Tlayang, Ntshaleng Morago
Aphentikise C: Ya Poraemari—Ditaelo tsa Nako ya Kopelo le Tshupegetso ya Bana ya Bokopano jwa Sakaramente


“Aphentikise C: Ya Poraemari—Ditaelo tsa Nako ya Kopelo le Tshupegetso ya Bana ya Bokopano jwa Sakaramente,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Aphentikise C,” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

bana ba opela

Aphentikise C

Ya Poraemari—Ditaelo tsa Nako ya Kopelo le Tshupegetso ya Bana ya Bokopano jwa Sakaramente

Moopelo o o boitshepo ke sedirisiwa se se maatla go thusa bana go ithuta ka togamaano ya boitumelo ya Rara wa Legodimo le boammaaruri jwa motheo wa efangele ya ga Jeso Keresete. Fa bana ba ntse ba opela ka melawana ya efangele, Mowa o o Boitshepo o tlaa paka ka boammaaruri jwa tsone. Mafoko le moopelo di tlaa nna mo ditlhaloganyong le dipelo tsa bana botshelo jotlhe jwa bone.

Batla thuso ya Mowa fa o ntse o ipaakanyetsa go ruta efangele ka moopelo. Abelana bopaki jwa gago jwa boammaaruri jo o opelang ka bone. Thusa bana go bona ka fa moopelo o amanang le se ba se ithutang le go se itemogela kwa gae le mo tlelaseng ya Poraemari.

Dikaelo tsa Tshupegetso ya Bokopano jwa Sakaramente.

Ka kaelo ya ga bishopo, tshupegetso ya bana ya bokopano jwa sakaramente ka tlwaelo e tshwarwa ka kôtara ya bone ya ngwaga. Jaaka boporesidente ba Poraemari le moeteledipele wa moopelo, dirisana le mogakolodi mo bishopong yo o okametseng Poraemari go dira lenaneo la tshupegetso.

Tshupegetso e tshwanetse go letla bana go abelana se bone le malwapa a bone ba se ithutileng go tswa mo Kgolagano e Kgologolo kwa gae le mo Poraemari, go akaretsa le dipina tsa Poraemari tse ba di opetseng mo ngwageng. Fa o ntse o dira lenaneo la tshupegetso, akanya ka ditsela tse e ka thusang phuthego go tsepamisa maikutlo mo Mmoloking le dithuto tsa Gagwe.

Diuniti tse di nang le bana ba ba palo potlana ba ka akanya ka ditsela tse mo go tsone maloko a malwapa ba ka tsayang karolo le bana ba bone. Leloko la bishopo le ka wetsa bokopano ka dikakgelo tse dikhutshwane.

Fa lo ntse lo baakanyetsa tshupegetso, gakologelwang dikaelo tse di latelang:

  • Diikatiso ga di a tshwanela go tsaya nako e e sa tlhokegeng go tswa mo ditlelaseng tsa Poraemari kgotsa malwapa.

  • Ditshwantsho, diaparo tse di sa tlwaelegang, le ditshupegetso tse di dirisang metswedi ya tshedimosetso ga di a siamela bokopano jwa sakaramente.

Bona General Handbook: Serving in The Church of Jesus Christ of Latter-day Saints, 12.2.1.2, Motlobo wa Efangele.

bana ba opela

Ditaelo tsa Nako ya Kopelo

Metsotso e le 5 (boporesidente ba Poraemari): Thapelo e e bulang, lokwalo le le boitshepo kgotsa molawana wa tumelo, le puiso e le nngwe

Metsotso e le 20 (moeteledipele wa moopelo): Nako ya kopelo

Boporesidente jwa Poraemari le baeteledipele ba moopelo ba tlhopha dipina kgwedi le kgwedi go rurifatsa melawana e bana ba e ithutang mo tlelaseng tsa bone le kwa gae. Nankolo ya dipina tse di rurifatsang melawana e e akareditswe mo kaelong e.

Fa o ntse o ruta bana dipina, ba laletse go abelana se ba setseng ba se ithutile ka dipolelo le melawana ya thuto tse dipina di di rutang. Laletsa bana go abelana dikakanyo tsa bone le maikutlo ka boammaaruri jo bo bonwang mo dipineng.

Hymns and Children’s Songs ke sedirisiwa sa botlhokwa sa moopelo wa Poraemari. Difela go tswa mo bukeng ya difela le dipina go tswa Friend le tsone di siame. O ka dirisa le gone le dipina go tswa Hymns—For Home and Church. Tiriso ya moopelo ofe kana ofe o mongwe mo Poraemari o tshwanetswe go dumalwana ke bishopo (bona General Handbook, 12.3.4).

Moopelo wa Nako ya Kopelo

Firikgong

  • My Heavenly Father Loves Me,” Children’s Songbook, 228–29

  • I Will Follow God’s Plan, Children’s Songbook, 164–65

Tlhakole

  • Follow the Prophet,” Children’s Songbook, 110–11

  • A Child’s Prayer,” Children’s Songbook, 12–13

Mopitlo

  • Kindness Begins with Me,” Children’s Songbook, 145

  • I need Thee Every Hour,” Hymns, no. 98

Moranang

  • Gethsemane,”Motlobong wa Efangele

  • Keep the CommandmentsChildren’s Songbook, 146

Motsheganong

  • “Holy Places,” Motlobong wa Efangele

  • As I Search the Holy Scriptures,” Hymnsno. 277.

Seetebosigo

  • I Will Be Valiant,” Children’s Songbook, 162

  • Love One Another,” Children’s Songbook, 136

Phukwi

  • Search, Ponder, and Pray,” Children’s Songbook, 109

  • I Pray in Faith,” Children’s Songbook, 14

Phatwe

  • Dare to Do Right,” Children’s Songbook, 158

  • I Feel My Savior’s Love,” Children’s Songbook, 74–75

Lwetse

  • Teach Me to Walk in the Light,” Children’s Songbook, 177

  • Love Is Spoken Here,” Children’s Songbook, 190–91

Phalane

  • Seek the Lord Early,” Children’s Songbook, 108

  • I Lived in Heaven,” Children’s Songbook, 4

Ngwanatsele

  • Families Can Be Together Forever,” Children’s Songbook, 188

  • Choose the Right,” Hymns, no. 239

Sedimonthole

  • We’ll Bring the World His Truth,” Children’s Songbook, 172–73

  • The Hearts of the Children,” Children’s Songbook, 92–93

Go Dirisa Moopelo go Ruta Dithuto

Nako ya Kopelo e ikaeletse go thusa bana go ithuta boammaaruri jwa efangele. Megopolo e e latelang e ka go tlhotlheletsa fa o rulaganya ditsela tsa go ruta efangele e e bonwang mo difeleng le mo dipineng tsa Poraemari.

Bala dikwalo tse di boitshepo tse di amanang. Ka ga dipina tse dintsi mo Hymns and Children’s Songs le buka ya moopelo, dikumako tsa dikwalo tse di boitshepo tse di amang di nankotswe. Thusa bana go bala dingwe tsa ditemana tse, mme ba bue ka fa dikwalo tse di boitshepo di amanang ka teng le pina. Le gone o ka nankola dikumako di se kae tsa dikwalo tse di boitshepo mo botong mme wa laletsa bana go tshwantshanya kumako nngwe le nngwe le pina kgotsa temana go tswa mo pineng.

Tlatsa diphatlha. Kwala temana ya pina mo botong ka mafoko a a botlhokwa a le mmalwa a seo. Ke gone botsa bana go opela pina, ba reetsa mafoko a a tlatsang diphatlha. Fa ba ntse ba tlatsa phatlha nngwe le nngwe, buisanang ka gore ke melawana efe ya efangele e le e ithutang mo mafokong a a seong.

bana ba opela

Paka. Fa bana bopaki jo bokhutswane jwa boammaaruri jwa efangele jo bo bonwang mo pineng ya Poraemari. Thusa bana go tlhaloganya gore go opela ke tsela nngwe e ba ka fang bopaki le go utlwa Mowa.

Ema jaaka mosupi. Laletsa bana go fapanela go ema ba bo ba abelana se ba se ithutang mo pineng e ba e opelang kgotsa ka fa ba ikutlwang ka teng ka boammaaruri jo bo rutiwang mo pineng. Ba botse ka fa ba ikutlwang ka teng fa ba ntse ba opela pina, mme ba thuse go supa tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo.

Dirisa Tshwantsho. Kopa bana go go thusa go bona kgotsa go tlhama ditshwantsho tse di tsamaelanang le mafoko a botlhokwa kgotsa diele mo pineng. Ba laletse go abelana ka fa ditshwantsho di amanang ka teng le pina le se pina e se rutang. Sekai, fa o ruta pina “When He Comes Again” (Children’s Songbook, 82–83), o ka baya ditshwantsho mo ntlwaneng tse di supang mafoko a botlhokwa a a mo pineng (jaaka baengele, kapoko, le naledi). Kopa bana go phutha ditshwantsho mme ba di tsholeletse kwa godimo ka tatelano e e siameng fa lo ntse lo opela mmogo.

Abelana thuto ya sedirisiwa. O ka dirisa sedirisiwa go tlhotlheletsa puisano ka pina. Ka sekai, fa ba opela pina “My Heavenly Father Loves Me” (Children’s Songbook, 228–29),o ka supegetsa bana setshwantsho sa dilo jaaka nonyane, pula kgotsa dithunya. Se se ka gogela mo puisanong ya ka fa re ka bonag ditshupo tsa lorato lwa Rara wa Legodimo go re dikaganyetsa.

Laletsa go abelelana maitemogelo a motho ka boene. Thusa bana go tshwaraganya melawana e e rutiwang mo pineng le maitemogelo a ba nnileng le one le melwana ena. Ka sekai, pele fa ba opela “I Love to See the Temple” (Children’s Songbook, 95), o ka kopa bana go tsholetsa diatla tsa bone fa ba kile ba bona tempele. Ba laletse, ba ntse ba opela, go akanya ka fa ba ikutlwang ka teng fa ba bona tempele.

Botsa dipotso. Go na le dipotso tse dintsi tse o ka di botsang fa lo ntse lo opela dipina. Sekai, o ka botsa bana se ba se ithutang mo temaneng nngwe le nngwe mo pineng. O ka ba kopa gape go akanya ka dipotso tse pina e di arabang. Sena se ka gogela kwa puisanong ka boammaaruri jo bo rutiwang mo pineng.

Dirisa tiro e e motlhofo ya diatla. Laletsa bana go akanya ka ditiro tsa diatla tse di motlhofo go ba thusa go gakologelwa mafoko le molaetsa wa pina. Sekai, fa lo opela “Search, Ponder, and Pray” (Children’s Songbook109), o ka laletsa bana go supa matlho a bone fa ba ntse ba opela ka go batla mo dikwalo tse di boitshepo, go supa tlhogo tsa bone fa ba ntse ba opela ka go tlhatlhanya, le go phutha matsogo a bone fa ba ntse ba opela ka thapelo.