“Motsheganong 5–10. ‘Lo se Tsuologele Morena, Le gone lo se ka lwa Boifa: Dipalo 11–14; 20–24; 27,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Motsheganong 5–10. ‘Lo se Tsuologele Morena, Le gone lo se Boife,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Sekaka gaufi le Sinai Peninsula
Motsheganong 5–10: “Lo se Tsuologele Morena, Le gone lo se ka lwa Boifa”
Dipalo 11–14; 20–24; 27
Le ka dinao, ga go ka ke ga tsaya dingwaga tse 40 go tsaya loeto go tswa mo nageng ya Sinai go ya lefatsheng le le solofeditsweng mo Kanana. Mme ke nako e bana ba Iseraele ba neng ba e tlhoka—e seng go akaretsa sekgala sa thutafatshe mme go akaretsa sekgala sa semowa: sekgala magareng ga se ba neng ba le sone le se ba ka nnang sone jaaka batho ba kgolagano ba Modimo.
Lokwalo la Dipalo le tlhalosa dingwe tsa tse di diragetseng mo dingwageng tse 40 tseo, go akaretsa dithuto tse bana ba Iseraele ba neng ba tlhoka go di ithuta pele ba tsena mo lefatsheng la tsholofetso. Ba ithutile ka go nna boikanyego mo batlhankeng ba Morena (bona Dipalo 12). Ba ithutile ka ga go tshepa thata ya Morena, le e leng fa isago e lebega e sena tsholofelo (bona Dipalo 13–14). Mme ba ithutile gore go tlhoka tumelo go tlisa kgobalo ya semowa, mme ba ka ikwaatlhaya le go leba go Mmoloki go fodisiwa (bona Dipalo 21:4–9).
Rotlhe re tshwana le Baiseraele ka ditsela dingwe. Re itse gore go ntse jang go nna mo nageng ya semowa, ebile dithuto tse ba di ithutileng di ka re thusa go ipaakanyetsa go tsena mo lefatsheng la rona la tsholofetso: botshelo jo bosakhutleng le Rara wa rona wa Legodimo.
Go bona tshoboko ya lokwalo la Dipalo, bona “Numbers” mo Bible Dictionary.
Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Dipalo 11:11–17, 24–29; 12
Tshenolo e teng go mongwe le mongwe, mme Modimo o kaela Kereke ya Gagwe ka moperofeti wa Gagwe.
Mo Dipalo 11:11–17, 24–29, lemoga mathata a Moše a lebaganeng le one le tharabololo e Modimo a e supileng. O akanya gore Moše o ne a raya eng fa a re o eletsa “gore batho botlhe ba Morena e ka bo e le baperofeti”? (temana 29). Jaaka o tlhatlhanya potso e, batla kgonagalo ya dikarabo mo molaetseng wa ga Poresidente Russell M. Nelson “Revelation for the Church, Revelation for Our Lives” (Liahona, Motsheganong 2018, 93–96).
A re rotlhe re ka amogela tshenolo, le fa gontse jalo, ga go reye gore rotlhe re ka etelela pele batho ba Modimo ka tsela e Moše a dirileng. Tiragalo mo Dipalo 12 e tlhatswa se. Ke ditlhagiso dife tse o di bonang mo kgaolong e? O akanya gore Morena o batla o tlhaloganya eng ka tshenolo ya mong le go sala morago moperofeti wa Gagwe?
Bona le gone 1 Nephi 10:17; Doctrine and Covenants 28:1–7; Dallin H. Oaks, “Two Lines of Communication,” Liahona, Nov. 2010, 83–86.
Lebelela se se botlhokwa thata. Batho bangwe ba tlalelelwa ka go bala megopolo ya beke le beke mo Tlayang, Ntshalang Morago. Jaaka o sekaseka thulaganyo e, sala Mowa morago. Akanyetsa matlhoko a gago le matlhoko a batho ba o ba rutang. Go tlhaloganya le go diragatsa ka botlalo nngwe ya melawana mo bekeng go ka thusa thata go na le go bala dikgaolo tse di mmalwa fela go sena boleng.
Dipalo 12:3
“Moše o ne a le pelonolo.”
Batho bangwe ba gakgamala go ithuta gore Moše, moeteledipele yo o maatla yo o emeng fa pele ga ga Faro le go dira dikgakgamatso tse di gakgamatsang ka thata ya Morena, le gone o ne a le “pelonolo tota” (Numbers 12:3). Go raya eng go nna pelonolo? Akanyetsa ka go ithutuntsha tlhaloso ya ga Mogolwane David A. Bednar mo “Meek and Lowly of Heart” (Liahona, Motsheganong 2018, 30–33) kgotsa “Meek, Meekness” mo Guide to the Scriptures (Motlobo wa Efangele).
O ithuta eng go tswa mo sekaing sa bopelonolo jwa ga Moše mo Ekesodo 18:13–25; Dipalo 11:26–29; Dipalo 12; Bahebera 11:24–27; and Moše 1:10–11? Le gone o ka tlhatlhanya ka fa Mmoloki a supileng bopelonolo ka teng (bona Mathaio 11:29; 27:11–14; Luke 22:41–42; Johane 13:4–5). Dikai tse di go ruta eng?
Dipalo 13–14
Ka tumelo mo Moreneng, Ke ka nna le tsholofelo mo isagong.
Jaaka o bala Dipalo 13–14, leka go ipaya mo lefelong la Baiseraele. O akanya gore ke eng ba ne ba batla “go boela mo Egepeto”? (Dipalo 14:3). O ka tlhalosa jang “mowa” o Kalebe a neng a na le one? (Dipalo 14:24). Ke eng se se go kgatlhileng ka ga tumelo ya ga Kalebe le Jošua, le ka fa o ka o ka diragatsang dikai tsa bone mo diemo tse o lebaganang le tsone?
Ditlhola tse di lesome tsa Baiseraele ba ne ba tshogile; Jošua le Kalebe ba ne ba na le tumelo. Joshua and Caleb: Obedient Spies [Jošua le Kalebe: Ditlhola tse di Boikobo], ka Douglas Klauba. © Lifeway Collection/licensed from goodsalt.com
Dipalo 21:4–9
Fa ke lebelela go Jeso Keresete ka tumelo, o ka mphodisa semowa.
Baperofeti ba Buka ya ga Momone ba ne ba itse polelo e e bonwang mo Dipalo 21:4–9 le go tlhaloganya bokao jwa yone jwa semowa. Bala dithuto tsa bone ka ga polelo e mo 1 Nefi 17:40–41; Alema 33:18–22; and Helamane 8:13–15. Fa ke dipotso dingwe go di tlhatlhanya jaaka o dira:
-
Noga ya kgotlho e ka tswa e kaya eng?
-
Malomo a noga a a ka tswa a kaya eng?
-
Baiseraele ba ne ba tshwanelwa ke go “[leba] noga ya kgotlho” (Dipalo 21:9) go fodisiwa. O akanya gore ke eng batho bangwe ba ne ba gana go leba? A sengwe se se tshwanang se kile sa go diragalela?
-
O ikutlwa o tlhotlheletsega go dira eng mo gontsi “go lebelela Morwa Modimo ka tumelo” mme o fodisiwe? (Helamene 8:15).
Go bala ditemana tse go ka go gakolola dinako dingwe mo dikwalong tse di boitshepo fa batho ba tlhoka go leba mo go Keresete. Ka sekai, tshwantshanya molaetsa wa Dipalo 21:4–9 le Mathaio 14:25–31 le 1 Nefi 8:24–28 (bona le gone setshwantsho kwa bokhutlong jwa thulaganyo ya beke e). Ke eng se se nnang se re goga go tswa mo go Keresete? O segofatsa jang batho ba ba nnang ba lebeletse mo go Ene?
Bona gape “Jesus, the Very Thought of Thee” (Hymns, no. 141).
Dipalo 22–24
Ke ka sala morago thato ya Modimo, le fa ba bangwe ba leka go ntlhotlheletsa go sa dira jalo.
Fa Balake, kgosi ya Moabe, a utlwa gore Baiseraele ba ne ba atumela, o ne a bitsa Balaamo, monna yo a neng a itsege ka go bolela ditshegofatso le diphutso. Balake o ne a batla gore a hutse Baiseraele. Lemoga ka fa Balake a neng a leka go tlhotlheletsa Balaamo (bona Dipalo 22:5–7, 15–17), mme o akanye ka ga diteko tse o ka lebaganang le tsone go nna kgatlhanong le thato ya Modimo. O kgatlhiwa ke eng ka ga phetolo ya ga Balaamo mo Dipalo 22:18, 38; 23:8, 12, 26; 24:13? Ka maswabi, Balaamo kgabagare a ineetse mo kgatelelong mme a tlhanogela Iseraele (bona Dipalo 31:16; Jute 1:11). Tlhatlhanya ka fa o ka tswelelang o le boikanyego go Morena go sa kgathalesege kgatelelo go tswa go ba bangwe.
Megopolo ya go Ruta Bana
Dipalo 11:4–10
Ke ka lebogela se Modimo a nneetseng sone.
-
Botsa bana ba gago gore a ba gakologelwa dingwe tsa dikgakgamatso tse Morena a di dirileng go thusa Baiseraele (bona “The Plagues of Egypt” le “The Passover” mo Old Testament Stories, 67–74). Ke gone o ka ba khutshwafaletsang Dipalo 11:4–10, o gatelela gore Baiseraele ba ne ba lebatse ditshegofatso tsa bone mme ba ne ba ngongorega. Ke dife ditshegofatso tse nako tse dingwe re di lebalang?
-
Jaaka o opela kgotsa o reetsa pina ka malebogo, jaaka “Count Your Blessings” (Hymns, no. 241), bana ba gago ba ka tshwantsha ditshwantsho tsa ditshegofatso tse Morena a di ba fileng.
Dipalo 12
Morena o batla ke sala morago moperofeti wa Gagwe.
-
Go itsise Dipalo 12, o ka bolelela bana ba gago gore Morena o ne a sa itumelela Arone le Mariamo, morwarraagwee le kgaitsadiagwe Moše. Ba laletse go bala Dipalo 12:1–8 go batla gore ka gore eng. Akanyetsa go dirisa Gospel Art Book go thusa bana ba gago go bona dikai tsa batho mo dikwalong tse di boitshepo ba ba tlotlileng moperofeti wa Morena mme ba segofadiwa. Re segofadiwa jang fa re sala morago Moperofeti wa Morena?
Dipalo 21:6–9
Ke ka lebelela go Jeso Keresete.
-
O ka dirisa “Moses and the Brass Serpent” mo Old Testament Stories, 83–84, go thusa bana ba gago go ithuta ka ga se se diragetseng mo Dipalo 21:6–9. Noga ya kgotlho e tshwana jang le Jeso Keresete? (bona Johane 3:14–15). Bana ba gago ba ka itumelela go dira noga ka pampiri le go kwala mo go yone dilo tse di motlhofo tse ba ka di dirang go “leba go Morwa Modimo ka tumelo” (Helamane 8:15).
1:2Moses and the Brass Serpent
-
Bana ba ba bagolwane ba ka tlhopha nngwe ya dikwalo tse di boitshepo tse di latelang le go abelana se e se tlalaletsang mo go tlhaloganyeng ga bone ka polelo: 1 Nefi 17:41; Alema 33:18–20; Helamane 8:13–15; Dithuto le Dikgolagano 6:36.
Bronze Serpent [Noga ya Kgotlho], ka Brent Evans
Dipalo 22–24
Ke ka sala morago thato ya Modimo, le fa ba bangwe ba leka go ntlhotlheletsa go sa dira jalo.
-
Khutshwafatsa Dipalo 22:1–18 go bana ba gago, o gatelela ka fa Balaamo a ganneng go hutsa batho ba Modimo ka teng, le ntswa Balake, kgosi ya Moabe, a ne a mo solofetsa tlotla le dikhumo. Ke gone o ka thusang bana ba gago bo batlang mo ditemaneng tse di latela dipolelwana tse ba ikutlwang di supa gore Balaamo o ne a batla go sala Modimo morago: Dipalo 22:18; 23:26; 24:13. Gongwe bana ba gago ba ka tsaya polelwana e le nngwe e ba e ratang mme ba kwale mo karateng go ba thusa go gakologelwa go obamela Morena.
Go feta, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e wa Tsala .
Kwa godimo mo molemeng: The Crucifixion of Christ [Papolo ya ga Keresete]. Kwa godimo mo mojeng: Moses and the Brass Serpent [Moše le Noga ya Kgotlho], ka Judith Mehr. Kwa tlase mo molemeng: Finisher of Faith [Modiragatsi wa Tumelo], ka Kelsy and Jesse Lightweave. Kwa tlase mo mojeng: Lehi’s Dream [Toro ya ga Lehi], ka Jerry Thompson