Tlayang, Ntshaleng Morago
Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: “Jeso O Tlaa Raya Iseraele Yotlhe A Re, ‘Tlang Gae’”


“Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: ‘Jeso O Tlaa Raya Iseraele Yotlhe A Re, ‘Tlang Gae,”’” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: “Jeso O Tlaa Raya Iseraele Yotlhe A Re, ‘Tlang Gae,”’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

aekhone ya dikakanyo

Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa

“Jeso O Tlaa Raya Iseraele Yotlhe A Re, ‘Tlang Gae’”

Mo sekakeng sa Sinai, Moše o ne a phuthela bana ba Iseraele kwa tlase ga thaba. Koo Morena a bolela gore o batla go fetola setlhopha se sa makgoba se sa tswang go gololwa bošheng go nna batho ba ba nonofileng. “Lo tlaa nna mo go nna,” A re, “bogosi jwa baperesiti, le tšhaba e e boitshepo” (Ekesodo 19:6). O ne a solofetsa gore ba tlaa segofala le go tlhogonolofala, le fa ba dikaganyeditswe ke baba ba bagolo, e bile ba le maatla.

Tse tsotlhe di tlaa diragala e seng ka gore Baiseraele ba ne ba le bantsi kgotsa ba le thata kgotsa ba na le bokgoni. Go tlaa diragala, Morena a tlhalosa, fa ba “obamela lentswe la [Gagwe] tota, le go tshegetsa kgolagano ya [Gagwe]” (Ekesodo 19:5). Thata ya Modimo, e seng ya bone, e tlaa ba dira maatla.

Mme gone Baiseraele ba ne ba sa obamele ka metlha lentswe la Modimo, mme ka mo tsamaong ya nako ba emisa go tshegetsa kgolagano ya Gagwe. Bontsi ba obamela medimo e sele mme ba ikgolaganya le ditiragatso tsa dingwao tse di ba dikaganyeditseng. Ba latola selo seno se o se ba dirileng gore ba nne tšhaba e e kgethegileng—kamano ya kgolagano ya bone le Morena. Kwa ntle ga thata ya Modimo go ba sireletsa, gone go sena sepe se se ka emisang baba ba bone.

Go Phatlhaladiwa

Nako tse dintsi fa gare ga e ka nna 735 le 720 BC, Basiria ba tlhasela Bogosi jwa Bokone jwa Iseraele, legae la merafe e lesome ya tse di lesome le bobedi, mme ba tsaya dikete tsa Baiseraele botshwarwa mo dikarolong tse di farologanyeng tsa Bogosi jwa Asiria. Baiseraele ba bo ba itsege jaaka “merafe e e latlhegileng,” gonne bontlha bongwe ba ne ba ntshiwa go tswa mo lefatsheng la bone le go phatlhaladiwa mo gare ga ditšhaba tse dingwe. Mme le gone ba ne ba latlhegile mo go tseneletseng: mo tsamaong ya nako ba ne ba latlhegelwa ke bokao jwa bone jaaka batho ba kgolagano ba Modimo.

Kgabagare batho ba bantsi mo bogosing jwa Borwa jwa Juta le bone ba fetogela Morena. Baasiria ba ne ba tlhasela le go fenya bontsi jwa bogosi joo le bone; ke Jerusalema fela e e neng ya dibelwa ka kgakgamatso. Morago, fa gare ga 597 le 580 BC, Bababilone ba ne ba senya Jerusalema, go akaretsa tempele, le go tsaya batho ba bantsi e le batshwarwa. E ka nna morago ga dingwaga tse 70, masalela a Juta a letlelelwa go boela kwa Jerusalema le go aga tempele sešha. Bontsi, le fa go ntse jalo, ba nna mo Babilone.

Jerusalema a fisitswe ke molelo

The Destruction of Jerusalem by Nebuzar-adan [Tshenyo ya Jerusaleme ka Nebusare-adane], ka William Brassey Hole, © Providence Collection/licensed from goodsalt.com

Fa nako e feta, Baiseraele go tswa mo merafeng yotlhe ba “phatlhaladiwa … ka sefefo mo gare ga ditšhaba tsotlhe bao ba sa ba itseng” (Sakarea 7:14). Bangwe Morena a ba gogela kwa mafatsheng a mangwe. Ba bangwe ba tlogela Iseraele ba tshaba botshwarwa kgotsa ka mabaka a sepolotiki kgotsa itsholelo.

Re bitsa ditiragalo tse tsotlhe go phatlhaladiwa gwa Iseraele. Mme go botlhokwa go itse ka go phatlaladiwa ka mabaka a le mmalwa. Ka selo se le sengwe, ke setlhogo se se tona sa Kgolagano e Kgologolo—bontsi jwa baperofeti ba Kgolagano e Kgologolo e ne e le basupi ba semowa ba go wa jo bo tlisitseng go phatlhaladiwa. Ba e bonetse pele mme ba tlhagisa ka ga yone. Bangwe ba bone ba ne ba tshidile go e ralala. Se se a thusa go se gakologelwa fa o bala dibuka tsa ga Isaia, Jeremia, Amose, le baperofeti ba bangwe mo karolong ya bofelo ya Kgolagano e Kgologolo. Ka kgang eo mo tlhaloganyong, fa o bala diperofeto tsa bone ka ga Asiria le Babilone, kobamelo ya medimo ya disetwa le botshwaro, tshenyego le kgabagare tsosoloso, o tlaa itse se ba buang ka sone.

Go tlhaloganya go phatlhaladiwa ga Iseraele go tlaa go thusa go tlhaloganya Buka ya ga Momone botoka le gone, gonne Buka ya ga Momone ke polelo ya kala ya Iseraele o o phatlhaladitsweng. Polelo e e simolola ka lelwapa lwa ga Lehi le tshaba mo Jerusalema e ka nna 600 BC, pele fela ga Babilone ba tlhasela. Lehi e ne e le mongwe wa baperofeti bao ba baneng ba perofeta ka ga go phatlhaladiwa ga Iseraele. E bile lelwapa lwa gagwe le thusitse go fitlhelelwa ga perofeso eo, ba tsaya kala ya bone ya Iseraele le go e jwala mo bontlheng bongwe jwa lefatshe, mo Amerika.

Go Phuthega

Go phatlhaladiwa ga Iseraele, le fa gontse jalo, ke fela sephatlho sa polelo. Morena ga a lebale batho ba Gagwe, le fa e le go ba ikgatholosa, le fa Ene ba mo ikgatholositse. Diperofeso tse dintsi gore Modimo o tlaa phatlhalatsa Iseraele di ne di patagane le ditsholofetso tse dintsi gore letsatsi lengwe o tlaa ba phutha.

Letsatsi le o ke gompieno—letsatsi la rona Go phuthiwa go setse go simolotse. Ka 1836, dikete tsa dingwaga morago ga Moše a phutha bana ba Iseraele kwa tshimologong ya Thaba ya Sinai, o ne a iponatsa mo Tempeleng ya Kirtland go neela Joseph Smith “dilotlele tsa go phuthiwa ga Iseraele go tswa mo dikarolong tse nne tsa lefatshe” (Dithuto le Dikgolagano 110:11). Jaanong, ka kaelo ya batho ba ba tshegetsang dilotlele tse, merafe ya Iseraele e a phuthiwa go tswa mo tšhabeng nngwe le nngwe kwa batlhanka ba Morena ba kgonang go ya teng.

Moše a iponatsa go Joseph Smith le Oliver Cowdery mo Tempeleng ya Kirtland

Moses, Elias, and Elijah Appear in the Kirtland Temple [Moše, Eliase, le Elija ba iponatsa mo Tempeleng ya Kirtland], ka Gary E. Smith

Poresidente Russell M. Nelson o biditse go phutha mo “selo se se botlhokwa thata se se diragalang mo lefatsheng gompieno. Ga gona sepe se tshwantshanngwang ka bokete, ga gona sepe se se tshwantshanngwang ka botlhokwa, ga go na sepe se se tshwantshanngwang ka bogolo. Mme fa o itlhophela, fa o batla, o ka nna karolo e tona ya yone.”

Re ka thusa jang? Go raya eng go phutha Iseraele? A go raya go busetsa merafe e e lesome le bobedi kwa mafatshe a ba kileng ba bo ba nna kwa go one? Ka boammaaruri, go raya sengwe se segolo, mo go golo ka bosakhutleng. Jaaka Poresidente Nelson a tlhalositse:

“Fa re bua ka go phutha, motlhofo ra re motheo wa boamaaruri: mongwe le mongwe wa bana ba ga Rara wa rona wa Legodimo, mo matlhakoreng otlhe a sesiro, ba tshwanelwa ke go utlwa molaetsa wa tsosoloso wa efangele ya ga Jeso Keresete. …

Nako le nako fa o dira sengwe le sengwe se se thusang ope—mo go lepe letlhakore la sesiro—go tsaya kgato go atumela go dira dikgolagano le Modimo le go amogela kolobetso e botlhokwa le ditao tsa tempele, o thusa go phutha Iseraele. Go motlhofo fela jalo.”

Se se diragala, jaaka Isaia a buile, “ka bongwe ka bongwe” (Isaia 27:12) kgotsa, jaaka Jeremia a boletse pele, “bongwe mo toropo, le ba babedi mo lelwapeng” (Jeremia 3:14).

Go phutha Iseraele go raya go tlisa bana ba Modimo kwa go Ene. Go raya go ba buseletsa kwa botsalanong jwa kgolagano le Ene. Go raya go tlhomamisa gape “tšhaba e e boitshepo” e a solofeditseng go e tlhomamisa bogologolo (Ekesodo 19:6).

Tlayang Gae

Jaaka mongwe yo o dirileng kgolagano le Modimo, o karolo ya ntlo ya Iseraele. O phuthilwe, e bile o mo phuthi. Polelo e kgolo ya makgolo a dingwaga ya batho ba kgolagano e agela go ya motsubong, e bile o motsamiki wa konokono. Jaanong ke nako fa “Jeso a tlaa re go Iseraele otlhe, ‘Tlayang Gae.’”

Se ke molaetsa wa ba phuthi: Tlaya gae go kgolagano. Tlaya gae go Sione. Tlaya gae go Jeso Keresete, Moitshepi wa Iseraele, mme o tlaa le tlisa gae go Modimo, Rra wa lona.

Dintlha

  1. Bona Duteronome 28:1–14.

  2. Bona 2 Dikgosi 17:6–7; 2 Ditiragalo 36:12–20.

  3. Bona 2 Kings 17:1–7. Merafe e lesome e e neng e tserwe botshwarwa ke Asiria e ne e le Rubene, Simeone, Isakare, Sebulone, Dane, Nafetali, Gate, Ašere, Eferaime le Manase. Morafe wa Lefi o ne o gasagasame go ralala dikgaolo tsa merafe e mengwe gore ba dire maikarabelo a bone a boperesiti.

  4. Bona 2 Dikgosi 19; Isaia 10:12–13.

  5. Bona 2 Dikgosi 24–25; 2 Ditiragalo 36; Jeremia 39; 52.

  6. Bona Esera 17; Nehemia 2.

  7. Bona 2 Nefi 1:1–5; Omoni 1:15–16.

  8. Bona 2 Dikgosi 25:22–26; Jeremia 42:13–19; 43:1–7.

  9. Ka AD 70, Jerusalema le tempele ya gagwe gape di ne tsa senngwa, nako e ke Baroma, mme masalela a Bajuta ba ne ba phatlalala go ralala ditšhaba tse dintsi.

  10. Bona Jeremia 29:18; Esekiele 22:15; Hosea 9:17; Amose 9:9; 1 Nefi 1:13.

  11. Bona 1 Nefi 15:12.

  12. Bona 1 Nefi 1:13, 18–20; 10:12–14.

  13. Bona Isaia 5:26; 27:12; 54; Jeremia 16:14–15; 29:14; 31:10; Esekiele 11:17; 34:12; 37:21–28; Sekaria 10:8; 1 Nefi 10:14; 22:25; 3 Nefi 16:1–5; 17:4.

  14. Russell M. Nelson, “Hope of Israel” (worldwide youth devotional, Seetebosigo 3, 2018), Motlobo wa Efangele.

  15. Russell M. Nelson, “Hope of Israel.

  16. Bona 2 Nefi 30:2

  17. Now Let Us Rejoice,” Hymns, no. 3.