Tlayang, Ntshaleng Morago
Firikgong 19–25. Go Wa ga ga Atame le Efa: Genesise 3–4; Moše 4–5


“Firikgong 19–25. Go Wa ga ga Atame le Efa: Genesise 3–4; Moše 4–5,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Firikgong 19–25. Go Wa ga ga Atame le Efa,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026

Atame le Efa

Adam and Eve [Atame le Efa], by Douglas M. Fryer

Firikgong 19–25: Go Wa ga ga Atame le Efa

Genesis 3–4; Moše 4–5

Lantlha, polelo ya go Wa ga ga Atame le Efa e ka lebega e kete ke matlhothapelo. Atame le Efa ba ne ba kobiwa mo Tshimong e ntle ya Etene. Ba ne ba romelwa mo lefatsheng la botlhoko, bohutsana le loso (bona Genesise 3:16–19). Mme ba ne ba kgaogantswe le Rara wa bone wa Legodimo. Mme boammaruri jo bo tsosolositsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo lokwalong la ga Moše bo re fa ponalo e e farologanyeng ka go Wa.

Ee, Tshimo ya Etene e ne ele ntle. Mme Atame le Efa ba ne ba tlhoka mo go fetang tikologo e ntle. Ba ne ba tlhoka—mme rotlhe re tlhoka—tshono ya go gola. Go tloga mo Tshimong ya Etene e ne ele kgato ya ntlha e e tlhokegang go boela kwa Modimong mme kwa pheletsong re tshwane le Ene. Mo go raya go lebagana le kganetso, go dira maitshenkelo, go dira diphoso, go ithuta go ikwatlhaya, le go ikanya Mmoloki, yo Tetlanyo ya gagwe e dirang gore go kgonagale go tswelela le “boitumelo jwa thekololo ya rona” (Moše 5:11). Ka jalo fa o bala ka ga go wa ga ga Atame le Efa, o se ka wa tlhoma mogopolo mo go lebegang e le poitshego mme mo dikgonagalong—e seng mo parataiseng e Atame le Efa e ba latlhegetseng mme mo kgalalelong e boitshenkelo jwa bone e re letlang go e amogela.

aekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Genesise 3; Moše 4

Go Wa e ne e le Karolo e e tlhokegang ya Togamaano ya Modimo.

Go boammaruri gore boitshenkelo jwa ga Atame le Efa bo gogetse kwa mathateng a mantsi a re a itemogelang mo botshelong jwa go swa. Mme mo ga go reye gore re ikwatlhaela boitshenkelo jwa bone. Fa o bala Genesise 3 le Moše 4, o ka ipotsa gore, ke eng fa go wa go ne go le botlhokwa mo togamaanong ya Modimo?

Go ya ka Moše 5:9–12, Atame le Efa ba ne ba ikutlwa jang ka go Wa? O ka dirisa jang mafoko a mo maitemogelong a gago mo lefatsheng le le oleng le? Ke eng gape se re se ithutang mo 2 Nefi 2:19–25?

Le gone bona Mosia 3:19; Alema 12:21–37; Dithuto le Dikgolagano 29:39–43.

Efa a tshwere apole

Leaving Eden [Go Tlogela Etene], ka Annie Henrie Nader

Genesise 3:1–7; Moše 4:22–31; 5:4–15

Jeso Keresete o neela tsholofelo, le thekololo.

Polelo ya ga Atame le Efa ke nngwe ya tsholofelo le thekololo ka Jeso Keresete. Go bona gore ka goreng, o ka simolola ka go batla ditlamorago tsa go Wa mo Genesise 3:1–7; Moše 4:22–31 le go tshwaya kgotsa go nankola se o se bonang. Ditlamorago tse di go ama jang? Ke gone o ka sekaseka Moše 5:4–15, o batla togamaano ya Modimo ya go re rekolola mo ditlamoragong tse. Ke ka ntlha yang fa Adame le Efa ba ne ba “itumela” fa moengele a sena go ba etela? O ithuta eng mo go bone ka ga togamaano ya Rara wa Legodimo?

Bona le gone “Because of Him” (setshwantsho sa motshikenyego), Motlobo wa Efangele.

2:44

Because of Him

Genesise 3:16; Moše 4:22

Go raya eng go re Atame “o tlaa laola” Efa?

Ka dinako tse dingwe temana e ya lokwalo le le boitshepho e ne e sa tlhaloganngwe sentle gore e raya gore monna o na le tshiamo ya go tshwara mosadi wa gagwe ka tsela e e sa siamang. Mo motlheng wa rona, baperofeti ba Morena ba rutile gore monna le mosadi ba tshwanetse go bonana e le balekane mo go diragatseng maikarabelo a bone a selegodimo mo lelwapeng (bona “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe,” [Motlobo wa Efangele]). Mogolwane Dale G. Renlund le Kgaitsadi Ruth Lybbert Renlund ba ne ba tlhalosa gore monna yo o siameng “o tlaa batla go direla; o tlaa amogela phoso mme a batle boitshwarelo; o tlaa itlhaganelela go ntsha pako; o tlaa akanyetsa dilo tse maloko a lelwapa a di ratang; o tlaa utlwa boikarabelo jo bogolo jwa go tlamela lelwapa la gagwe ka ‘ditlhokego tsa botshelo le tshireletso’; o tlaa tshwara mosadi wa gagwe ka tlotlo e e gaisang le boinelo jo bogolo. O tlaa segofatsa lelwapa la gagwe”, (The Melchizedek Priesthood: Understanding the Doctrine, Living the Principles [2018], 23).

Moše 4:1–4

aekhone ya seminari
Ke tlhoka boikgethelo kgotsa kganetso go gola.

Mogolwane Dale G. Renulnd o rutile gore “Maikaelelo a ga Rara wa Legodimo mo go re godiseng ga se go batla gore bana ba gagwe ba dire se se siameng; ke go batla bana ba Gagwe ba itshenkela go dira se se siameng mme kwa bofelong ba tshwane le Ene” (“Choose You This Day,” Liahona, Ngwanatsele 2018, 104). Ke eng go le botlhokwa mo togamaanong ya ga Rara wa Legodimo gore re itshenkele go dira se se siameng?

Fa o bala Moše 4:1–4, batla se Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba se dirileng go sireletsa tshwanelo ya gago ya go itshenkela—boikgethelo jwa gago. O ka fitlhelela jang thata ya tsone ya go sireletsa? Ka megopolo, akanya go ithutontsha kgaolo ya “Make inspired choices” mo For the Strength of Youth: A Guide for Making Choices (4–5).

Akanyetsa gape go bala se Lehi a neng a se ruta ka boikgethelo mo 2 Nefi 2:11–20, 25–30. Ke ka ntlha yang fa kganetso e tlhokega gore go nne le boikgethelo? O ka supa jang gore o leboga Jeso Keresete go go dira gore o bo o ‘gololesegile go itshenkela’? (2 Nefi 2:27).

Bona le gone Dallin H. Oaks, “The Plan and the Proclamation,” Liahona, Motsheganong. 2016, 114–17; Topics and Questions, “Agency,” Motlobo wa Efangele; “Choose the Right,” Hymns, no. 239.

Oketsa go tsaya karolo. Ditiragatso tse dintsi tsa go ithuta di ka dirwa ke motho ka bongwe, lelwapa, kgotsa tlelase; ka ditlhopha tse dinnye; kgotsa ka bobedi. Dirisa mekgwa e e farologaneng go letla batho go tsaya karolo ba fa go sa nna jalo ba ka se nneng le tšhono. Mo tiragatsong e, o ka laletsa motho a le mongwe kgotsa setlhopha go bala Moše 4 le kaelo Ya Nonofo ya Banana fa setlhopha se sengwe se ithutontsha ditemana mo 2 Nefi 2. Morago ga moo ba ka rutana se ba se ithutileng mo karolong ya bone ka tatelano.

Moše 4:4–12; 5:12–33

Satane o batla “go ntsietsa le go mphoufatsa.”

Fa o bala Moše 4:4–12; 5:13–33, akanya ka go nankola ditsela tse Satane a neng a leka go raela Atame le Efa le bana ba bone ka tsone. O leka jang dilo tsone tse gompieno? Rara wa Legodimo o re thusa jang go ganana le ditsietso tsa ga Satane?

Moše 4:13–16, 27

“Nna, Morena Modimo … mme ka ba apesa.”

Fa Adame le Efa ba sena go ja leungo le le ileditsweng, ba ne ba leka go bipa bosaikategang jwa bone. Moragonyana, Morena o ne a neela go ba apesa. Fa o bala Moše 4:13–16, 27, akanya ka tse di latelang:

  • Tlhatlhanya gore bosaikategang le diaparo di ka emela eng mo dikwalong tse di boitshepo (bona, ka sekai Tshenolo 7:9, 13–15; 2 Nefi 9:14; Dithuto le Dikgolagano 109:22–26,76). O ithuta eng mo maitemogelong a ga Atame le Efa ka bosaikategang le diaparo?

  • Fa o endaoilwe mo tempeleng, akanya ka se Atame le Efa ba ka se go rayang mabapi le botlhokwa jwa ghamente ya gago ya tempele le gore e emetse eng.

Bona le gone “Sacred Temple Clothing” (setshwantso sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele.

4:12

Sacred Temple Clothing

Moše 5:4–9, 16–26

Modimo o tlaa amogela setlhabelo sa me fa ke se ntsha ka pelo e e ratang le e e ikobileng

Fa o ithutontsha Moše 5:4–9, 16–26, akanya ka boitshwaro jwa ga Atame le Efa le barwa ba bone Kaine le Abele ka setlhabelo. Ke ka ntlha yang fa Morena a ne a amogela setlhabelo sa ga Abele mme a sa amogele sa ga Kaine?

Morena o kopa gore o ntshe setlhabelo sa eng? A go na le sengwe mo ditemaneng tse se se bopang tsela e o akanyang ka yone ka ditlhabelo tseo?

Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa dimakasine tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana .

kgaolo ya bana aekhone 01

Megopolo ya go Ruta Bana

Genesise 3; Moše 4; 5:8–15

Jeso Keresete o re rekolola mo go Weng.

  • Go thusa bana ba gago go tlhaloganya botoka go Wa ga ga Atame le Efa, o ka kopa ditshwantsho mo “Adam and Eve[Atame le Efa]” (mo Old Testament Stories[Dipolelo tsa Kgolagano e Kgologolo], 13–16) mme wa di kgaola. Go tswa foo lo ka dira mmogo go baya ditshwantsho ka tatelano fa lo ntse lo buisana ka maitemogelo a ga Atame le Efa. Fa le dira, buang ka gore ke eng go ne go le botlhokwa, mo togamaanong ya Rara wa Legodimo, gore Atame le Efa ba tloge mo Tshimong ya Etene.

  • Bana ba gago ba ka ikutlwa ba lebogela Tetlanyo ya ga Jeso Keresete fa ba tlhaloganya ka fa A fentseng ditlamorago tsa go Wa. Fa le bala mmogo Moše 4:25; 6:48; Baroma 5:12; 2 Nefi 2:22–23, thusa bana ba gago go batla ditsela tsa go feleletsa seele se: “Ka ntlha ya go Wa, Ke …” Ke gone, jaaka le bala mmogo Moše 5: 8–11, 14–15; 6:59; Alema 11:42, ba ka feleletsa seele se: “Ka ntlha ya ga Jeso Keresete, Ke …” Abelanang tebogo ya lona ka Jeso Keresete.

Moše 4:1–4

Nka itshenkela tshiamo.

  • Akanyetsa thuto e e motlhofo ya sedirisiwa go itsise molawana wa boikgethelo: laletsa bana ba gago go taka tsebe ya tiro ya beke e, mme o ba neele mmala o le mongwe fela go o dirisa. Ke eng go ka nna botoka go nna le boitshenkelo? Morago ga moo lo ka bala mmogo Moše 4:1–4 mme lwa buisana ka gore ke eng Modimo a batla gore re kgone go itshenkela fa gare ga tshiamo le phoso. Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba re thusa jang go dira maitshenkelo a a molemo?

  • Thusa bana ba gago go akanya le go tshwantsha ditshwantsho tsa maitshenkelo a a siameng a ba ka a dirang go sala Jeso Keresete morago. Kgotsa lo ka opela mmogo pina ka ga go dira maitshenkelo a a siameng, jaaka “Choose the Right Way” (Children’s Songbook, 160–61). Lo ka nna lwa bolelelana ka nako ya fa lo ne lwa dira boitshenkelo jo bo siameng mme lwa bua ka fa lo neng lwa ikutlwa ka teng morago ga moo.

Atame le Efa

The Fall [Go Wa], ka Robert T. Barrett

Moše 5:4, 8

Ke kgona go rapela Rara wa Legodimo

  • Fa Atame le Efa ba ne ba tshwanelwa ke go tloga mo Tshimong ya Etene, ba ne ba sa tlhole ba kgona go nna le Rara wa Legodimo. Bala Moše 5:4, 8 le bana ba gago, mme o ba thuse go batla gore ke eng se Atame le Efa ba se dirileng go ikutlwa ba le gaufi le Ene le go Mo utlwa. Ke dilo dife tse re ka di rayang Rara wa Legodimo mo dithapelong tsa rona?

Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya makasine wa Friend .

Atame le Efa ka kwana ya setlhabelo mo aletareng

In Similitude of the Sacrifice of the Only Begotten of the Father [Mo Setshwantshong sa Setlhabelo sa Yo o Tsetsweng a le Esi wa ga Rara], ka Mike Malm (bona Moše 5:5–9)

tsebe ya tiragatso ya poraemari: Go Wa ga ga Atame le Efa