“Tlhakole 2–8 ‘Morena o biditse Batho ba Gagwe Sione’: Moše 7,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Tlhakole 2–8 Morena o Biditse Batho ba Gagwe Sione’,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026
Enoch Sees the Meridian of Time [Enoko o Bona Bogare jwa Dinako], ka Jennifer Paget
Tlhakole 2–8: “Morena o biditse Batho ba Gagwe Sione”
Moše 7
Go tswa goo-lowe, batho ba ne ba leka go fitlhelela se Enoko le batho ba gagwe ba se fitlheletseng: go aga setšhaba se se eletsegang se mo go sone go se nang lehuma kgotsa thubakanyo. Jaaka batho ba Modimo, re na le keletso eno. Re e bitsa go aga Sione, mme e akaretsa—mo godimo ga go tlhokomela batho ba ba tlhokang le go rotloetsa kagiso—go dira dikgolagano, go nna mmogo mo tshiamong, le go nna seoposengwe le yo mongwe le Jeso Keresete, “Kgosi ya Sione” (Moše 7:53). Fa lefatshe, morafe wa gago, kgotsa lelwapa la gago e se tse o di batlang, go a thusa go botsa gore, Enoko le batho ba gagwe ba dirile jang? Ba nnile jang batho “ba pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe” (Moše 7:18) le ntswa go ne go na le dikganetsano tse di ba dikologileng? Gareng ga dintlha tse dintsi tse Moše 7 e re di fang ka Sione, e e botlhokwa thata mo Baitsheping ba Malatsi a Bofelo e ka nna eno: Sione ga se toropo fela—ke seemo sa pelo le mowa. Sione, jaaka Morena a rutile, ke “ba ba pelo di itshekileng” (Dithuto le Dikgolagano 97:21). Ka jalo gongwe tsela e e molemo ya go aga Sione ke go simolola mo dipelong tsa rona le mo magaeng a rona.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Nka thusa go aga Sione.
Fa Moperofeti Joseph Smith a ne a ithuta lantlha ka Enoko le Toropo ya gagwe ya Boitshepo, o ne a tlhotlhelediwa. O ne a “itse gore letsatsi le gorogile la mogang Morena a tlaa tlhomamisang Sione gape mo lefatsheng” (Saints, 1:108–9), mme a simolola loeto lwa botshelo jotlhe lwa go aga Sione. Go bala Moše 7 go ka go tlhotlheletsa go tswelela ka maiteko ao tsatsi le.
O ka nna wa simolola ka go sekaseka dipotso tse di reng “Sione ke eng?” le “E farologane jang le lefatshe lotlhe?” Akanyetsa go kwala nankolo ya dikarabo tse di tlang mo go wena fa o ntse o ithuta Mošhe 7, segolobogolo ditemana 16–21, 27, 53, 62–69.
Dikarabo tsa gago tsa dipotso tseno di ka nna tsa dira gore go bonale sentle gore re sa ntse re na le tiro e ntsi e re tshwanetseng go e dira go aga Sione. Ka jalo re dira jang? Go ka nna ga thusa go akanya ka dinako tse o neng o ikutlwa o le “pelo nngwefela le tlhaloganyo e le nngwefela,” le mongwe (Moše 7:18). Gongwe e ne e le mo wateng, mo lelwapeng, kgotsa mo setlhopheng kwa tirong kgotsa kwa sekolong. Batho ba ne ba dira eng go bopa kutlwano e e siameng?
Fano go na le didirisiwa tse dingwe tse o ka di sekasekang go bona dikakanyo le tlhotlheletso. Tlhopha e le nngwe kgotsa go feta go ithuta, mme morago o kwale se o ikutlwang o tlhotlhelediwa go se dira go aga Sione:
-
Bafilipi 2:1–4; 4 Nefi 1:15–18; Dithuto le Dikgolagano 97:21; 105:5.
-
Ulisses Soares, “Brothers and Sisters in Christ,” Liahona, Ngwanatsele 2023, 70–73.
-
D. Todd Christofferson, “One in Christ,” Liahona, Mothseganong 2023, 77– 80.
Modimo o batla gore batho ba gagwe ba nne “ba pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe” (Moše 7:18).
Jeso Keresete ke “Kgosi ya Sione.”
Go raya eng mo go wena go nna le Jeso Keresete e le Kgosi ya gago? Ela tlhoko maina a mangwe a ga Jeso Keresete mo temaneng eno. A go ruta eng ka ga Ene? O akanya gore go raya eng go “tsena mo kgorong mme a pagamel[e] ka [Ene]”?
Bona le gone “Come, O Thou King of Kings,” Hymns, no. 59.
Modimo o a lela—abo a itumela—ka ntlha ya bana ba Gagwe.
Batho bangwe ba bona Modimo e le motho yo o kgakala yo o sa amiweng ke se se re diragalelang. Enoko o ne a kgona go leba Modimo ka leitlho le pharologanyo mo ponatshegelong e e kwadilweng mo Moše 7. O ithutile eng ka Modimo—gape wena o ithuta eng—mo ditemana 28–40? O akanya gore ke eng Enoko a ne a gakgamadiwa ke go bona Modimo a lela? Ke eng go le botlhokwa mo go wena go itse gore O dira jalo?
Fa ponatshegelo e ntse e tswelela, Enoko le ene o ne a lela. Mme gape Modimo o ne a mo abela mabaka a go ka itumela. A batle mo go Moše 7:41–69. O ithuta eng mo ponatshegelong ya ga Enoko se se ka go thusang go “tsholetsa pelo ya gago, mme o itumele,” le fa go na le “botlhoko” mo botshelong jwa gago (temana 44)?
Bona gape Jeffrey R. Holland, “The Grandeur of God!,” Liahona, May 2003, 70–73.
Jeso Keresete o tlaa tla gape mo malatsing a bofelo.
Ponatshegelo ya ga Enoko, bogolo jang se se kwadilweng mo go Mošhe 7:59–67, ke nngwe ya diporofeso tsa ntlha tsa ditso tsa go Tla ga Bobedi ga Mmoloki. Ke eng se se go kgatlhang ka tsela e ditemana tseno di tlhalosang metlha ya bofelo ka teng? Sekai, akanya ka fa o ikutlwang ka teng fa diperofeso tse di mo temana 62 di diragadiwa. Dipolelwana tse di go ruta eng ka tiro ya Modimo mo malatsing a bofelo?
Bona gape Henry B. Eyring, “Sisters in Zion,” Liahona, Ngwanatsele. 2020, 67–69.
Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa dimakasine tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana .
Megopolo ya go Ruta Bana
Modimo o batla gore re nne “ba pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe.”
-
Go thusa bana ba gago go ithuta ka Enoko le Sione, o ka dirisa “Enoch the Prophet” mo Old Testament Stories (19–21) kgotsa temana ya bobedi ya “Follow the Prophet” (Children’s Songbook, 110–11). Go tswa foo o ka nna wa kopa bana ba gago gore ba go thuse go bolela polelo gape ka mafoko a bone. Ditshwantsho tsa ga Enoko tse di mo tshobokong eno di ka nna tsa thusa.
-
Fa ke tsela e nngwe ya go thusa bana ba gago go tlhaloganya gore go rayang go nna le “pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe” (Mošhe 7:18) ke eno: Dira pelo ya pampiri mme o e kgaoganye, e lekane gore ngwana mongwe le mongwe a nne le yone. A ba kwale leina la bone mo karolwaneng ya bone mme ba dirisane mmogo go kopanya pelo. Fa ba ntse ba dira jalo, o ka nna wa bua ka dilo tse o di ratang ka ngwana mongwe le mongwe.
-
Thusa bana ba gago go bala gore lefoko “Sione” le bonala makgetlho a le kae mo go Mošhe 7:18–21, 62–63, 68–69. Nako le nako fa ba bona lefoko, ba thuse go lemoga se temana e se buang ka Sione (bona gape Kaedi go Dikwalo tse di Boitshepo, “Sione,” Motlobo wa Efangele). Re ka tshwana thata jang le batho ba ba tlhalosiwang mo ditemaneng tseno?
Kgothatsa ithutontsho ya dikwalo tse di boitshepo ya thuto ya motho ka bongwe. E ka tswa o ruta lelwapa la gago kwa gae kgotsa mo tlelaseng ka Sontaga, nngwe ya ditsela tse di gaisang tse o ka thusang ba bangwe go aga tumelo e e nnelang ruri mo go Jeso Keresete ke go ba thusa go tlhomamisa mokgwa wa go batla maitemogelo a botho ka dikwalo tse di boitshepo. Abelana maitemogelo a o nang le one ka dikwalo tse di boitshepo, mme o rotloetse maloko a lelwapa kgotsa a tlelase go abelana maitemogelo a bone. Fa re utlwa ka fa go bala dikwalo tse di boitshepo go segofatsang ba bangwe ka teng, gantsi re tlhotlhelediwa go batla one masego ao go tswa mo Moreneng. (Bona Teaching in the Savior’s Way, 25.)
Rara yo o kwa Legodimong o batla gore ke itlhophele go mo sala morago.
-
Go itsise bana ba gago Moše 7:32–33 o ka nna wa bua le bone ka boitshenkelo jo ba neng ba tshwanetse go bo dira bosheng. Go tswa foo le ka bala ditemana mmogo go bona gore Rara wa Legodimo o batla gore re itshenkele eng. Ke maikgethelo afe a re ka a dirang go supa fa re Mo itshenkela? Gongwe bana ba gago ba ka fapanela go diragatsa nngwe ya maitshenkelo ano fa ba bangwe bone ba abelela gore tiro eo e emela eng.
Jeso o tla boela mo lefatsheng.
-
Mo Mošhe 7:59, Enoko o botsa Morena potso. Laletsa bana ba gago go e batla, mme morago ga moo o ba kope gore ba batle karabo mo temana 60. Gape o ka nna wa bua le bone ka nako nngwe e ba neng ba solofetse gore mongwe a boele gae ka yone. Ba botse gore ba ne ba ikutlwa jang le gore ba ne ba dira eng go iketleetsa. Re ka iketleeletsa go boa ga Mmoloki jang?
-
Akanya go bontsha ditshwantsho tsa dinako tse ka tsone Mmoloki a iponaditseng mo bathong (jaaka Gospel Art Book, nos. 60, 82, 83, le 84). Batho ba dira eng mo ditshwantshong? Batho ba ka tswa ba ne ba ikutlwa jang fa ba ne ba kopana le Jeso? Le gone o ka opela pina ka ga Go Tla ga Bobedi ga Mmoloki, jaaka “When He Comes Again” (Children’s Songbook, 82–83), mme o botse bana gore ba akanya gore go tla nna jang fa Jeso a tla gape. A bana ba abelane gore ba ikutlwa jang ka go bona Jeso mogang a tla gape.
Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya makasine wa Friend .