Tlayang, Ntshaleng Morago
Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: Dikwalo tsa ditso mo Kgolaganong e Kgologolo


“Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: Dikwalo tsa ditso mo Kgolaganong e Kgologolo,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Dikwalo tsa Ditso mo Kgolaganong e Kgologolo,” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

aekhone ya dikakanyo

Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa

Dikwalo tsa ditso mo Kgolaganong e Kgologolo

Dikwalo tsa ga Joshua go tsena ka Esetere di tlwaelegile jaaka “dikwalo tsa ditso” mo Kgolaganong e Kgologolo. Se ga se reye gore dikwalo tse dingwe mo Kgolaganong e Kgologolo ga di na boleng jwa ditso. Go na le moo, dikwalo tsa ditso di bitswa jalo ka gore bakwadi ba tsone maikaelelo magolo a bone e ne le go supa seatla sa Modimo mo ditsong tsa batho ba Iseraele. Maikaelelo e ne e se go tlhalosa melao ya ga Moshe, jaaka Lefetiko le Diterenomi di dirile. E ne e se go galaletsa kgotsa go lela ka tsela ya poko jaaka Dipesalma le Dilelelo di dira. E ne e se go gatisa mafoko a baporofete, jaaka dikwalo tsa ga Isaia le Ezekiele. Go na le moo, dikwalo tsa ditso di bolela dipolelo.

Kgang ya go leba dilo ka tsela e sele.

Ka tlholego, dipolelo tse di bolelwa ka letlhakore lengwe. Fela jaaka go le motlhofo go leba sethunya, letlapa, kgotsa setlhare ka letlhakore lengwe ka nako, go botlhokwa gore karolo ya ditso e ka supa letlhakore la motho kgotsa setlhopa sa batho ba ba e kwalang. Letlhakore le le akaretsa morafe wa mokwadi kgotsa dikamano tsa letso le melawana ya setso le ditumelo. Go itse se go ka re thusa go tlhaloganya gore mokwadi le barulaganyi ba dikwalo tsa ditso ba itebagantse mo ditlheng dingwe ba tlogela tse dingwe. Ba dira dikakanyetso tse ba bangwe ba neng ba ka seka ba di dira. Ba tsaya ditshwetso go ya ka mabaka le dikakanyetso tse. Re ka bona matlhakore a farologanyeng go kgabaganya dikwalo tsa Baebele (fa gongwe gone mo bukeng e tshwanang). Fa re itse thata ka matlhakore a, go botoka go tlhaloganya ka dikwalo tsa ditso.

Letlhakore lengwe le tlwaelegileng mo dikwalo tsotlhe tsa ditso mo Kgolaganong e Kgologolo ke letlhakore la bana ba Israele, batho ba kgolagano ya Modimo. Tumelo ya bone mo Moreneng e ba thusitse go bona seatla sa gagwe mo matshelong a bone le mo dikgang tsa morafe wa bone. Fa dibuka tsa ditso tse e seng tsa sedumedi di sa tlwaela go bona dilo ka tsela e, matlhakore a a semoya ke karolo e e dirang dikwalo tsa ditso tsa Kgolagano e Kgologolo botlhokwa mo bathong ba ba batlang go aga tumelo ya bone mo Modimong.

Diteng Tsotlhe tsa Kgolagano e Kgologolo

Dibuka tsa ditso di simologa fa buka ya Ditoronomi e felelang gone, ka dingwaga tse Baiseraele ba neng ba kgarakgatshega ka tsone di tla bokhutlong. Buka ya ga Joshua e bontsha bana ba Iseraele ba le gaufi le go tsena mo Kanana, lefatshe la tsholofelo, e tlhalosa kafa ba e tsereng ka teng. Dibuka tse di latelang, Baatlhodi go tsena ka 2 Ditiragalo, di bontshitswe ka maitemogelo a Baiseraele mo lefatsheng la tsholofelo, go fitlha nako ya ba itshetlela go fitlha ka nako ba fenngwa ke BaAsari le Babilona. Buka ya ga Esera le Nehemia e bolela ka go boela morago ga ditlhopa tsa Baiseraele kwa motse mogolo Jerusalema morago ga dingwaga tse di lesome. Kwa bofelong buka ya Esetere e tlhalosa ka polelo ya Baiseraele ba tshelelela kwa botshabi ka fa tlase ga puso ya ba Peresia.

Mme ke gone tatelano ya ditiralo mo Kgolagano e Kgologolo di felelang teng. Bangwe ba simololang go bala Baebele ba gakgamala go fitlhela ele gore tota ba feditse go bala ka polelo ya Kgolagano e Kgologolo pele ba ka bala go le gontsi go feta sephatlo sa ditsebe tsa yone. Morago ga Esetere gare bone gole gontsi ka ditso tsa Baiseraele. Go na le moo, dibuka tse di latelang—bogolo jang dibuka tsa baporofeti—di lekane mo teng ga tatelano e dibuka tsa ditso di e neetsweng. Bodiredi jwa ga moporofeti Jeremia, sekai, bo diragetse ka nako ya kgatiso ya ditiragalo mo 2 Dikgosi 22–25 (kgatiso ee mabapi mo 2 Ditaragalo 34–36). Go itse se go ka rotloetsa tsela e o balang ditlhaloso tsa ditso le dibuka tsa seporofeti.

Fa Sengwe Se Sa Lekaneng

Fa o bala mo Kgolagano e Kgologolo, jaaka mo ditsong dingwe le dingwe, go ka direga o bale ka batho ba dira kgotsa ba bua dilo tse, mo matlhong a segompieno, go lebega go sa tlwaelega kgotsa go tshwenya. Re tshwanetse go solofela tse—bakwadi ba Kgolagano e Kgologolo ba bone lefatshe ka mokgwa oo neng, ka ditsela dingwe, o farologane le wa rona. Dintwa, dikamano tsa setso, maikarabelo a basadi ke dingwe tsa dikgang tse bakwadi ba bogologolo ba neng ba ka tswa ba di bone pharologano le rona gompieno.

Jalo re ka dirang fa re kopana le ditemana mo dikwalong tse di boitshepo tse lebegang di tshwenya? Pele, go ka thusa go akanya temana nngwe le nngwe ka bophara. E tsamaisana jang le togamaano ya poloko ya Modimo? E tsamaisana jang le seo se itseng ka tlholego ya Rara wa Legodimo le Jeso Keresete? E tsamaisana jang le boamaruri bo bosenotsweng mo dikwalong tse dingwe tse di boitshepo kgotsa le dithuto tsa boporofeti baba tshelang? E tsamaisana jang le go sebaseba ga Mowa mo pelong ya gago le tlhaloganyo?

Mo diemong dingwe, temana e ka tswa e sa tsamaelane le dingwe tse. Ka dinako dingwe temana e ka tshwana le karolo ya malepa e e sa lebegeng jaaka ekete ke nngwe ya dikarolo tse o setseng o di kopantse. Go leka go pateletsa karolo go lekana ga se tsela ee siameng. Mme le fa ele go ineela mo malepeng otlhe. Go na le moo, o ka nna wa tlhoka go seegela fa thoko karolo ka nakwana. Fa o ntse o ithuta mo go oketsegileng o ka baya mmogo bontsi jwa malepa, o ka bona botoka kafa dikarorolo di kopanang ka teng.

Go ka go thusa gape go gakologelwa gore godimo ga moo go lekanyediwa go ya ka pono e e rileng, ditso tsa dikwalo tse di boitshepo go na le diphoso tsa setho. Sekai, go feta dingwaga tse di lekgolo, “dilo tse dintsi tse di siameng dile dintle di ne tsa tsewa mo [Baebeleng],” go akaretsa boammaaruri jo bo botlhokwa ka dithuto, ditao, le dikgolagano (1 Nefi 13:28; bona gape ditemana 26, 29, 40). Ka nako e le nngwe, re tshwanetse go dumela gore pono ya rona e lekanyeditswe: go tla nna go na dilo tse re sa di tlhaloganyeng le dipotso tse re ka seka ra di araba.

mongwe a kopanya malepa

Ditemana dingwe tsa dikwalo tse di boitshepo di ka tshwana le dikarolo tsa malepa tse re sa itseng go di kopanya le tse dingwe tsa malepa.

Go Senka Matlotlo

Mme fa santse go le jalo, dipotso tse di sa arabiwang di se ka tsa re kganela mo matlotlong a a fetileng a boammaruri jo bosakhutleng jo bo bonwang mo Kgolaganong e Kgologolo—le fa matlotlo a ka dinako dingwe a fitlhegile mo mmung o makgabana a maitemogelo a a tshwenyang le ditshwetso tse di sa siamang di dirilwe ke batho ba ba sa itekanelang. Gongwe bontsi jwa matlotlo a a botlhokwa ke dipolelo le ditemana tse di pakang ka lorato la Modimo—Bogolo jang tseo tse di supegetsang ditlhaloganyo tsa rona kwa setlhabelong sa Jeso Keresete. O e lebile mo matlhakore otlhe, matlotlo a a tshwanang le a a phatsima gompieno jaaka mo malobeng. Mme ka dipego di bolela ka batho ba kgolagano ya Modimo—banna le basadi ba ba nang le makoa mme ba rata le go direla Morena—matlotlo a bommaaruri a a mantsi mo dibukeng tsa ditso tsa Kgolagano e Kgologolo.

magakwa

Dintlha

  1. Ditlhaloso tsa ditso tsa Baebele tse re nang le tsone gompieno ke konokono ya tiro ya bakwadi ba ba sa itseweng le barulaganyi, ba ka dinako dingwe ba berekile dingwaga tse dintsi le makgolo a dingwaga, morago ga nako e ba tlhalositseng. Ba ne ba ikantse motswedi wa ditso tse di farologanyeng mme ba tsaya ditshwetso tse di akaretsang mo dipegong tsa bone le se sa akarediweng.

  2. Sekai, le ntswa 1–2 Ditiragalo e akaretsa mo go ka nna ga nako e e tshwanang le 1 Samuele 31 go tsena kwa bofelelong jwa 2 Dikgosi, pego e e mo 1–2 Ditiragalo e gatelela ka dintlha tse di farologaneng ebile e tsisa pono e e farolganeng, e itebagantse le ka bongwe fela Bogosi jwa Borwa jwa ga Juda mme ka dinako dingwe di tlola dipolelo tse di sa siamang kaga Dafita le Solomone (Tswantshanya, ka sekai, 2 Samuele 10–12 le 1Ditiragalo19–20 le 1 Dikgosi 10–11 le 2 Ditiragalo 9). Tlayang, Ntshaleng Morago e gatelela go ithutontsha dipego mo 1 le 2 Dikgosi, le fa go na le boleng go tshwantshanya pego eo le 1 le 2 Ditiragalo. Go ka thusa go itse gore tiro e emo 1 Samuele–2 Dikgosi e simolotse pele ga bogosi jwa Babilona bo fenya Juda mme ba feletsa ka go ya lejwa ko Babilone. Kgatiso e e nnileng 1–2 Ditiragalo mo letsogong le lengwe, le rulagantse morago ga Bajuta ba boela Jerusalema go tswa lejwa. Fa o bala, o ka akanya gore maemo a a farologaneng a a kabo a amile jang tebo ya barulaganyi ba dipego tse di farologaneng.

  3. Kwa tshimologong ya thuso e o tlaa bona “Tshoboloko ya Kgolagano e Kgologolo,” tatelano ya ditiragalo e e bontshang kaga bodiredi ba moporofeti mongwe le mongwe bo tsenang teng mo ditsong tsa Iseraele (fela jaaka go ka tlhomamisiwa). O tlaa lemoga gore bontsi jwa dibuka tsa baporofeti mo Kgolaganong e Kgologolo di wela kwa bokhutlong jwa tatelano ya ditiragalo—fela pele le morago bana ba Iseraela ba fenngwa, ba lelekiwa, ba phatlaladiwa ke baba ba bone.

  4. Bona Mekwalo ya Tumelo 1:8.