“Moranang 28–Motsheganong 3. ‘Boitshepo mo Moreneng: Ekesodo 35–40; Lefitiko1; 4; 16; 19,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Moranang 28–Motsheganong 3. ‘Boitshepo mo Moreneng,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Tempele ya Rio de Janeiro Brazil
Moranang 27–Motsheganong 3: “Boitshepo Moreneng”
Ekesodo 35–40; Lefitiko 1; 4; 16; 19
Go tswa kwa Egepeto—fela jaaka gone gole botlhokwa—ga go a fitlhelela maikaelelo a Modimo mo baneng ba Iseraele. Tota le botshelo jo bo iketlileng mo lefatsheng la tsholofetso e ne ese maikemisetso a Modimo mo go bone. Se e ne e le dikgato fela tse di isang kwa goreng Modimo tota o batla eng mo batho ba Gagwe: “Le tlaa nna boitshepo: ka gonne Nna Morena Modimo wa lona ke boitshepo” (Lefitiko 19:2). Modimo o rulagantse jang go dira batho ba Gagwe boitshepo morago ga go tshela mo boikepong jwa ditshika? O ba laotse go dira lefelo le le boitshepo mo nageng—motlaagana. O ba neetse dikgolagano le melao go ba kaela mo ditirong tsa bone le go fetola dipelo tsa bone. O ba laotse go dira ditlhabelo tsa diphologolo go ba ruta ka tetlanyo ya maleo a bone. Tsotlhe tse go ne go raya go supegetsa ditlhaloganyo tsa bone, dipelo, le matshelo kwa go Mmoloki. Ke tsela ya boammaruri ya boitshepo, ya Baiseraele le rona Rotlhe re tsere nako mo boikepong jwa sebe, re lalediwa rotlhe go tlogela sebe kwa morago re sale Jeso Keresete morago, o re solofeditseng, “ke kgona go dira boitshepo” (Dithuto le Dikgolagano 60:7).
Go bona kakaretso ya buka ya Lefitiko, bona “Lefitiko” mo Thanolong ya Baebele.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Ekesodo 35–40; Lefitiko 19
Morena o batla ke nna boitshepo.
Ekesodo 35–40 e tlhalosa ka maiteko a Baiseraele go aga motlaagana, fa ditao tse di boitshepo di tlaa ba thusang go nna batho ba ba boitshepo. Jaaka o bala ditemana tse, leba dilo tse Morena a di kopileng mo bathong ba Gagwe go di baya mo motlaaganeng. Dilo tse di kaya eng? Di go akantsha eng ka go oketsa go nna boitshepo? Bogolo jang akanya ka gore dilo tse di retolola jang dikakanyo tsa gago go Mmoloki. Tafole e e tshwanang le e ka go thusa:
|
Ke selo sefe se o se boneng? |
Di ka tswa di kaya eng? |
|---|---|
Ke selo sefe se o se boneng? Areka ya kgolagano (Ekesodo 37:1–9; 40:20–21) | Di ka tswa di kaya eng? (Bona Ekesodo 25:20–22; Kaedi go Dikwalo tse di Boitshepo, “Ark Of the Covenant”) |
Ke selo sefe se o se boneng? Altare ya maswalo (Ekesodo 40:26–27; bona gape Ekesodo 30–1, 6–8) | Di ka tswa di kaya eng? (Bona Tshenolo 8:3–4) |
Ke selo sefe se o se boneng? Kerese kgotsa setlhomo sa lebone (Ekesodo 37:17–24) | Di ka tswa di kaya eng? (Bona Matheo 5:14–16; Johane 8:12) |
Ke selo sefe se o se boneng? Aletara ya setlhabelo (Ekesodo 38:1–7; le gone bona Ekesodo 27 1; 29:10–14) | Di ka tswa di kaya eng? (Bona Kaedi go Dikwalo tse di Boitshepo, “Setlhabelo”) |
Ke selo sefe se o se boneng? Mosima (beisane) ya metsi (Ekesodo 30:17–21) | Di ka tswa di kaya eng? (Bona 2 Ditiragalo 4: 6; Isaia 1:16; Jeremia 33:8) |
Gone fela, go nna mo mafelong a a boitshepo ga go re dire boitshepo. Lefitiko 19 e tlhalosa melao le ditaelo tse Morena a di fileng go thusa Baiseraele go oketsega mo boitshepong. O bona eng mo ditaelong tse se seka go thusang go batla boitshepo go tswa mo Moreneng? O ikutlwa o tlhotlheletsega go dira eng go feta go tshela melawana e?
Bona gape Henry B. Eyring, “Holiness and the Plan of Happiness,” Liahona, Ngwanatsele 2019, 100–103; “The Tabernacle” (video), Gospel Library.
The Tabernacle
Dirisa moopelo oo boitshepo. Moopelo o na le maatla a matona go laletsa thotloetso ya Mowa le go aga tumelo mo go Jeso Keresete. Molaetsa o mo difeleng nako nngwe o gatelela dithuto tse di mo dikwalong tse di boitshepo. Sekai, go opela sefela jaaka “More Holiness Give Me” (Hymns, no. 131) go ka gatelela melaetsa mengwe e rutiwang mo Lefitiko 19. E ka go thusa go akanya gore go raya eng go nna boitshepo jaaka Mmoloki mme o tlhatlhanye gore o go thusa jang go oketsa go nna boitshepo.
Ekesodo 35:4–35; 36:1–7
Morena o batla gore ke dire setlhabelo sa me ka pelo ya me e etleetsegileng.
Mo ngwageng fa ba sena go tswa ka Egepeto, botsalano jwa bana ba Iseraele le Jehofa bo ka tlhalosiwa jaaka jo bo tekatekang. Mme fa, jaaka o bala Ekesodo 35: 4–35 le 36: 1–7, mo taelong go tlhoko kafa Baiseraele ba tsibogang ka teng mo taelong ya go aga motlaagana. O ithuta eng mo Baiseraeleng se seka go thusang botoka go direla Morena?
Ga a kake a go kopa ditshipi tsa tlhwatlhwa, matsela kgotsa legong tsa motlaagana. Morena o go file eng, mme batla gore o neele eng? Ke leng “pelo ya gago e [go] tsosa go tla mo tirong”?
Bona le gone Ditlhogo le Dipotso, “Sacrifice,” Motlobo wa Efangele.
Bana ba Iseraele ba ne ba fa moneelo kwa motlaaganeng ka “pelo ee etletsegileng” (Ekesodo 35:5). Setshwantsho ka Corbert Gauthier, © Lifeway Collections/licensed from goodsalt.com
Ekesodo 40:12–14
Ditao tsa Tempele di filwe bogologolo.
Ekesodo 40:12–14 e tlhalosa ka ditao tsa bogologolo tse di dirwang le mo malatsing a rona mo ntlong ya Morena. Tse ke ditemana tsa tlaleletso tse di ka go thusang go ithuta gore ditao tse di go fa bopaki jwa ga Jeso Keresete:
-
Go tlhatswa: Pesalema 51:2; Esekiele 36:25–27
-
Go apara diaparo tse di boitshepo: Isaia 61:10; Mathaio 22: 11-14; Tshenolo19:7–8
-
Go tlotsa Luke 4:18–19; Ditiro 10:38
Lefitiko 1:1–9; 4; 16
Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jeso Keresete, nka itshwarelwa.
Bontsi jwa dibuka tsa Lefitiko di ka tswa di gakgamatsa mo go rona—setlhabelo sa diphologolo, dingwao di akaretsa madi le metsi, melao go laola dintlha tse dinnye tsa botshelo. Mme digwao tse le melao di emetse go re ruta melawana ee tlwaelegileng— go sokologa, boitshepo, le tetlanyo ya Mmoloki. Go bona melawana fa o ntse o bala Lefitiko 1:1–9; 4; 16, akanya ka dipotso tse di ntseng jaana:
-
Ke afe mafoko kgotsa dipolelwana tse o di bonang tse di nkgakololang ka Jeso Keresete le setlhabelo sa Gagwe sa tetlanyo?
-
O ithuta eng mo ditlhabelong tse kaga setlhabelo sa Mmoloki?
-
Ke tshwana jang le batho ba dirileng ditlhabelo?
Morena ga sa tlhole a batla ditlhabelo tsa diphologolo jaanong. Mme setlhabelo se santse sele molawana wa botlhokwa wa efangele. Go ithuta ka mefuta ya setlhabelo e Morena a di tlhokang, ithutontshe 3 Nefi 9:19–20; Dithuto le Dikgolagano 64:34. O neela jang ditlhabelo tse? Ke eng se Moše 5–7 e go rutang kafa o ka lebang setlhabelo sa gago?
Bona gape “Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: Motlaagana le Setlhabelo”.
Megopolo ya go Ruta Bana
Ekesodo 35:20–29; 36:1
Modimo o mphile dimpho go nthusa ka tiro ya Gagwe.
-
Kwa bofelong jwa temana e ke setshwantsho sa motlaagana wa Baiseraele mo nageng. O ka batla go e leba le bana ba gago mme o ba botse gore ke dife didirisiwa tse di neng di ka tlhokafala go a ga motlaagana. Ka jalo lo ka bala mmogo Ekesodo 35:20–29 go batla gore didirisiwa tse di neetswe jang. Morena o re laleditse jang go nna le seabe mo kagong ya bogosi jwa Gagwe.
-
Akanya ka go bala Ekesodo 36:1 go bona se Morena a se fileng Besaleele le Aholiabe go thusa go aga motlaagana. O ka nna jaanong wa bua le bana ba gago ka gore o ikutlwa jang ka se Morena a se ba fileng go thusa go aga bogosi jwa Gagwe. Re ka dirisa dilo tse jang go segofatsa ba bangwe?
Tempele ya Rome Italy
Ekesodo 40:17–34
Ke kgona go utlwa boleng teng jwa Morena mo mafelong a a boitshepo.
-
Ekesodo 40:17–34 e nankola dilo tse dineng di le karolo ya motlaagana wa Baiseraele. Gongwe wena le bana ba gago le ka di bona mo ditemaneng tse le mo setshwantsho sa motlaagana kwa bofelong jwa kgaolwana e. Bua kafa karolo nngwe le nngwe ya motlaagana e ka go rutang ka ga Mmoloki kgotsa Rara wa Legodimong. Sekai, areka ya bopaki e ka re gakolola ka ditaelo tsa Modimo, aletara e re gakolola setlhabelo sa ga Jeso Keresete, jalo jalo.
-
Ke afe mafelo a re nang le one gompieno a a re thusang go ikutlwa o le gaufi le Jeso Keresete? Jaaka karolo ya puo e, o ka leba mmogo setshwantsho sa moshikinyego “Temples” (Motlobong wa Efangele). Le gone o ka opela pina jaaka “Holy Places” (Motlobo wa Efangele) Abelanang le mongwe le mongwe ka fa le ikutlwang ka teng kaga mafelo jaaka tempele.
What Is a Temple?
Lefitiko 1: 1–4
Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jeso Keresete, nka itshwarelwa.
-
Ditlhabelo tsa diphologolo tse di tlhalositsweng mo Kgolagano e Kgologolo di ne diretswe go ruta bana ba Iseraele ka boitshwarelo mo go Jeso Keresete. Akanya kafa go bala ka ditlhabelo tse go ka dirang go tshwana mo baneng ba gago. O ka bontsha ditshwantsho tsa Jeso Keresete a le mo Gethesemane (bona Gospel Art Book, nos. 56,57) fa o bala le bana Lefitiko 1:1–4. Ba thuse go batla mafoko kgotsa dipolelwana tse di re gakololang ka setlhabelo sa ga Jeso Keresete.
-
Le ka bala mmogo 3 Nefi 9:19–20 go batla gore re laotswe go dira setlhabelo sa eng boemong jwa diphologolo. Go raya eng go neela pelo e e robegile le mowa wa boikotlhao go Morena? Leba Kaelo ya Dikwalo tse di Boitshepo, “Pelo ee robegile” (Motlobo wa Efangele) go go thusa go araba potso e.
Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.