“Mopitlo 16–22. ‘Modimo one a Laotse gore Go nne Molemo’: Genesise 42–50” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Mopitlo 16–22. ‘Modimo one a Ikaeletse Go Dira Molemo’,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026
Forgiveness, ka Megan Rieker
Mopitlo 16– 22: “Modimo one a Laotse gore Go nne Molemo”
Genesise 42–50
E ne e setse ele dingwaga di le 22 fa e sale bomorwarraagwe Josefa ba mo rekiseditse bokgoba. Josefa one boga mo dikgwetlhong tse dintsi, go akaretsa go latofadiwa le go tlhatlhelwa mo kgolegelong. Fa kwa bofelong a bona bomorwarraagwe, Josefa e ne ele molaodi wa Egepeto, wa bobedi fela go tswa mo go Faro. O ka bo a ipusoloseditse motlhofo fela mo go bomorwarraagwe, fa o akanya se ba se dirileng Josefa, mo gone go ka tlhaloganyesega. Mme Josefa a ba itshwarela. Eseng fela jalo, mme gape a ba thusa go bona tiro ya bomodimo mo go bogeng ga gagwe. “Modimo one a ikaeletse go dira molemo” (Genesise 50:20), a ba bolelela, ka gore go ne go mmeile mo maemeong a go boloka “botlhe ba ntlo ya ga rraagwe” (Genesise 47:12) go tswa mo leubeng.
Ka ditsela tse dintsi, Josefa o ne a tshwana le Jeso Keresete. Ntswa dibe tsa rona di dirile gore Jeso a boge mo gogolo, O fa boitshwarelo, a re golola rotlhe mo seemong se maswe go feta leuba. A re ka tlhoka go amogela boitshwarelo kgotsa go bo atolosa—ka nako nngwe re di tlhoka tsotlhe—sekai sa ga Josefa se re supegetsa kwa go Mmoloki, motswedi wa boammaaruri wa pholo le poelano.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Genesise 45:5–7; 47:12
“Modimo o nthometse pele ga lona go le boloka.”
A o etse tlhoko ditshwantshanyo magare ga botshelo jwa ga Josefa le tiro ya tetlanyo ya ga Jeso Keresete? Go bona dikai tsa ditshwantshanyo tse, leka go tshwantshanya:
-
Genesise 37:3 le Mathaio 3:17.
-
Genesise 37:26–28 le Mathaio 26:14–16.
-
Genesise 45:5–7 le Luke 4:18.
-
Genesise 47:12 le Johane 6:35.
Ke eng se se go kgatlhang ka ga Mmoloki le maitlamo a gagwe fa o bala ditemana tse?
Genesise 45; 50:15–21
Boitshwarelo bo tlisa pholo.
Go bala ka Josefa a itshwarela bomorwarraagwe mo dilong tse ba mo di dirileng go ka go kgothatsa go akanya ka mongwe o gompieno o sokolang go mo itshwarela. Dipotso tse di latelang di ka go thusa jaaka o leka go diragatsa melawana e:
-
Gone go ka nna thata jang gore Josefa a itshwarele bomorraagwe? (go tlhatlhoba tse ba mo dirileng, bona Genesise 37). Ke maitemogelo afe kgotsa maikutlo a ka tswang a file Josefa nonofo ya go itshwarela? (bona, jaaka sekai, Genesise 45:1–15 kgotsa 50: 15–21).
-
Ke ditshegofatso dife tse di tsileng ka boitshwarelo mo go bomorwarraagwe? Sekai, tshwantshanya botsalano mo lelwapeng la ga Jakobe kwa tshimologong ya polelo (bona, ka sekai Genesise 37:3–11) le botsalano kwa bokhutlong (bona Genesise 45:9–15; 50: 15–21). Dilo di kabo di fetogile jang go farologana fa Josefa a ne a sa eletsa go itshwarela?
-
Akanyetsa go kwala leina la mongwe yo o ka tlhokang maitshwarelo a gago—lefa kgotsa a sa kopa maitshwarelo. Re ka dira eng go laletsa phodiso ya Mmoloki mo seemong se? Fa go itshwarela go ka tswa gole thata, akanya go tlhatlhoba kgakololo ya ga Mogolwane Gerrit W. Gong mo temaneng tsa bofelo tse thataro tsa molaetsa wa gagwe “Happy and Forever”Liahona, Ngwanatsele 2022, 85). Ke eng se o se bonang moo se se go neelang tsholofelo gore o ka itshwarela?
Le gone bona, Dithuto le Dikgolagano 64:9–11; “Forgiveness: My Burden Was Made Light” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele.
Forgiveness: My Burden Was Made Light
Genesise 49
Jakoba o file lelwapa la gagwe ditshegofatso tsa seporofeti.
Ditshegofatso tsa ga Jakoba go losika la gagwe di nale ditshwantsho tse di bonalang sentle, mme ga di bonolo go tlhaloganngwa. Ka lesego, efangele e e tsosolositsweng e re fa thuso. Fa o bala ka tshegofatso ya ga Josefa mo Genesise 49:22–26, bala ditemana tse di latelang, mme o bone tlhaloganyo e di tsisang: 1 Nefi 15:12; 2 Nefi 3:4–5; Jacob 2:25; Dithuto le Dikgolagano 50:44.
Fa o bala ka tshegofatso ya ga Juta mo Genesi 49:8–12, gakologelwa gore Jeso Keresete ke setlogolwana sa ga Juta. O bona eng mo ditemaneng tse se se go gopotsang Mmoloki? (Bona gape Tshenolo 5:5–6,9; Nefi 15:14–15; Dithuto le Dikgolagano 45–59; 133:46–50).
Go bala ditshegofatso tse go ka rotloetsa go tlhatlhoba tshegufatso ya gago ya bopatiriaka—kgotsa fa o sena yone, gore o e amogele. Ke ditemana dife mo tshegofatsong e tse di go akantsang ka Jeso Keresete?
Bona gape Henry B. Eyring, “Your Patriarchal Blessing—Inspired Direction from Heavenly Father,” Liahona, Motsheganong 2023, 42–44.
Genesise 50:19–21
Modimo o ka nthusa go bona bokao mo ditekong tsa me.
Lefa go ne go sa iponatse ka fa a tsamaya a raletse ka teng, Josefa o ne a re kgabagare a leba kwa morago mo dikgwetlong tsa gagwe mo Egepeto mme a bona gore “Modimo o ne a ikaeletse go dira molemo” (Genesise 50:20). Fa one o etetse Josefa mo mosimeng kgotsa kgolegelo, o kabo o mo gomoditse jang? Genesise 50:19–21 e ka go thusa jang mo nakong ya dikgwetlho tsa gago?
Bona le gone Dithuto le Dikgolagano 122; “How Firm a Foundation,” Hymns, no. 85.
Joseph Smith among the Prophets [Joseph Smith gareng ga Baperofeti], ka Paul Mann (ntlha)
Genesise 50:24–25
“Molebeledi o tlaa mo tsholetswa ke Morena.”
Jaaka o bala Genesise 50: 24– 25 le Thanolo ya ga Joseph Smith, Genesise 50: 24– 38 (mo tlaletsong ya Baebele), tlhatlhanya gore go ka bo go nnile botlhokwa jang mo go Josefa go itse ka ga Moše le Joseph Smith mo dingwageng tse di makgolo a mantsi pele. Joseph Smith o diragaditse jang seporofeto ka gagwe? (bona Dithuto le Dikgolagano 1:17–23; 20:7–12; 39:11; 135:3).
Go feta fa, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa dimakasine tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana .
Megopolo ya go Ruta Bana
Genesise 42– 44; 45:4–15
Ke ka supa lorato le boitshwarelo mo go ba lelwapa lwa me.
-
Go ka nna monate mo baneng ba gago go boeletsa polelo ya ga Josefa a kopanya lelwapa la gagwe (bona Genesise 42–44). Kgotsa o ka dirisa “Joseph and the Famine” (mo Old Testament Stories, 57–60) kgotsa mo ditshwantsho tse di mo kgarelong e go ruta polelo mo go mongwe le mongwe. Fano ke dipotso dingwe tse di ka thusang bana ba gago go ithuta mo polelong:
-
Josefa o dirile eng go supa lorato mo lelwapeng la gagwe? (bona (Genesise 45:4–15).
-
O akanya gore ke eng Josefa a itshwaretse bomorwarraagwe?
-
O akanya gore bomorwarraagwe Josefa ba ikutlwile jang fa ba lemoga gore Josefa o ba itshwaretse? Ke mang mo botshelong jwa gago yo o tlhokang go mo itshwarela? O supa jang lorato le boitshwarelo?
2:26Joseph and the Famine
-
Fa o ipaakanyetsa go ruta,botsa, “Banake ba ka ithutang?” Sekai, mo tiragatsong e bana ba gago ba diragatsa kgotsa ba boelela polelo. Go dira se go ka ba thusa go gakologelwa gotlhe mo go diragetseng le melawana ya efangele e e teng mo polelong.
-
Wena le bana le gago le ka batla go abelana maitemogelo fa le ne la itshwarela mongwe kgotsa mongwe a neng a le itshwaretse. Le gone le ka opela pina jaaka “Love One Another” (Children’s Songbook, 136) kgotsa “Help Me, Dear Father” (Children’s Songbook, 99).
Genesise 48:8–9
Morena o a nthusa ka ditshegofatso tsa boperesiti.
-
Wena le bana ba gago le ka leba setshwantso sa ga Jakoba a segofatsa bana ba gagwe kwa bofelong jwa tshoboko e mme le buisane ka gore go diragala eng (bona Genesise 48:8–9). Fa go tlhokega, tlhalosa gore Jakoba, Rraagwe Josefa, o ne a batla go fa ditshegofatso tsa boperesiti go lelwapa la gagwe. Gongwe le ka abelana le mongwe le mongwe ka maitemogelo mangwe a o amogetseng thuso go tswa mo Modimong ka tshegofatso ya boperesiti. Ke a fe mabaka mangwe a o ka kopang tshegofatso ya boperesiti?
Genesise 45:5–11
Rara wa Legodimo O romile Jeso Keresete go re boloka.
-
O ka thusa jang bana ba gago go bona Mmoloki mo polelong ya ga Josefa a boloka lelwapa la gagwe mo leubeng? Akanya go dira tšhate e e nang le dikarolo tse pedi di bidiwa ka Josefa le Jeso Keresete. Thusa bana ba gago go batla bobedi jwa dikwalo tse di boitshepo mme ba tlatse mo tšhateng dilo tse Josefa le Jeso Keresete ba tshwanang ka tsone: Genesise 37:3 le Mathaio 3:17; Genesise 37:26–28 le Mathaio26:14–16; Genesise 45:5–7 le Luka 4:18; le Genesise 47:12 le Johane 6:35.
-
Botsa bana ba gago gore go raya eng go boloka kgotsa go falotsa mongwe. Fa mongwe wa bone a na le maitemogelo a go bolokwa kgotsa go falodisiwa mo kotsing, mo laletse go abelana. Josefa o bolokile jang bo morwarragwe? (bona Genesise 42:1–3; 45: 5–7). Le gone le ka leba setshwantsho sa Mmoloki mmogo mme wa botsa bana ba gago go bua ka gore Jeso o re bolokile jang.
Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya makasine wa Friend .