“Firikgong 26–Tlhakole 1. ‘Ruta Dilo Tse ka Kgololesego mo Baneng ba Lona’: Genesise 5; Moše 6,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Firikgong 26–Tlhakole 1. ‘Ruta Dilo Tse ka Kgololesego mo Baneng ba Lona’,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026
Better Than Paradise [Go Gaisa Parataise], ka Kendal Ray Johnson
Firikgong 26–Tlhakole 1: “Ruta Dilo Tse ka Kgololesego mo Baneng ba Lona”
Genesise 5; Moše 6
Bontsi jwa Genesise 5 ke nankolo ya ditshika fa gare ga ga Atame le Efa le Noa. Re bala maina a mantsi, mme ga re ithute thata ka one. Ke gone re bala mola o o kgatlhisang o mme o sa tlhalosiwa: “Mme Enoke a tsamaya le Modimo: mme o ne a seo; gonne Modimo o ne a mo tsaya” (Genesise 5:24). E le ruri go na le polelo mo temaneng e! Mme go sena tlhaloso e e kalo kalo, mola wa masika wa simolola gape.
Ka malebogo, Moše 6 e senola dintlha tsa polelo ya ga Enoko—e bile ke polelo tota. Re ithuta ka ga boikokobetso jwa ga Enoko, go sa itshephe gwa gagwe, bokgoni jo Modimo a bo boneng mo go ene, le tiro e kgolo a e dirileng jaaka Moperofeti wa Modimo. Le gone re bona setshwantsho se se tlhapileng sa lelwapa lwa ga Atame le Efa jaaka le tswelela go ya ka ditshika. Re bala ka ga “taolo e kgolo” ya ga Satane mme le gone ka ga batsadi ba ba rutileng bana “ditsela tsa Modimo” (Moše 6:15, 21). Mo go rategang segolo bogolo ke se re se ithutang ka ga dithuto tse batsadi ba ba di rutileng: tumelo mo go Jeso Keresete, boikwatlhao, kolobetso, le go amogela Mowa o o Boitshepo (bona Moše 6:50–52). Thuto eo, jaaka boperesiti jo bo pataganeng le yone, “e ne e le kwa tshimologong [mme] le gone e tlaa nna kwa bokhutlong jwa lefatshe” (Moše 6:7).
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Sebe se kgoreletsa bokgoni jwa me go bona, go ikutlwa, le go utlwa dilo tsa Modimo.
Jaaka o ithutuntsha Moše 6:26–36, o ithuta eng ka ga ditlamorago tsa sebe? O bone jang ditlamorago tse? Ke maitsholo a fe a Enoko a nnileng le one a a mo thusitseng go fenya ditlamorago tse? Modimo o mo segofaditse jang e le maduo?
Modimo o mpiletsa go dira tiro ya gagwe go sa kgathalesege makowa a me.
Fa o ka ikutlwa o gatelelwa ke se Morena a go bileditseng go se dira, ga o nosi. Le e leng Enoko o ikutlwile jalo fa Morena a mmitsa go nna moperofeti. Jaaka o bala Moše 6:26–36, batla gore ka go re eng Enoko a ikutlwile a gateletswe le gore Morena o ne a mo raya a re eng go mo neela thotloetso.
Mo ditemana 37–47, o ka batla ditsela tse Morena a thusitseng Enoko le go mo thatafatsa go dira tiro ya Gagwe (le gone bona Moše 7:13). O ka tshwantshanya maitemogelo a ga Enoko le baperofeti ba bangwe ba ba ikutlwileng ba sa kgone, jaaka Moše (bona Ekesodo 4:10–16), Jeremia (bona Jeremia 1:4–10), Nefi (bona 2 Nefi 33:1–4), le Moroni (bona Ethere 12:23–29). O ikutlwela eng ka se Modimo a batlang o se ithuta mo dikwalong tse di boitshepo tse ka ga tiro e a go neetseng go e dira?
A Seer Hath the Lord Raised Up (Moses 6:36) [Morena o Tsositse Molebi (Moše 6:36)], ka Eva Timothy
Bontsi jwa baaposetole le baperofeti ba malatsi ano ba supile maikutlo a a tshwanang le a ga Enoko fa ba tlhalosa ka fa ba ikutlwileng ka teng fa ba amogela dipitso tsa bone. Ka sekai, bona bopaki jwa ga Mogolwane Ulisses Soares mo “Prophets Speak by the Power of the Holy Spirit” (Liahona, Motsheganong 2018, 98–99).
O ka ithuta eng go tswa mo baperofeti le baaposetole ba ka ga maikutlo a go sa itekanela? Ke leng o utlwa Mmoloki a go thusa fa A go kopa go dira dilo tse di thata? Akanyetsa go kwala maitemogelo a se kae mo isagong fa o tlaa tlhoka go ikaega mo thusong ya Mmoloki. O ka kgona jang go tla mo ditiragalong tse ka tumelo mo go Jeso Keresete?
Bona le gone David A. Bednar, “Abide in Me, and I in You; Therefore Walk with Me,” Liahona, Motsheganong 2023, 123–25; “I’ll Go Where You Want Me to Go,” Hymns, no. 270.
Efangele ya ga Jeso Keresete e rutilwe go tswa kwa tshimologong.
Gonne re na le Buka ya ga Moše, re a itse gore Modimo o ntse a ruta bana ba Gagwe ka fa ba ka bonang thekololo e sale ka Atame le Efa. Jaaka o ithutuntsha Moše 6:48–68, batla se re tshwanetseng go se itse le go se dira go rekololwa. Lemoga potso ya ga Atame mo temana 53. A o kile wa ipotsa ka seo? O ithuta eng go tswa mo karabong ya Morena mo ditemana 53–65? O ka akanya ditemana tse jaaka molaetsa wa Morena kwa tirelong ya kolobetso ya ga Atame. O ithuta eng ka ga kolobetso go tswa mo molaetseng wa Gagwe? O akanya gore ke eng A tshwantshanya kolobetso le go “tsalwa sešha”? (temana 59). O ka dira eng go tswelela o “tsalwa sešha” botshelo jwa gago jotlhe?
Batla dikaedi. Mo dikwalong tse di Boitshepo, di dirisiwa kgotsa ditiragalo nako tse dingwe di ka emela kgotsa tsa kaya boammaaruri jwa semowa, segolobogolo boammaaruri ka ga Mmoloki (bona Teaching in the Savior’s Way, 7). Dikaedi tse di ka humisa go tlhaloganya gwa gago ka Ene le dithuto tsa Gagwe. Ka sekai, o ithuta eng ka dikaedi tsa dipelo le ditsebe mo Moše 6:27, matlho le mmopa mo Moše 6:35, kgotsa metsi mo Moše 6:59–60?
“Ruta dilo tse ka kgololesego go baneng ba lona.”
Morago ga go ruta Atamo boammaaruri jwa efangele ya ga Jeso Keresete, mo Moše 6:51–63, Morena a bolelela Atame go bo ruta go tshika ya gagwe ya isago. Akanyetsa go dira mola wa boammaaruri jo. (Go ka thusa go kgaoganya diele ka ditlhophana tse di nnye tsa ditemana, jaaka ditemana 51–52, 53–57, 58–60, 61–63). Ke eng boammaaruri jo bo na le boleng go tshika e e golang gompieno? Ke eng gape se o ka se ithutang go tswa mo ditaelong tsa Morena go batsadi mo Mosia 4:14–15 le Dithuto le Dikgolagano 68:25–28; 93:40–50?
Go bala ka ga “buka ya kgakologelo” e lelwapa la ga Atame le Efa ba e tshegeditseng go ka go tlhotlheletsa kgotsa lelwapa lwa gago go dira buka ya gago ya kgakologelo. O ikutlwa ekete morena o ka batla o akaretsa eng? Akanyetsa ka go boloka melaetsa go tswa mo bukeng ya kgakologelo mo FamilySearch.org.
Bona le gone Dieter F. Uchtdorf, “Jesus Christ Is the Strength of Parents,” Liahona, Motsheganong 2023, 55–59; “Parenting: Touching the Hearts of Our Youth,” “But Why?” (ditshwantsho tsa motshikinyego), Motlobo wa Efangele.
Go feta, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .
Megopolo ya go Ruta Bana
Modimo o ka nthusa go dira dilo tse di thata.
-
Fa Enoko a ne a bidiwa go rera efangele, o ne a tshwenyegile gore o tlaa palelwa. Mme Modimo a mo thusa. Balang mmogo polelo e mo Moše 6:26–34 (le gone bona “Enoch the Prophet” mo Old Testament Stories, 19–21). Ke eng Enoko a ne a ikutlwa ekete ga a kake a rera efangele? (bona Moše 6:31). Modimo o thusitse jang Enoko? (bona Moše 6:32–34; 7:13).
-
Bana ba gago ba ka nna ba itumelela go abelana kgotsa go diragatsa dikai tsa fa Modimo a thusa batho go dira dilo tse di thata—ka sekai Noa, Dafite, Amone, kgotsa Samuele wa Molamane (bona Gospel Art Book, nos. 7, 19, 78, 81). Le gone o ka abelana maitemogelo a gago mme o letle bana ba gago go bua ka fa Modimo a ba thusang ka teng go dira dilo tse di thata.
Tumelo mo go Keresete, boikwatlhao, kolobetso, le go amogela Mowa o o Boitshepo di mpaakanyetsa go boela go Modimo.
-
Modimo o rutile Atame se re tlhokang go se dira go boela kwa go Ene—go nna le tumelo mo go Jeso Keresete, go ikwatlhaya, go kolobediwa, le go amogela mpho ya Mowa o o Boitshepo. Thusa bana ba gago go bona melawana e mo Moše 6:52, 57. Ke gone o ka ba thusa go kwala puisanyo e khutshwane ka ga nngwe ya melawana. Puisano nngwe le nngwe e ka akaretsa dikwalo tse di boitshepo go tswa Moše 6, maitemogelo, le bopaki. Ba letle ba abelane dipuiso tsa bone mongwe le yo mongwe.
-
Le gone o ka supa ditshwantsho tse di kayang melawana ya ntlha ya efangele (bona mokwalo wa tumelo wa bone). Di beye ka mola di latelana go ya kwa setshwantshong sa ga Jeso Keresete? Jaaka o bala Moše 6:50, bana ba gago ba ka ema go bapa le setswantsho se se maleba fa ba utlwa mafoko a setshwantsho se a kayang.
-
Bana ba gago ba ka itumelela go opela dipina tse di rutang melawana mo Moše 6:52, jaaka “Faith,” “When I Am Baptized,” le “The Holy Ghost” (Children’s Songbook, 96–97, 103, 105). Ba thuse go bona melawana e mo Moše 6:52
Rara wa Legodimo o batla batsadi ba ruta bana ba bone.
-
Go rotloetsa bana ba gago go thusa batsadi ba bone mo tirong ya bone jaaka barutintshi ba efangele, akanyetsa go kopa ngwana go bala Moše 6:58 le go batla taelo e Modimo a e neetseng batsadi. Ke gone o ka supa setshwantsho sa ga Atame le Efa ba ruta bana ba bone (jaaka sengwe se se kwa bokhutlong jwa thulaganyo e) mme letla bana ba gago ba bue ka se ba se bonang mo setshwantshong. Bana ba gago ba ka tshwantsha ditshwantsho tsa malwapa a bone a bala dikwalo tse di boitshepo mmogo, ba rapela mmogo, kgotsa ba tshameka mmogo.
Go feta, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e wa Tsala .