“Aphentikise B: Ya Poraemari—Go Baakanyetsa Bana Botshelo jotlhe mo Tseleng ya Kgolagano ya Modimo,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Aphentikise B,” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Aphentikise B
Ya Poraemari—Go baakanyetsa Bana Botshelo jotlhe mo Tseleng ya Kgolagano ya Modimo
Mo dikgweding tse di nang le matsatsi a Tshipi a matlhano, Barutintshi ba Poraemari ba rotloediwa go emisetsa thulaganyo ya Tlayang, Ntshalang Morago ka Sontaga wa botlhano ka e le nngwe kgotsa go feta ya ditiragatso tsa go ithuta tse.
Melawana le Ditao tsa Efangele ya ga Jeso Keresete
Thuto ya ga Keresete e re ruta ka fa re ka boelang ka teng kwa Modimong.
Fa Jeso Keresete a bonala kwa bathong ba Amerika, O ba rutile thuto ya Gagwe. O boletse gore re ka tsena mo bogosing jwa Modimo fa re na le tumelo, re ikwatlhaya, mme re kolobediwa, re bo re amogela Mowa o o Boitshepo, le go itshoka go ya bokhutlong (bona 3 Nefi 11:31–40; bona le gone Dithuto le Dikgolagano 20:29). Tiragatso e e fa tlase e ka go thusa go ruta bana gore melawana ena le ditao di tlaa re thusa go atamela kwa Mmoloking go ya ka matshelo a rona.
Go ithuta thata ka thuto ya ga Keresete, bona 2 Nefi 31.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Neela bana ditshwantsho tse di kayang tumelo mo go Jeso Keresete, boikotlhao, kolobetso, le tlhomamiso (bona Gospel Art Book, nos. 1, 111, 103, le 105). Bala kgotsa o boeletse le bana molawana wa tumelo wa bone, mme o ba kope gore ba tshware ditshwantsho tsa bone fa molawana oo kgotsa tao e umakiwa. Thusa bana go tlhaloganya gore tumelo le ditao di re thusa jang go nna botoka jbogolo jaaka Rara wa Legodimo le Jeso Keresete.
-
O ka thusa bana jang go tlhaloganya gore tumelo, boikotlhao, kolobetso le tlhomamiso ga se dilo tsa tiragalo ya nako e le nngwe fela mme e tlhotlheletsa kgolo ya rona ya semowa go ya ka matshelo a rona? Sekai, o ka ba supegetsa setshwantsho sa peo le setlhare se se tona (kgotsa o tshwantshe dilo tsena mo botong). Ba thuse go akanya ka dilo tse dithusang peo go gola go nna setlhare se se tona, jaaka metsi, mmu, le lesedi la letsatsi. Ba thuse go bona gore dilo tsena di tshwana le dilo tse re di dirang go atamela Modimo go ya ka matshelo a rona otlhe—re aga tumelo ya rona mo go Jeso Keresete, re ikwatlhaya letsatsi le letsatsi, re tshela dikgolagano tsa rona tsa kolobetso, re ja sakaramente, le go amogela Mowa o o Boitshepo.
-
Abelana le bana polelo mabapi le pontsho ya molelo e e tswang mo molaetseng wa ga Mogolwane Dale G. Renlund “How Can Repenting Help Me Feel Happy?” (Friend, Dec. 2017, 12–13, kgotsa Liahona, Dec. 2017, 70–71; bona le gone setshwantsho sa motshikinyego “Repentance: A Joyful Choice” [Motlobo wa Efangele]). Mo dintlheng tse di farologaneng tsa polelo, laletsa bana go akanya ka fa Mogolwane Renlund a ka bong a ne a ikutlwa ka teng. Ke eng re utlwa boitumelo fa re ikwatlhaya? Abelana le bana boitumelo le lorato le o le utlwileng fa o kopa Rara wa Legodimo go go itshwarela.
4:36Repentance: A Joyful Choice
Kolobetso
Jeso Keresete o ne a mpeela sekao fa a ne a kolobediwa.
Le fa Jeso a ne a sena sebe, O ne a kolobediwa go baa sekao se se itekanetseng sa kobamelo ya ga Rara wa Legodimo (bona 2 Nefi 31:6–10).
Go ithuta ka tlaleletso ka kolobetso, bona Dithuto le Dikgolagano 20:37; Topics and Questions, “Baptism,” Motlobo wa Efangele.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Supa setshwantsho sa kolobetso ya Mmoloki le kolobetso ya motho yo mongwe (kgotsa bona Gospel Art Book, no. 35 le gongwe no. 103 kgotsa no. 104). Kopa bana go abelana gore ke eng se se farologanang le gore ke eng se se tshwanang fa gare ga ditshwantsho ka bobedi. Balang mmogo Mathaio 3:13–17 kgotsa “Chapter 10: Jesus Is Baptized” mo New Testament Stories, 26–29. Letla bana go supa dilo mo ditshwantshong tse ba di utlwang mo dipolelong tse. Bolelela bana ka lorato la gago go Mmoloki le keletso ya gago ya go mo sala morago.
1:52Chapter 10: Jesus Is Baptized
-
Reetsang kgotsa opelang pina ka kolobetso “When Jesus Christ Was Baptized” (Children’s Songbook, 102). Re ka ithuta eng ka kolobetso mo pineng ena? Bala 2 Nefi 31:9–10, mme o laletse bana go reetsa gore ke eng Jeso Keresete a ne a kolobediwa. Ba laletse go tshwantsha setshwantsho sa bone ka letsatsi la bone la kolobetso.
Ke ka tlhopa go dira kgolagano le Modimo mme ka kolobediwa.
Go ipaakanyetsa kolobetso go raya go feta thata go baakanyetsa tiragalo. Go raya go ipaakanyetsa go dira kgolagano le go tshegetsa kgolagano eo botshelo jotlhe. Tlhatlhanya ka fa o ka thusang bana go tlhaloganya kgolagano e ba tlaa e dirang le Rara wa Legodimo fa ba kolobediwa, e e akaretsang ditsholofetso tse A di dirang mo go bone le ditsholofetso tse ba di Mo direlang.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Tlhalosa gore kgolagano ke tsholofetso fa gare ga motho le Rara wa Legodimo. Jaaka re leka go tshegetsa ditsholofetso tsa rona mo Modimong, Modimo o solofetsa go re segofatsa. Kwala mo botong Ditsholofetso Tsa me go Modimo le Ditsholofetso tsa Modimo mo go Nna. Balang mmogo Mosia 18:10, 13 le Dithuto le Dikgolagano 20:37, mme o thuse bana go dira nankolo ya ditsholofetso tse ba di bonang ka fa tlase ga ditlhogo tse di tshwanetseng (bona le gone Dallin H. Oaks, “Your Baptism Covenant,” Friend, Feb. 2021, 2–3). Abelana ka fa Rara wa Legodimo a go segofaditseng ka teng fa o ntse o leka go tshegetsa dikgolagano tsa kolobetso tsa gago.
-
Supegetsa bana setshwantsho sa dilo tse Jeso Keresete a di dirileng ka nako ya tirelo ya Gagwe (ka ga dikai dingwe, bona Gospel Art Book, nos. 33–49). Letla bana gore ba bue ka se Jeso a se dirang mo setshwantshong sengwe le sengwe. Bala Mosia 18:8–10, 13, mme o laletse bana go reetsa ditsela tse ba kgonang go tshegetsa kgolagano ya kolobetso (bona le gone “The Baptism Covenant,” Liahona, Aug. 2019, 10–11). Kgolagano ya kolobetso e ka tlhotlheletsa jang ditiro tsa rona letsatsi le letsatsi? Laletsa bana go itshwantsha ba thusa mongwe ka tsela e Jeso a neng a ka dira ka yone.
Tlhomamiso
Fa ke kolobediwa le go tlhomamisiwa, ke nna leloko la Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.
Go nna leloko la Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo go tlisa masego a mantsi, go akaretsa le ditshono tsa gore bana ba nne ba tsaya karolo ka matlhagatlhaga mo tirong ya Modimo.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Laletsa mongwe yo sa tswang go kolobediwa le go tlhomamisiwa go tla tlelaseng le go abelana gore go ne go ntse jang go tlhomamisiwa. Kopa motho yo go bua ka gore go raya eng mo go ene go nna leloko la Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Thusa bana ba gago go akanya ditsela tse ba ka tshegetsang kgolagano ya kolobetso ya bone jaaka leloko la Kereke. Abelana ka fa go dira dilo tsena go go thusitseng ka teng go utlwa boitumelo jwa go nna leloko la Kereke ya ga Keresete.
-
Supa setshwantsho sa Metsi a Momone (bona Gospel Art Book, no. 76), mme o kope bana go tlhalosa se ba se bonang mo setshwantshong. Bolela polelo ya ga Alema le batho ba gagwe ba kolobediwa koo (bona Mosia 18:1–17; “Chapter 15: Alma Teaches and Baptizes,” mo Book of Mormon Stories). Sekaseka Mosia 18:8–9 mme o laletse bana go dira ditiro go ba thusa go gakologelwa dilo tse batho ba neng ba rata go di dira e le maloko a Kereke ya ga Keresete. Abelana maitemogelo fa o bone maloko a Kereke a direla ka ditsela tse.
2:41Alma at the Waters of Mormon
Fa ke tlhomamisiwa, ke amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.
Fa re kolobetswa le go tlhomamisiwa, Rara wa Legodimo o re solofetsa gore re “ka metlha re ka nna le Mowa wa gagwe go nna le [rona]” (Dithuto le Dikgolagano 20:77). Mpho e e gakgamatsang e e tswang kwa Modimong e bidiwa neo ya Mowa o o Boitshepo.
Go ithuta thata ka neo ya Mowa o o Boitshepo, bona Gary E. Stevenson, “Promptings of the Spirit,” Liahona, Nov. 2023, 42–45; Topics and Questions, “Gift of the Holy Ghost,” Motlobo wa Efangele.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Bala Dithuto le Dikgolagano 33:15, mme o kope bana go reetsa mpho e e kgethegileng eo Rara wa Legodimo a re e neelang fa re kolobediwa re bo re tlhomamisiwa. Go ba thusa go ithuta thata mabapi le ka fa neo ya Mowa o o Boitshepo e tlaa ba thusang ka teng, sekasekang mmogo Johane 14:26; Bagalatia 5:22–23; 2 Nefi 32:5; 3 Nefi 27:20. O ka sekaseka le gone “A special Gift,” (Liahona, Aug. 2023, 18–19.)
-
Pele ga tlelase, kopa batsadi ba ngwana a le mongwe kgotsa go feta go abelana ka fa ba segofaditsweng ka teng ka gonne ba na le neo ya Mowa o o Boitshepo. O ba thusa jang? Ba utlwa jang lentswe la Gagwe?
-
Opelang mmogo pina ka Mowa o o Boitshepo, jaaka “The Holy Ghost” (Children’s Songbook, 105). Thusa bana go tlhaloganya se pina e se re rutang mabapi le ka fa Mowa o o Boitshepo o ka re thusang ka teng.
Mowa o o Boitshepo o ka bua le nna ka ditsela tse dintsi.
Bana ba ba kgonang go lemoga lentswe la Mowa ba tlaa baakanyediwa go amogela tshenolo ya motho ka boene go ba kaela mo botshelong jotlhe jwa bone. Ba thuse go tlhaloganya gore go na le ditsela tse dintsi tse Mowa o o Boitshepo o ka buang le rona.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Thusa bana go akanya ka ditsela tse di farologanyeng tse re ka buang le tsala e e nnang kgakala, jaaka go kwala lekwalo, go romela emaile, kgotsa go bua mo mogaleng. Ba rute gore Rara wa Legodimo o ka bua le rona ka ditsela tse di farologanyeng ka Mowa o o Boitshepo. Dirisa molaetsa wa ga Poresidente Dallin H. Oaks “How Does Heavenly Father Speak to Us?” go thusa bana go tlhaloganya ditsela tse di farologanyeng tse Mowa o o Boitshepo o ka buang mo ditlhaloganyong le dipelo tsa rona (Friend, Mar. 2020, 2–3, kgotsa Liahona, Mar. 2020, F2–F3).
-
Abelana maitemogelo fa Mowa o o Boitshepo o ne o bua le wena, e ka tswa e le ka dikakanyo mo tlhaloganyong ya gago kgotsa maikutlo mo pelong ya gago (bona Dithuto le Dikgolagano 6:22–23; 8:2–3; bona le gone Henry B. Eyring, “Open Your Heart to the Holy Ghost,” Liahona, Aug. 2019, 2–3, F2–F3). Pakela bana gore Mowa o o Boitshepo o ka ba thusa ka ditsela tse di tshwanang.
-
Thusa bana go lemoga dinako tseo ba utlwang Mowa—sekai, fa ba opela pina ka Mmoloki kgotsa fa ba direla ba bangwe sengwe sa bopelontle. Ba thuse go lemoga maikutlo a semowa a a tlisiwang ke Mowa o o Boitshepo, segolo bogolo ditlhotlheletso tsa Gagwe tsa go tsaya kgato. Ke eng o akanya gore Mowa o o Boitshepo o re neela maikutlo a? Thusa bana go akanya ka dilo tse re di tlhokang go di dira go utlwa Mowa o o Boitshepo o bua le rona. Bua ka gore o dira eng go utlwa Mowa sentle thata?
Sakaramente
Fa ke tsaya sakaramente, ke ka gakologelwa setlhabelo sa Mmoloki le go dira kgolagano le ene.
Fa re e ja sakaramente, re dira kgolagano ya go gakologelwa Mmoloki ka metlha, go amogela leina la Gagwe, le go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe.
Go ithuta go fitisa, bona Mathaio 26:26–30; 3 Nefi 18:1–12; Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79.)
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Laletsa bana go taka “Jesus Introduced the Sacrament to the Nephites” mo Scripture Stories Coloring Book: Book of Mormon (2019), 26. Ba kope go supa se batho ba se akanyang mo setshwantshong. Balela bana dikarolo tsa 3 Nefi 18:1–12 kgotsa “Jesus Shares the Sacrament,” mo Book of Mormon Stories. Re ka dira eng go gakologelwa Jeso Keresete ka nako ya sakaramente?
-
Kopa bana go go bolelela dilo dingwe tse ba tshwanetseng go di gakologelwa go di dira ka metlha ,jaaka go bofa ditlhako tsa bone kgotsa go tlhapa diatla pele ga ba a ja. Ke eng go le botlhokwa go gakologelwa dilo tse? Balela bana Moroni 4:3 mme o ba laletse go reetsa se re solofetsang go se gakologelwa ka metlha fa re tsaya sakaramente. Ke eng go le botlhokwa go gakologelwa Jeso Keresete? Thusa bana go tlhologanya ka fa borotho le metsi tsa sakaramente di re thusang go gakologelwa se Jeso a se re diretseng (bona Moroni 4:3; 5:2).
-
Kwala mo botong “ke solofetsa go …” Balela bana thapelo ya sakaramente (bona Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79 Fa ba utlwa tsholofetso e re e direlang Modimo, ema go se kae mme o ba thuse go feleletsa seele se se mo botong ka tsholofetso e ba e utlwileng.
-
Go raya eng go tsaya mo go rona leina la ga Jeso Keresete? Go thusa bana go araba potso ena, abelana sekai sa sengwe seo re kwalang maina a rona mo go sone. Ke ka go reng re kwala maina a rona mo dilong tse? Ke ka gore eng Jeso Keresete a ka batla go baya leina la Gagwe mo go rona? Akanyetsa go abelana tlhaloso ena go tswa mo go Poresidente Russell M. Nelson: “Go tsaya leina la Mmoloki mo go rona go akaretsa go bolela le go pakela ba bangwe—ka ditiro tsa rona le mafoko a rona—gore Jeso ke Keresete” (“The Correct Name of the Church,” Liahona, Nov. 2018, 88).
Thata ya Boperesiti, Taolo, le Dilotlele
Modimo o segofatsa bana ba Gagwe ka thata ya boperesiti.
Bana botlhe ba Modimo—basadi le banna, ba bannye le bagolo—ba amogela thata ya Modimo fa ba tshegetsa dikgolagano tse ba di dirileng le Ene. Re dira dikgolagano tse fa re amogela ditao tsa boperesiti jaaka kolobetso (bona General Handbook: Serving in The Church of Jesus Christ of Latter-day Saints, 3.5, 3,6, Motlobo wa Efangele). Go ithuta go feta, bona Russell M. Nelson, “Spiritual Treasures,” Liahona, Nov. 2019, 76–79; “Priesthood Principles,” chapter 3 mo General Handbook.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Thusa bana go lemoga ditshegofatso tse ba di amogelang ka ntlha ya boperesiti. Go ba neela megopolo mengwe, o ka supa setshwantsho sa motshikinyego “Blessings of the Priesthood” (Motlobo wa Efangele). Akanyetsa go nankola ditshegofatso tse mo botong. Ke eng ditshegofatso tse di le botlhokwa mo go rona? Paka gore ditshegofatso tse di tla mo go rona ka ntlha ya ga Jeso Keresete le thata ya Gagwe ya boperesiti?
3:5Blessings of the Priesthood
-
Thusa bana go bona ditshwantsho tse di supang ka fa Modimo a dirisang thata ya Gagwe go re segofatsa. Sekai, ba ka bona setshwantsho sa lefatshe le a re le bopetseng, dikai tsa go fodisa balwetsi, le ditao tse di boitshepo tse A re di neetseng (bona Gospel Art Book, nos. 3, 46, 104, 105, 107, 120). Abelana gore ke ka goreng o lebogela boperesiti le ditshegofatso tse bo di tlisang. Thusa bana go akanya ka maitemogelo fa ba ne ba segofadiwa ka thata ya boperesiti jwa Modimo.
-
Nngwe ya ditsela tse dikgolo tse re amogelang ditshegofatso tsa thata ya Modimo mo matshelong a rona ke ka ditao tsa boperesiti (bona Dithuto le Dikgolagano 84:20). Go thusa bana go ithuta boammaaruri jo, o ka nankola dikwalo tse di boitshepo tse di latelang mo botong: 3 Nefi 11:21–26, 33 (kolobetso); Moroni 2 (tlhomamiso); Moroni 4–5 (sakaramente). Ngwana mongwe le mongwe o ka tlhopha e le nngwe ya ditemana tsena mme a supe tao eo e e tlhalosang. Laletsa bana go abelana ka fa ba segofaditsweng ka teng ka go amogela ditao tsa boperesiti.
-
Thusa bana go tlhaloganya gore ba tlaa amogela thata go tswa kwa Modimong fa ba kolobediwa le go tshegetsa dikgolagano tsa kolobetso. Botsa bana gore thata e e ka ba thusa jang.
Tiro ya Modimo e kaelwa ka dilotlele tsa boperesiti mme e diragatswa ka taolo ya boperesiti.
Nako le nako fa motho a lomolelwa pitso kgotsa a abelwa go thusa mo tirong ya Modimo, o ka dirisa taolo e e laotsweng ya boperesiti. Mo godimo ga moo, maloko a Kereke a a tshwanetseng a banna a ka tlhomiwa boperesiting le go tlhongwa mo ofising mo boperesiting. Tiriso ya taolo yotlhe ya boperesiti mo Kerekeng e kaelwa ke baeteledipele ba ba nang le dilotlele tsa boperesiti, jaaka poresidente ya lomapo, bishopo, le diporesidente tsa khoramo. Dilotlele tsa boperesiti ke taolo go kaela tiriso ya boperesiti go dira tiro ya Morena.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Bala le bana Mareko 3:14–15, mme o ba supegetse setshwantsho sa tiragalo e e tlhalositsweng moo (jaaka Gospel Art Book, no. 38). Botsa bana gore a ba kile ba bona mongwe a lomololelwa pitso kgotsa a tlhomiwa mo ofising ya boperesiti (kgotsa ba bolelele ka maitemogelo a o nnileng le one). Se se tshwana jang le se Mmoloki a se dirileng le Baaposetolo ba Gagwe? Thusa bana go nankola mo botong dipitso kgotsa diofisi tsa bopereseti tse di ka neelwang maloko a Kereke, jaaka morutabana kgotsa moeteledipele mo lephateng. Go bapa le pitso kgotsa ofisi, o ka kwala se mongwe yo o nang le pitso eo kgotsa ofisi a nang le taolo go se dira. Bolelela bana gore go lomelelwa ke mongwe yo o kaelwang ke dilotlele tsa boperesiti go go thusitseng jang go direla.
-
Laletsa bana go akanya ka sengwe se o se tlhokelang selotlele, jaaka koloi kgotsa lobati. Go diragala eng fa o sena selotlele? Balang mmogo Dithuto le Dikgolagano 65:2, mme le abelane bopaki ka botlhokwa jwa go nna le dilotlele tsa boperesiti. Le gone le ka lebelela setshwantsho sa motshikinyego “Where Are the Keys?” (Motlobo wa Efangele) mme le batle se Mogolwane Gary E. Stevenson a se rutang ka dilotlele tsa boperesiti.
2:51Where Are the Keys?
Tempele le Togamaano ya Boitumelo
Tempele ke ntlo ya Morena.
Ditempele ke karolo ya togamaano ya ga Rara wa Legodimo ya bana ba Gagwe. Mo ditempeleng, re dira dikgolagano tse di boitshepo le Ene, re apesiwa ka thata ya boperesiti, re amogela tshenolo, re direla bagologolo ba rona ba ba tlhokafetseng ditao, mme re kaniwa le malwapa a rona ka bosakhutleng. Tshotlhe tse di a kgonega ka ntlha ya ga Jeso Keresete le setlhabelo sa Gagwe sa tetlanyo.
O ka thusa bana ba o ba rutang go lemoga jang boitshepo jwa ntlo ya Morena le go ipaakanyetsa go tshwanela go tsaya karolo mo ditaong tsa tempele? Akanyetsa go sekaseka di dirisiwa tsena: Russell M. Nelson, “The Temple and Your Spiritual Foundation,” Liahona, Nov. 2021, 93–96; “Why Latter-day Saints Build Temples,” temples.ChurchofJesusChrist.org.
Ditempele ke karolo ya togamaano ya ga Rara wa Legodimo ya bana ba Gagwe,
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Bontsha setshwantso se le sengwe kgotsa go feta sa ditempele. Botsa bana gore ke eng se se dirang gore tempele e nne lefelo le le kgethegileng. Supa gore mo tempeleng nngwe le nngwe go na le mokwalo o: “Boitshepo go Morena—Ntlo ya Morena.” Botsa bana gore ba akanya gore “Boitshepo go Morena” go ka raya eng. Ke eng tempele e bidiwa ke ntlo ya Morena? Se se re ruta eng ka tempele? Fa bangwe ba bana ba kile ba ya tempeleng, le bone ba ka abelana ka fa ba ikutlwileng ka teng fa ba ne ba le koo. Fa o kile wa ya tempeleng, abelana ka fa o utlwileng bo leng teng jwa Morena koo, mme o bue ka gore ke eng tempele e le lefelo le le boitshepo mo go wena.
-
Balang mmogo Dithuto le Dikgolagano 97:15–17. Kopa bana go batla se Morena a se solofetseng mo bathong ba ba tsenang mo ntlong ya Gagwe e e boitshepo. Ke eng re tlhoka go tshwanela go tsena mo Ntlong ya Gagwe? E le karolo ya puisano e, bua le bana ka ditsetlana tsa tempele, go akaretsa le ka fa nngwe e ka amogelwang ka teng. O ka laletsa leloko la bobishopo go abelana le bone gore potsolotso ya tsetlana ya tempele e ntse jang le dipotso tse di bodiwang mo go yone.
Mo tempeleng, re dira dikgolagano le Modimo.
Poresidente Russell M. Nelson o rutile gore, “Jeso Keresete o re laletsa go tsaya tsela ya kgolagano go boela gae kwa Batsading ba rona ba Legodimo le go nna le bao ba re ba ratang” (“Come, Follow Me,” Liahona, May 2019, 91). Thusa bana go tlhaloganya gore tsela ya kgolagano e akaretsa kolobetso, tlhomamiso, le endoaomente le kano ya tempele.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Kopa bana go go thusa go sekaseka dikgolagano tse re di dirang le Modimo fa re kolobediwa le fa re e ja sakaramente (bona Mosia 18:10, 13; Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79). Supa setshwantsho sa tempele, mme o tlhalose gore Rara wa Legodimo o na le ditshegofatso tse dintsi tse a batlang go re di neela mo tempeleng.
-
Tshwantsha kgoro e e isang kwa tseleng. Botsa bana gore ke eng ba akanya gore go a thusa go nna le tsela e ba ka tsamaya mo go yone. Balang mmogo 2 Nefi 31:17–20, kwa Nefi a tshwantshanyang kgolagano ya kolobetso le kgoro mme a re laletsa go tswelela mo tseleng morago ga kolobetso. Go na le dikgolagano tse dintsi tse di dirwang morago ga go kolobediwa, go akaretsa dikgolagano tse di dirwang mo tempeleng, Tlhalosa gore Poresidente Nelson o biditse tsela e “tsela ya kgolagano.”
Mo tempeleng, re ka kolobelediwa le go tlhomamisediwa bagologolo ba rona ba ba suleng.
Efangele ya ga Jeso Keresete e dira gore go kgonege gore bana botlhe ba Modimo ba boele go nna le Ene, le fa ba ka swa kwa ntle ga go itse efangele. Mo tempeleng, re ka kolobelediwa le go tlhomamisediwa mo boemong jwa bone.
Ditiragatso tse di Kgonagalang
-
Bua ka nako e mongwe a go diretseng sengwe se o neng o sa kgone go se iterela. Laletsa bana go abelana maitemogelo a a tshwanang. Tlhalosa gore fa re ya tempeleng, re ka amogela ditao tse di boitshepo jaaka kolobetso ya ba bangwe ba ba suleng. Re tshwana jang le Jeso fa re dira tiro ya baswi? Ke eng se a se re diretseng se re neng re ka se iterele?
-
Laletsa monana a le mongwe kgotsa go feta yo o kolobeleditsweng bagologolo ba gagwe go abelana maitemogelo. Ba botse gore go ne go ntse jang mo tempeleng. Ba kgothatse go abelana ka fa ba neng ba ikutlwa ka teng fa ba direla bagologolo ba bone tiro e.
-
Tshwantsha setlhare mo botong, go akaretsa medi le dikala. Kopa bana go akanya ka fa lelwapa le ka tshwanang le setlhare ka teng. Tshwaya medi Bagologolo, tshwaya dikala Dikokomane, mme tshwaya thito ya setlhare Wena. Balang mmogo seele se mo Dithuto le Dikgolagano 128:18: “Gonne rona kwantle ga [bagologolo ba rona] ga re kake ra dirwa go itekanela; le fa e le bone kwantle ga rona ga ba kake ba dirwa go itekanela.” Botsa dipotso tse di tshwanang le tse di latelang: “Ke eng re tlhoka bagologolo ba rona? Ke eng bagologolo ba rona ba re tlhoka? Batsadi ba rona, batsadi ba batsadi, le bagologolo ba bangwe ba re thusa jang?” Laletsa bana go batla mo karolong e e setseng ya Dithuto le Dikgolagano 128:18 seele se se tlhalosang ka fa re ka thusang bagologolo ba rona.
-
Akanyetsa ka go bereka le batsadi ba ngwana mongwe le mongwe go batla maina a bagologolo ba ba tlhokang ditao mo tempeleng (bona FamilySearch.org).