Tlayang, Ntshaleng Morago
Mopitlo 2–8. “Letla Modimo a Fenye”: Genesise 24–33


“Mopitlo 2–8. ‘Letla Modimo a Fenye’,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Mopitlo 2–8. ‘Letla Modimo a Fenye’,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026

Esau o rekisa botsalwapele jwa gagwe go Jakobe ka mogopo wa sopho

Esau Sells His Birthright [Esau o Rekisa Botsalwapele jwa Gagwe], ka Glen S. Hopkinson (ntlha)

Mopitlo 2–8: “Letla Modimo a Fenye”

Genesi 24–33

O ka ipolokela jang tshegofatso go tswa mo Modimong? O ka nna wa re polelo ya ga Jakobe, morwa-morwaagwe Aberahame le Sara, ke polelo ya monna yo o ithutileng karabo ya potso eo. Mo ngwaong e motsalwapele wa morwa a amogelang tshegofatso ya botsalwapele, Jakobe o ne a tshotswe wa bobedi, ka go ngaparela serethe sa lefatlha la morwarraagwe, Esau. Leina “Jakobe” le raya “moemedi”—mongwe yo o emetseng mongwe o selee. Jakobe o tshedile leina leo ka go leka, gangwe le gape, go emelela Esau jaaka morua boswa jwa tshegofatso ya botsalwapele gonne Esau o ne a sa bo itekanelela (bona Genesise 25:30–34; 26:34–35; 27:36). Maduo e ne e le go sa tshwaragana mo lwapeng, mme Jakobe o ne a tshwanelwa ke go tshabela botshelo jwa gagwe mo nageng.

Morago ga dingwaga, Modimo a laela Jakobe go boela gae. Mo tseleng, Jakobe, ka boikokobetso, gape a batla tshegofatso mo Modimong. Dikwalo tse di boitshepo di tlhalosa nako e jaaka “ikgaratlhelo” ya ga Jakobe, mme a bolela gore ga a kake a ineela “fa e se o ntshegofatsa” (Genesise 32:26). Ke gone ga tla thuto—le tshegofatso. Modimo a fetola leina la ga Jakobe go Iseraele—le raya, magare dilo tse dingwe, “a Modimo a fenye.” Iseraele o ne a ithuta gore go amogela ditshegofatso tsa tlhwatlhwa go gaisa tsa Modimo, ditshegofatso tsa Gagwe tsa Kgolagano, ga go tlhokege go emelela mongwe o sele. Ditshegofatso tsa Gagwe ga di rekwe kgotsa tsewe kgotsa fenngwa. O di neela ka kgololesego go botlhe ba ba tshelang go leina la Iseraele—ba ba letlang Modimo go fenya mo matshelong a bone.

aekhone ya ithutuntsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Genesise 24

Kgolaganyo ya lenyalo e botlhokwa mo togamaanong ya bosakhutleng ya Modimo.

Fa o santse o bala Genesise 24, ipotse gore ke eng Aberahame a akantse ka go nyala ga morwa wa gagwe Isake go nna botlhokwa. Ke eng lenyalo le le botlhokwa mo Modimong?

Ke a fe maitsholo a o a bonang mo go Rebeka a a ka tlisang lenyalo le le maatla le lelwapa? (bona segolobogolo ditemana 15–28, 57–61).

Bona le gone Topics and Questions [Ditlhogo le Dipotso], “Marriage [Lenyalo],” Motlobo wa Efangele.

Genesise 25: 29– 34

Ke ka fa boleng dilo tsa semowa go na le dilo tsa senama.

Mo ngwaong ya ga Isake le Rebeka, morwa yo o motona o amogela botsalwapele, jo bo rayang boswa jo bogolo, le maikarabelo a magolo a go tlhokomela lelwapa. Jaaka o bala Genesise 25:29–34, tlhatlhanya ka fa Esau a ka ne a eletsa go neela botsalwapele jwa gagwe ka go amogana dijo. Ke dife dithuto tse o di iponelang ka mo polelong e? E ka go thusa go dira mela e e mebedi: (1) ditshegofatso tsa bosakhutleng tse Modimo a batlang go di go neela le (2) dilo tsa selefatshe tse di ka go kgoreletsang. Ke gone o ka bala polelo, o emisetsa “botsalwapele” ka sengwe go tswa moleng wa ntlha le “sopho” ka sengwe go tswa wa bobedi. O ka tlhoma mogopolo jang mo go Mmoloki le ditshegofatso tsa bosakhutleng tsa efangele ya Gagwe?

Bona le gone Mathaio 6:19–33; M. Russell Ballard, “Remember What Matters Most [Se se Kgathalesegang Go Gaisa],” Liahona, Motsheganong 2023, 105–7.

Jakobe a le kwa Bethele

Jacob at Bethel [Jakobe kwa Bethele], ka James Smetham

Genesise 28

aekhone ya seminari
Dikgolagano tsa Ntlo ya Morena di tlisa thata ya Modimo mo botshelong jwa me.

Fa a santse a robetse mo mosamong wa matlapa, Jakobe o ne a nna letoro e e fetotseng botshelo. E ne e le maitemogelo a a boitshepo mo Jakobe a biditseng lefelo Bethele, kgotsa “ntlo ya Modimo,” a bolela, “E le ruri Morena o mo lefelong le” (Genesise 28:16).

Jaaka o bala Genesise 28, o ka ipotsa gore ke eng se se dirileng maitemogelo a boitshepo go Jakoba. O ne a raletse eng ka nako eo? O ka tswa a ne a ikutlwa jang? Le gone o ka batla mafoko le diele mo ditemana 10–22 tse di go gakololang ka ntlo ya Morena. O amogela ditlhotlheletso dife ka ga Modimo, ntlo ya Gagwe, le dikgolagano tsa Gagwe?

Kwa bokhutlong jwa thulaganyo e ke setshwantsho se se supang toro ya ga Jakobe, o ka e akaretsa jaaka o bala. Fa o ne o ka dira tshwantshiso ya gago ya toro ya gagwe, o ne o ka dira eng? O ne o ka leka go supa boammaaruri bofe mo polelong?

Sefela “Nearer, My God, to Thee” (Hymns, no. 100) se ikaegile ka maitemogelo a ga Jakobe. Ke dikamano dife tse o di bonang gareng ga pina e le Genesise 28:10–22? Tempele e go thusa jang go ikutlwa o atumalana gaufi le Modimo? Akanyetsa go batla dikarabo tsa potso e mo molaetseng wa ga Poresidente Russell M. Nelson wa “The Temple and Your Spiritual Foundation” (Liahona, Nov. 2021, 93–96). Le gone o ka batla go sekaseka dikgolagano le ditshegofatso tsa ntlo ya Morena mo General Handbook, 27.2 (Motlobo wa Efangele). Go tshegetsa dikgolagano tse go ka tlisa jang thata ya Modimo mo botshelong jwa gago?

Nna motlhami. Go na le ditsela tse dintsi go ithuta go tswa mo dikwalong tse di boitshepo kwa ntle fela ga go di bala. Batho bangwe ba bona gore ba tlhaloganya dikwalo tse di boitshepo botoka fa ba tshwantsha ditswantsho tsa dipolelo. Bangwe ba bona tlhotlheletso ya semowa mo moopelong o o boitshepo yo o amanang le dikwalo tse di boitshepo. Se ipatikelele mo tseleng e le nngwe ya go ithuta; bulegela go leka mefuta e e farologanyeng.

Genesise 29:31–35; 30:1–24

Morena o a nkgakologelwa mo ditekong tsa me.

Jaaka o bala Genesise 29:31–35 le 30:1–24, batla mafoko a a tlhalosang kutlwelobotlhoko ya Modimo go Ragele le Lea. Tlhatlhanya ka fa Modimo a “lebileng pogiso [ya gago] mme a go “gakologelwa” (Genesise 29:32; 30:22).

Genesise 32–33

Mmoloki o ka fodisa lelwapa lwa me.

Jaaka Jakobe a boela kwa Kanana, o ne a “tshogile thata e bile a tshwenyegile” ka ga ka fa morwarraagwe, Esau, a tlaa mo amogelang ka teng (Genesise 32:7). Jaaka o bala Genesise 32–33, tlhatlhanya botsalano jwa lelwapa la gago—gongwe segolobogolo nngwe e e tlhokang pholo. Gongwe polelo e e ka go tlhotlheletsa go ya go mongwe. Dipotso jaaka tse di ka kaela go bala gwa gago:

  • Jakobe o ne a ipaakanyetsa jang go kopana le Esau?

  • Ke eng se se tlhaolesegileng mo go wena ka ga thapelo ya ga Jakobe e e bonwang mo go Genesise 32:9–12?

  • O ithuta eng ka ga go itshwarela go tswa mo sekaing sa ga Esau?

  • Mmoloki o ka re thusa jang go fodisa botsalano jwa lelwapa?

Go feta fa, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .

kgaolo ya bana aekhone 01

Megopolo ya go Ruta Bana

Genesise 24:10–21

Ke ka nna pelontle go ba bangwe.

  • Go supa thata sekai se se kgatlhang sa bopelontle jwa ga Rebeka, o ka supegetsa bana ba gago setshwantso se se fa tlase kgotsa tsebe ya tiragatso ya beke e jaaka o khutshwafatsa polelo mo Genesise 24:10–21. Bana ba gago ba ka itumelela go diragatsa polelo e. Se se ka gogela kwa puisanong ka ga ditiro tsa bopelontle tse wena le bana ba gago lo di boneng.

  • Akanyetsa go opela pina ka bopelonomi mmogo, jaaka “Kindness Begins with Me” (Children’s Songbook, 145). Bana ba gago ba ka reetsa lefoko “bopelonomi” (kgotsa lefoko le le tshwanang) mme ba eme fa ba le utlwa. Re ka nna bopelonomi jang jaaka Rebeka?

setshwantsho sa ga Rebeka

Old Testament Heroes [Bagaka ba Kgolagano e Kgologolo], ka Dilleen Marsh (ntlha)

Genesise 25:21–34

Dilo tsa bosakhutleng di botlhokwa thata go na le dilo tsa selefatshe.

  • Akanyetsa go dirisa “Jacob and Esau” (mo Old Testament Stories, 38–41) go thusa bana ba gago go tlhaloganya polelo e e mo Genesise 25:21–34. Gongwe bana ba gago ba ka akanyetsa gore Esau o ba kopile kgakololo ka ga gore a o ka rekisa botsalwapele jwa gagwe ka sopho. Ba ka mo raya ba re eng?

    2:5

    Jacob and Esau

  • Ke dilo dife tse di kgathalesegang bosakhutleng mo go wena le bana ba gago? Gongwe bana ba gago ba ka batla setshwantsho kgotsa selwana tse di kayang dilo tse. Re ka supegetsa Morena jang gore dilo tse di botlhokwa mo go rona?

Genesise 28:10–22

Dikgolagano di nthusa go boela kwa go Rara wa Legodimo.

  • Jaaka lo bala Genesise 28:10–22 mmogo, lo ka nna lwa dirisa lere kgotsa ditepisi (kgotsa setshwantsho jaaka sengwe se kwa bokhutlong jwa thulaganyo e) go buwa ka ga ka fa dikgolagano tsa rona di tshwanang le lere. Gongwe bana ba gago ba ka itira jaaka ekete ba pagama lere, ebile ka kgato nngwe le nngwe, ba bua ka ga dinako tse ka tsone re solofeditseng go obamela Modimo, jaaka fa re ne re kolobediwa, re tsaya sakaramente, kgotsa re ya tempeleng. Dikgolagano tsa rona di re tlisa jang gaufi le Modimo?

Genesise 32:6–11; 33:1–4

Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba ka nthusa go rata lelwapa lwa me.

  • Go itsise ditemana tse, o ka tlhalosa gore morago ga dingwaga tse dintsi tsa maikutlo a a thata, Jakobe o ne a ya go kopana le Esau gape. Balang mmogo Genesis 32:6–11. Jakobe o ne a ikutlwa jang? O ne a dira jang go bona thuso? Balang mmogo Genesise 33:1–4 go itemogela ka fa Morena a arabileng thapelo ya ga Jakobe. Fa Jakobe le Esau ba ne ba ka bua le rona gompieno, ba ka re eng go re thusa fa go na le ngangisano mo lwapeng la rona?

Go feta, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e wa Tsala .

Jakobe a lora ka  lere le baengele ba fologelela go tswa kwa legodimong

Jacob’s Dream [Toro ya ga Jakobe], ka J. Ken Spencer

tsebe ya tiragatso ya poraemari: Ke ka nna pelonomi mo go ba bangwe