Tlayang, Ntshaleng Morago
Seetebosigo 1–7. “Pelo ya me e itumela mo Moreneng”: Ruthe; 1 Samuele 1–7


“Seetebosigo 1–7. ‘Pelo ya me e Itumela mo Moreneng’: Ruthe 1; Samuele 1–7,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Seetebosigo 1–7. ‘Pelo ya me e Itumela mo Moreneng,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Ruthe le Naomi ba tsamaya mmogo

Whither Thou Goest [Gope kwa o go Yang], ka Sandy Freckleton Gagon

Seetebosigo 1–7: “Pelo ya me e Itumela mo Moreneng”

Ruthe; 1 Samuele 1–7

Ka dinako tse dingwe re akanya gore matshelo a rona a tshwanetse go sala morago tsela e e tlhamaletseng go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong. Sekgala se sekhutshwane go gaisa tsotlhe fa gare ga dintlha tse pedi ke mola o o tlhamaletseng, morago ga tsotlhe. Mme le fa go ntse jalo botshelo gantsi bo tletse ka ditiego le ditsela tse di fapogang tse di re isang kwa mafelong a re sa a lebelelang.

Ele ruri Ruthe le Hana ba ne ba tlhaloganya seno. Ruthe e ne e se Moiseraele, mme o ne a nyalwa ke ene, mme fa monna wa gagwe a tlhokafala, o ne a tshwanelwa ke go tsaya tshwetso. A o ne a tla boela kwa lelapeng la gagwe le kwa botshelong jwa gagwe jwa bogologolo, jo a neng a bo tlwaetse, kgotsa a o ne a tlaa amogela tumelo ya Baiseraele le legae le lesha le matsalaagwe? (Bona Ruthe 1:4–18). Leano la ga Hana la botshelo jwa gagwe e ne e le go tshola bana, mme o ne a sa kgone, mme seo sa mo tlogela “mo botlhokong jwa mowa” (bona 1 Samuele 1:1–10). Fa o ntse o bala ka Ruthe le Hana, akanya ka tumelo e ba tshwanetseng ba bo ba ne ba na le yone go tsamaya mo ditseleng tse ba neng ba sa di lebelela. Go tswa foo akanya ka loeto lwa gago. E farologane le ya ga Ruthe le Hana—le ya mongwe le mongwe. Mme mo ditekong tsotlhe le dimakatso fa gare ga fano le kwa o yang teng kwa bosakhutleng, o ka ithuta go bua le Hana, “Pelo ya me e itumela mo Moreneng” (.1 Samuele 2:1)

Leba gape Thanodi ya Baebele go bona kakaretso ya dibuka tsa Ruthe le 1 Samuele.

aekhone ya ithuthuntsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Ruthe

Jeso Keresete o ka fetola masetlapelo go nna phenyo.

Botshelo bo thata mo motlholagading mo motlheng ope fela. Mme fa monna wa ga Ruthe a tlhokafala, seemo sa gagwe se ne se le thata segolobogolo. Mo setsong sa Baiseraele ka nako eo, mosadi yo o neng a se na monna kgotsa barwa o ne a se na tshwanelo ya go nna le dithoto le ditsela di le mmalwa fela tsa go itshedisa. Fa o ntse o bala polelo ya ga Ruthe, ela tlhoko ka fa Morena a neng a fetola masetlapelo go nna masego a magolo ka teng. Ke eng se o se lemogang ka Ruthe se se ka tswang se ne sa mo thusa? Boase o ne a golola jang Ruthe mo seemong se a neng a le mo go sone? (Bona Ruthe 4:4–10). Ruthe le Boase ka bobedi jwa bone ba ne ba tshwana jang le Jeso Keresete?

Bona le gone “Be Still, My Soul,” Hymns, no. 124.

Ruthe; 1 Samuele 1

Nka tshepa gore Modimo o tla nkaela le go nthusa go sa kgathalesege gore ke mo seemong sefe.

Gongwe o nnile le tatlhegelo e kgolo, jaaka Ruthe le Naomi (bona Ruthe 1:1–5). Kgotsa gongwe, jaaka Hana, o eletsa masego a o iseng o a amogele (bona 1 Samuele 1:1–10). Basadi bano ba ne ba bontsha jang tumelo ya bone mo Modimong? O ithuta eng mo dikaong tsa bone?

Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o rapelelang ngwana yo o nnang le ngwana, e bile ga se mongwe le mongwe yo molekane wa gagwe a tlhokafalang yo o nyalang gape. Mme mongwe le mongwe yo o retologelang kwa Mmoloking o amogela thuso le kaelo ya Gagwe. Akanya ka fa o “o tlileng go ikanya” Morena ka teng (Ruth 2:12) mo dinakong tsa gago tse di thata.

Bona le gone Russell M. Nelson, “Embrace the Future with Faith,” Liahona, Ngwanatsele. 2023, 9–11.

Hana le ngwana wa gagwe

For This Child I Prayed [Go nne yona ngwana ke mo rapeletse], ka Elspeth Young

1 Samuel 2; 4–7

Go amogela thuso ya Morena, ke tlhoka go mo tshepa le go obamela ditaelo tsa Gagwe.

Fa baba ba bone ba ne ba ba tlhasela, go lebega Baiseraele ba ne ba akanya gore go nna le letlole la kgolagano fela go ne go tla ba sireletsang. Jaaka o bala 1 Samuel 4–6, akanya ka gore ke eng seo se sa bereke. (Ela tlhoko gape ditiro tse di sa siamang tsa barwa ba ga Eli, ba ba neng ba direla jaaka baperesiti mo motlaaganeng, mo go 1 Samuele 2:12–25.) O akanya gore Morena o ne a leka go ruta batho ba gagwe eng? O ithuta eng mo go se se neng sa diragalela Bafilisitia fa ba sena go gapa letlole? (bona dikgaolo 5–6). O ithuta eng mo maitekong a Iseraele a go bona tshireletso ya Morena mo go 1 Samuele 7?

O ka tlhotlhelediwa ke go bala leboko la ga Hana la pako mo go 1 Samuele 2:1–10. O fitlhela eng mo mafokong a gagwe se se ka bong se thusitse bomorwa Eli le Baiseraele ba bangwe botlhe?

1 Samuele 3

aekhone ya seminari
Ke kgona go utlwa le go obamela lentswe la Morena.

Ka dinako tse dingwe, o ka ikutlwa jaaka Samuele, yo o neng a utlwa lentswe la Morena mme a sa le lemoge. Jaaka rona rotlhe, Samuele o ne a tshwanelwa ke go ithuta go lemoga lentswe la Morena. Fa o ithuta 1 Samuele 3, o ithuta eng mo mosimaneng yo monnye yo ka go utlwa le go obamela lentswe la Morena? O ka nna wa batla gape dikwalo tse tsa tlaleletso mme wa dira nankolo ya dikaelo tse di ka thusang motho go lemoga lentswe la Morena: 1 Dikgosi 19:11–12; Luke 24:15–32; 3 Nifae 11:3–7; Dithuto le Dikgolagano 6:22–23; 8:2–3; 9:7–9.

Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa ikutlwa e kete magodimo a tswetswe mme Modimo ga a batle go buisana le wena. Poresidente Russell M. Nelson o ne a re, “A tota Modimo o batla go bua le wena?. Ee!” (“Revelation for the Church, Revelation for Our Lives,” Liahona, Motsheganong 2018, 93–96). Fa o ntse o ithuta molaetsa wa ga Poresidente Nelson, ke eng se o se bonang se se go tlhotlheletsang go utlwa le go obamela lentswe la Morena? Poresidente Nelson o go laletsa go dira eng, mme o solofetsa masego afe? Gape o ka fitlhela ditaletso le ditshegofatso tse di solofeditsweng ka ga tshenolo mo go “Walk in God’s light,” (For the Strength of Youth: A Guide for Making Choices, 16–20). Akanyetsa go tlhopha selo se le sengwe se o ka se dirang go “oketsa bokgoni jwa gago jwa semowa go amogela tshenolo.”

Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

aekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Ruthe

Ke ka supa lorato le bopelonomi mo bathong ba ke tshelang le bone.

  • Fa o ntse o abelana le bana ba gago kgang ya ga Ruthe (o ka dirisa “Ruthe and Naomi” mo Old Testament Stories, 100–103) ba laletse go tsholetsa diatla nako le nako fa ba utlwa tiro ya bopelonomi mo polelong. Gape ba ka abelana ka fa ba ikutlwang ka teng fa ba bangwe ba le pelonomi mo go bone, kgotsa fa le bone ba le pelonomi mo go ba bangwe. Mmoloki o nnile pelonomi jang mo go rona? Re ka sala morago sekao sa Gagwe jang? (bona “Kindness Begins with Me,Children’s Songbook, 145).

    2:0

    Ruth and Naomi

Ruthe; 1 Samuele 1

Nka nna le tumelo mo Moreneng.

  • Dipolelo tsa ga Ruthe le Hana di ka tlhotlheletsa bana ba gago gore ba nne ba ikanyega ka dinako tse di thata. Akanyetsa go ba thusa go dira tšhate e e bonolo e e nang le ditlhogo Diteko, Ditiro, Ditshegofatso. Go tswa foo lo ka bala mmogo Ruthe 1:3–5, 8, 16; 2:1–3, 8–12; 4:13–17; 1 Samuele 1:1–18 mme ba kwale ka fa tlase ga ditlhogo se ba se bonang mo ditemaneng tse. Ruthe le Hana ba ne ba supa jang tumelo ya bone mo Moreneng? Wena le bana ba gago ke gone le ka abelelana dikai tsa ka fa Morena a le segofaditseng ka teng ka nako tse dithata.

1 Samuele 1:1–18

Rara wa Legodimo o a utlwa ebile o araba dithapelo tsa me.

  • Go ithuta ka Hana, bana ba gago ba ka bala 1 Samuel 1:1–18 kgotsa “Hannah” mo Old Testament Stories (104–5) kgotsa ba ka lebelela “Hannah’s Faith” (setshwantsho sa motshikinyego, Motlobo wa Efangele). Go ka nna monate go latlhela ngwana bolo le go mo laletsa go bolela karolo ya kgang pele ga o fetisetsa bolo kwa mothong yo mongwe. Re ithuta eng ka thapelo mo sekaong sa ga Hana?

    1:15

    Hannah

    3:9

    Hannah's Faith

Samuele le Eli

Samuel Tells Eli the Truth, ka Robert T. Barrett

1 Samuel 3:1–10

Ke kgona go utlwa le go obamela lentswe la Morena.

  • Gongwe motshameko o o motlhofo o ka thusa bana ba gago go ithuta mo maitemogelong a ga Samuele ka tshenolo. Ngwana yo mongwe o ka ipaya ekete ke Samuele, mme yo mongwe o ka ipaya ekete ke Eli fa o ntse o bala 1 Samuele 3:1–10 (bona le gone “Samuel the Prophet” mo Old Testament Stories, 106–9, kgotsa setshwantsho sa motshikinyego sa “Samuel and Eli,” Motlobo wa Efangele). Re ithuta eng mo go Samuele ka ga go utlwa lentswe la Morena? Re supa jang gore re rata go utlwa fa Morena a bua le rona?

    2:10

    Samuel the Prophet

    1:58

    Samuel and Eli

  • Botsa bana ba gago gore ba ka tlhalosetsa mongwe jang ka fa Morena a buang le bone ka teng. O ka ba thusa go batla dikarabo Dithuto le Dikgolagano 6:22–23; 8:2–3; 9:7–9.

Thusa bana ba gago go ithuta go lemoga Mowa. Ga go motlhofo go lemoga fa gare ga maikutlo a rona le Mowa o o Boitshepo. Mongwe le mongwe o lwantshana le seno nako le nako. Tsaya sebaka senngwe le senngwe se o ka se bonang go thusa bana ba gago go lemoga fa ba utlwa tlhotlheletso ya Mowa. Sekai, fa o ntse o bala 1 Samuele 3:1–10 le ditemana tse di tshitshintsweng mo Dithuto le Dikgolagano, o ka abelana maitemogelo a mo go one Morena a go rutileng mo tlhaloganyong le mo pelong ya gago.

Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

Samuele o tsoga mo bolaong

Boy Samuel Called by the Lord, ka Harry Anderson

Tsebe ya tiro ya Poraemari: Rara wa Legodimo o a utlwa ebile o araba dithapelo tsa me