Tlayang, Ntshaleng Morago
Motsheganong 25–31. “Morena o Tsositse Mogolodi”: Baatlhodi 2–4; 6–8; 13–16


“Motsheganong 25–31. ‘Morena o Tsositse Mogolodi: Baatlhodi 2–4; 6–8; 13–16,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Motsheganong 25–31. ‘Morena o Tsositse Mogolodi,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Debora moperofeti wa mosadi

“I Will Surely Go with Thee”—Deborah the Prophetess [Ruri ke Tlaa Tsamaya le Wena—Debora moperofeti wa mosadi, ka Des Leavitt

Motsheganong 25–31: “Morena o Tsositse Mogolodi”

Baatlhodi 2–4; 6–8; 13–16

Rotlhe re a itse gore go ntse jang go leofa, go ikutlwa o sa itumela ka gone, mme re bo re ikwatlhaya le go ikaelela go fetola ditsela tsa rona. Mme gantsi thata re lebala tshwetso ya rona ya pele, mme, fa thaelo e tla, re iphitlhela re dira boleo jo bo tshwanang. Mokgwa ono o bonala kgapetsakgapetsa mo bukeng ya Baatlhodi. Ka go tlhotlhelediwa ke mekgwa ya ditumelo le kobamelo ya Bakanana—bao ba neng ba tshwanetse go ba koba mo lefatsheng—Baiseraele ba ne ba roba dikgolagano tsa bone le Morena mme ba fapoga go mo obamela. Ka ntlha ya seo, ba ne ba latlhegelwa ke tshireletso ya Gagwe mme ba wela mo botshwarong. Mme le fa go ntse jalo nako le nako fa seno se diragala, Morena o ne a naya batho ba Gagwe ba kgolagano tshono ya go ikwatlhaya mme a tsosa mogolodi, moeteledipele wa sesole yo o bidiwang “moatlhodi.” Ga se baatlhodi botlhe ba ba mo bukeng ya Baatlhodi ba ba neng ba siame, mme bangwe ba bone ba ne ba supa tumelo e kgolo mo go gololeng bana ba Iseraele le go ba busetsa mo botsalanong jwa bone jwa kgolagano le Morena. Dipolelo tseno di re gakolola gore fa gore sepe gore ke eng se se re gogetseng kgakala le Jeso Keresete, ke Morekolodi wa Iseraele mme ka metlha o iketleeleditse go re golola le go re amogela gape fa re boela kwa go Ene.

Ka tshekatsheko ya lokwalo la Baatlhodi, bona “Judges, book of” mo Bible Dictionary.

aekhone ya ithuthuntsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Baatlhodi 2:1–19; 3:5–12

Morena o a intshwarela gantsi jaaka ke ikwatlhaya.

Lokwalo lwa Baatlhodi le ka nna tlhagiso le kgothatso. Batla tlhagiso eno le kgothatso fa o ntse o bala Baatlhodi 2:1–19; 3:5–12. O ikutlwa gore tlhagiso le kgothatso di go ama jang?

Sekai, fa e le gore Baatlhodi 2:19 e ne e le mabapi le wena le dithaelo tsa gago go na le go bua ka Baiseraele ba bogologolo, e ka tswa e reng? Fa Baatlhodi 3:9 e ne e le ka ga se Morena a se dirileng go go golola, e ka tswa e reng?

Akanyetsa go bala potso le karabo mo tsebe 9 ya For the Strength of Youth: A Guide for Making Choices. O akanya gore seno se ama jang maitemogelo a Baiseraele mo lokwalong la Baatlhodi? Seno se go ruta eng ka Jeso Keresete?

Baatlhodi 4:1–15

aekhone ya seminari
Nka tlhotlheletsa ba bangwe go nna le tumelo mo Moreneng.

Ka dinako tse dingwe tumelo ya motho a le mongwe e kgona go tlhotlheletsa tumelo mo go ba bangwe ba le bantsi. Mo Baatlhodi 4, motho yoo a le mongwe e ne e le Debora. Bala ka ga ene mo go Baatlhodi 4:1–15, mme o ele tlhoko tlhotlheletso e a neng a na le yone mo bathong ba ba mo dikologileng. Dipotso dingwe tse di tla go thusang go akanyetsa kafa maitemogelo a gagwe a ka amang botshelo jwa gago ka gone ke tseno:

  • O ka tlhalosa jang diemo tse Baiseraele ba neng ba le mo go tsone ka nako eo? (bona ditemana 1–3). Ke dilo dife tse o di bonang di tshwana le maemo a gompieno—mo bathong ka bongwe le mo setšhabeng?

  • Ke mafoko afe kgotsa ditiro dife tsa ga Debora tse di go bontshang gore o ne a na le tumelo mo Moreneng? Tumelo ya gagwe e ne ya tlhotlheletsa ba bangwe jang? Ke eng se sengwe se se go kgatlhang ka ene?

  • O akanya gore Debora o ne a kaya eng ka potso ya gagwe mo temaneng 14: “A Morena ga a go tswela pele?” Morena o “tsamaya fa pele” ga gago jang? (bona Dithuto le Dikgolagano 84:87–88).

bomme ba bararo ba tsamaya mmogo

Akanyetsa ka fa tumelo ya gago mo go Jeso Keresete e ka segofatsang ba bangwe ka teng ka tsela e tumelo ya ga Debora e neng ya segofatsa Barake le Baiseraele ba bangwe ka yone. Go go thusa go akanya ka se, o ka nna wa ithuta molaetsa wa ga Mogolwane Neil L. Andersen “We Talk of Christ” (Liahona, Ngwanatsele 2020, 88–91). Batla molaetsa go bona (1) mabaka a go bua phatlalatsa thata ka Mmoloki le (2) ditsela tsa go dira jalo.

Go tswa foo o ka dira nankolo ya dilo tse o di itseng ka ga Jeso Keresete—go tswa mo dikwalong tse di boitshepo, go tswa mo mafokong a baperofeti ba ba tshelang, le go tswa mo maitemogelong a gago ka namana. Ke mang yo o tlhokang go itse seno? O tlaa e abelana jang?

Bona gape Mathaio 5:14–16; 1 Petere 3:15; “Each Life That Touches Ours for Good,” Hymns, no. 293.

Laletsa go abelana. Fa o le morutintshi—kwa gae kgotsa kwa kerekeng—“naya baithuti sebaka sa go abelana le ba bangwe se ba se ithutang ka ga Mmoloki le efangele ya Gagwe. Go dira seno go tla ba thusa go tsenya boammaaruri jo ba bo rutiwang mo teng le go bo tlhalosa” (Teaching in the Savior’s Way32). Sekai, fa lo ithuta Baatlhodi 4 mmogo, o ka naya moithuti mongwe le mongwe sengwe se se rileng se a ka se batlang mo kgaolong mme morago ga moo o ba kope go abelana se ba se bonang.

Baatlhodi 6–8

Morena o ka dira dikgakgamatso fa ke tshepa ditsela tsa Gagwe.

Fa o ntse o bala Baatlhodi 6–8, ela tlhoko ditiragalo tse Morena a neng a kopa Gideone go dumela sengwe se se neng se ka lebega se sa kgonege. A O kile a kopa sengwe se se tshwanang le seo mo go wena?

O ikutlwa Morena a leka go go ruta eng ka pego e? O bone jang Morena a dira tiro ya Gagwe ka ditsela tse di neng di lebega di sa kgonege?

Baatlhodi 13–16

Modimo o a nnonotsha fa ke ntse ke ikanyega mo dikgolaganong tsa me.

Samesone o ne a latlhegelwa ke maatla a gagwe a mmele le maatla a gagwe a semowa ka ntlha ya go tlola dikgolagano tsa gagwe le Modimo, go akaretsa tseo tse di neng di lebagane le Banasarete (go bona tshedimosetso ka ga Banasarete, bona Dipalo 6:1–6;; Baatlhodi 13:7). Jaaka o bala ka ga Samesone mo go Baatlhodi 13–16, ela tlhoko ditemana tse di supang gore Morena o ne a na le Samesone, ga mmogo le ditemana tse di supang gore Samesone o ne a sa ineela ka botlalo mo Moreneng.

O ka nna gape wa akanya ka dikgolagano tse o di dirileng le Morena. Dikgolagano tse di tlisitse jang maatla a Gagwe mo botshelong jwa gago? O ithuta eng mo maitemogelong a ga Samesone se se go tlhotlheletsang go nna o ikanyega mo dikgolaganong tsa gago le Modimo?

Kgaitsadi Ann M. Dibb o ne a ruta jaana: “Samesone o ne a tsholwa a na le bokgoni jo bogolo. Mmaagwe o ne a solofediwa, ‘O tla simolola go golola Iseraele mo diatleng tsa Bafilisitia’ [Baatlhodi 13:5]. Mme fa Samesone a ntse a gola, o ne a leba thata mo dithaelong tsa lefatshe go na le mo kaelong ya Modimo. O ne a tsaya ditshwetso ka go nne di ‘mo itumedisa thata’ [Baatlhodi 14:3] go na le ka gonne maikgethelo ao a ne a siame. Gangwe le gape, dikwalo tse di boitshepo di dirisa polelwana ‘mme a fologa’ [Baatlhodi 14:7] jaaka di bolela ka ga maeto a ga Samesone, ditiro tsa gagwe, le ditshwetso tsa gagwe. Go na le gore a tsoge le go phatsima go diragatsa bokgoni jwa gagwe jo bogolo, Samesone o ne a fenngwa ke lefatshe, a latlhegelwa ke maatla a gagwe a a neng a a neilweng ke Modimo, mme a swa loso lo lo botlhoko, lwa go sa le gale” (“Arise and Shine Forth,” Liahona, Motsheganong 2012, 118).

Bona gape Dallin H. Oaks, “Covenants and Responsibilities,” Liahona, Motsheganong 2024, 93–96; Ulisses Soares, “Covenant Confidence through Jesus Christ,” Liahona, Motsheganong 2024, 17–21.

aekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Ka gonne Sontaga ono ke Sontaga wa ntlha wa kgwedi, barutabana ba Poraemari ba rotloediwa go dirisa ditiro tsa go ithuta mo go “Mametlelelo B: Go Baakanyetsa Bana Botshelo Jotlhe mo Tseleng ya Kgolagano ya Modimo.”

Baatlhodi 3:7–9, 12–15

Jeso Keresete ke Mogolodi wa me.

  • Baatlhodi 3 e tlhalosa sekao se se rutang ka ga maatla a Mmoloki go re golola mo boleong. Go thusa bana ba gago go lemoga mokgwa ono, o ka kwala dipolelwana tseno: “a dira bosula,” “a goela kwa Moreneng,” le “a tsosa mogolodi.” Go tswa foo bana ba gago ba ka batla dipolelwana tse mo go Baatlhodi 3:7–9 le Baatlhodi 3:12–15. Re ithuta eng ka Morena go tswa mo sekaong se?

  • Go gatelela gore Jeso Keresete ke Mogolodi wa rona, o ka kgobokanya ditshwantsho di le mmalwa tsa batho, go akaretsa le setshwantsho sa ga Jeso, mme o di beye di lebile fa fatshe. A bana ba gago ba abelane ba fetolela dinepe ko godimo. Fa ba bona setshwantsho sa ga Jeso, opelang pina ka Ene, jaaka “He Sent His Son” (Children’s Songbook, 34–35), mme o bolelele bana ba gago ka fa a go golotseng ka teng.

Baatlhodi 4:1–15

Nka tlhotlheletsa ba bangwe go nna le tumelo mo Moreneng.

  • O ka dirisa “Deborah the Prophetess [Debora Moporofeti wa Mosadi]” (mo Old Testament Stories, 92–95) go bolelela bana ba gago polelo e e mo Baatlhodi 4. Abelanang se lo se ratang ka Deborah. Tumelo ya gagwe mo Moreneng e ne ya segofatsa jang batho ba ba neng ba mo dikologile? Ke eng se re ka se dirang go thusa ba bangwe go nna le tumelo thata mo go Jeso Keresete?

    2:9

    Deborah the Prophetess

Baatlhodi 7:1–21

Morena o ka dirisa dilo tse dinnye go dira tiro e kgolo.

  • Dirisa Baatlhodi 7:4–7, tsebe ya tiro ya beke e, kgotsa “The Army of Gideon” mo Old Testament Stories, 96–99, go ruta bana ba gago kafa Morena a dirileng mophato wa Iseraele ka gone. Ke ka ntlha ya eng fa Morena a ne a batla gore mophato wa ga Gidione o nne monnye jaana? (Bona Baatlhodi 7:2).

    2:37

    The Army of Gideon

  • Bana ba gago ba ka tshwantsha ditshwantsho tsa tšhaka, thebe, terompeta, lebone le nkgwana mme ba bue ka gore ke efe ya dilo tseno e ba ka e batlang mo ntweng. Go tswa foo ba ka bala Baatlhodi 7:16 go ithuta se Morena a neng a se bolelela mophato wa ga Gidione gore ba se dirise. Fa o bala ka ntwa mo go Baatlhodi 7:19–21, abelanang se le se ithutang ka Morena go tswa mo polelong e.

Samesone a kgoromeletsa dipilara tsa tempele fa fatshe

Samson Puts Down the Pillars [Samesone o baya dipilara fa fatshe], ka James Tissot le ba bangwe.

Baatlhodi 13:5

Go tshegetsa dikgolagano go nnaya maatla.

  • Dikgolagano tsa ga Samesone le Morena di ne tsa mo naya maatla a mmele, fela jaaka dikgolagano tsa rona di re naya maatla a semowa. Bana ba gago ba ka nna ba itumelela go dira ditiro dingwe tsa go ikatisa mmele le go tlotla ka kafa ditiro tseo di ka thusang ka gone go dira gore mebele ya rona e nne thata. Go tshegetsa dikgolagano tsa rona go dira jang gore mewa ya rona e nne tiye? (Bona Mosaeya 18:8–10; Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79).

Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

maloko a mophato wa ga Gidione a letsa dinaka

Gideon’s Army [Mophato wa ga Giteone], ka Daniel A. Lewis

Tsebe ya tiro ya Poraemari: Morena o kgona go dirisa dilo tse dinnye go dira tiro e kgolo