Phukwi 13–19 “O ne a Ikanya Morena Modimo wa Iseraele” 2 Dikgosi 16–25,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
Phukwi 13–19 “O ne a Ikanya Morena Modimo wa Iseraele” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
The Flight of the Prisoners, ka James Jacques Joseph Tissot le ba bangwe
Phukwi 13–19: “O ne a Ikanya Morena Modimo wa Iseraele”
2 Dikgosi 16– 25
Le ntswa tirelo ee nonofileng ya moperofeti Elisha, batho ba Bogosi jwa Bokone ba Iseraele ba seka ba sokologa. Kgabagare, ba Mmuso wa Asaria wa fenya le go phatlalatsa merafe e e lesome le bobedi ya Iseraele. Go sale jalo, Bogosi jo bo kwa Borwa jwa Juta bo ne bo sa dire botoka: kobamelo ya medimo ya disetwa e ne gape e aname koo.
Mo gare ga go bola ga mowa, dikwalo tse di boitshepo di umaka dikgosi tse pedi tsa Juta ba ka nakwana, ba neng ba sokololela batho gape kwa go Morena. Mongwe e ne le Hesekia. Ka nako ya bogosi jwa gagwe, Baasaria ba fenya bontsi jwa Juta. Mme Hesekia le batho ba gagwe ba ne ba supa tumelo mo Moreneng, yo o neng a boloka Jerusalema ka tsela e e gakgamatsang. Moragonyana, morago ga nako e nngwe ya pherekano, Josia a nna kgosi. A tlhotlholediwa ka bontlha bongwe ka go itemogela buka ya molao ya ga Moše,Josia a tlisa diphetogo go tsosolosa botshelo jwa tumelo mo bathong ba gagwe.
Jaaka Iseraele le Juta, rotlhe re dira ditshwetso tse di molemo kgotsa bosula. Fa re itemogela gore matshelo a rona a tlhoka diphetogo, re ka tsaya kgothatso mo dintlheng tse pedi tse mo dingwageng tsa lefifi mo ditsong tsa Juta. Ka gongwe dikai tsa ga Hesekia le Juta di ka re rotloetsa go “Ikanya mo go Morena Modimo wa rona” (2 Dikgosi 18:22).
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
2 Dikgosi 18–19
Nka nna boammaruri mo Moreneng fa tumelo ya me lekwa
Bontsi jwa rona re itemogela kgwetlho eo ya tumelo ya rona. Ka ga Hesekia le batho ba gagwe, e nngwe ya dikgwetlho tseo e tsile fa masole a Asaria ba atamela Jerusalema. Fa o bala 2 Dikgosi 18–19, akanya gore o tshedile mo Jerusalema ka nako e. O ka bo o ikutlwile jang, sekai go utlwa Baasaria ba ngongola mo 2 Dikgosi 18:28–37; 19:10–13? O ka bo o dirile eng? Tshwantshanya mabaka a Baasaria a gore Baiseraele ba seka ba tshepa Morena le mabaka a Satane a re a nayang go belaeala tumelo ya rona gompieno. O ka nna gape wa bapisa mabaka a Baasiria le mabaka a gago a gore ke eng o tshepa Morena.
O ithutang eng ka dikgato tsa Hesekia mo seemong se? (Bona 2 Dikgosi 19:1–7, 14–19). Morena o fetotse jang? (Bona 2 Dikgosi 19:35–37). Ke ka ntlha yang fa o akanya gore Hesekia o ne a nna a ikanyega? (Bona 2 Dikgosi 18:5–7). Tlhatlhanya ka fa Morena a go tshegeditseng ka teng mo dinakong tsa dikgwetlho. O ikutlwa o tlhotlholediwa go dira eng go nonotsha tshepho ya gago mo go Ene?
Molaetsa wa ga Poresidente Jeffrey R.Holland “Fear Not: Believe Only!” (Liahona, Motsheganong 2022, 34–36) o na le dikgakololo tse di thusang ka dinako tsa poifo le pelaelo. Sefela jaaka “Let us All Press On” (Hymns, no. 243) le sone se ka nna le melaetsa e e kgothatsang. Ke eng se o se bonang mo didirisiweng tseno se se go thusang?
Bona gape 2 Ditiragalo 31–32; 3 Nefi:3–4; Jorg Klebingat, “Valiant Discipleship in the Latter Days,” Liahona, Motsheganong 2022, 107–10.
Dirisa dithuso tsa go ithutontsha dikwalo tse di boitshepo Kereke e neela dithuso tse dintsi go go thusa go tlhaloganya dikwalo tse di boitshepo. Ka sekai, mo Motlobong wa Efangele o ka fitlhela Guide to the Scriptures[Kaelo go Dikwalo tse di Boitshepo], Topics and Questions[Ditlhogo le Dipotso], le Church magazines[Dimakasine tsa Kereke]. Go tlalaletsa, fa o bala Kgolagano e Kgologolo, o ka fitlhela kgangkgolo le dintlha tse di mosola mo go “Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa” ditlhogo tse di mo Tlayang, Ntshala Morago. Setlhogo se se reng “Jesus Will Say to All Israel ‘Come Home’” se ka go thusa mo ithutontsong ya gago ya 2 Dikgosi 16–25.
2 Dikgosi 19:20–37
Dilo tsotlhe di mo diatleng tsa Morena,
Sennacherib, kgosi a Baasari, o ne a nale lebaka le le siameng go dumela gore masole a ka fenya Jerusalema (bona 2 Dikgosi 17; 18;33–34; 19:11–13). Mme Morena o ne a na le molaetsa ka Sennacherib, o filwe ke moporofeti Isaia. O gatisitswe mo 2 Dikgosi 19:20–34. Ke boammaruri bofe jo o bonang mo molaetseng wa Morena jo bo ka go thusang go nna le tumelo mo go Ene le togamano ya gagwe?
2 Dikgosi 21–23
Dikwalo tse di boitshepo di ka fetolela pelo ya me kwa Moreneng.
A o kile wa ikutlwa gore o tlhaela sengwe sa semoya? Gongwe o ne wa utlwa gore kamano ya gago le Modimo e ka nonofa go feta foo. O thusitswe ke eng go sokologela kwa go Ene? Tlhatlhanya dipotso tse fa o bala 2 Dikgosi 21–23, tse di tlhalosang ka fa Bogosi ba Juta bo weleng ka teng go tswa mo Moreneng ka fa tlase ga Kgosi Manase (bona 2 Dikgosi 21) le ka fa Kgosi Josia a thusitseng batho go boela kwa go Ene (bona 2 Dikgosi 22–23). Josia le batho ba gagwe ba ne ba fetoga jang le gone goreng? (Bona 2 Dikgosi 22: 8–11; 23: 1–6. 21,24).
Poresidente Spencer W. Kimball o biditse polelo ya ga Kgosi Josia “nngwe ya dipolelo tse di gaisang mo go tsotlhe mo dikwalong tse di boitshepo” (Teachings of the Presidents of the Church: Spencer W, Kimball [2006], 62) Bala mafoko a ga Poresidente Kimball ka ga Kgosi Josia (ditsebe 62–64 Gongwe o ka akanya ka maitemogelo fa temana ya lokwalo le le boitshepo e ne e “dira ka maatla” mo go wena. Ke eng se o ka se dirang gore o amogele maitemogelo a mantsi a a ntseng jalo?
Bona gape Alema 31:5, “Josiah and the Book of Law” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele.
Josiah and the Book of the Law
2 Dikgosi 23:1–25
Kgolagano ke maitlamo a mowa otlhe fa gare ga me le Morena.
O kgatlhiwa ke eng ka kgolagano e Josia a e dirileng mo 2 Dikgosi 23:3? Fa o tsweletse o bala kgaolo 23, tlhokomela gore Josia o ne a supa maitlamo a gagwe mo Moreneng (bona setshwantsho kwa bofelong jwa seele se). O ka supang jang maitlamo mo go Ene?
Mo gontsi, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.
Megopolo ya go Ruta Bana
2 Dikgosi 18:3–6; 19:14–19
Ke ka ikanya Rara wa Legodimo le Jeso Keresete.
-
Mo go 2 Dikgosi 18:3,5–6, thusa bana ba gago go lemoga se se dirileng Hesekia kgosi e e molemo. Ke gone, fa le ntse le bala mmogo 2 Dikgosi 19: 14–19, ba ka lemoga ka fa a neng a supa ka teng gore o tshepa Morena. O ka lebelela setshwantsho sa ga Jeso Keresete mme la bua ka gore ke eng re ka mo ikanya. Re ka supa jang gore re ka ikanya Morena?
2 Dikgosi 22:1–7
Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba ka inkanya.
-
Mo 2 Dikgosi 22:1, thusa bana ba gago go lemoga gore Josia o ne a na le dingwaga di le kae fa a nna kgosi. Re ithuta eng ka ga Josia mo temana 2? Akanya ka tiragatso e e ka supang go sala Morena morago mme o sa fapogele “ka fa letsogong la moja kgotsa la molema.”
-
Badiri ba ba tlhalosiwang mo 2 Dikgosi 22:3–7 ba ne ba tshepiwa ka madi a go aga tempele sesha “ka gonne ba ne ba dira ka boikanyego” (temena7). Fa lo sena go bala ditemana tseno, wena le bana ba gago lo ka bua ka dilo tse lo ntseng lo tshepilwe ka tsone. Re ka tshephega jang jaaka badiri ba ba mo ditemaneng tse?
Mokwadi a tlisa sekorolo sa dikwalo tse di boitshepo kwa go Kgosi Josia; setshwantsho ka Robert T. Barrett
2 Dikgosi 22:8–11: 23:2–3
Dikwalo tse di boitshepo di nthuta go sala Jeso Keresete morago.
-
Go simolodisa polelo ya ga kgosi Josia mo 2 Dikgosi 22–23, o ka fitlha moriti wa dikwalo tse di boitshepo golo gongwe mo ntlwaneng. Laletsa bana ba gago go o batla. Jaanong o ka abelana gore gone ga diragala eng fa mongwe wa baruti ba ga Josia a bona dikwalo tse di boitshepo mo tempeleng (bona 2 Dikgosi 22 8–11; bona gape “Kgosi Josia” mo Old Testament Stories[Dipolelo tsa Kgolagano e Kgologolo], 148–49). Re ne re ka diragalelwa ke eng fa re ne re sena dikwalo tse di boitshepo? Abelanang gore ke ka ntlhayang lo itumelela gore re na le dikwalo tse di boitshepo gompieno.
1:36King Josiah
-
Fa le sena go bala 2 Dikgosi 23:2–3, wena le bana ba gago le ka bua ka dikwalo tse di boitshepo tse di le rotloeditseng go “sala Morena morago” (temana 3). Le gone lo ka opela mmogo pina ka go bala dikwalo tse di boitshepo, jaaka “Search, Ponder, and Pray” (Children’s Songbook, 109).
2 Dikgosi 23:1–3
Ke tlaa tshegetsa dikgolagano le Modimo.
-
Fa Josia le batho ba gagwe ba ne ba ithuta ditaelo tsa Modimo, ba ne ba dira kgolagano ya go di tshela. Bala ka se le bana ba gago mo go 2 Dikgosi 23:1–3, mme o ba thuse go batla lefoko kgotsa seelana se se supang ka fa batho ba neng ba ikutlwa ka teng ka ditaelo tsa Modimo. Gongwe bana ba gago ba ka ema mme ba bua ka se se ka rayang go “[ema] mo kgolaganong.” Go tswa foo ba ka tsamaya mo lefelong le go bua gore go ka raya eng go “sala Morena morago.” Se se latelang, ba ka baya diatla tsa bone mo dipelong tsa bone mme ba kaya ditsela tse re ka tshegetsang dikgolagano tsa rona “ka dipelo tsa [rona]tsotlhe.”
Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.