Tlayang, Ntshaleng Morago
Seetebosigo 29–Phukwi 5. “Fa Morena e Le Modimo, Mo saleng Morago”: 1 Dikgosi 12–13; 17–22


“Seetebosigo 29–Phukwi 5. ‘Fa Morena e Le Modimo, Mo saleng Morago”: 1 Dikgosi 12–13; 17–22,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Seetebosigo 29–Phukwi 5. ‘Fa Morena e Le Modimo, Mo saleng Morago,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Elija fa pele ga aletara e e tukang

Elijah Contends against the Priests of Baal [Elija a Ganetsanya le Baperesiti ba ga Baale], ka Jerry Harston

Seetebosigo 29–Phukwi 5: “Fa Morena e Le Modimo, Mo saleng Morago”

1 Dikgosi 12–13; 17–22

Ntlo ya Iseraele e ne e tlhakatlhakane. Bogosi bo ne bo kgaogane, ka merafe e lesome e dira Bogosi jwa Bokone jwa Iseraele le merafe e mebedi e dira Bogosi jwa Borwa jwa Juta. Mme se se maswe go feta go kgaogana ga bone e ne e le go kgaogana ga magosi ka bobedi mo dikgolaganong tsa one. Dikgosi tse di boikepo di ne tsa gogela batho kgakala le Morena, mme batho ba le bantsi ba ne ba reketla mo tumelong ya bone.

Mo seemong se, Morena a bitsa Elija go nna moperofeti. Botshelo jwa gagwe bo supa gore motho o ka nna le tumelo e kgolo mo Moreneng le e leng mo diemong tse di maswe. Ka dinako tse dingwe Morena o tsibogela tumelo e e ntseng jalo ka dikgakgamatso tse di kgatlhang, tsa phatlalatsa, jaaka molelo o o wang go tswa kwa legodimong. Mme gape O dira dikgakgamatso tse di didimetseng, tsa bothokong, jaaka go fepa motlholagadi yo o boikanyego le morwawe. Mme gantsi dikgakgamatso tsa Morena ke tsa motho ka bongwe mo e leng gore di itsiwe ke motho a le mongwe fela – sekai, fa Morena a go itshenolela ka “lentswe le lesesane le le kokobetseng” (1 Dikgosi 19:12).

Go bona go le gontsi ka ga Elija, bona “Elijah” mo Bible Dictionary.

aekhone ya ithutuntsho

Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

1 Dikgosi 12:1–20

Baeteledipele ba ba tshwanang le Keresete ba direla batho ba ba ba eteletseng pele.

O ka tlhalosa jang phoso e Kgosi Rehoboame, morwa wa ga Solomone, a e dirileng mo 1 Dikgosi 12:1–14? Ke mokgwa o fe o o tshwanang le wa ga Keresete yo o ka bong o thusitse Rehoboame go boloka bogosi jwa gagwe? (bona temana 7; Mathaio 20:25–28; Mosia 2:10–21). O ka dirisa jang mekgwa e jaaka moeteledipele—gongwe mo pitsong ya Kereke kgotsa jaaka moeteledipele wa botshelo jwa gago?

1 Dikgosi 17:8–16; 19:19–21

aekhone ya seminari
Taletso go ntsha setlhabelo ke tshono ya go diragatsa tumelo ya me mo go Jeso Keresete.

Moperofeti Elija o kopile motlholagadi go mo neela dijo le metsi pele a a ja ene le morwa wa gagwe yo o tshwerweng ke tlala. Ke eng a ka dira seo? Kopo ya ga Elija e ka bonwa e le tshegofatso ya lelwapa le lennye le. Ba ne ba tlhoka ditshegofatso tsa Morena, mme go ntsha setlhabelo go tlisa ditshegofatso—go akaretsa tshegofatso ya tumelo e e nonofileng.

Jaaka o bala 1 Dikgosi 17:8–16, akanya fela o ne o le motlholagadi yo. Ke eng se se go kgatlhang ka ene? Le gone o ka dira nankolo ya maitshenkelo a a tlhokang tumelo mo go Jeso Keresete (ka sekai, bona For the Strength of Youth: A Guide to Making Choices [2022]). O ithuta eng go tswa mo motlholagading yo ka go diragatsa tumelo?

Ditiro tsa ga Elisha mo 1 Dikgosi 19:19–21 di tshwana jang le ditiro tsa motlholagadi?

Akanya ka ga ditlhabelo tse o di dirileng go sala Mmoloki morago. Ke eng se 1 Dikgosi 17:8–16; 19:19–21 e se go rutang ka ga ditlhabelo tse? Kitso ya gago ka ga Mmoloki e go thusa jang fa a go kopa go dira ditlhabelo? O go segofaditse jang?

Le gone bona Mathaio 4:18–22; 6:25–33; Luke 4:24–26; “Elijah and the Widow of Zarephath” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele; “When Faith Endures,” Hymns, no. 128.

10:13

Elijah and the Widow of Zarephath

1 Dikgosi 18

“Fa Morena e Le Modimo, Mo saleng Morago.”

Baiseraele ba tshwanetse ba ne ba ikutlwa ba na le lebaka le le molemo la go obamela Baale, yo a neng a itsege jaaka modimo wa matsubutsubu le pula. Morago ga dingwaga tse tharo tsa leuba, ba ne ba tlhoka pula thata. Mme go obamela Baale go ne go amogelwa mo setšhabeng le go rotloediwa ke kgosi le mohumagadi. Jaaka o bala 1 Dikgosi 18, akanya ka gore ke eng fa mongwe mo motlheng wa rona a ka tswa a sa dire tshwetso ka go sala Morena moraga. Mo kgaolong e, o akanya gore Morena o ne a leka go ruta eng ka ga Ene? Ke maitemogelo a fe a a go thusitseng go itlama go sala Mmoloki morago?

Bona le gone D. Todd Christofferson, “Choice and Commitment” (worldwide devotional for young adults, Jan. 12, 2020), Motlobo wa Efangele.

Elija mo Thabeng ya Horebe

Setshwantsho sa ga Elija, ka Wilson Ong

1 Dikgosi 19:1–18

Morena gantsi o bua ka ditsela tse di didimetseng, tse di motlhofo.

Ka maswabi, dikgakgamatso mo Thabeng ya Karemele ga di a dira thomo ya ga Elija motlhofo. Tota e bile, botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo diphatseng, mme o ne a tshwanelwa ke go iphitlha mo logageng kwa nageng. Fa a le koo, a lwantshana le bodutu le go kgobega marapo, o ne a nna le maitemogelo le Morena a a neng a farologane thata le maitemogelo a kwa Thabeng ya Karemele. Maitemogelo a ga Elija mo 1 Dikgosi 19:1–18 a go ruta eng ka ga ka fa Morena a buisanang le wena mo dinakong tsa gago tsa letlhoko?

Tlhatlhanya dinako tse o ikutlwileng gore Morena o buile le wena. O ka tlhalosa jang tsela e A buisanang le wena ka teng? Ke eng mafoko “kokobetseng” le “lesesane” e le ditsela tse di molemo go tlhalosa lentswe la Mowa? Ke mafoko a fe a mangwe a o a bonang mo Helamane 5:30; Dithuto le Dikgolagano 6:22–23; 11:12–14? O tlhoka go dira eng go amogela kaelo ya Morena gantsi thata?

Bona le gone Pesalema 46:10.

Dirisa mekgwa e mentsi go tokafatsa go ithuta. Rotlhe re ithuta ka ga lefatshe ka mekgwa e metlhano. Go dirisa mekgwa eo le gone go ka tokafatsa go ithuta efangele. Ka sekai, akanya ka ditshwantsho kgotsa medumo e o ka e dirisang go supa mafoko “kokobetse” le “le sesane” jaaka o ithuta kgotsa o ruta ka lentswe la Morena 1 Dikgosi 19.

Go feta fa, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .

aekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

1 Dikgosi 17

Morena o a ntshegofatsa jaaka ke nna le tumelo mo go Ene.

  • Go thusa bana ba gago go ithuta dipolelo tsa tumelo mo 1 Dikgosi 17, o ka ba bontsha ditshwantsho kgotsa didirisiwa go supa dipolelo, jaaka dinonyane, borotho, kgotsa mosimane. Jaaka o bolelela bana ba gago dipolelo tse, ba laletse go batla setshwantsho kgotsa sedirisiwa se se tsamaelanang le polelo e nngwe le e nngwe. “Elijah the Prophet” (mo Old Testament Stories, 121–24) e ka go thusa go bolela dipolelo tse. Polelo e nngwe le e nngwe e re ruta eng ka go supa tumelo mo go Jeso Keresete?

    1:58

    Elijah the Prophet

  • Thusa bana ba gago go akanya ka ditsela tse ba ka supang tumelo ya bone mo go Jeso Keresete. Opela le bone pina ka ga tumelo, jaaka “I Have Faith in the Lord, Jesus Christ [Ke Na Le Tumelo Mo Go Morena, Jeso Keresete]” (Motlobo wa Efangele), mme lo abelane ka bo lona se lo se ithutang ka ga tumelo go tswa mo pineng.

Elija, motlholagadi, le morwa wa gagwe

Setshwantsho sa ga Elija le go fodisiwa ga morwa wa motlholagadi, ka Charles Edmund Brock

1 Dikgosi 17:8–16

Fa Morena a nkopa go ntsha setlhabelo, ke ka obamela ka tumelo.

  • Gongwe bana ba gago ba ka tshwantsha setshwantsho sa se Morena a se kopileng motlholagadi go se neela Elija (bona 1 Dikgosi 17:12–13) le se motlholagadi a se amogetseng mo poelong (bona 1 Dikgosi 17:15–16). (Bona le gone tsebe ya tiragatso ya beke e.) Gape ba ka batla ditshwantsho tsa batho ba bangwe ba ba neng ba neeela sengwe se ba neng ba se batla gore ba bone sengwe se se botoka. Laletsa bana ba gago go batla ditshwantsho mo Gospel Art Book kgotsa Tlayang, Ntshala Morago. Morena o re kopa re ntshe eng setlhabelo? O re segofatsa jang?

1 Dikgosi 18:17 -39

Ke ka itlhophela go sala Jeso Keresete morago.

  • Jaaka lo bala 1 Dikgosi 18:17–39 mmogo, bana ba gago ba ka tlhopha temana le go tshwantsha setshwantsho se e se tlhalosang. Ba ka dirisa setshwantsho sa bone go bolela polelo ka mafoko a bone. (Bona le gone “Elijah and the Priests of Baal,” mo Old Testament Stories, 125–28.)

    2:17

    Elijah and the Priests of Baal

  • Thusa bana ba gago go akanya ka diemo tse ba ka tlhokang go tsaya tswetso gore a ba sale Jeso Keresete morago kgotsa ba seka ba mo sala morago. Gongwe ba ka itshwantsha ba dira tshwetso e e siameng. Abelanang ka bo lona gore ke eng lo itlhophela go sala Jeso morago.

1 Dikgosi 19:9–12

Morena o bua le nna ka lentswe le le sesane le le kokobetseng la Mowa o o Boitshepo.

  • Jaaka o soboka 1 Dikgosi 19:9–12, laletsa bana ba gago go dira ditiro go emeladiphefo tse di maatla, thoromo ya lefatshe, le molelo. Ke gone ba laletse go nna ba kokobetse jaaka lo bua mmogo le re, ka lentswe le le kwa tlase, “morago ga molelo ga nna lentswe le lesesane le le kokobetseng” (temana 12). (Bona le gone “The Lord Speaks to Elijah,” mo Old Testament Stories, 129–31.) Bolelela bana ba gago ka dinako tse o itemogetseng lentswe le lesesane le le kokobetseng la Mowa o o Boitshepo.

    1:48

    The Lord Speaks to Elijah

  • Ka tidimalo opela pina ka ga Mowa, jaaka “The Still Small Voice” (Children’s Songbook, 106–7). Ke eng se se ka re kgoreletsang go lemoga Mowa? Ke eng se se ka re thusang go Mo utlwa?

Go feta, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e wa friend .

motlholagadi wa Sarephathe le morwa wa gagwe

Widow of Zarephath [Motlholagadi wa Sarephathe], ka Rose Datoc Dall

Tsebe ya tiragatso ya poraemari: Fa Morena a nkopa go ntsha setlhabelo, ke ka obamela ka tumelo