“Moranang 20–26. ‘Tsotlhe tse Morena a di Buileng Re Tlaa di Dira’: Ekesodo 19–20; 24; 31–34,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Moranang 20–26. ‘Tsotlhe tse Morena a di Buileng Re Tlaa di Dira,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Moses and the Tablets [Moše le Dikwalelo], ka Jerry Harston (ntlha)
April 20–26: “Tsotlhe tse Morena a di Buileng Re Tlaa di Dira”
Ekesodo 19–20; 24; 31–34
Le fa bana ba Iseraele ba ne ba ngongorega le go thekesela mo nakong e e fetileng, fa Moshe a ne a bala molao kwa tlase ga Thaba ya Sinai, ba ne ba dira kgolagano e: “Tsotlhe tse Morena a di buileng re tlaa di dira, mme re tlaa utlwa” (Ekesodo 24:7). Modimo ke gone o ne a biletsa Moše kwa thabeng, a mmolelela gore a age motlaagana gore “ke tle ke nne mo gare ga bone” (Ekesodo 25:8).
Mme fa Moše a ne a le kwa setlhoeng sa thaba a ithuta kafa Baiseraele ba ka nnang le bo leng teng jwa Modimo ka gone mo gare ga bone, Baiseraele ba ne ba le kwa tlase ga thaba ba dira setshwantsho sa gauta go se obamela. Ka bonako fela fa ba sena go solofetsa gore ga ba kitla ba “nna le medimo e mengwe,” ba ne ba “fapoga ka bonako” mo tsholofetsong ya bone (Ekesodo 20:3; 32:8; bona le gone Ekesodo 24:3). E ne e le phetogo e e gakgamatsang, mme re itse go tswa mo maitemogelong gore tumelo le boineelo ka dinako tse dingwe di ka fenngwa ke go tlhoka bopelotelele, poifo, kgotsa pelaelo. Jaaka re batla go nna teng ga Morena mo matshelong a rona, go a kgothatsa go itse gore Morena ga a ka a tlhoboga Iseraele wa bogologolo mme ga a kitla a tlhoboga rona le batho ba re ba ratang—gonne O “kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi, bopelotelele, le letlotlo mo molemong le mo boammaaruring” (Ekesodo 34:6).
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Ekesodo 19:3–6
Batho ba Morena ba kgolagano ke letlotlo mo go Ene.
Poresidente Russell M. Nelson o rutile: “Mo Kgolaganong e Kgologolo, lefoko la Sehebera le mo go lone ruilweng a neng a ranolwa ke segullah, le le kayang ‘thoto e e tlhwatlhwakgolo,’ kgotsa ‘letlotlo.’ … Gore re supiwe ke batlhanka ba Morena re le batho ba gagwe ba ba ruilweng ke kakgolo ya thulaganyo e e kwa godimo” (“Children of the Covenant [Bana ba Kgolagano],” Ensign, Motsheganong 1995, 34). Mafoko a ga Poresidente Nelson a ama jang tsela e o tlhaloganyang ka yone Ekesodo 19:3–6? Morena o go bontshitse jang gore o go tsaya o le botlhokwa?
Ekesodo 19:10–11, 17
Maitemogelo a a boitshepo a tlhoka go ipaakanyediwa.
Morena o boleletse Moše gore bana ba Iseraele ba tlhoka go baakanngwa pele ba ka “kopana le Modimo” (Ekesodo 19:10–11, 17) le go boloka kgolagano le Ene (bona Ekesodo 19:5). O ipaakanyetsa jang maitemogelo a semowa, go akaretsa sakaramente le ditao tsa tempele? O ka thusa ba bangwe jang go ipaakanya? O ithuta eng ka ga paakanyo go tswa mo Luke 6:12–13; Enose 1:2–6; Alema 17:2–3?
Thaba eno e e mo Egepeto go dumelwa gore ke Thaba ya Sinai.
Ekesodo 20:1–17
Go ikobela ditaelo tsa Modimo go tlisa masego.
Fa Baiseraele ba ne ba phutegile kwa tlase ga Thaba ya Sinai, ba ne ba utlwa lentswe la Modimo le neela Melao e e Lesome (bona Duteronome 4:12–13). Tseno, e le ruri, ga se tsone fela ditaelo tsa Modimo—go na le tse dingwe tse dintsi mo dikwalong tse di boitshepo. Ka jalo fa o ntse o bala Ekesodo 20:1–17, ipotse gore ke eng fa Modimo a ne a gatelela tse di lesome tseno segolobogolo. Lenaneo la sekao le o ka le dirisang fa o ntse o tlhatlhanya ka botlhokwa jwa Melao e e Lesome mo botshelong jwa gago ke eno:
|
Taelo |
Ka mantswe a mangwe, Morena o nkopa gore ke … |
Ditshegofatso tse di tswang mo go tsheleng taelo e |
|---|---|---|
-
Go tshegetsa ditaelo tseno tse di lesome go go thusa jang go tshegetsa ditaelo tse pedi tse dikgolo tse Jeso a di neileng mo go Mathaio 22:34–40?
-
Ke dilo dife tse o ka nnang wa raelesega go di baya fa pele ga Modimo? Ke ditshegofatso dife tse o di boneng ka ntlha ya go baya Modimo kwa pele?
-
O ka araba jang motho yo o reng Ditaelo tse di Lesome di ne tsa newa bogologolo mme ga di re ame gompieno? Ke dikao dife tsa botshelo jwa gago tse o ka di abelanang e le karolo ya karabo ya gago? Sefela “How Gentle God’s Commands” (Hymns, no. 125) se ka ama jang tsela e o tlhalosetsang ba bangwe ditaelo tsa Modimo ka yone?
-
Morena o diragaditse jang tsholofetso mo Ekesodo 20:6 mo botshelong jwa gago?
Bona gape “The Great Commandment—Love the Lord,” mo Teachings of Presidents of the Church: Ezra Taft Benson (2014), 37–45; Dallin H. Oaks, “No Other Gods,” Liahona, Nov. 2013, 72–75; Topics and Questions, “Commandments,” Gospel Library.
Ekesodo 20:1–17
Go dira dikgolagano go bontsha go iketleeletsa ga me go ikobela molao wa Modimo.
Jaaka o bala Ekesodo 24:3–8, akanya ka dikgolagano tse o di dirileng le Modimo. Le ntswa kgolagano ya Iseraele e ne e akaretsa dingwao tse di farologaneng le tse Modimo a di batlang gompieno, o ka nna wa lemoga dilo dingwe tse di tshwanang. Sekai, ditemana 4, 5, and 8 di umaka aletara, ditlhabelo tsa diphologolo, le madi. Dilo tseno di ne di ka emela eng, mme di amana jang le dikgolagano tsa lona?
Ekesodo 32–34
Sebe ke go fapoga Modimo; boikwatlhao ke go retologela kwa go Ene le go katogela bosula.
Leka go ipaya mo boemong jwa Baiseraele—o mo nageng, Moše o na le malatsi a le masome a mane a tsamaile, mme ntwa le Bakanana ka ga lefatshe la tsholofetso e mo isagong ya gago (bona Ekesodo 32:1–8). O akanya gore ke ka ntlha ya eng fa Baiseraele ba ne ba batla modingwana wa gouta? Ke eng se se go tlhotlheletsang ka kopo ya ga Moše mo Moreneng mo Ekesodo 33:11–17?
Le ntswa boleo jwa Baiseraele bo ne bo le masisi, kgang eno gape e akaretsa molaetsa wa kutlwelobotlhoko le boitshwarelo jwa Modimo. Ke eng se Ekesodo 34:1–10 e se go rutang ka Mmoloki? (bona Ekesodo 32:30–32; Mosia 14:4–8; 15:9; Dithuto le Dikgolagano 45:3–5).
Ekesodo 31:13–16
Sabata ke sesupo.
Poresidente Russell M. Nelson o ne a tlhalosa jaana: “Mo dingwageng tsa me tse ke sale mmotlana, ke ne ka ithuta tiro ya ba bangwe ba ba neng ba kokoantse dinankolo tsa dilo tse di tshwanetseng go dirwa le tse di sa tshwanelang go dirwa ka Sabata. E ne e le moragonyana fa ke ne ka ithuta mo dikwalong tse di boitshepo gore boitshwaro jwa me le boikutlo jwa me ka Sabata bo ne bo dira sesupo fa gare ga me le Rara wa Legodimo [bona Ekesodo 31:13; Ezekiele 20:12, 20]. Ka go tlhaloganya jalo, ke ne ke sa tlhole ke tlhoka dinankolo tsa dilo tse ke tshwanetseng go di dira le tse ke sa tshwanelang go di dira. Fa ke ne ke tshwanetsego dira tshwetso ya gore a tiro nngwe e tshwanela Sabata kgotsa nnyaa, ke ne ke ipotsa fela gore, ‘Ke sefe sesupo se ke batlang go se naya Modimo?’ Potso eo ene ya dira ditshwetso tsame tsa Sabata gore di bonale thata” (“The Sabbath Is a Delight,” Liahona, Motsheganong 2015, 130). Tlhatlhanya gore ke sesupo sefe se o batlang go se naya Modimo ka go tlhokomela ga gago ga Sabata.
Ekesodo 34:1–4
Pharologanyo e ne e le eng fa gare ga disete tse pedi tsa matlapa tse Moše a neng a di dira?
Fa Moše a fologa mo thabeng, o ne a tlisa molao o o kwadilweng mo matlapeng. Morago ga go lemoga gore Baiseraele ba robile kgolagano ya bone, Moshe o ne a thuba matlapa (bona Ekesodo 31:18; 32:19). Kwa morago, Modimo o ne wa laela Moše go dira setlhopha se sengwe sa ditafole tsa maje mme a di busetse kwa thabeng (bona Ekesodo 34:1–4). Thanolo ya ga Joseph Smith ya Ekesodo 34:1–2 (mo mametlelelong ya Baebele) e tlhalosa sentle gore setlhopha sa ntlha sa ditafole tsa maje se ne se akaretsa ditao tsa “thulaganyo e e boitshepo” ya Modimo, kgotsa Boperesiti jwa ga Melekisedeke. Setlhopha sa bobedi se ne se akaretsa “molao wa taelo ya nama.” Eno e ne e le molao o monnye o o neng o tsamaisiwa ke “boperesiti jo bonnye” (bona Dithuto le Dikgolagano 84:17–27), e e neng e diretswe go baakanyetsa Baiseraele molao o o kwa godimo le boperesiti jo bo kwa godimo gore ba kgone go tsena mo bo leng teng jwa Modimo.
Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.
Megopolo ya go Ruta Bana
Ekesodo 20:3–17
Modimo o nnaya ditaelo ka gonne o batla gore ke itumele.
-
O ka dira jang gore bana ba gago ba itumelele go ithuta ka Ditaelo tse di Lesome? Fa lo bala Ekesodo 20:3–17 mmogo, letla bana ba gago go go thusa go bona kgotsa go thaya setshwantsho go emela nngwe le nngwe ya Melao e e Lesome. Go tswa foo bana ba gago ba ka fapaana go tlhopha setshwantsho le go bua ka fa ba ka tshelang taelo eo ka teng. Abelanang ka fa go tshela taelo eo go le tlisetsang boitumelo ka teng.
-
Gape lo ka opela pina e e tshwanang le “Keep the Commandments” (Children’s Songbook, 146–47). Thusa bana ba gago go bona mafoko mo pineng a a ba rutang gore ke eng Modimo a batla gore re tshegetse ditaelo tsa Gagwe.
Fa bana ba abelana maitemogelo a semowa, bopaki jwa bone bo a gola. Dipotso tse o di botsang di ka rotloetsa bana ba gago go abelana ka fa ba ikutlwang ka teng ka Mmoloki le ka fa go tshela efangele go ba segofaditseng ka teng (bona Teaching in the Savior’s Way, 32). Fa ba dira seno, ba a bo ba neela bosupi. Akanya ka fa o ka dirang se ka teng fa lo buisana ka ditshegofatso tse di tlang ka go tshela Ditaelo tse di Lesome.
Ekesodo 20:12
Morena o batla ke tlotla batsadi bame.
-
Thusa bana ba gago go ithuta polelwana e e reng “Tlotla rraago le mmago” (Ekesodo 20:12). O ka nna wa batla go tlhalosa gore go “tlotla” mongwe go ka raya go mmontsha tlotlo kgotsa go mo tlisetsa boitumelo. Jeso o dirile eng go tlotla mmaagwe yo o swang le Rraagwe yo o kwa Legodimong? (bona Luke 2:48–51; Johane 19:26–27). Gongwe bana ba gago ba ka fapaanela go diragatsa dilo tse ba ka di dirang go tlotla batsadi ba bone fa ba bangwe ba abelela gore ba dira eng.
Ekesodo 31: 13, 16–17
Go tlotla Sabata ke sesupo sa lorato la me la Morena.
-
Bana ba gago ba ka nna ba itumelela go leba dikai tsa matshwao—a a jaaka matshwao a tsela kgotsa matshwao a a mo kagong. Maikaelelo a matshwao ke afe? Morago ga moo bana ba gago ba ne ba ka bona lefoko “letshwao” mo go Ekesodo 31:13, 16–17. Morena o rile ke eng sesupo magareng ga rona le ene? Abelanang ka ditsela dingwe tse wena le ba lelapa la gago le lekang go supa lorato lwa lona go Morena ka Sabata.
Setshwantsho sa ga Moše a tshwere Melao e e Lesome, ka Sam Lawlor (ntlha)
Ekesodo 32:1–8, 19–24; 34: 6–7
Ga nkitla ke “fapoga” mo ditseleng tsa Modimo.
-
Akanyetsa go dirisa “Moses on Mount Sinai [Moše mo Thabeng ya Sinai]” (mo Old Testament Stories, 77–82) go thusa bana ba gago go ithuta polelo e e mo Ekesodo 32:1–8, 19–24. Ke eng fa go ne go le molato gore Baiseraele ba obamele sefikantswe go na le go obamela Modimo?
2:55Moses on Mount Sinai
-
Go ka nna monate go dira tsela fa fatshe (kgotsa go batla nngwe gaufi le legae la gago) go tshwantsha mafoko ano a a tswang mo Ekesodo 32:8: “Ba fapogile ka bonako mo tseleng.” Fa re ntse re tsamaya mo tseleng, bana ba gago ba ka bua ka dithaelo tse re lebanang le tsone go fapoga Modimo. Ke eng se se re thusang go nna re le mo tseleng ya Modimo—le go boela mo go yone fa re fapogile? (Bona Ekesodo 34:6–7).
Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.