Tlayang, Ntshaleng Morago
Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: Go Bala Kgolagano e Kgologolo


“Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: Go Bala Kgolagano e Kgologolo,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Go bala Kgolagano e Kgologolo,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026

ekhone ya dikakanyo

Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa

Go Bala Kgolagano e Kgologolo

Fa Nefi a ne a batla go rotloetsa bomorwarraagwe go tshepa Morena, o ne a abelana dipolelo ka Moše le dithuto tsa Isaia. Fa Moaposetole Paulo a ne a batla go rotloetsa Bakeresete ba pele go nna le tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo, o ne a ba gakolola ka tumelo ya ga Noa, Aberahame, Sara, Raheba, le ba bangwe. Mme fa Jeso Keresete a bolelela baetapele ba Bajuta, “go sekaseka dikwalong tse di boitshepo, a tlhalosa gore di “paka ka nna” (Johane 5:39), dikwalo tse di boitshepo tse a neng a bua ka tsone ke mekwalo e re e bitsang Kgolagano e Kgologolo.

Ka mantswe a mangwe, fa o bala Kgolagano e Kgologolo, o bala mafoko a rotloeditseng, a gomoditseng, a kgothaditseng batho ba Modimo mo diketeng tota tsa dingwaga.

A mme sengwe se se kwadilweng bogologolo tala jalo a tota se ka go thusa go bona ditharabololo tsa mathata a gompieno? Ee, se ka kgona! Bogolo jang fa o gakologelwa gore Kgolagano e Kgologolo ke ka ga mang tota.

Bosupi jo Bongwe Ka ga Jeso Keresete

Le fa e le dife dikgwetlho tse wena le lelwapa la gago lo ka tswangtsone lebane le yone, karabo ka metlha ke Jesu Keresete . Ka jalo go bona dikarabo mo Kgolagano e Kgologolo, Mo batle. Ga go ka ke ga nna motlhofo. O tshwanetse go tlhatlhanya ka bopelotelele mme o batle kaelo ya semowa. Ka dinako dingwe go bua ka Ene go lebega go tlhamaletse, jaaka mo kanamisong ya ga Isaia, “ Ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neetswe: … Mme leina la gagwe le tlaa bidiwa … Kgosi ya Kagiso” (Isaia 9:6). Mo mafelong a mangwe, Mmoloki o emetswe ka tsela e e bofitlha thata, ka matshwao le dilo tse di tshwanang—ka sekai, ka ditlhaloso tsa ditlhabelo tsa diphologolo kgotsa pego ya Josefa a itshwarela bomorwarraagwe mme a ba boloka mo leubeng.

Jeso Keresete a eme mo lefikeng a lebile lewatle

Light of the World [Lesedi la Lefatshe], ka Scott Summer

Fa o batla tumelo e kgolo mo go Mmoloki jaaka o ithutontsa Kgolagano e Kgologolo o tlaa e bona. Gongwe se e ka nna boikaelelo jwa ithutontsho ya gao ngwaga o. Rapela gore Mowa o go kaele go tsepama mo ditemaneng, dipolelo, le diperofeso tse di ka go atametsang gaufi le Jeso Keresete.

Pabalelo ya Selegodimo

O seka wa solofela gore Kgolagano e Kgologolo e ka tlisa ditso tse di feletseng mme di tlhomame tsa batho. Se gase se bakwadi ba tlholego le barulaganyi ba neng ba leka go se dira. Maikaelelo magolo e ne ele go ruta sengwe ka Modimo—ka ga togamaano ya Gagwe ya bana ba Gagwe, ka gore go raya eng go nna batho ba Gagwe ba kgolagano, le ka fa re ka bonang thekololo ka teng fa re tlhaetse. Ka dinako dingwe ba ne ba dira se ka go bolela ditiragalo tsa ditso jaaka ba ne ba di tlhaloganya, go akaretsa dipolelo go tswa mo matshelong a baperofeti ba bagolo. Genesise ke sekai sa se, fela jaaka dikwalo tse di tshwanang le Joshua, Baatlhodi le 1 le 2 Dikgosi. Mme bakwadi ba bangwe ba Kgolagano e Kgologolo ba ne ba sa ikaelela go nna ba ditso gotlhelele. Go na le moo, ba ne ba ruta ka ditiro tsa botaki jaaka poko le literitsha. Dipesalema le Diane di wela mo setlhopeng se. Mme go tswa foo go na le mafoko a a botlhokwa a baperofeti, jaaka Isaia le Malaki, ba ba neng ba bua lefoko la Modimo mo Iseraele wa bogologolo – mme, ka kgakgamatso ya Baebele, ba santse ba bua le rona gompieno.

A mme baperofeti, baboki, le barulaganyi ba ba ne ba itse gore mafoko a bone a tlaa balwa ke batho mo lefatsheng ka bophara diketekete tsa dingwaga moragonyana? Ga re itse. Mme re a gakgamala gore se ke sone se diragetseng. Ditšhaba di ne tsa tsoga tsa wa, metse ya fenngwa, dikgosi tsa tshela tsa swa, mme Testamente e Kgale e ne ya ba feta botlhe, go tswa mo tshikatshiken, go tswa mo mokwading go ya mokwading, go tswa mo thanolong go ya thanolong. Gone ke boammaaruri gore dilo dingwe di ne tsa latlhega kgotsa tsa fetolwa, mme le fa go ntse jalo ka tsela nngwe dilo tse dintsi jaana di ne tsa dibelwa ka kgakgamatso.

moperofeti wa bogologolo a kwala mo sekorolong

Old Testament Prophet [Moperofeti wa Kgolagano e Kgologolo], ka Judith A. Mehr (ntlha)

Tse ke dilo di le mmalwa fela tse o tshwanetseng go di gakologelwa fa o ntse o bala Kgolagano e Kgologolo ngwaga o. Modimo o dibetse mekwalo e ya bogologolo ka gore O a go itse le tse o di raletseng. O baakantse molaetsa wa semowa wa gago mo mafokong a, a tla go gogelang gaufi le Ene mme a age tumelo ya gago mo togamaanong ya Gagwe le Morwa wa Gagwe yo o Rategang. Gongwe O tla go gogela kwa temaneng kgotsa ntlha e e ka segofatsang mongwe yo o mo itseng— molaetsa o o ka o abelanang le tsala, leloko la lelwapa, kgotsa moitshepi ka wena. Go na le ditshono tse dintsi. A se ga se kgatlhe go se akanya?

Nefi a re, “mowa wa me bo itumela mo dikwalong tse di boitshepo” (2 Nefi 4:15). Gongwe o ka ikutlwa ka tsela e e tshwanang fa o bala mafoko a mantsi a a tshwanang le a Nefi a a badileng—se jaanong re se bitsang Kgolagano e Kgologolo.

Dikwalo mo Kgolagano e Kgologolo

Mo bontsing jwa thanolo ya Sekeresete ya Kgolagano e Kgologolo, dikwalo di rulagantswe go farologana go tswa kafa di neng di rulagantswe ka teng fa di ne di simololwa mo dikgatisong. Ka jalo, le fa Baebele ya Sehebera e rulaganya dikwalo tse ka ditlhopha di le tharo—molao, baporofeti, le mekwalo—bontsi jwa Dibaebele tsa Sekeresete di rulaganya dikwalo tso ka ditlhopha di le nnè: molao ( Genesise–Duteronome), ditso ( Joshua–Esethere), dikwloa tsa poko ( Jobe–Sefela sa ga Solomone), le baperofeti (Isaia–Malaki).

Ke ka ntlha yang fa ditlhopha tseno di le botlhokwa? Ka ntlha ya gore go itse gore ke ofe mofuta wa lekwalo le o le ithutotshang go ka go thusa go tlhaloganya kafa o ka ithutontshang ka teng.

Fano ke sengwe se o tshwanetseng go se gakologelwa fa o simolola go bala “molao,” kgotsa dikwalo tsa ntlha tse tlhano tsa Kgolagano Kgologolo. Dibuka tse, tse ka tlwaelo go bolelwang gore ke tsa ga Moše, gongwe di ne tsa feta mo diatleng tsa bakwadi le bakgobokanyi ba le bantsi fa nako e ntse e tsamaya. Mme re itse gore, mo makgolong a dingwaga a a fetileng, “dikarolo di le dintsi tse di tlhamaletseng le tse di botlhokwa thata” di ne tsa tlosiwa mo Baebeleng . (bona 1 Nefi 13:23–26). Le fa go ntse jalo, dikwalo tsa ga Moše ke lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, le mororo di—fela jaaka tiro epe fela ya Modimo e e fetisiwang ka batho ba ba swang—di laolwa ke bokoa jwa batho . (bona Moše 1:41; Mekwalo ya Tumelo 1:8). Mafoko a ga Moroni, a kaya pego e e boitshepo ya Buka ya ga Momone e a thusitseng go e kokoanya, a thusa fano: “fa go le diphoso ke diphoso tsa batho; ke gone ka moo, se kgaleng dilo tsa Modimo” (Tsebe ya setlhogo ya Buka ya Momone). Ka mantswe a mangwe, dikwalo tse di boitshepo ga di tlhoke go tlhoka diphoso tsa motho gore di nne lentswe la Modimo.

Dintlha

  1. Bona 1 Nefi 4:2–3; 17:22–23; 19:22–23.

  2. Bona Bahebera 11.

  3. Bona Russell M. Nelson, “The Answer Is Always Jesus Christ,” Liahona, Motsheganong. 2023, 127–28.

  4. Bona Lefitiko 7:3–4.

  5. Bona Genesise 45– 46.

  6. Poresidente M. Russell Ballard o rile: “Ga se ka phoso kgotsa phosego gore re bo re na le Baebele gompieno. Batho ba ba siameng ba ne kgothadiwa ke Mowa go gatisa tsotlhe dilo tse di boitshepo tse ba neng ba di bona le mafoko a a tlhotlheleditsweng a ba a utlwileng le go a bua. Batho bangwe ba ba ineetseng ba ne ba sireletsa le go boloka dikgatiso tse” (“The Miracle of the Holy Bible,” Liahona, Motsheganong 2007, 80).