Tlayang, Ntshaleng Morago
Seetebosigo 15–21. “Tlhabano ke ya Morena”: 1 Samuele 17–18; 24–26; 2 Samuele 5–7


“Seetebosigo 15–21. ‘Tlhabano ke ya Morena’: 1 Samuele 17–18; 24–26; 2 Samuele 5–7” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Seetebosigo 15–21. “Tlhabano ke ya Morena”: Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Dafite o tshwere seragantshwana

David and Goliath [Dafite le Goliathe], ka Steve Nethercott

Seetebosigo 15–21: “Ntwa ke ya Morena”

1 Samuele 17–18; 24–26; 2 Samuele 5–7

Fa e sa le merafe ya Iseraele e nna mo lefatsheng la tsholofetso, Bafilisitia ba ne ba ntse ba tshosetsa pabalesego ya bone ka metlha. Morena o ne a ba golotse makgetlho a le mantsi mo nakong e e fetileng, mme jaanong bagolwane ba Iseraele ba ne ba batla, “Re tla nna le kgosi … [go] tswa fa pele ga rona, le go lwa ditlhabano tsa rona” (1 Samuele 8:19–20). Ka jalo Saulo a tlodiwa go nna kgosi. Mme le fa go ntse jalo fa Goliathe yo o neng a tshosa a ne a latlhela kgwetlho ya gagwe mo masoleng a Iseraele, Saulo—fela jaaka masole otlhe a gagwe—o ne a “boifa thata” (1 Samuele 17:11). Ka letsatsi leo, e ne e se Kgosi Saulo yo o neng a boloka Iseraele mme e ne e le mosimane wa modisa yo o ikokobeditseng yo o bidiwang Dafite, yo o neng a sa apara diaparo tsa ntwa mme a apere tumelo e e sa phunyelediweng mo Moreneng. Tlhabano eno e ne ya supetsa Iseraele, le mongwe le mongwe yo o nang le dintwa tsa semowa tse a tshwanetseng go di lwa, gore “Morena ga a boloke ka tšhaka le lerumo” le gore “ntwa ke ya Morena” (1 Samuele 17:47).

aekhone ya ithuthuntsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

1 Samuel 17

aekhone ya seminari
Ka thuso ya Morena, ke kgona go fenya kgwetlho nngwe le nngwe.

Polelo ya ga Dafite le Goliatha ke nngwe ya dikgang tse di itsegeng thata mo dikwalong tse di boitshepo. Gone ke boammaaruri gore gantsi re tlhoma mogopolo mo go Dafite. Mme mo nakong eno, fa o ntse o ithuta 1 Samuele 17, akanya gape ka mafoko a batho ba bangwe mo kgaolong e (bona nankolo e e fa tlase). O ithuta eng ka bone le maitlhomo a bone? O ithuta eng ka Dafite? O farologane jang?

  • Goliatha: : Ditemana 8–10, 43–44

  • Eliab: temana 28

  • Saulo: temana 33

  • Dafite: ditemana 26, 32, 34–37, 39, 45–47

Polelo ya gago, le fa e sa itsege thata jaaka ya ga Dafite, ruri e akaretsa dikgwetlho tse di lekanang le tsa ga Goliathe tse o tshwanetseng go di fenya le ditshono tsa go bontsha tumelo mo Moreneng. Sekao sa ga Dafite se go ruta eng ka go lebana le mathata a a mo polelong ya gago? Gape o ka nna wa bala molaetsa wa ga Poresidente Camille N. Johnson o o reng “Invite Christ to Author Your Story” (Liahona, Ngwanatsele. 2021, 80–82) o akantse ka nngwe ya dikgwetlho tsa gago. Batla dikarabo tsa dipotso tse di tshwanang le tse: Morena o batla gore ke lebe dikgwetlho tsa me jang? O nthusitse jang mo nakong e e fetileng? Nka bontsha jang gore ke a mo tshepa gore o tla kwala kgang ya me?

O ka tswa o setse o itse gore go na le dikgaolo dingwe tse di utlwisang botlhoko moragonyana mo kgannyeng ya ga Dafite (bona, ka sekai, 2 Samuele 11). Fa o ne o ka nna le sebaka ya go naya Dafite kgakololo nngwe morago ga ntwa ya gagwe le Goliathe, o ne o tla reng? Kgakololo eno e ka dira jang mo botshelong jwa gago?

Bona le gone “The Lord Will Deliver Me” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele.

3:24

The Lord Will Deliver Me

1 Samuele 17:26–50

Motho a le mongwe yo o nang le tumelo mo go Keresete a ka dira pharologanyo.

Mo godimo ga dikgwetlho tsa rona ka namana, gape re lebana le mathata a magolo a a raraaneng a a amang lefatshe lotlhe. Fa maatla a bosula a “phuthwa mmogo … go tlhabana” kgatlhanong le maatla a molemo (1 Samuele 17:1), re ka nna ra ipotsa gore maiteko a rona ka bongwe a ka dira jang gore go nne le pharologanyo. Ke eng se o se bonang mo polelong ya ga Dafite se se go nayang tsholofelo?

Bona le gone “Let Us All Press On,” Hymns, no. 243.

Jonathane le Dafite

True Friendship and Self-Respect, ka Wilson Ong (ntlha)

1 Samuele18

“Jonathane o ne a rata [Dafite] jaaka mowa wa gagwe.”

Fa o bala 1 Samuele 18, akanyetsa go farologanya Saulo le morwawe e bong Jonathane (yo, fa e ne e se ka Dafite, a ka bong a ile a tsaya gore ke ene a tla nnang kgosi e e latelang). Saulo le Jonathane ba ne ba itshwara jang fa Dafite a ne a atlega? O ithuta eng mo maitemogelong a?

Ke eng se o se bonang mo maikutlong le mo ditirong tsa ga Jonathane se se go gopotsang Jeso Keresete?

“Tshwantsha dikwalo” (1 Nefi 19:23). Dikwalo di neelana ka ditshono tse dikgolo tsa go ithuta go tswa mo maitlhomong le ditiro tsa batho ba ba tshwanang le Dafite, Jonathane le Saulo. O tla fitlhela gore ga go ope mo dikwalong yo o senang selabe. Ka jalo,sekai, fa o ntse o bala ka maikgethelo a ga Dafite a boikanyego, nna le keletso ya go ithuta le mo diphosong tsa gagwe. Go dira jalo go ka re thusa go lemoga makoa a a ka nnang teng mo go rona le go “ithuta go nna botlhale go feta jaaka [ba bangwe] ba ne ba ntse” (Momone 9:31).

1 Samuele 24–26

Boitshwarelo ke tsela e e tlhomameng go isa kwa kagisong le phodiso.

Mo 1 Samuele 24–26, batla dithuto tse di mabapi le boikgogomoso, boitshwarelo, le boikgapo. O ka nna wa akanyetsa gape go bala molaetsa wa ga Mogolwane Mark A. Bragg “Christlike Poise” e le karolo ya ithuthutsho ya gago (Liahona, Motsheganong. 2023, 60–63). Dafite, Abigaile le ba bangwe ba ne ba supa jang—kgotsa ba palelwa ke go supa—go ritibala jaaka ga ga Keresete mo dikgaolong tseno? O na le ditshono dife tsa go supa go ritibala jaaka ga Keresete?

Molaetsa wa ga Kgaitsadi Kristen Yee “Beauty for Ashes: The Healing Path of Forgiveness” (Liahona, Ngwanatsele. 2022, 36–39) o ka go thusa go ithuthuntsha 1 Samuele 25. Abigaile o tshwana jang le Jeso Keresete?

2 Samuele 5:17–25

Morena o naya kaelo.

Tota le fa Dafite a sena go fenya Goliathe, mathata a gagwe le Bafilisitia a ne a ise a fele. Fa o ntse o bala 2 Samuele 5:17–25, akanya kafa sekao sa ga Dafite se ka go thusang ka teng mo dikgwetlhong tse o lebaneng le tsone (bona gape 1 Samuele 23:2, 10–11; 30:8; 2 Samuele 2:1). O segofadiwa jang ka go dira mo tshenolong e o e amogelang?

2 Samuele 7

“Ntlo” e Morena a e solofeditseng Dafite ke eng?

Fa Dafite a solofetsa go aga ntlo, e leng tempele, ya Morena (bona 2 Samuele 7:1–3), Morena o ne a araba ka gore morwa o ne a tla e aga (bona ditemana 12–15; bona le gone 1 Ditiragalo 17:1–15). Morena gape o ne a re Ene ka fa letlhakoreng le lengwe o tlaa agela Dafite “ntlo,” go kaya kokomana, le gore setulo sa gagwe sa bogosi se tlaa nna ka bosakhutleng (bona 2 Samuele 7:11, 16, 25–29; Pesalema 89:3–4, 35–37). Tsholofetso e e ne ya diragadiwa mo go Jeso Keresete, Kgosi ya rona ya Bosakhutleng, yo e neng e le kokomana ya ga Dafite (bona Mathaio1:1; Luke 1:32–33; Johane 18:33–37).

Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

aekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

1 Samuele 17:20–54

Tumelo mo go Jeso Keresete e ka nthusa go nna le bopelokgale.

  • O ka batla go dirisa “Dafite and Goliathe” mo Old Testament Stories, 112–16, go thusa bana ba gago gore ba tlwaelane le se se diragetseng mo 1 Samuel 17:20–54. Go tswa foo o ka nna wa ba letla go boeletsa polelo gape ba dirisa ditshwantsho kgotsa ditshwantsho tsa mela tse di mo tshobokong eno. Ba botse gore ba akanya gore Morena o batla gore ba ithute eng mo polelong e.

    2:36

    David and Goliath

  • Gape wena le bana ba gago lo ka dira nankolo ya dikgwetlho dingwe tse di thata tse ba ka lebanang le tsone ka nako ya botshelo jwa bone. Go tswa foo ba thuse go bona dilo tse Dafite a di buileng tse di ka thusang mo dikgwetlhong tse (bona 1 Samuele 17:26, 32, 34–37, 45–47). Abelana ka fa Jeso Keresete a go thusitseng ka teng ka nako ya dikgwetlho.

  • Bana ba gago ba ne ba ka gwanta jaaka e kete ke Dafide a ya go lwa le Goliathe fa ba ntse ba opela pina e e buang ka go nna pelokgale, jaaka “I Will Be Valiant” (Children’s Songbook, 162).

1 Samuele 18:1–4

Ditsala tse di molemo e ka nna tshegofatso e e tswang kwa Modimong.

  • O ka thusa bana ba gago jang go ithuta mo botsalanong jwa ga Jonathane le Dafite? Tsela nngwe e ne e tlaa nna go naya ngwana mongwe le mongwe dipelo tse pedi tsa pampiri, e nngwe e emetse Dafite mme e nngwe e emetse Jonathane. Go tswa foo, balang mmogo ditemana di le mmalwa go tswa mo 1 Samuele 18:1–4 tse di gatelelang lorato lo ditsala tseno tse pedi di neng di ratana ka lone. Morago ga moo bana ba gago ba ka kwala kgotsa ba thala mo dipelong tsa bone tsa pampiri kafa ba ka bontshang tsala ya bone lorato ka gone.

2 Samuele 5:19, 23

Fa ke tlhoka kaelo, nka kopa Rara wa Legodimo.

  • Mo dikgaolong tseno, Dafite o ne a nna kgosi ya Iseraele. Go ka nna monate gore bana ba gago ba ipeye ekete ke kgosi kgotsa kgosigadi. Ba ne ba tlaa dira melao efe? Ba ne ba tlaa ya go kopa thuso kae? Thusa bana ba gago go lemoga gore fa Dafite a ne a tlhoka thuso, o ne a “botsa,” kgotsa a rapelela dikarabo. Sekai, fa o ntse o bala 2 Samuele 5:19, 23, laletsa bana go reetsa lefoko “botsa” le go phutha matsogo fa ba le utlwa. Ke ka ntlha ya eng fa Dafite a ne a tlaa tlhoka thuso ya Morena mo tirong ya gagwe e ntšha?

  • Bolelelanang ka dinako tse lo rapeletseng thuso ya ga Rara wa Legodimo. Go ne ga dira pharologanyo efe gore A go thuse?

mosetsana a rapela

2 Samuele 7:16–17

Jeso Keresete ke Kgosi ya me ya Bosakhutleng.

  • Dikgosi tseo re balang ka tsone Kgolagano e Kgologolo yotlhe di ne di na le diphoso, mme bogosi jwa tsone tsotlhe jwa fela. Mme Jeso Keresete ke Kgosi e e itekanetseng mme o tla busa ka bosakhutleng. O ka thusa bana ba gago go lemoga seno ka go bala mmogo se moperofeti Nathane a neng a se bolelela Kgosi Dafite mo 2 Samuele 7:16–17. Bogosi jwa ga Dafite bo ka se nne le bokhutlo jang? Thusa bana ba gago go boba le go bala dikwalo tse di boitshepo tseo di rutang gore Jeso Keresete, kokomana ya ga Dafite, ke Kgosi ya rona, jaaka Luke 1:32–33; Johane 18:33–37; le Tshenolo 19:16. Jeso o farologane jang le dikgosi tsa lefatshe? Re tlotla jang Jeso Keresete jaaka Kgosi ya rona ya Bosakhutleng?

Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

Dafite le Goliathe

Setshwantsho sa ga Dafite, ka Dilleen Marsh

Tsebe ya tiro ya Poraemari: tumelo mo go Jeso Keresete e ka nthusa gore ke nne le kgothatso