Tlayang, Ntshaleng Morago
Tlhakole 9–15. “Noa a bonae Tshegofatso mo Matlhong a Morena”: Genesise 6–11; Moše 8.


“Tlhakole 9–15 ‘Noa a bona Tshegofatso mo Matlhong a Morena,’: Genesise 6–11; Moše 8,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Tlhakole 9–15 ‘Noa o bone Kgalalelo mo Matlhong a Morena’,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026

diphologolo di tswa mo arakeng le Noa le lolwapa le eme fa lefikeng

Jehovah Keeps a Promise, ka Sam Lawlor

Tlhakole 9–15: “Noa o bone Kgalalelo mo Matlhong a Morena,”

Genesise 6–11; Moše 8

Go tshela mo malatsing a segompieno, re nale lebaka le le kgethegileng go ela tlhoko polelo ya Morwalela. Fa Jeso Keresete a ruta kafa re tshwanetseng ra lebela go Tla ga Bobedi ga Gagwe , o rile,“Jaaka go nnile ka malatsi a ga Noa, le jalo go tlaa nna jalo ka go tla gape ga Morwa Motho” (Joseph Smith—Mathaio 1:41). Go tlatsa, mafoko a a tlhalosang letsatsi la ga Noa, jaaka “bosinyi” le “go tlala ntwa,” dika bo tota a tlhalosa nako ya rona (Genesise 6:12–13; Moše 8:28). Polelo ya Tora ya Babele le yone e utlwala e ka dirisiwa mo malatsing a rona, ka tlhaloso ya teng ya boikgogomoso e latelwa ke go tlhakana tlhogo le kgaogano.

Dipego tse tsa bogologolo di teng e seng fela ka gore di bontsha gore boikepo bo a ipoeletsa go ralala ditso. Mo go botlhokwa thata, di re ruta gore re ka dira eng ka tsone. Noa “a bona Tshegofatso mo Matlhong a Morena” (Moše 8:27). Mme lelwapa la Jarete le bomorwarragwe ba retologela kwa Moreneng mme ba sireletswa go tswa mo go tlhakaneng tlhogo le kgaogano ya Babele (bona Ethere 1:33–43). Fa re ipotsa gore re ka itshireletsa le malwapa a rona jang ka nako tsa tshenyo le ntwa, dipolelo tse di mo ditemaneng tse di na le go le gontsi go mo re ka go ithutang.

aekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Genesise 6; Moše 8

aekhone ya seminari
Go na le tshireletsego ya mowa fa o sala moperofeti wa Morena

A o bona tlhaloso nngwe ka letsatsi la ga Noa e e ka tshwanang le diemo tsa letsatsi la rona? Segolobogolo, leba mo Moše 8:15–24, 28. Ke ditlhogo dife tse o di bonang di boelela?

Tshwantshanyo e e botlhokwa e o tla e bonang ke gore Modimo o biditse Noa go nna moperofeti, mme le gompieno O biditse moperofeti. Akanyetsa go dira nankolo ya boammaaruri jo o bo ithutang ka moperofeti go tswa Moše 8:13–30. Moperofeti wa rona yo o tshelang o tshwana jang le Noa? Gone ke boammaruri, moperofeti wa Morena gompieno ga kake a re tlhagisa ka Morwalela kgotsa a re laletsa go thusa go aga araka. Mme o re tlhagisa ka eng? Mme o re laletsa go dira eng? Go re thusa go araba dipotso tse, le ka tlhatlhoba kgaolo go tswa mo Teachings of Presidents of the Church mo Motlobong wa Efangele, bogolo jang karolo ya “Invitations and Promised Blessings.” Gongwe o ka tlhopha tlhagiso e le nngwe le taletso e le nngwe e e ka tswang e ka kakaretso e le botlhokwa mo go wena.

Mogolwane Allen D. Haynie o rutile, “Rara wa Legodimo yo o itekanetseng ebile a le lorato o tlhophile phethene ya go senolela nnete go baneng ba Gagwe ka moperofeti” (“A Living Prophet for the Latter Days,” Liahona, May 2023, 25). Akanyetsa go ithutontsha molaetsa wa ga Mogolwane Allen D. Haynie, o batle mabaka a go nna le moperofeti e leng sekao sa lorato la ga Rara wa Legodimo. Go sala moperofeti wa Morena morago go go thusitse jang go ikutlwa o bolokesegile mo malatsing a segompieno?

Bona le gone Ditlhogo le Dipotso, “Prophets,” Motlobo wa Efangele; “Why Do We Have Prophets?” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele.

1:37

Why Do We Have Prophets?

Genesise 6:5–13

Morwalela e ne ele tiro ya Modimo ya kutlwelobotlhoko.

Batho ba bangwe ba ipotsa ka tshiamiso ya Modimo go romela Morwalela go “nyeletsa motho” (Genesise 6:7). Mogolwane Neal A. Maxwell o tlhalositse gore ka nako ya Morwalela “bosinyi bo ne bo fitlheletse kwa maemong a go nyeletsa go itlhophela mo eleng gore mewa e ne e sa kgone, mo tshiamisong, go ka romelwa fa” (We Will Prove Them Herewith [1982], 58). O ka nna wa akanya kafa Morwalela e neng e le tiro ya kutlwelobotlhoko ka teng. O bona eng mo Genesise 6:5–13 se se go supegetsang mautlwelobotlhoko a Morena le lerato mo bathong?

Genesise 9:8–17

Matshwao le dikao di nthusa go gakologelwa dikgolagano le Morena.

Go ya ka Genesise 9:8–17, motshe wa badimo o tsisa eng mo tlhaloganyong ya gago? Ke eng se Thanolo ya ga Joseph Smith, Genesise 9:21–25 (Mo aphentikiseng ya Baebele) se oketsang mo go tlhaloganyeng ga gago? O ka akanyetsa go dira nankolo ya dilo dingwe (jaaka dikao, dithoto, kgotsa sengwe fela) se Modimo a se go fileng go gakologelwa dikgolagano tsa gago. Dilo tse di re ruta eng? Di go thusa jang go gakologelwa?

Bona gape Gerrit W. Gong, “Always Remember Him,” Liahona, Motsheganong 2016, 108–11; “Reverently and Meekly Now,” Hymns, no. 185.

tora le banna ba e palama ka megala le direpodi.

The Tower of Babel [Tora ya Babele], ka David Green

Genesise 11:1–9

Go sala Jeso Keresete morago ke tsela e le nosi fela kwa go Rara wa Legodimo.

Pego ya batho ba Babele ba aga tora e tsisa kgatlhego e e farologaneng le pego ya batho ba ga Enoke ba aga Sione, e o ithutontshitseng beke e e fetileng. Tsotlhe ditlhopa tsa batho di ne di leka go fitlhelela legodimo mme ka ditsela tse di farologaneng. Batho ba Sione ba bone jang legodimo? (bona Moše 7:18–19, 53, 62–63, 69). O ithuta eng go tswa mo Genesise 11:1–9 le Helamane 6:26–28 mabapi le batho ba Babele? Mo go re ruta eng mabapi le maiteko a rona go boela kwa boleng teng jwa Modimo? Ke eng se Modimo a se re fileng go re thusa “go fitlha kwa legodimong” (Genesise 11:4; bona gape Johane 3:16).

Ithuteng ka go dira. Go ithuta go akaretsa go feta go bala kgotsa go reetsa. Sekai, fa re ithuta ka Tora ya Babele, wena le lelwapa la gago kgotsa tlelase le ka kwala, mo dikapetlaneng tsa pampiri, dilo tse di ka re ntshang mo Modimong. Go tswa foo, mo dikapetlaneng tsa pampiri tse dingwe la kwala dilo tse di ka go atametsang kwa Modimong. Rulaganya setlhopha sa ntlha sa dipampiri mo selebong sa tora mme setlhopha sa bobedi mo selebong sa tempele.

Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa dimakasine tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana .

kgaolo ya bana ekhone 01

Megopolo ya go Ruta Bana

Genesise 6:14–22; 7–8; Moše 8:16–24

Go sala morago moperofeti wa Morena go ntshegofaditse le lelwapa lame

  • Bontsi jwa bana ba rata polelo ya ga Noa le areka. Akanya ka o ka fang bana ba gago ditshono go abelana se ba se itseng ka se. Go ba thusa, o ka dirisa ditshwantsho tse di mo kaeding e “Noa le Lelwapa la Gagwe” mo Dipolelong tsa Kgolagano e Kgologolo (22–25), le temana ya boraro ya “Follow the Prophet” (Children’s Songbook, 110–11). Bana ba gago ba itumelela go ka diragatsa dikarolo tsa polelo—sekai, go dira jaaka ekete ba dirisa didiriswa go aga areka kgotsa go tsamaya jaaka diphologolo di tsena mo arakeng.

  • Fa le bua ka Noa mmogo, thusa bana ba gago go bona ka fa re segofetseng ka teng go nna le moperofeti wa Modimo gompieno. Thusa bana ba gago go batla Moše 8:16–24 go batla dilo tse Noa a re di rutileng tse baperofeti ba re di rutang gompieno. Re segofadiwa jang ka go obamela dithuto tse?

Genesise 9:15–16

Modimo o tlaa tshegetsa ditsholofetso tsa gagwe mo go nna.

  • Bana ba gago ba ka rata go tshwantsha kgotsa go taka motshe wa badimo fa o santse o bua ka gore o emetse eng (bona Thanolo ya Joseph Smith, Genesise 9:21–25 [ mo aphentikisi ya Baebele]). Modimo o ne a batla gore Noa le lelwapa la gagwe ba akanye eng nako le nako fa ba bona motshe wa badimo?

  • O ka supegetsa bana ba gago sengwe se se go gakololang ka sengwe se se botlhokwa mo botshelong jwa gago, jaaka mhitshwana wa lenyalo kgotsa jonale. Letla bana ba gago go abelana ka dikai tsa bone. Mo go ka isa kwa puisanong ka dilo tse di ka re thusang go gakologelwa dikgolagano tsa rona, jaaka sakaramente, tse di thusang go gakologelwa dikgolagano tsa rona tsa kolobetso go sala Jeso Keresete morago (bona Dithuto le Dikgolagano 20:75–79).

motshewabadimo o o gabedi

Modimo o boleletse lelwapa la ga Noa gore motshewabadimo e tla nna “letshwao la kgolagano e ke e dirileng magare ga me le lona” (Genesise 9:12).

Genesise 11:1–9

Go sala Jeso Keresete morago ke tsela e e nosi go legodimong.

  • Go ka kgatlha go aga tora go tswa mo dibolokong kgotsa di dirisiwa dingwe le bana ba gago. Fa o dira jalo, tlhalosa gore batho ba Babele ba ne ba akanya gore ba ka goroga kwa legodimong fa ba aga tora e telele. Le ka leba mmogo setshwantsho sa Mmoloki mme wa botsa bana ba gago gore O re thusa jang go goroga ko legodimong. Ke gone o ka bua le mongwe le mongwe ka dilo tse le ka di dirang go sala Mmoloki morago.

  • Go tlalaletsa go bala polelo ya tora ya Babele mo Genesise 11:1–9, wena le bana ba gago le ka bala Helamane 6:28. Go ya ka temana, ke eng batho ba Babele ba ne ba aga tora? Ke eng go aga tora e ene e se tsela e e siameng ya go goroga kwa legodimong? Ke gone o ka batla 2 Nefi 31:20–21 le Helamane 3:28 go bona tsela e e siameng go ya legodimong. Ke kgakololo e fe e re ka e neelang batho ba Babele?

Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya makasine wa Friend .

Areka ya ga Noa

Noah’s Ark [Areka ya ga Noa], ka Adam Klint Day. adamdayart.com

tsebe ya tiragatso ya poraemari: Go sala morago moperofeti ke tshegofatso mo nna le lelwapa la me.