“Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: Ntlo ya Iseraele,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Ntlo ya Iseraele,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026
Dikakanyo tse o ka di Bolokang mo Tlhaloganyong
Ntlo ya Iseraele
Golo gongwe kwa botlhaba jwa naga ya Kanana, Jakobe o ne a letile ka letshogo go kopana le lefatlha la gagwe, Esau. La bofelo Jakobe a bona Esau, dingwaga tse 20 pele, Esau a ne a batlile go mmolaya. Jakobe o ne a fetsa bosigo jotlhe a lwa, a batla tshegofatso mo Modimong. Ka ntlha ya tumelo, boitshoko, le go tlhomama ga ga Jakobe, Modimo a araba dithapelo tsa gagwe. Bosigo boo leina la ga Jakobe la fetolelwa kwa go Iseraele, leina le le rayang, gareng ga tse dingwe “o itshokile le Modimo” (Genesise 32:28, ntlha e e kwa tlase b).
Gaufi le noka ya Jaboko, Jakobe o amogela leina la Iseraele.
Ke lantlha leina Iseraele le tlhagelela mo Baebeleng, mme ke leina le le itshokileng go ralala buka le go ralala ditso. Leina le kgabagare le tlogileng go raya go feta monna a le mongwe fela. Iseraele o ne a nale barwa bale 12, mme ditlogolwana tsa bone ba ne ka kakaretso ba itsege jaaka “ntlo ya Iseraele, “morafe wa Iseraele,” “bana ba Iseraele,” kgotsa “Baiseraele.”
Go kgabaganya ditso, bana ba Iseraele ba golagantse bokao jo bogolo mo go fologeng go tswa mo nngweng ya merafe e lesome le bobedi ya Iseraele. Losika lwa bone le ne le le karolo e botlhokwa mo boitshupong jwa kgolagano. Moaposetolo Paulo o itse gore ke wa ntlo ya ga “morafe wa ga Benjamene” (Baroma 11:1). Lebaka lengwe Lehi a rometseng barwa ba gagwe go ya go tsaya dipapetlana tsa borase e ne e le ka gore di tshotse “losika la borraagwe” (1 Nefi: 5:14). Lehi o ne a lemoga gore ke setlogolwana sa ga Josefa, mme go tlhaloganya kgokagano ya losika lwa gagwe le ntlo ya Iseraele e supile e le botlhokwa mo dingwageng tse di neng di latela.
Mo Kerekeng gompieno, o ka nna wa utlwa ka Iseraele ka dipolelwana jaaka “go phuthiwa ga Iseraele.” Re opela ka “Morekolodi wa Iseraele,” “Tsholofelo ya Iseraele,” le “Lona Bagolwane ba Iseraele.” Mo dikgetsing tse, ga re bue kgotsa go opela ka bogosi ba bogologolo jwa Iseraele kgotsa morafe wa segompieno o o bidiwang Iseraele. Tota, re raya batho ba ba phutilweng go tswa mo ditšhabeng lefatshe ka bophara mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete. Re raya batho ba ba itshokileng le Modimo, ba ba senkang ka tlhwaafalo ditshegofatso tsa gagwe, le ba ka kolobetso ba nnileng batho ba Gagwe ba kgolagano. Mo mafokong a ga Poresidente Russell M. Nelson, go nna wa Iseraele ” go raya go letla Modimo go fenya mo matshelong a rona, … go letla Modimo go nna tlhotlheletso e e maatla mo matshelong a rona.”
Tshegofatso ya gago ya bopatiriaka e tlhalosa kamano ya gago le nngwe ya merafe ya ntlo ya Iseraele. Se ke karolo nngwe e e kgatlisang ya ditso tsa lelwapa. Gape e nale kaga wena gompieno le isago. Go nna karolo ya ntlo ya Iseraele go raya gore o nale kgolagano ya kamano le Rara wa Legodimo le Jeso Keresete. E raya gore wena, jaaka Aberahame, le diretswe“go nna tshegofatso” mo baneng ba Modimo (Genesise 12:2; Aberahame 2:9–11). Go raya gore, ka mantswe a ga Petere, “le dikokomane tse di tlhopilweng, boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, batho ba ba sa tlwaelesegang; ka gore o tshwanetse wa supa thoriso ya gagwe ene yo go biditseng go tswa mo lefifing go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang” (1 Petere 2:29). Go raya gore o “letla Modimo go fenya”—gore wena o “boitshoko le Modimo” jaaka o tshegetsa dikgolagano tsa gago le Ene.
Family Tree of Jacob (Israel) [Setlhare sa Lelwapa la ga Jakobe (Iseraele)], ka Brent Evans