Tlayang, Ntshaleng Morago
Firikgong 5–11 “Se Ke Tiro Ya Me le Kgalalelo Ya Me”: Moše 1; Aberahame 3


“Firikgong 5–11. ‘Se Ke Tiro Ya Me le Kgalalelo Ya Me”: Moše 1; Aberahame 3,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Firikgong 5–11. ‘Se Ke Tiro Ya Me le Kgalalelo Ya Me’,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026

dinaledi le nebula kwa lefaufaung le le kwa ntle

Firikgong 5–11:“Se Ke Tiro Ya Me le Kgalalelo Ya Me”

Moše 1; Aberahame 3

Baebele e simolola ka mafoko “kwa tshimologong Modimo o tlhodile legodimo le lefatshe” (Genesise 1:1). Mme go ne go na le eng pele ga “tshimologo” e? E bile ke eng Modimo a ne a bopa dilo tse? Ka Moperofeti Joseph Smith, Morena o ne a tlisa tshedimoso mo dipotsong tse.

Sekai, O re neile polelo ya ponatshegelo e mo go yone Aberahame a neng a bona go nna teng ga rona jaaka mewa “pele ga lefatshe le nna teng” (bona Aberahame 3:22–28). Morena gape o re neetse thanolo e e tlhotlheleditsweng kgotsa poeletso ya dikgaolo tsa ntlha tse thataro tsa Genesise, e e bidiwang lokwalo la ga Moshe —e e sa simololeng ka “kwa tshimologong.” Mo boemong, e simolola ka maitemogelo a Moše a neng a na le one a a neelang bokao bongwe jwa polelo ya Tlholego. Mmogo, dikwalo tse di boitshepo tse tsa malatsi a bofelo ke lefelo le le siameng go simolola ithutontsho ya Kgolagano e Kgologolo gonne di araba dipotso dingwe tse di botlhokwa tseo di ka bopang go bala ga rona: Modimo ke Mang? Re bo mang? Tiro ya Modimo ke eng, mme seabe sa rona ke sefe mo go yone? Dikgaolo tse di simololang tsa Genesise di ka bonwa jaaka karabo ya Morena mo kopong ya ga Moše: “Nna kutlwelobotlhoko mo motlhankeng wa gago, Ao! Modimo, mme o mpolele mabapi le lefatshe le, le banni ba lone, mme le one magodimo” (Mošes 1:36).

aekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Moše 1

aekhone ya seminari
Jaaka Ngwana wa Modimo, ke na le phitlhelelo ya selegodimo.

“Fa nne Morena a bua le wena ka tlhamalalo,” Poresidente Russell M. Nelson o ne a ruta, “selo sa ntlha se a neng a ka rurifatsa gore o a se tlhaloganya ke go itse boomang jwa gago jwa boammaaruri” (“Choices for Eternity” [worldwide devotional for young adults, May 2022], Motlobo wa Dibuka tsa Efangele). Go a latela gore Satane o tlaa leka go go tsietsa mo ntlheng karolong eo e e tshwanang. Batla sekao se mo molaetseng wa Modimo mo go Moše mo Mošes 1:4, 6 le mo molaetseng wa ga Satane mo Mošes 1:12. O ithuta eng go tswa mo ditemaneng tse ka dipharologanyo fa gare ga Modimo le Satane?

Poresidente Nelson le gone o rutile, “Tsela e o akanyang ka yone gore tota o mang e ama mo e ka nnang tshwetso nngwe le nngwe e o tlaa e dirang” (“Choices for Eternity”). Akanyetsa go dira nankolo ya maitshenkelo a o a dirang ka gonne boomang jwa gago jaaka ngwana wa Modimo bo tla pele ga dileibole tse dingwe.

Ke ditemana kgotsa diele tsa tlaleletso dife mo Moše 1 tse di go thusang go tlhaloganya boleng jwa gago jwa selegodimo? o ka nna wa bala gape go le gontsi ka molaetsa wa ga Poresidente Nelson mo karolong ya “Choices for Eternity” ya setlhogo sa “First: Know the truth about who you are.” Ke eng se o ikutlwang o tlhotlheleditswe go se dira go dira gore boomang jwa gago jaaka ngwana wa Modimo e nne sesupo sa gago se se botlhokwa thata?

Bona le gone “I Am a Child of God,” Hymns (1985), no. 301; “Our True Identity” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Dibuka tsa Efangele; Topics and Questions, “Children of God,” Motlobo wa Dibuka tsa Efangele.

3:39

Our True Identity

mmê, rrê, le ngwana ba nyenya

Moše 1:12–26

Ka thuso ya Morena, ke ka ganana le Satane.

Jaaka Moše 1 e supa sentle, maitemogelo a a nonofilenga a semowa ga a reye gore ga re kitla re tlhola re raelwa gape. Tota e bile, lengwe la maano a ga Satane ke go re raela gore re belaele maitemogelo a. Jaaka o bala karabo ya ga Moše go Satane mo ditemana 12–26, o ithuta eng se se ka go thusang go nna boammaaruri mo bopaking jo o bo amogetseng? Ke eng se kwa bofelong se neng sa thusa Moše go fenya Satane?

Thuto e nngwe go tswa mo maitemogelong a ga Moše ke gore Satane o re raela ka dilo tsa maitirelo tsa boammaaruri le thata ya Modimo. Akanya ka ga mefuta mengwe ya dilo tse e seng tsa boammaaruri, jaaka sejwalo sa maitirelo kgotsa ngwana wa mpopi. O ka bolela jang gore ga se tsa boammaaruri? Ke gone akanyetsa ka di dilo tsa maitirelo tse Satane a di dirisang gompieno go go raela. O ithuta eng go tswa mo Moše 1:13–18 mabapi le ka fa o ka lemogang le go gana maitirelo a gagwe? Morena o ka go thusa jang? (bona Moše 1:24–26).

Le gone bona Mathaio 4:1–11; Gary E. Stevenson, “Deceive Me Not,” Liahona, Nov. 2019, 93–96; “I Am a Son of God” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Dibuka tsa Efangele.

6:31

I Am a Son of God

Go ithuta mo gae go ka rulaganngwa mme le gone go ka diragala fela. “Ditshono tsa go ruta mo lwapeng gantsi di direga mo dinakong tse di sa rulaganngwang, tsa letsatsi le letsatsi—fa go jewa, go dirwa tiro tsa mo gae, go tshamekiwa, [kgotsa] go tsamaiwa” (Teaching in the Savior’s Way, 31). Sekao, mo godimo ga go bala ka fa Moshe a neng a ganana le Satane ka teng mo go Moše 1, lo ka nna lwa dirisa metsotso e le mmalwa ka nako ya dijo tsa maitseboa lo bua jaaka lelwapa ka fa lo neng lwa ganana le tlhotlheletso ya mmaba ka teng.

Moše 1:27–39; Aberahame 3

Tiro le kgalalelo ya Modimo ke go nthusa go amogela botshelo jo bosakhutleng.

Morago ga go bona ponatshegelo ya tlholego ya Modimo, Moše o reile Morena a re: “Mpolelele … gore ke eng dilo tse di ntse jaana” (Moše 1:30). O kgatlhiwa ke eng ka phetolo ya Morena mo Moše 1:31–39? Pharologanyo ke eng fa gare ga bosasweng le botshelo jo bosakhutleng? (bona Topics and Questions, “Eternal Life,” Motlobo wa Dibuka tsa Efangele). Jeso Keresete o thusa jang go di diragatsa tsotlhe? Le gone Aberahame o ne a nna le ponatshegelo, e e kwadilweng mo Aberahame 3. O bona eng mo ditemaneng 24–26 se se ka thusang go araba kopo ya ga Moše?

Aberahame 3:22–28

Ke tshedile jaaka mowa pele ga ke tsholwa mo lefatsheng.

Re itse go le gonnyennyane ka botshelo jwa rona jwa pele. Mme bontsi jwa se re se itseng bo tswa mo ponatshegelong ya ga Aberahame mo Aberahame 3:22–28. Jaaka o bala ditemana tse, dira nankolo ya boammaaruri jo o bo bonang—go akaretsa boammaaruri ka ga wena le ka ga Jeso Keresete. Ke eng boammaaruri jo bo le botlhokwa mo go wena? Ke pharologanyo efe e e bo dirang mo botshelong jwa gago?

Bona le gone Topics and Questions, “Jesus Christ,” Motlobo wa Dibuka tsa Efangele.

Go feta fa, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .

kgaolo ya bana aekhone 01

Megopolo ya go Ruta Bana

Moše 1: 1– 4, 6, 12

Ke ngwana wa Modimo.

  • Morago ga go bala mmogo molaetsa wa Modimo mo go Moše mo Moše 1:4, akanyetsa go letla bana ba gago go lebelela moriti wa bone mo seiponeng le go ineela molaetsa o o tshwanang: “Ke ngwana wa Modimo.” Ke gone ba ka neelana molaetsa o o tshwanang mongwe go yo mongwe: “O ngwana wa Modimo.” Le gone o ka batla dinepe tsa batho ba ba farologanyeng mme wa laletse bana ba gago go supa mongwe le mongwe mme ba re, “Yo ke ngwana wa Modimo.” Abelanang ka bo lona gore ke ka goreng le itumelela go itse gore le bana ba Modimo. Kitso e e fetola jang tsela e ka fa lo itsayang ka teng le ba bangwe?

  • Wena le bana ba gago lo ka tshwantshanya molaetsa wa Modimo mo go Moše mo Moše 1:4 le molaetsa wa ga Satane mo temana 12. O ka thusa jang bana ba gago go farologanya molaetsa wa Modimo mo go bone le wa ga Satane?

Jehofa a iponatsa mo go Moše

Moses Sees Jehovah [Moše o Bona Jehofa], ka Joseph Brickey (ntlha)

Moše 1:6, 39

Rara wa Legodimo o na le tiro e ke tshwanetseng go e dira.

  • Jaaka o bala Moše 1:6 le bana ba gago, o ka bua le bone ka “tiro” e Modimo a neng a e neela Moše. Akanyetsa go dirisa Gospel Art Book, nos. 13–16, kgotsa Dipolelo tsa Kgolagano e Kgologolo, ditsebe 64–84, go thusa bana ba gago go bona se Moše a se diragaditseng ka thuso ya ga Rara wa Legodimo. Ke efe tiro e Modimo a batlang re e dira? (bona, ka sekai, Dithuto le Dikgolagano 11:20).

Moše 1:12–26

Ke ka gana dithaelo tsa ga Satane

  • Jaaka o ithutontsha Moše 1:12–26 le bana ba gago, ba thuse go lemoga se Moše a se dirileng go ganana le Satane (bona ditemana 13, 15, 18, 20–22, 26). Go ka ba itumedisa go diragatsa dilo tse ba ka di dirang go gana thaelo (jaaka go rapela, go tsamaya, kgotsa go kopa thuso).

Aberahame 3:22–28

Ke tshedile jaaka mowa pele ga ke tsholwa mo lefatsheng.

  • Go itse ka botshelo jwa rona jwa pele go ka tlhotlheletsa bana ba gago go dira ditshwetso ba ikaegile ka boammaaruri jwa bosakhutleng. Go ba thusa go ithuta ka ga jone, o ka ba neela mafoko a konokono le diele go di batla mo Aberahame 3:22–28, jaaka “pele ga mafatshe a nna,” “mewa” “dira lefatshe,” le “ leka.” Ditemana tsena di re ruta eng ka ga se Rara wa Legodimo a re rometseng mo lefatsheng go se dira?

  • Pina jaaka “I Will Follow God’s Plan” (Children’s Songbook, 164–65) e ka gatelela se Aberahame 3 e se rutang. Gongwe o ka laletsa bana ba gago go tshwantsha ditshwantsho tse di tsamaelanang le mafoko.

  • Thusa bana ba gago go akanya ka diemo tse mo go tsone ba tlhokang go tlhopha go dira kgotsa go se dire se Modimo a se ba kopileng (bona Aberahame 3:25; le gone bona For the Strength of Youth: A Guide for Making Choices). Ba letle go porakatisa diphetolo tse di kgonegang tsa diemo tse. Mmoloki o ka re thusa jang fa re dira boitshenkelo jo e seng bone?

Go feta fa, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e wa Tsala .

Moše a koba Satane

Moses Overcomes Satan [Moše o Fenya Satane], ka Joseph Brickey

tsebe ya tiragatso ya poraemari: Ke Ngwana wa Modimo