“Mopitlo 30–Moranang 5. ‘O Tlaa Metsa Loso ka Phenyo’: Paseka,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Mopitlo 30–Moranang 5. ‘O Tlaa Metsa Loso ka Phenyo,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Setshwantsho sa lebitla le le senang sepe
Mopitlo 30–Moranang 5: “O Tlaa Metsa Loso ka Phenyo”
Paseka
Botshelo jwa ga Jeso Keresete “bo botlhokwa thata mo ditsong tsotlhe tsa batho” (“Keresete yo o Tshelang: Bopaki jwa Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi,” Motlobo wa Efangele). Seo se kaya eng? Ka bontlhabongwe, go kaya gore botshelo jwa Mmoloki bo tlhotlheletsa phelelo e e sa khutleng ya mongwe le mongwe yo o kileng a tshela kgotsa yo o tlaa tshelang. O ka nna wa re gape Tsogo ya ga Jeso Keresete, ka Sontaga oo wa ntlha wa Paseka, e golaganya batho botlhe ba Modimo mo ditsong tsotlhe: bao ba tsetsweng pele ga Tsogo ya Gagwe ba ne ba e lebeletse ka tumelo (bona Jakobe 4:4), mme ba ba tsetsweng morago ga moo ba leba kwa morago ka tumelo. Fa re ntse re bala dipego le diperofeso tsa Kgolagano e Kgologolo, ga re nke re bona leina Jeso Keresete, mme re bona bosupi jwa tumelo ya badumedi ba bogologolo mo go Mesia le Morekolodi wa bone le go mo tlhologelelwa. Ka jalo rona ba re lalediwang go Mo gakologelwa re ka ikutlwa re na le kgolagano le bao ba ba neng ba lebile kwa pele kwa go Ene. Gonne ruri Jeso Keresete o rwele “boikepo jwa rona rotlhe” (Isaia 53:6; go gatelelwa go tsentswe), mme “mo go Keresete botlhe ba tlaa tshedisiwa” (1 Bakorintha 15:22; go gatelelwa go tsentswe).
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Baperofeti ba bogologolo le ba segompieno ba supa ka ga setlhabelo sa tetlanyo sa Mmoloki.
Ditemana tse dintsi mo Kgolaganong e Kgologolo di supa tirelo ya Mmoloki le setlhabelo sa tetlanyo. Lenaneo le le fa tlase le nankola dingwe tsa ditemana tse. Fa o bala ditemana tse, ke maikutlo afe a a tlang mo go wena ka ga Mmoloki?
|
Kgolagano e Kgologolo |
Kgolagano e Ntšha |
|---|---|
Kgolagano e Kgologolo Sekarea 9:9 | Kgolagano e Ntšha Mathaio 21:1–11 |
Kgolagano e Kgologolo Sekarea 11:12–13 | Kgolagano e Ntšha Mathaio 26:14–16; 27:3–8 |
Kgolagano e Kgologolo Isaia 53:4 | Kgolagano e Ntšha Mathaio 8:16–17; 26:36–39 |
Kgolagano e Kgologolo Isaia 53:7 | Kgolagano e Ntšha Mareko 14:60–61 |
Kgolagano e Kgologolo Pesalema 22:16 | Kgolagano e Ntšha Johane 19:17–18; 20:25–27 |
Kgolagano e Kgologolo Pesalema 22:18 | Kgolagano e Ntšha Mathaio 27:35 |
Kgolagano e Kgologolo Pesalema 69:21 | Kgolagano e Ntšha Mathaio 27:34, 48 |
Kgolagano e Kgologolo Pesalema 118:22 | Kgolagano e Ntšha Mathaio 21:42 |
Kgolagano e Kgologolo Isaia 53:9, 12 | Kgolagano e Ntšha Mathaio 27:57–60; Mareko 15:27–28 |
Kgolagano e Kgologolo Isaia 25:8 | Kgolagano e Ntšha Mareko 16: 1– 6; Luke 24:6 |
Kgolagano e Kgologolo Daniele 12:2 | Kgolagano e Ntšha Mathaio 27:52–53 |
Diperofeso tse di rutang ka ga Mmoloki di dintsi le go feta ebile di tlhamaletse mo Bukeng ya ga Momone. Akanya kafa tumelo ya gago e nonotshiwang ka gone ke ditemana tse di tshwanang le tseno: 1 Nifae 11:31–33; 2 Nifae 25:13; Mosaeya 3:2–11; Alema 7:10–13.
Baporofeti ba malatsi a bofelo ba tswelela go neela bosupi jo bo kgethegileng ka ga Jeso Keresete le thomo ya Gagwe ya tetlanyo. Jaaka o reetsa khonforense ya kakaretso mo mafelong a beke ano a Paseka, ela tlhoko bopaki jwa ga Keresete jo o bo utlwang. Di go ruta eng ka Ene?
Jeso Keresete o nneela kagiso le boitumelo.
Paseka ke nako ya boitumelo, ka gonne ke nako ya go keteka Tetlanyo le Tsogo ya Mmoloki. Mme le fa go ntse jalo, le ka nako ya Paseka, go na le batho ba le bantsi ba ba sa ikutlweng ba itumetse ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. O ka dira eng go anamisa kagiso le boitumelo jwa Mmoloki mo Pasekeng eno?
Kakanyo nngwe ke go batla melaetsa mo dikwalong tse di boitshepo ka ga kagiso le boitumelo jo Jeso Keresete a bo nayang, jaaka tse: Pesalama 16:8–11; 30:2–5; Isaia 12; 25:8–9; 40:28–31; Johane 14:27; 16:33; Alema 26:11–22. Akanya ka fa o ka abelanang melaetsa eno le ba bangwe ka teng. Sekai, gongwe o ka dira dikarata tsa Paseka go di abelana, go ikaegilwe ka melaetsa eno. Rapela ka ga gore ke mang yo o tlhokang go amogela tumediso ya gago ya Paseka. Gape o ka nna wa tsaya tshwetso ya go abelana melaetsa ya gago mo metsweding ya dikgang, ko batho ba le bantsi ba ka e bonang gone.
Difela tse di buang ka ga Keresete le Tsogo, jaaka “He Is Risen!” (Hymns, no.199), gape di ka re thusa go utlwa re na le kagiso le boitumelo ka Paseka. Batla diele mo sefeleng, go ya ka kakanyo ya gago, tse di supang boitumelo jwa Paseka.
Bona le gone Jeffrey R. Holland, “Not as the World Giveth,” Liahona, Motsheganong 2021, 35–38; Mark S. Palmer, “Our Sorrow Shall Be Turned into Joy,” Liahona, May 2021, 88–90.
Why Weepest Thou [O Lelelang], ka Simon Dewey (ntlha)
Ka ntlha ya Tetlanyo ya Gagwe, Jeso Keresete o na le thata ya go nthusa go fenya sebe, loso, diteko, le makoa.
Tiro e e ka go thusang go bona masego a mantsi a a tlang ka Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe ke e. Bala dikwalo tse di fa tlase ka se Jeso Keresete a re thusang go se fenya. Leka go tlhaola ditemana ka ditlhopha tse: sebe, loso, diteko, le makoa (ditemana dingwe di ka tsena mo ditlhopheng tse di fetang bongwe). Fa o ntse o bala, ke ditlhotlheletso dife tse o nang le tsone ka thata ya Mmoloki?
-
Isaia 61:1–3
-
Esekiele 36:26–28
-
Mathaio 11:28–30
-
Luke 1:46–55
-
Baroma 8:35–39
O ka tlhalosetsa jang tsala e e seng Mokeresete gore ke eng fa Jeso Keresete a le botlhokwa mo go wena? Molaetsa wa ga Mogolwane Ahmad S. Corbitt “Do You Know Why I as a Christian Believe in Christ? (Liahona, Motsheganong 2023, 119–21) o ka thusa.
Bona le gone Reyna I. Aburto, “The Grave Has No Victory,” Liahona, Motsheganong 2021, 85–87; Topics and Questions, “Atonement of Jesus Christ,” “Resurrection,” Motlobo wa Efangele.
Jeso Keresete o ne a duela tlhwatlhwa e e kwa godimo go feta tsotlhe ya poloko ya me.
O ithuta eng go tswa mo ditemaneng tse di latelang ka ga tlhwatlhwa e Jeso Keresete a e dueletseng poloko ya gago: Isaia 53:3–5; Mosia 3:7; Dithuto le Dikgolagano19:16–19? Rara wa Legodimo o ne a duela tlhwatlhwa efe? (bona Johane 3:16).
Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa dimakasine tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana .
Megopolo ya go Ruta Bana
Jeso Keresete o ne a boga a bo a ntshwela.
-
Beke ya Paseka ke nako e ntle ya go ruta bana ba gago ka se Mmoloki a se re diretseng kwa Gethesemane le mo sefapanong. O ka simolola ka go ba bontsha ditshwantsho tse di fa tlase le go ba letla go bua ka se se diragalang mo ditshwantshong. Fa bana ba gago ba ntse ba lebile ditshwantsho, o ka bala ditemana tse di tlhalosang ditiragalo tse (bona Mathaio 26:36–46; 27:35–50; Luke 22:39–46; Johane 19:16–30). Bana ba gago ba ka supa dintlha tse di mo ditshwantshong tse ba di utlwang mo ditemaneng.
Molema: Christ in Gethsemane [Keresete mo Gethesemane], ka Harry Anderson. Moja: The Crucifixion [Papolo], ka Harry Anderson
-
Re segofadiwa jang ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jeso mo go rona? Thusa bana ba gago go batla mafoko le dielana tse di arabang potso eno mo Isaia 53:4–12; Alema 7:11–13; le Dithuto le Dikgolagano 19:16–19. Abelanang gore lo ikutlwa jang ka Mmoloki morago ga go bala dikwalo tse.
Jeso Keresete o tsoseditswe nna.
-
O ka dirisa tsebe ya tiro ya beke eno kgotsa ditshwantsho tse dingwe mo tshobokong eno go bolelela bana ba gago polelo ya Tsogo (bona gape “Jesus Is Risen,” mo New Testament Stories, 139–44). Go tswa foo, a bana ba gago ba go bolelele polelo eo gape.
-
Akanya ka fa o tlaa thusang bana ba gago go bona boitumelo mo go Keresete mo Pasekeng eno. Sekai, lo ka opela mmogo sefela sa Paseka se lo se ratang, jaaka “Christ the Lord Is Risen Today” (Hymns, no. 200) kgotsa “Gethesemane” (Motlobo wa Efangele). Go bona dipina tse dingwe ka ga Tsogo, o ka leba mo tshupaneng ya ditlhogo tsa Hymns le Children’s Songbook. Wena le bana ba gago le ka bua ka dinako tse le neng le tlhoka go itshwarela mongwe le ka fa Mmoloki a le thusitseng ka teng. Dipina tse di re ruta eng ka Rara wa Legodimo le Jeso Keresete?
Bana ba ka utlwa Mowa mme ba ka tlhoka thuso ya go lemoga tlhotlheletso ya Gagwe. Ruta bana ka ditsela tse di farologaneng tse Mowa o buang le rona. Ba thuse go lemoga lentswe la Gagwe jaaka A bua le bone. Seno se tlaa ba thusa go nna le mokgwa wa go batla le go dira go ya ka tshenolo ya motho mo matshelong a bone otlhe” (Teaching in the Savior’s Way, 32). Sekai, fa o ntse o opela dipina ka ga Mmoloki le bana ba gago, leba ditshwantsho tsa Gagwe, kgotsa bala dipolelo ka ga Gagwe, abelanang maikutlo a semowa a o nang le one.
-
Motlobo wa Efangele e na le kokoanyo ya Easter videos tseo bana ba gago ba ka di itumelelang. Gongwe o ka ba letla go tlhopha e le nngwe gore ba e lebelele. Ba botse gore ba ithuta eng ka ga Jeso Keresete go tswa mo setshwantshong sa motshikenyego. Gape o ka nna wa ba kopa gore ba soboke molaetsa wa setshwantsho sa motshekinyego ka seele se le sengwefela.
Baperofeti ba fa bopaki ka Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe.
-
Fa wena le bana ba gago le lebelela khonferense ya kakaretso mmogo mafelong a beke eno a Paseka, ba thuse go lemoga fa basupi ba ba kgethegileng ba Mmoloki ba neela bosupi jwa Tsogo. Gongwe o ka dira motshameko wa yone—ba kope gore ba eme ka dinao nako le nako fa ba utlwa mafoko a a tshwanang le Paseka kgotsa Tetlanyo kgotsa Tsogo. Abelanang gore ke eng lo lebogela bopaki jwa baperofeti ba ba tshedileng jwa Mmoloki.
Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.