“Seetebosigo 22–26. ‘O Utlwe Morapelo Wa Bone O le kwa Legodimong’: 2 Samuele 11–12; Dikgosi 3; 6–9; 11,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Seetebosigo 22–26. ‘O Utlwe Morapelo Wa Bone O le kwa Legodimong,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Solomon Dedicates the Temple at Jerusalem[Solomone a tshwaela Tempele kwa Jerusalema], ka James Tissot le ba bangwe
Seetebosigo 22–28: “O Utlwe Morapelo Wa Bone O le kwa Legodimong”
2 Samuele11–12; 1 Dikgosi 3; 6–9;11
Saulo, Dafita le Solomone, dikgosi tse tharo tsa ntlha, botlhe ba simolotse ka tsholofetso e kgolo. Boikokobetso, kgothatso, le botlhale, botlhe ba bona kamogelo mo Moreneng, tota fela mo tshimologong. Ka maswabi kgosi nngwe le nngwe ba ineela mo bokoeng jwa setho le thaelo. Ba baya dikeleo tsa bone pele ga tsa Morena. Jaaka re bone gangwe le gape mo dikwalong tse di boitshepo—le mo matshelong a rona—se se gogela ko matlhotlhapelong.
Mme go ne ga diragala sengwe sa botlhokwa ka nako ya go busa ga ga Solomone seo se neng sa naya tsholofelo nngwe ya go tlhomama mo matshelong a batho ba kgolagano. Solomone a aga tempele. E ne e tshwanetse go nna ntlo ya sennela ruri ya Morena go feta motlaagana o ne o ntse. E ne e tlaa kaya go nnela ruri teng ga Morena mo bathong ba gagwe. Solomone o ne a itse gore batho ba tlaa tswelela go lebagana le bokoa le diteko tsa mefuta ee farolaganyeng. Mo go tshwaetseng ntlo ee boitshepo e ntšha, Solomone one a ikuela mo go Morena “Fa ba … boela mo go wena ka dipelo tsa bone tsotlhe, … ka jalo utlwa dithapelo tsa bone (2 Dikgosi 8:47–48). Ke se karolo ya dikgolagano tsa tempele di re direlang—di dira kgolagano le Modimo. Di re bolokela tsholofetso ya gore ka go ikwatlhaya ga rona le mautlwelobotlhoko a Gagwe o ka nna le [rona] mme a seka a re tlogela (1 Dikgosi 6:13).
ka tshoboko ya lokwalo la 1 Dikgosi, (bona “Kings, books of” mo Bible Dictionary.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
2 Samuele 11; 12:1–14
Morena o ka nthusa go dira ditshwetso tse di siameng fa ke lekwa go leofa.
Dinako dingwe re leba batho bangwe ba ba lebegang ba nonofile mo tumelong, mme re akanye gore ga ba amiwe ke diteko. Ditshwetso tsa ga Dafita tse di maswe tse di tlhalosiwang mo 2 Samuele 11 di bontsha sentle gore ga go a nna jalo. Akanyetsa ka dithuto tse o ka di ithutang mo maitemogelong a gagwe. Dipotso tse di tshwanang le tse di ka go thusa go ithuntsha 2 Samuele 11–12:
-
Ke ditshwetso dife tse Dafite a neng a di dira tse di neng tsa mo gogela gore a tsene mo tseleng e e ntseng e oketsega ya boleo? Ke ditshwetso dife tsa tshiamo tse a ka bong a di dirile gona le tseo? (Bona le gone setshwantsho sa motshikinyego sa “To Look Upon”, Motlobo wa Efangele.)
4:15To Look Upon
Go dirisa ditshwantsho tsa motshikinyego. Ditshwantsho tsa motshikinyego di go thusa bona ka mogopolo tlhaloso ya dikwalo tse di boitshepo mme o akanyetse gore di ka go amang jang. Akanyetsa ka fa o ka didirisang ka teng go godisa go ruta le go ithuta. Sekai, fa o lebile “To Look Upon” (Motlobo wa Efangele), akanyetsa ka go emisa setshwantsho sa motshikinyego mo dintlheng ka go farologana go tlhatlhanya kgotsa go buisana ka dipotso tse di akantshitshweng mo tiragatsong e.
-
Mmaba o leka jang go go gogela mo tseleng ya boleo? Ke ditshwetso dife tse o ka di dirang gone jaanong gore o nne o sireletsegile semoweng?
-
Elatlhoko tsibogo ya ga Dafite mo polelong ya ga Nathane mo 2 Samuele 12: 1–6. Tsela e a neng a tsiboga ka yone e akantsha eng malebana le tsela e Dafite a neng a iteba ka yone Ke eng se Morena a se dirileng go go thusa go ipona ka nepagalo?
-
O ka soboka jang ditiragalo tse di mo go 2 Samuele 11–12 mo tlhagisong ya seele se le sengwe?
Go bala ka ditshwetso tse di maswe tsa ga Dafite di ka go gogela go ithuta ka diphatsa tsa ditshwatsho tsa thobalano kgotsa sebe sa tlhakanelo dikobo. Motswedi oo siameng ke For the Strength of Youth: A Guide for Making Choices[Nonofo ya Banana: kaelo ya dira tlhopo], bogolo jang karolo ya setlhogo sa “What to do in the moment[Se oka se dirang dirang ka nako eo]” le “Your body is sacred[Mmmele wa gago o itshepile]” (ditsebe 21–28). Ka gongwe o ka leba mo motswedi oo ka kgakololo ee ka bong e thusitse Dafite go dira maitshenkelo a a botoka. Kgotsa wa bala “Jesus Christ will help you[Jeso Keresete o tlaaa go thusa]” (tsebe 6–9) go leba sengwe s ka bong se thusits Dafita go boela Morena.
Akanyetsa go opela sefela jaaka “I need you Every Hour” (Hymns, no. 98) le go tlhatlhanya ka fa Mmoloki a go nontshitseng ka teng fa one o lebagane le dikgwetlho.
Bona gape 2 Nefi 28:20–24; Ulisses Soares, “Seek Christ in Every Thought,” LiahonaNgwanatsele 2020, 82–85; “Taking Charge of Technology,” Motlobo wa Efangele; “Watch your Step” (setshwantso sa motshikinego) Motlobo wa Efangele.
Watch Your Step
1 Dikgosi 3:1– 15
Neo ya temogo e nthusa go farologanya bosula le molemo.
Fa morena a ka go raya a re, “Kopa se ke tlaa se neelang” (1 Dikgosi 3:5), o ka kopa eng? Ke eng se se go kgatlhang ka kopo ya ga Solomone? Tlhatlhanya gore ke ka goreng “pelo ee tlhaloganyang” go lemoga bosula le molemo” (temana 9) ke neo ee molemo. O ka dira eng go batla neo e?
Bona gape Moroni 7:12–19.
1 Dikgosi 6–8; 9:1–9
Ka dikgolagano tse di dirilweng mo ntlong ya Morena, Morena o nna le nna.
Mo go 1 Dikgosi 6–7 o tla fitlhela ditlhaloso tse di tseneletseng ka boitshepo jwa ntlo e Solomone a e agetseng Morena. Dintlha gongwe di ka se nne botlhokwa mo go wena jaaka di ne di ntse mo Baiseraele ba bogologolo. Mme go bala ditemana tse go ka fa tlhaloganyo ya gore gone go le botlhokwa go le kae mo go bone go nna le ntlo ya Morena. Ke eng se le botlhokwa mo go wena?
O ka tlhatlhanya ka dikarolo tse di farologaneng tsa tempele ya ga Solomone gore di ka tswa di kaya eng. Sekai, akanyetsa gore kerubimi, ditlhare, le dithunya mo 1 Dikgosi 6:35 di ka tswa di emetseng. (Bona le gone Genesise 3:24)
Kgaolo 8 e gatisa thapelo ya ga Solomone ga a fetsa tempele (bona ditemana 22–61). Akanya ka go dira nankolo ya ditshegofatso tse Solomone a di kopileng. Ke eng se se go kgatlhang ka ditshegofatso tse? (Ela tlhoko gape ditsholofetso mo 1 Dikgosi 6:11–13; 9:19). Fa o kile wa ya kwa ntlong ya Morena, akanya ka maitemogelo a go obama teng. Go tshegetsa dikgolagano tsa tempele go go thusitse jang go fitlhelela ditshegofatso tsa Morena?
Bona le gone Dithuto le Dikgolagano 109; Henry B Eyring, “I Love to See the Temple,” Liahona, Motsheganong 2021, 28–31.
Tempele ya Barranquilla Colombia
1 Dikgosi 8:61; 11:1–11
“Pelo ya gagwe e ne e sa siama go Morena.”
Go raya eng “go letla pelo ya gago … go siama go Morena”? (1 Dikgosi 8:61). A se pharologano mo ditirong tsa rona go nna tshiamo? Kaga jang? Bala 1 Dikgosi 11:1–11, mme o lemoga ke eng se Morena a se buileng ka Solomone. O ka tlhatlhanya gore a go dikgoreletsi mo botshelong jwa gago tse di ka retolola pelo ya gago go tswa mo Moreneng mme o lebe kwa medimong e mengwe.
Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.
Megopolo ya go Ruta Bana
2 Samuele 11
Morena o ka nthusa fa ke raelesega.
-
“Kgosi Dafita” mo Dipolelo tsa Kgolagano e Kgologolo, 117–20, e ka go thusa go bolelela bana ba gago ka polelo mo go 2 Samuele 11. O ka kopa bana ba gago go tlhalosa ditshwetso tse Dafita a di dirileng mme o akanyetsa ditshwetso tse di siameng tse a kabong a di tsere go na le tsone. Ke dife dilo dingwe tse re ka di dirang fa re raelesega tse di ka re thusang go dira ditshwetso di siameng?
2:11King David
-
Go bala ka boleo jo bo masisi jwa ga Dafita e ka nna sebaka sa go buisana ka bodiphatsa jwa ditshwantsho tsa thobalano. setshwantsho sa motshikinyego sa “What Should I Do When I See Pornography?” (Motlobo wa Efangele) e na le kaelo e e thusang. Thusa bana ba gago go dira thulaganyo gore ba ka dira eng fa ba ka kopana le ditshwantsho tsa thobalano.
5:46What should I do when I see pornography?
1 Dikgosi 8:22–61
Go dira dikgolagano mo ntlong ya Morena—le go di tshegetsa—go nthusa go tsamaya mo ditseleng tsa Gagwe.
-
Fa wena le bana ba gago le ithuta ka tshwaelo ya tempele mo 1 Dikgosi 8, le ka leba ditshwantsho tsa tempele mo tshobokong ya beke e. Letla bana gore ba bue ka se ba se bonang mo ditshwantshong. O ka gatelela ditemana 57–58. Go raya eng go “tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa [Morena]”? (1 Dikgosi 8:58) Gongwe bana ba gago ba ka tsaya kgato mo karabong nngwe le nngwe e ba e fang.
-
Bolelela bana ba gago gore go tshegetsa dikgolagano tse o di dirileng mo tempeleng go go thusa go tsamaya mo ditseleng tsa Morena. O ka ba bolela gore dikgolagano tse ke eng (bona General Handbook, 27.2, Motlobo wa Efangele) Le gone le ka opela pina mmogo jaaka “I Love to See the Temple” (Children’s Songbook, 95).
Setshwantsho sa Tempele ya ga Solomone, ka Sam Lawlor
1 Dikgosi 11:1–11
Nka baya Morena pele mo botshelong jwa me.
-
Go bala ka fa basadi ba ga Solomone ba mo rotloeditseng ka teng go ka go gogela mo puong ya dikai tsa “medimo e mengwe”—kgotsa dilo tse batho ba di obamelang gongwe ba di rata mo boemong jwa Morena Re Mo supegetsa jang gore re a mo rata go feta sengwe le sengwe mo matshelong a rona?
Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.