Tlayang, Ntshaleng Morago
Moranang 6–12. “Gakologelwang Letsatsi Le, Le Duleng ka lone mo Egepeto”: Ekesodo 7–13


“Moranang 6–12. ‘Gakologelwa Letsatsi Le, Le Duleng ka lone mo Egepeto’: Ekesodo 7–13” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Moranang 6–12. ‘Gakologelwa Letsatsi Le, le Duleng ka lone mo Egepeto,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Moše le Arone mo lekgotleng la ga Faro

Setshwantsho sa ga Moše le Arone mo lekgotleng la ga Faro, ka Robert T. Barrett

Moranang 6–12: “Gakologelwa Letsatsi Le, Le Duleng ka lone mo Egepeto”

Ekesodo 7–13

Petso morago ga petso tsa tlhasela Egepeto, mme Faro a nna a gana go golola Baiseraele. Le ntswa Modimo a tsweletse go bontsha dinonofo tsa Gagwe le go fa Faro sebaka sa go dumela “gore ke nna Morena mme ga gona ope yoo tshwanang le nna mo lefatsheng” (Ekesodo 7:5; 9:14). Fa go santse gole jalo, Moše le Baiseraele ba ka tswa ba ne ba lebile ka kakabalo ka ditiragalo tsa nonofo ya Modimo mo boemong jwa bone. Ruri matshwao a a ne a rurufatsa tumelo ya bone mo Modimong mme a nonotsha dikeletso tsa bone go sala moporofeti wa Modimo morago. Go tswa foo, morago ga dipetso di le boferabongwe di paletswe ke go golola Baiseraele, e ne ya nna ya bolesome—loso la batsalwapele, go akaretsa motsalwapele wa ga Faro—se se neng sa felela se emesitse botshwaro. Seno se lebega se tshwanela mo kgang nngwe le nngwe ya botshwaro jwa mowa, e le ruri tsela e nngwe go falola. Ke setlhabelo fela sa ga Jeso Keresete, Motsalwapele—madi a Kwana e senang selabe—e e ka re bolokang.

aekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Ekesodo 7–11

Ke ka tlhopa go kgwagofatsa pelo ya me.

Ka tsholofelo, thato ya gago ga e kgatlhanong le ya Modimo jaaka Faro a ne a ntse. Le fa go le jalo, rotlhe rena le dinako tse fa gongwe dipelo tsa rona di seng bonolo jaaka go tshwanetse. Ke eng se se go kgatlang ka tsibogo ya ga Faro ka dipetso tse di mo Ekesodo 7:14–25; 8:5–32; 9:1–26; 10:12–29; 12:29–33? Ela tlhoko tlhaloso mo Thanolong ya ga Joseph Smith ya Ekesodo 7:13,13; 9:12.

Ke eng “thata” e le tlhaloso e e siameng ya pelo ya ga Faro? Akanya ka se o se ithutang ka go tswa mo ditemaneng tse kafa go nna le pelo e e bonolo: 1 Nefi 2:16; Mosia 3:19; Alema 24:7–8; 62:41; Ethere 12:27. Fa o bala ka ditlamorago tsa bopelo-thata jwa ga Faro, tlhatlhanya ka seemo sa pelo ya gago. Ke diphetogo di fe tse di go tlhotlheletsang go di dira?

Ekesodo 12:1–42

aekhone ya seminari
Jeso Keresete o ka mpoloka ka Tetlanyo ya Gagwe

Tsela e le nngwe fela e Baiseraele ba neng ba ka falotswa mo petsong ya bolesome, e e tlhalositsweng mo Ekesoso 11:4–5, e ne ele go sala ditaelo ka tlhomamo tse Modimo a di neetseng Moše mo Ekesodo 12, setso se se itsegeng jaaka Tlolaganyo. Tlolaganyo e re ruta ka dikao gore jaaka Morena a golotse Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto, o ka re golola mo botshwarong jwa sebe. Go sekaseka letshwao le mo Ekesodo 12: 1–42, o ka dirisa tšhate e ntseng jaaka e:

Letshwao

Ditlhaloso tse di ka kgonagalang

Molaetsa wa Modimo kwa go nna

Letshwao

Tshimologo ya dikgwedi (temana 2; Morena o laotse Baiseraele go dirisa tiragalo e go tshwaya tshimologo ya bone ya khalentara).

Ditlhaloso tse di ka kgonagalang

Se ene tshimologo e ntšha ya Iseraele. Ba ne ba tshwanetse go “tsalwa sešha.”

Letshwao

Kwana (temana 3–5).

Ditlhaloso tse di ka kgonagalang

Bona le gone Johane 1:29; 6:54; 1 Petere 1:19.

Letshwao

Madi a kwana mo ditlhomesong tsa kgoro (ditemana 7,13, 23).

Ditlhaloso tse di ka kgonagalang

Bona Mosia 4:2; Tshenolo 12:11.

Letshwao

Senkgwe se se sa bedisiwang (ditemana 8,15 ,19–20).

Ditlhaloso tse di ka kgonagalang

Sebediso kgotsa yesiti e ka nna letshwao la bosinyi ka gore go senyega motlhofo. Bona Mathaio 16:6–12; Johane 6:35.

Letshwao

Ditlhatshana tse di botlhoko (temana 8).

Ditlhaloso tse di ka kgonagalang

Kgakololo ya botlhoko jwa sebe le botshwaro. Bona le gone Ekesodo 1:14; Moše 6:55.

Letshwao

Go ja ka lepotlapotla, o aperetse go tsamaya (temana 11).

Ditlhaloso tse di ka kgonagalang

Letshwao la potlako go tswa mo botshwarong jwa sebe. Bona Genesise 39:12; 2 Timotheo 2:22.

Letshwao

Motlhabani (ditemana 13,23).

Ditlhaloso tse di ka kgonagalang

Bona Dithuto le Dikgolagano 89:18–21

Letshwao

Baiseraele ba ne ba gololwa (ditemana 29–32).

Ditlhaloso tse di ka kgonagalang

Bona 2 Nefi 02:26; Dithuto le Dikgolagano 138:15–19,31.

O bona eng gape mo ditaelong le matshwao a Tlolaganyo se se go gakololang ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete? Matshwao a akantsha eng mo go wena ka go amogela ditshegofatso tsa Tetlanyo ya Gagwe?

Tlaya mo go Keresete ka go supa matshwao a pakang ka Ene. “Dilo tsotlhe,” Morena o tlhalositse, “di bopileng mme tsa dirwa go fa bopaki ka nna” (Moše 6:63; bona gape 2 Nefi 11:4.). Mo Ekesodo 12, Sekao jaaka kwana, madi, le senkgwe se sa bidisiwang, dikgakgamatso, le go gololwa tsotlhe di supa kwa go Keresete. “Fa ka gangwe re tlhaloganya kafa dilo tse di amanang ka teng le Mmoloki,di ka re ruta ka maatla a Gagwe le dinonofo” (Teaching in the Savior’s Way7).

Jeso a fa sakeramente go barutwana ba Gagwe.

In Remembrance of Me [Mo Kgakologelweng ya Me], ka Walter Rane

Ekesodo 12:14–17, 24–27; 13:1–16

Sakaramente e nthusa go gakologelwa go golololwa ga me ka Jeso Keresete.

Mmoloki o laotse Baiseraele go obamela Tlolaganyo ngwaga le ngwaga go ba thusa go gakologelwa gore o ba golotse, tota le morago ga botshwarong jwa bone jwa nna segopotso se se kgakala. Fa o bala ditaelo mo Ekesodo12:14–17, 24–27; 13:1–16, akanya ka se o se dirang go gakologelwa ditshegofatso tsa Modimo mo go wena. O boloka jang kgopolo e “go ya dikokomaneng tsa gago”? (bona Ekesodo 12:14,26–27).

Ke ditshwantshanyo dife tse o di bonang fa gare ga moletlo wa Tlolaganyo le sakaramente? O ka dira eng go gakologelwa ka metlha Jeso Keresete? (Moroni 4:3; 5:2).

O ka gape wa tlhatlhanya dilo dingwe tse Morena a batlang o di gakologelwa; bona, ka sekai, Helamene 5:6–12; Moroni 10:3; Dithuto le Dikgolagano 3:3–5,10; 18:10; 52:40.

Bona gape Kevin W.Pearson, “Are You Still Willing?,” Liahona, Ngwanatsele 2022, 67–69; “Always remember Him”(setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele; “In Memory of the Crucified,” Hymns, no 190.

5:27

Always Remember Him

Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

aekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Ekesodo 7–11

Morena o na le maatla mo dilong tsotlhe.

  • Dipetso tse di tlhalositsweng mo Ekesodo 7–11 le bontsha Baegepeto le Baiseraele gore Morena o na le maatla a matona. Morena o tlaa a thusa bana ba gago mo matshelong a bone fa bana le tumelo mo maatleng a Gagwe. Go ba thusa go ithutontsha mo polelong e, o ka fa ngwana mongwe le mongwe pampiri e e kgaogantswe ka dikarolo di le 10, ba laletse go tshwantsha ditshwantsho tsa dipetso tse di tlhalositsweng mo ditemaneng tse: Ekesodo 7:17–18; 8:1–4; 8:16–17; 8:20–22; 9:1–6; 9:8–9; 9:22–23; 10:4–5; 10:21–22; 11:4–7 (le gone bona “The Plagues of Egypt” mo Old Testament Stories, 67–69). Bala mmogo Ekesodo 7:5 le 9:14 go tlhalosa gore ke eng Morena a rometse dipetso.

    2:3

    The Plagues of Egypt

  • Abelana le bana ba gago kafa Morena a go bontshitseng “gore ga gona ope yoo tshwanang le [Ene] mo lefatsheng” (Ekesodo 9:14). Ba letle go abelana ka gore ba itse jang gore Morena o maatla.

Ekesodo 8:28–32; 9:7

Morena o ka nthusa go nna le pelo e e boruma.

  • Go thusa bana go leba ka kgopolo gore go raya eng go nna le pelo e e boruma, go ka kgatlhisa fa o ka ba bontsha sengwe se se thata, jaaka letlapa, le se sengwe se se boruma le go tshwara metsi jaaka seponje. O ka tshela metsi mo dilong tse go supa gore go motlhofo jang gore pelo e boruma e amogele lentswe la Morena. Le ka bala mmogo ditemana tse di mmalwa go tse di tlhalosang kafa Faro a tsibogileng ka teng mo dipetsons tse Morena a di rometseng (bona Ekesodo 8:28–32; 9:7). Ke selo sefe se se ka emelang bontle pelo ya ga Faro kgotsa maitshwaro? Go kaya eng go nna le pelo e e boruma? (see Mosia 3:19)

  • Wena le bana ba gago le ka dira lenaneo la ditiro dingwe tse di ka bontshang fa rena le dipelo tse di thata (sekai, go dirisa mafoko a lekgobo kgotsa o sa eletse go abelana). Re ka supegetsa Morena jang gore re batla go nna le dipelo tse di boruma?

ba lelwapa ba tsaya sakaramente

Ekesodo 12:1–13

Sakaramente e nthusa go gakologelwa Jeso.

  • Tlolaganyo e rutile Baiseraele go leba kwa pele go Mmoloki le setlhabelo sa Gagwe mo go rona. Fa le sekaseka Ekesodo 12: 1–13 mmogo, thusa bana ba gago go bona dikgokaganyo magare ga dintlha tsa Tlolaganyo le Tetlanyo ya ga Jeso Keresete (bona gape “The Passover” mo Old Testament Stories, 70–74). Sekai, Jeso ke kwana jang e e tlhalositsweng mo temana 5?

    2:54

    The Passover

  • Gompieno, re tsaya sakaramente re gakologelwa Jeso le setlhabelo sa Gagwe. O ka supegetsa bana ba gago setshwantsho sa sakaramente le molaetsa o buang kafa tao e e re thusang go gakologelwa Jeso Keresete. O ka thusa bana ba gago go batla lefoko “gakologelwa” mo thapelong ya sakaramente (bona Moroni 4–5). Kgotsa opela mmogo sefela se se rategang ka ga sakaramente, mme o thuse bana ba gago go ela tlhoko maikutlo a kagiso a ba nnang le o ne fa ba akanya ka Mmoloki. Re ka batla jang maikutlo a fa re tsaya sakaramente?

Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

tshwantshanyo ya selalelo sa Tlolaganyo.

The Passover Supper [Selalelo sa Tlolaganyo], ka Brian Call

Tsebe ya tiragatso ya poraemari: Sakaramente e ka nthusa go gakologelwa Jeso