“Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: Motlaagana le Setlhabelo,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Motlaagana le Setlhabelo,” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa
Motlaagana le Setlhabelo
Fa re bala Kgolagano e Kgologolo, ka dinako dingwe re fitlhela ditemana tse di telele ka dilo dingwe tse di neng di le botlhokwa mo Moreneng mme di ka se utlwale di le maleba ka bonako mo go rona gompieno. Ekesodo 25–30; 35–40 le Lefitiko 1–9; 16–17 ke dikai. Ditemana tse di tlhalosa dintlha ka bophara ka motlaagana wa Iseraele mo nageng le ditlhabelo tsa diphologolo tse di tlaa dirwang teng. Motlaagana e ne ele tempele e ntle, lefelo le Morena a nna mo go lone fa gare ga batho ba Gagwe.
Ditempele tsa rona tsa segompieno di tshwana le motlaagana wa Iseraele, mme ga di tsamaisane le di tlhaloso tse di mo go Ekesodo. Ga re bolae diphologolo mo ditempeleng tsa rona— Tetlanyo ya Mmoloki e emisitse setlhabelo sa phologolo mo dingwageng tse 2,000 tse di fetileng. Le fa gontse jalo diphetogo tse, go na le boleng jo bontsi gompieno fa o bala ka tsela ya bogologolo ya kobamelo ya Iseraele, bogolo jang fa re ba bona jaaka batho ba Modimo mo Bukeng ya Momone ba dirile—e le tsela ya go “nonotsha tumelo ya bone mo go Keresete” (Alema 25:16). Fa re tlhaloganya dikao tsa motlaagana le go setlhabelo sa diphologolo, re ka nna le megopolo ya semowa e gape e tlaa nonotshang tumelo ya rona mo go Keresete.
Sacrifice of the Lamb [Setlhabelo sa Kwana], ka Robert T. Barrett
Motlaagana O Thusa go Nonotsha Tumelo mo go Jeso Keresete
Fa Modimo a laela Moše go aga motlaagana mo kampeng ya Baiseraele, O tlhalositse ka tiro ya yone: “gore ke nne mo gare ga bone” (Ekesodo 25:8). Mogare ga motlaagana, boleng teng jwa Modimo bo ne bo emetswe the areka ya kgolagano—lebokoso la legong, e khurumetswe ka gouta, e nale mokwalo o gatisitsweng wa dikgolagano tsa Modimo le batho ba Gagwe. E ne e beilwe mo go itshepileng teng, mo kamoreng e koteng, e kgaogatswe mo motlaaganeng otlhe ke sesiro. Sesiro seka supa go katologa ga rona mo boleng teng jwa Modimo ka ntlha ya go wa, fela jaaka go boela morago ga rona kwa go Ene—ka Mmoloki.
Ntle le Moše, re itse ka motho yo o esi yoo ka tsenang kwa “lefelong lele boitshepo” (Ekesodo 26”34)—moperesiti o mogolo. Jaaka baperesiti ba bangwe, la ntlha o ne a tshwanelwa ke go tlhapisiwa mme a tlodiwe mme a apesiwe diaparo tse di itshekileng go supa ofisi ya gagwe. Gangwe mo ngwageng, mo letsatsi le le bidiwang Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti o mo tona o ne a ntsha setlhabelo mo boemong jwa batho pele aka tsena mo motlaaganeng. Mo sesirong, o ne a tshuba maswalo. Monko wa mosi o ne o ya legodimong o supa dithapelo tsa batho di tlhatlhogela ko Modimong. Jalo moperesiti o mogolo, a tshotse madi a phologolo ya setlhabelo, o ne a feta sesiro a bo a atamela bodulo jwa Modimo, jo bo kaiwang ka areka ya kgolagano.
Go itse se o se itseng ka ga Jeso Keresete le tiro ya gagwe mo lenaneong la ga Rara Wa Legodimo, a o bona kafa motlaagana o re supegetsang kwa go Mmoloki? Jaaka motlaagana, le motlaagana o mo go yone; e kaya boleng teng jwa Modimo mogare ga batho ba Gagwe, Jeso Keresete O ne A le boleng teng jwa Modimo bathong ba Gagwe. Jaaka moperesiti o mogolo, Jeso Keresete ke moletlanyi fa gare ga rona le Modimo Rara. O fetile fa gare ga sesiro go dira tshereganyo ya rona ka bomolemo jwa madi a setlhabelo sa gagwe.
Dintlha dingwe ka motlaagana wa Iseraele di ka utlwala di tlwaelesegile mo go wena, bogolo jang fa o kile wa ya tempeleng go amogela ditao tsa gago. Tempele ke ntlo ya Morena—bodulo jwa Gagwe mogare ga batho ba gagwe. Jaaka le le boitshepo mo motlaaganeng, kamore ya seleteali mo tempeleng e kaya boleng teng jwa Modimo. Go tsena, re tshwanetse ra tlhapisiwa le go tlodiwa. Re apara diaparo tse di itshekileng. Re dira dikgolagano. Re rapela fa aletareng kwa dithapelo di tlhatlhogelang kwa Modimong. Mme kwa bofelong re kgabaganya sesiro go tsena no boleng teng jwa Modimo.
Gongwe tse di botlhokwa tse di tshwanang magareng ga tempele ya seša le motlaagana wa bogologolo ke gore tsotlhe, fa di tlhaloganngwa sentle, di nonotsha tumelo mo go Jeso Keresete le go re tlatsa ka tebogo ya setlhabelo sa Gagwe sa tetlanyo. Modimo o batla bana ba Gagwe botlhe go tla boleng teng jwa Gagwe; O batla “bogosi jwa baperesiti” le baperesiti ba bomme (Ekesodo 19:6). Dibe tsa rona di re kganela go amogela tshegofstso e, mme “ga gona sepe se se leswafetseng se se ka nnang le Modimo” (1 Nefi 10:21). Mme Modimo Rara o rometese Jeso Keresete, “moperesiti o mogolo [wa rona] wa dilo tse dintle tse di tlaa tlang” (Bahebero 9:11). O re kgaoganyeditse sesiro a re natlafatsa rotlhe batho ba Modimo go “go tla ka bopelokgale kwa bodulong jwa bopelonomi, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko” (Bahebero 4:16).
Gompieno tiro ya tempele e feta thata go tsholediwa ga rona. Fa re sena go amogela ditao tsa rona le go dira dikgolagano le Modimo, re ka ema mo boemong jwa badimo ba rona go amogela ditao boemong jwa bone. Ka tsela nngwe, re ka nna sengwe sa go tshwana moperesiti o mogolo— Mme Moperesiti o Mogolo bogolo— a bula tsela kwa boleng teng jwa Modimo.
Setlhabelo se Nonotsha Tumelo mo go Jeso Keresete
Melawana ya tetlanyo le poelano di rutwa ka maatla mo tirong tsa bogologolo ka setlhabelo sa diphologolo, se nnile teng lobaka pele ga molao wa ga Moše. Atamo le Efa ba ne ba neela setlhabelo. Ba ne ba tlhaloganya sekao sa teng go kaya setlhabelo sa Mmoloki. Ba rutile se mo baneng ba bone.
Sekao sa setlhabelo sa phologolo se ne se ka lebega bogolo jang se ama maikutlo mo Letsatsing la Tetlanyo la Baiseraelng ba bogologolo (“Yom Kippur” Ka Sehebero). Botlhokwa jwa moletlo bo tlhalosiwa mo go Lefitiko 16:13: “Mo letsatsing leo moperesiti o tlaa dira tetlanyo ya gago go tlhatswa, gore o tle o nne phepa go tswa mo dibeng fa pele ga Morena.” Se se letleletse boleng teng jwa Modimo go nna mo bathong. Tetlanyo e fitlheletswe ka meletlo e e farologaneng. Mo go nngwe ya tse, podi e ne ya bolawa jaaka moneelo wa dibe tsa batho, mme moperesitsi o mogolo a tseela madi a podi kwa lefelong le le itshepileng. Morago, moperesiti o mogolo a baya matsogo a gagwe mo poding e e tshelang go ipobola dibe tsa bana ba Iseraele—sekao sa go isa dibe tse mo poding. Podi e ne jaanong e lelekiwa go tswa mo kampeng ya Iseraele.
Mo dingwao tse, podi e ne le sekao sa ga Jeso Keresete, a tsaya maemo a batho ba ba leofileng. Sebe ga se a tshwanela go letlelelwa mo boleng teng jwa Modimo. Mme boemong jwa go senya kgotsa go ntshetsa baleofi ntle, Modimo o ba file tsela e nngwe—podi e tlaa bolawang kgotsa go kobelwa ntle bogolo. “Mme podi e tlaa rwala mo go ene mekgweleyo ya bone” (Lefitiko 16:22).
Dingwao tse di re supegetsa tsela e Modimo a neetseng go boela gape kwa boleng teng jwa Gagwe—Jeso Keresete le Tetlanyo ya gagwe. Mmoloki o ruri o ne a rwala khutsafalo ya rona, mme a tsaya mahutsana a rona; le e leng “boikepo jwa rona rotlhe” (Isaiah 53:4, 6). O eme boemong jwa rona, a fa botshelo jwa Gagwe go duela kotlhao ya sebe, le go fenya loso ka Tsogo ya Gagwe. Setlhabelo sa Jeso Keresete se ne ele se tona le sa bofelo; ee eseng setlhabelo sa motho, le fa ele sa phologolo mme le fa ele moo “setlhabelo se se sa feleng le bosakhutleng” (Alema 34:10). E ne e le modiragatsi wa sengwe le sengwe sa bogologolo se setlhabelo se neng se se supa.
Ka lone lebaka le, morago a sena go wetsa setlhabelo sa gagwe, O ne A re: “Ga le tlhole le nneela tshololo ya madi; ee, setlhabelo sa gago … se tlaa kgapelwa ntle. … Mme lo tlaa abela go nna setlhabelo sa pelo e e thubegileng le mowa o gamuketseng” (3 Nefi 9:19–20).
Jalo fa o bona tselana mo Kgolaganong e Kgologolo kaga setlhabelo le motlaagana (kgotsa morago, tempele)— mme o tla fitlhela bontsi jwa tsone—gakologelwa gore tiro ya konokono ya tsone tsotlhe ke go nonotsha tumelo mo go Mesia, Jeso Keresete. Gokaganya mo o go balang le go ithuta le go obamela mo ntlong ya gagwe. Letla pelo ya gago le tlhaloganyo go retologela kwa go Ene. Tlhatlhanya se se dirileng go busetsa kwa morago mo boleng gone jwa Modimo—le se o ka se dirang go Mo sala morago.