Tlayang, Ntshaleng Morago
Moranang 13–19. “Emang Fela , Lo Bone Poloko ya Morena”: Ekesodo 14–18


“Moranang 13–19. ‘Emang Fela, Lo Bone Poloko ya Morena: Ekesodo 14–18,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Moranang 13–19. ‘Emang Fela, Lo Bone Poloko ya Morena,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Lewatle le Lehibidu

Moranang 13–19: “Emang Fela, Lo Bone Poloko ya Morena”

Ekesodo 14–18

Baiseraele ba ne ba kganeletswe. Lewatle le Lehibidu le ne le le ntlheng e nngwe, mme batlhabani ba ga Faro ba ne ba atumela mo ntlheng e nngwe. Go tshaba go tswa kwa Egepeto, go ne go lebega, go tlaa nna go khutshwane. Mme Modimo o ne a na le molaetsa go Baiseraele o A neng A batla ba o gakologelwa go ya tshika le tshikeng: “Se boifeng. … Morena o tlaa a lo lwela” (Ekesodo 14:13–14).

E sa le ka nako eo, fa batho ba Modimo ba ne ba tlhoka tumelo le bopelokgale, ba ne ba bolela polelo e. Fa Nefi a ne a batla go tlhotlheletsa bakaulengwe ba gagwe, o ne a re, “A re nneng thata jaaka Moše; gonne ammaaruri o ne a bua le metsi a Lewatle le Lehibidu mme a ne a kgaoganela kwano le kwa mme borraarona ba a ralala, go tswa mo botshwarong, mo lefatsheng le le omeletseng” (1 Nefi 4:2). Fa Kgosi Limihi a ne a batla batho ba gagwe mo botshwarong go “tsholetsa ditlhogo tsa [bone], mme ba itumele,” o ne a ba gakolola polelo yone e (Mosia 7:19). Jalo le Alema, fa a batla go pakela morwa wa gagwe ka thata ya Modimo (bona Alema 36:28). Mme fa re ikutlwa re kganetswe—fa re tlhoka tumelo e oketsegileng go “bona poloko ya Morena”—re ka gakologelwa ka fa “Morena a bolokileng Iseraele letsatsi leo” (Ekesodo 14:13, 30).

aekhone ya ithutuntsho

Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Ekesodo 14; Ekesodo 15:1–21

Morena o ka dira “tiro e kgolo” mo botshelong jwa me.

Jaaka o bala Ekesodo 14:1–10, akanya ka fa Baiseraele ba neng ba ikutlwa ka teng jaaka ba ne ba bona batlhabani ba ga Faro ba atumela thata. Gongwe o ikutlwa o tlhoka kgakgamatso go kgona kgwetlho e e thata e o e lebaganyeng. O bona eng mo Exodus 14:13–31 se se go tlhotlheletsang go batla thata ya Modimo mo botshelong jwa gago? Tlhatlhanya ka fa o boneng thata ya Gagwe go le pele. O ithutileng ka ga Ene mo maitemogelong a?

Ekesodo 15:1–19 ke pina ya kgalaletso e Baiseraele ba e opetseng morago ga Morena a sena go kgaoganya Lewatle le Lehibidu. Ke diele dife mo pineng e tse e bonang di na le bokao segolobogolo? Go ka tswa go na le sefela se o ikutlwang o ka se opela fa Morena a go diretse sengwe se se gakgamatsang, jaaka “Redeemer of Israel” (Hymns, no. 6). Akanyetsa go se opela kgotsa go se reetsa e le karolo ya kobamelo ya gago gompieno.

Bona le gone Dithuto le Dikgolagano 8:2–3.

Ekesodo 15:22–27; 16:1–15; 17:1–7

Morena o ka dira dilo tse di botlhoko monate.

Go bala ka ga loeto lwa Iseraele go ka nna gwa go gogela go akanya ka ga dilo mo botshelong jwa gago tse di neng di lebega di le “botlhoko” jaaka metsi a Mara (bona Ekesodo 15:23–27). Morena o dirile jang dilo tse di botlhoko mo botshelong jwa gago monate? Ke boleng bofe jo maitemogelo a a nnileng le bone mo botshelong jwa gago?

O tlaa lemoga dikai tse dintsi tsa maitemogelo a a botlhoko a Baiseraele mo Ekesodo 16 le 17. Go a raela go nna dingalo ka go ngongorega kgotsa go ipelaetsa gwa bone, mme jaaka o bala, akanyetsa gore a ga o ise o dire mo go tshwanang. O ithuta eng mo maitemogelong a Baiseraele se se ka go thusang go dira gore o se ngongorege thata mme o tshepe Modimo thata? Ditemana tse di go ruta eng ka ga Modimo?

Bona le gone 1 Nefi 2:11–12.

Baiseraele ba phutha mana

The Israelites gathering manna. [Baiseraele ba phutha mana.] Neo-gothic fresco, Trnava (dintlha)

Ekesodo 16

aekhone ya seminari
Morena o nneela kotlo ya tsatsi le letsatsi ya semowa.

Ka rotlhe re tlhoka go ja, Morena kgapetsa kgapetsa o tshwantshanya dilo tsa semowa le dijo. Batla dithuto tsa Gagwe tsa semowa mo maitemogelong a Baiseraele ka mana mo Ekesodo 16. Ka sekai, o fitlhela eng mo kaelong ya Morena mo Ekesodo 16:16, 19, 22–26 se se amanang le kotlo ya gago ya semowa?

Go lemoga dithuto tse dingwe tse Morena a ka batlang o di ithuta mo kgakgamatsong e, tlhatlhanya dipotso tse di tshwanang le tse:

  • Morena o nneela eng se eketeng mana a letsatsi le letsatsi a A neetseng Baiseraele?

  • Ke ka dira eng se eketeng go phutha mana?

O ka fitlhela megopolo e e tlaleletsang mo nngwe kgotsa mo gontsi mo ditshwantshong tse tsa motshikinyego: “Daily Bread: Pattern,” “Daily Bread: Experience,” le “Daily Bread: Change” (Motlobo wa Efangele).

2:52

Daily Bread: Pattern

3:12

Daily Bread: Experience

3:0

Daily Bread: Change

Akanya ka dilo tse dingwe, go na le go ja, tse o di dirang letsatsi le letsatsi. Ke eng dilo tse dingwe di tlhoka go dirwa letsatsi le letsatsi go atlega. O ikutlwa o tlhotlheletsega go dira eng go batla maitemogelo a semowa a letsatsi le letsatsi?

Bona le gone Dieter F. Uchtdorf, “Daily Restoration,” Liahona, Nov. 2021, 77–79; “Daily Restoration” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele.

5:27

Daily Restoration

Ekesodo 17:1–7

Jeso Keresete ke lefika la me la semowa le metsi a tshedileng.

Akanya ka Mmoloki jaaka o bala Ekesodo 17:1–7. Jeso Keresete ke lefika jang mo go wena? (bona Pesalema 62:6–7; Helamane 5:12). O ntse jang jaaka metsi? (bona Johane 4:10–14; 1 Bakorintha 10:1–4; 1 Nefi 11:25).

Batla didirisiwa tse di pakang ka Keresete. Fa dikwalo tse di boitshepo di tlhalosa dilo tse di ka kayang Jeso Keresete, jaaka Ekesodo 17:1–7 e dira, e ka nna tshono ya thuto ya sedirisiwa. Go lebelela kgotsa go kgoma lefika kgotsa metsi e ka dira motlhofo go tlhaloganya ka fa di didirisiwa di tshwana le Jeso Keresete. Fa o ka akaretsa mekgwa e e mentsi ya go ithuta, go tlaa gopolega le go ama.

Ekesodo 17:8–16; 18:13–26

Barutwana ba thusana go “itshokela mekgeleo” ya go dira tiro ya Morena.

Go ka nna dinako mo botshelo jwa gago tse o ka ikutlwang o tshwana le Moše—fa batho bangwe ba ikaegile ka wena, mme diatla tsa gago di [utlwala] di le bokete” (Ekesodo 17:12). Di nako tse dingwe, o ka nna thata jaaka Arone, Hure, le Jethero, ba ba thusitseng Moše. Itsenye mo seemong sa motho o mongwe le o mongwe jaaka o bala Ekesodo 17:8–16; 18:13–26, mme bona se Morena a go rutang ka sone ka tiro ya Gagwe.

Bona le gone Mosia 4:27; 18:8–9.

Go feta fa, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .

aekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Ekesodo 14:5–22

Morena o ka dira “tiro e kgolo” mo botshelong jwa me.

  • Fa Morena a kgaoganya Lewatle le Lehibidu, Moše le Baiseraele ba bone ka fa a leng maatla ka teng. Letla bana ba gago ba go thuse go akanya ka tsela e e itumedisang go diragatsa polelo go tswa mo Ekesodo 14:5–22 (bona le gone “The Passover” mo Old Testament Stories, 70–74). Gongwe lo ka baya ditilo kgotsa dikobo mme lo di “kgaoganye” jaaka Lewatle le Lehibidu. Ke gone lo ka abelana ka bo lona ka fa o boneng thata ya Modimo mo matshelong a lona.

    2:54

    The Passover

  • Ke eng se Dithuto le Dikgolagano 8:2–3 e se tlaleletsang mo go tlhaloganyeng polelo mo Ekesodo 14? Akanyetsa go bolelela bana ba gago ka ga maitemogelo a fa Mowa o o Boitshepo o go bolela sengwe mo tlhaloganyong kgotsa pelo, mme o ba laletse go bua ka maitemogelo a bone. Gape le ka opela pina ka ga Mowa o o Boitshepo, jaaka “Let the Holy Spirit Guide” (Hymns, no. 143).

Ekesodo 15:22–25

Morena o ka dira dilo tse di botlhoko monate.

  • Gongwe wena le bana ba gago lo ka a nwa sengwe se se monate le sengwe se se botlhoko fa lo ntse lo ithutuntsha Ekesodo 15:22–25 mmogo. Mmoloki o dirile jang maitemogelo a a “botlhoko“ mo matshelo a rona “monate”?

Ekesodo 15:23–25; 16:14–15; 17:1–6

Jeso ke Metsi a me a a Tshedileng, Borotho jwa me jwa Botshelo, le Lefika la me.

  • Jaaka wena le bana ba gago le bala Ekesodo 15:23–25; 16:14–15; 17:1–6, ba letle go go thusa go batla di dirisiwa go thusa go bolela polelo e nngwe le e nngwe—jaaka lekalana (go fodisa metsi a Mara), jeke kgotsa pitsa (go tlatsa ka mana), le lefika (la kwa metsing a Horebe). Dipolelo tse di re gakolola eng ka ga se Jeso Keresete a se re direlang? Jaaka karolo ya puisanyo ya lona, lo ka bala Mathaio 7:24–27; Johane 4:10–14; 6:29–35, 48–51; Helamane 5:12; Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79.

setshwantsho se supa Moše, Arone, le Hure

One Before God [Bongwe Pele Ga Modimo], ka Joseph Brickey (ntlha)

Ekesodo 17:8–16; 18:13–26

Ke ka thusa go “itshokela mekgweleo” ya go dira tiro ya Morena.

  • Jaaka o bala Ekesodo 17:8–16, o ka laletsa ngwana go tsholeletsa diatla tsa gagwe kwa godimo mo phefong. Fa ngwana a lapa, bana ba bangwe ba ka thusa, ka tsela e Arone le Hure ba thusitseng Moše. Ke eng se polelo e e se rutang ka fa re ka thusang bogosi jwa Modimo go atlega? Le gone o ka bala Ekesodo 18:13–26 le go bua ka ga maikarabelo a a bokete a batho ba ba direlang mo wateng ya gago. Re ka dira eng gompieno go thusa baeteledipele ba rona ba Kereke, jaaka Arone le Hure ba thusitse moperofeti Moše?

Go feta, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e wa Tsala .

Moše a kgaoganya Lewatle le Lehibidu

Crossing the Red Sea [Go Kgabaganya Lewatle le Lehibidu], ka Otto Semler

Tsebe ya tiragatso ya poraemari: Morena o ka dira “tiro e kgolo” mo botshelo jwa me.