lo ka buang ka gore go utlwalega jang go gogwa ke Jeso Keresete ka seatla kgotsa go re sireletsa.
Genesise 13:5–12
Ke ka nna moletlanyi.
-
Bana ba gago ba ka itumelela go diragatsa polelo go tswa Genesis 13:5–12, ba ipaya ekete ke Aberahame, Lote, le badisa. Re ka sala morago jang sekai sa ga Aberahame sa go nna moletlanyi le ba lelwapa la rona kgotsa ditsala? Leka motshameko-wa-pontsho wa dikarabo tsa bone.
Lot’s Choice [Tshwetso ya ga Lote], ka William Fredericks © Providence Collection/tetla e tswa kwa goodsalt.com
Genesise 13:16; Genesise 15:1–6; 17:1–8; Aberahame 2:9–11
Modimo o batla ke dira dikgolagano le Ene.
-
Akanyetsa go supegetsa bana ba gago sengwe se na le motlhaba, dinaledi mo lewaping bosigo, kgotsa setshwantso se se kwa bokhutlong jwa thulaganyo e. Se gongwe se ka ba thusa go tlhaloganya ditsholofetso tsa Modimo mo Genesise 13:16; 15:1–6. Bua ka fa o ithutileng go tshepa ditsholofetso tsa Modimo, le fa di lebega di ka se kgonege.
-
Go ruta bana ba gago ka ga dikgolagano, ba kope go go bolelela ka ga nako e ba dirileg tsholofetso kgotsa mongwe a ba diretse tsholofetso. Fa go ka thusa, abelana mangwe a maitemogelo a gago—go akaretsa dikgolagano tse o di dirileng le Modimo ka kolobetso kgotsa mo tempeleng. Dikgolagano tsa gago di amile jang botsalano jwa gago le Modimo? Tlhopha diele dingwe go tswa mo Genesise 15:1–6; 17:1–8; Aberahame 2:9–11 go abelana ditshegofatso dingwe tse Modimo a di solofeditseng Aberahame le Sara.
-
Go thusa bana ba gago go dira kgolagano le Modimo fa ba kolobediwa, o ka dirisa mengwe ya megopolo ya tiragatso tse di akanyeditsweng mo aphentekisi A kgotsa aphentekisi B.
Aberahame 1:12–17; Genesise 16:7–11
Modimo o a nkutlwa.
-
Fa botshelo jwa ga Aberahame bo ne bo le mo kotsing, o ne a bitsa Modimo. Fa Hagare a ne a le nosi mo nageng, o ithutile gore Modimo o mo utlwile. Akanyetsa go abelana dipolelo tse pedi tse le bana ba gago: “Abraham and Sarah” le “Hagar” mo Old Testament Stories, 28–31, 32–33. Re ithuta eng ka ga Modimo go tswa mo dipolelong tse pedi tse? Ke gone le ka abelana mongwe le yo mongwe maitemogelo a fa o ikutlwetse gore Modimo o go utlwile. Pina jaaka “A Child’s Prayer” (Children’s Songbook, 12–13) e ka gatelela molawana.
Abraham and Sarah
Hagar
Go feta fa, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e wa Friend .