“Sedimonthole 29–Ferikgong 4. Kgolagano ya Ntlha ya ga Jeso Keresete: Tshimolodiso ya Kgolagano e Kgologolo” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Tshimolodiso ya Kgolagano e Kgologolo,” Tlayang, Ntshalang Morago 2026
Sedimonthole 29–Firikgong 4: Kgolagano ya ntlha ya ga Jeso Keresete
Tshimolodiso ya Kgolagano e Kgologolo
Fa o akanya ka go ithutontsha Kgolagano e Kgologolo ngwaga o, o ikutlwa jang? Tlhwaafala? Ga go sa tlhomamisiwe? Go boifa? Maikutlo a otlhe a a tlhaloganyesega. Kgolagano e Kgologolo ke nngwe ya dikgatiso tse di kgologolo tsa mekwalo mo lefatsheng, mme mo go ka e dira gore e kgatlhe kgotsa e tshose. Mekwalo e e tswa mo ngwaong ya bogologolo e e ka lebegang e le ya boditšhaba mme nako tse dingwe e sa tlwaelesega gongwe e bile e sa phuthuloga. Mme gape mo mekwalong e re bona batho ba nna le maitemogelo a a tshwanang. Re lemoga melaetsa ya efangele e supang bomodimo jwa ga Jeso Keresete le efangele ya Gagwe. Ee, batho jaaka Aberahame, Sara, Hana, le Daniele ba tshidile matshelo a, ka ditsela dingwe, di neng di le pharologano mo go tsa rona. Mme gape ba itemogetse boitumelo jwa malwapa, dikgotlhang tsa malwapa, dinakwana tsa tumelo, le dinakwana tsa go tlhoka go tlhomama, dikatlego le go palelwa— jaaka mongwe le mongwe wa rona a dira. Mo go botlhokwa segolo, ba dirisitse tumelo, ba ikwatlhaa, ba dira dikgolagano, ba nnile le maitemogelo a semowa, mme ba seka ba ineela mo ditsholofetsong ga Mmoloki. Fa re ithuta ka fa Modimo a neng a tsamaya mo matshelong a bone ka teng, re Mmona gape mo matshelong a rona, mme re ka re le mopesalema: “Lefoko la gago ke lebone mo dinaong tsa me, le lesedi mo tseleng ya me. … Ka jalo motlhanka wa gago wa le rata” (Pesalema 119:105, 140).
Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Kgolagano e Kgologolo e paka ka Jeso Keresete
Tsela e nngwe ya go bona kotlo ya semowa e e nonofileng mo Kgolaganong e Kgologolo ke go batla Senkgwe sa Botshelo, Jeso Keresete (bona. Johane 6:48). Sekai, o bona jang Mmoloki mo tse di lateleng?
-
Mana.(Ekesodo 16:4,11–15; Johane 6;35)
-
Kwana ya setlhabelo (Ekesodo 12:3–5; Johane 1:29)
-
Noga ya borase (Dipalo 21: 4–10; Johane 3:14)
-
Jona (Jona 1:4–17; Mathaio 12:38–41)
Dikai tse di go ruta eng ka ga Gagwe? Ke dife gape ditshupiso ka ga Jeso Keresete mo Kgolagano e Kgologolo tse o di tlwaetseng?
Mo molaetseng wa gagwe “Jesus Christ Is the Treasure,” Mogolwane Dale G. Renlund o re rotloeditse go “gakologelwa le go itebaganya le Jeso Keresete ka metlha” (Liahona, Ngwanatsele 2023, 98). Akanya ka go bala molaetsa wa gagwe, o batle dilo tse o ka di bonang ka ga Jeso Keresete e seng fela mo Kgolagano e Kgologolo mme le mo botshelong jwa gago.
Bona gape “Types or Symbols of Christ” mo Kaedi go Dikwalo tse di Boitshepo, “Jeso Keresete,” Motlobo wa Efangele; “Seek the Lord Early,” Children’s Songbook, 108.
Batla dikao tse di pakang ka Jeso Keresete. Morena o rutile Atame gore, “Dilo tsotlhe di na le setshwano, mme dilo tsotlhe di tlhodilwe le go dirwa go supa tshupo ya me” (Moše 6:63). Fa o ka tswa o ithutontsha kgotsa o ruta, go itebaganya le Jeso Keresete go ka go thusa go batla bokao mo dikwalong tse di boitshepo le go oketsa lorato la gago le tumelo mo go Ene. (Bona Teaching in the Savior’s Way, 7.)
Jeso Keresete ke Jehofa wa Kgolagano e Kgologolo.
Poresidente Dallin H. Oaks o rutile gore “Rara o begile Morwa wa Gagwe Yo o Tsetsweng a le Esi, Jeso Keresete, jaaka Mmoloki, Morekolodi wa rona mme a re fa taelo go ‘Mo utlwa.’ Go tswa mo tseleng e re wetsa ka gore dikgatiso tsa dikwalo tse di boitshepo tsa mafoko a builweng ke ‘Modimo’ kgotsa ‘Morena’ a ka nna ka metlha mafoko a ga Jehofa, Morena wa rona yo o tsogileng, Jeso Keresete” (“The Teachings of Jesus Christ,” Liahona, Motsheganong 2023,102).
The Teachings of Jesus Christ
Fa baeteledipele ba Bajuta ba gwetlha Jeso ka Sesupo sa Gagwe, O tlhalositse a re “Pele fa Aberahame a nna, ke nna.” Mafoko a a gakgamatsa batho ba ba utlwileng Jeso mme ba ne ba ipaakanyeditse go Mo kgobotletsa ka matlapa (bona Johane 8:58–59). Akanya go bala Ekesodo 3:13–15; 6:3–5 go bona gore ke eng bangwe ba Bajuta ba ne ba kgopisegile ka se Jeso a se buileng.
Ke eng go le botlhokwa gore o itse gore Jeso Keresete ke Jehofa?
Morena o tsosolositse dilo tse dintsi “tse di motlhofo e bile di ratega ” ka Joseph Smith.
Mo ponatshegelong, Morena o supegeditse Nefi ka go tla ga Baebele, mme a tlhalosa “dilo tse dintsi tse di motlhofo e bile di ratega”, gore di tlaa tsewa mo go yone. Akanya go bala 1 Nefi 13:21–29, 38–42, go batla gore ke ga jang Morena a rulagantse go “itsise dilo tse di motlhofo e bile di ratega.” Go ya ka 2 Nefi 3:12, ke ga jang Baebele le Buka ya ga Momone di bereka mmogo?
Fa o ithuta Kgolagano e Kgologolo ngwaga o o tlaa ithuta gape ka “tse dingwe dikwalo” tse Nefi a di bonetseng pele. Tse di akaretsa:
-
Buka ya ga Moše, karolo ya thanolo ya ga Joseph Smith ya Baebele. E tsosolosa boammaruri le dipego tse di sa bonweng mo mokwalong o o teng wa Genesise 1–6.
-
Buka ya ga Aberahame, e ribolotsweng ke Joseph Smith fa a tlhatlhoba paperea ya bogologolo ya Baegepeto (bona Ditlhogo le Dipotso, “Buka ya ga Aberahame,” Motlobo wa Efangele).
-
Ditemana tse di farologanyeng tsa Thanolo ya ga Joseph Smith, tse dingwe ke tse di tlhagelelang mo dintlheng tse di kwa tlase, aphentikising ya Baebele, le Kaedi go Dikwalo tse di Boitshepo.
Fa ke dikai dingwe tsa dikgatiso tsa Kgolagano e Kgologolo tse di tsosolositsweng ka Joseph Smith: Enoke motse mogolo wa Sione (Moše 7:18–19). ponatshegelo ya ga Aberahame ka lekgotla kwa legodimong (Aberahame 3:22–28), tirelo ya ga Melekeseteke (Thanolo ya Joseph Smith, Genesise 14:25–40). Ke eng dikgatiso tse di “motlhofo e bile di ratega” di le botlhokwa mo go wena?
Adam and Eve Offering Sacrifices [Atame le Efa ba Ntsha Ditshupelo], ka Keith Larson (dintlha)
Kgolagano e Kgologolo e nthusa go tlhaloganya kgolagano ya me ya botsalano le Modimo.
Kgolagano e Kgologolo ke polelo ya Modimo a batla go re dira “letlotlo le le sa tlwaelesegang” ka kgolagano (Ekesodo 19:5). Ka lone lebaka le, tsela e e siameng ya go bala Kgolagano e Kgologolo ke go ithuta ka dikgolagano—bogolo jang kgolagano ya bosakhutlheng e Modimo a e fileng baperofeti ba bogologolo jaaka Aberahame, Isake, Jakoba le dikokomane tsa bone. Mme tsela e tona go ithuta ka dikgolagano ke go ithutontsha molaetsa wa ga Poresidente Russell M. Nelson “The Everlasting Covenant,” (Liahona, Diphalane. 2022, 4–11).
Fa o ntse o bala, ipotse gore: Ke eng dikgolagano di le botlhokwa? Ke lefe “lerato le le kgethegileng le kutlwelobotlhoko” tse ke di amogelang go tswa ko Modimong fa ke tshegetsa dikgolagano le ene. Fa o bala Kgolagano e Kgologolo ngwaga o, nna o lebile dilo tse Modimo a batlang go go ruta tsone ka botsalano jwa kgolagano le Ene.
Bona gape Jeremia 31:31–34.
Go bona mo go oketsegileng, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa dimakasine tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana .
Megopolo ya go Ruta Bana
Nka ithuta ka Jeso Keresete mo Kgolaganong e Kgologolo.
-
Mafoko le ngwao ya Kgolagano e Kgologolo di ka nna tsa dingalo go re bana ba di tlhaloganye, mme o ka ba thusa go bona Jeso Keresete mo ditshupong le dipolelo. Gongwe wena le bana ba gago le ka lebelela setshwantsho se se fa tlase, The Prophet Isaiah Foretells Christ’s Birth [Moperofeti Isaia o Bolela Go Tsholwa ga ga Keresete]. Letla bana ba gago go supa dintlha tse ba di bonang. Dira gore ba ele tlhoko, segolobogolo, ngwana Jeso. Ka jalo o ka bala le bone ka se Isaia a se kwadileng ka botsalo jwa Mmoloki mo Isaia 7:14; 96. Abelana le bana ba gago ka fa le ikutlwang ka teng ka go tla ga Mmoloki mo Kgolagano e Kgologolo ngwaga o.
Isaiah Writes of Christ’s Birth [Isaia o Kwala ka go Tsholwa ga ga Keresete] (, ka Harry Anderson
-
Wena le bana ba gago le ka bala Pesalema 23 kgotsa Isaia 53:3–9 le go batla mafoko a a le gakololang ka Jeso Keresete. Mafoko a a re ruta eng ka botshelo jwa Gagwe le Tetlanyo?
Modimo o batla go dira dikgolagano le nna.
-
Dikgolagano ke molaetsa o motona mo Kgolagano e Kgologolo. Go simolodisa molaetsa o mo baneng ba gago, o ka bua le bone ka ditsholofetso tse ba di dirang le go di tshegetsa le lelwapa le ditsala le gore ke eng go tshegetsa ditsholofetso go le botlhokwa. Go tswa foo o ka nna wa leba setshwantsho sa kolobetso mme wa bua ka tsholofetso, kgotsa kgolagano, e re e dirang le Modimo fa re kolobediwa . (bona Mosia 18:10, 13). Le gone o ka supa setshwantsho sa tempele mme wa abelana maikutlo a gago ka ga dikgolagano tse re di dirang koo.
-
Tsebe ya ditiragatso ya beke e e ka thusa bana ba gago go itumelela go dira dikgolgano le Rara wa Legodimo le go di tshegetsa. Le ka opela gape pina ka go dira dikgolagano, jaaka “When I Am Baptized” (Children’s Songbook, 103).
Jeso Keresete ke Jehofa wa Kgolagano e Kgologolo.
-
A bana ba gago ba itse mongwe yo o dirisang maina a a farologanyeng mo mafelong a a farologaneng? Gongwe motsadi kgotsa morutabana o bidiwa ka tsela e e farologaneng kwa tirong, kwa gae le kwa kerekeng. Buang ka one maina ao; mme le bale Ekesodo 6:3 mmogo mme laletsa bana ba gago go batla maina a Jeso Keresete a neng a itsege ka one pele A tsholwa (bona gape Thanolo ya Joseph Smith mo mokwalong kwa bofelong jwa tsebe c).
Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya makasine wa Friend .