Tlayang, Ntshaleng Morago
Phukwi 20–26 “Matlho a Rona A mo go Wena”: 2 Ditiragalo 14–20; 26; 30


Phukwi 20–26 ‘Matlho a Rona a mo go Wena’: 2 Ditiragalo 14–20; 26, 30,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

Phukwi 20–26 “Matlho a Rona A mo go Wena,’” Tlayang, Ntshalang: 2026

Kgosi Jehoshafate a rapela

King Jehoshaphat’s Prayer [Thapelo ya ga Kgosi Jehoshafate], ka Keeley Rae

Phukwi 20–26: “Matlho a Rona a mo go Wena”

2 Ditiragalo 14–20; 2630

Bogosi jwa Juta bo ne bo dikaganyeditswe. Masole a a tswang kwa ditšhabeng tse tharo tse di nonofileng tsa baba a ne a gatela pele otlhe ka nako e le nngwe, a ipaakanyeditse ntwa. Mo motsotsong ono wa go tlhoka thuso o o tlhomolang pelo, Jehoshafate, Kgosi ya Juda, o ne a leba kwa Kgosing ya legodimo le lefatshe. Jehoshafate o ne a phutha batho ba gagwe kwa tempeleng mme ba rapela. O ne a amogela bokoa jwa bone jwa setho mme a kopa gore ba gololwe. Fa a araba, Morena o ne a solofetsa tshireletso ya gagwe: “O se ka wa boifa, le fa e le go tshoga” (2 Ditiragalo 20:17).

Re ka nna ra bo re se na mophato o o tlhaselang fa kgorong ya rona o o tshosetsang go re senya, mme ka dinako tse dingwe re ikutlwa re dikologilwe ke mathata le bosula. Tsela ya rona ya go gololwa ke yone e Jehoshafate a neng a e batla, mme thapelo ya rona le yone e ka tshwana le ya gagwe: “O Modimo wa rona, … ga re na maatla kgatlhanong le setlhopha se segolo se se tlang kgatlhanong le rona; le gone ga re itse se re tshwanetseng go se dira, mme matlho a rona a mo go wena” (2 Ditiragalo 20:12).

Mo 2 Ditiragalo 14–30, o tla bala ka Jehoshafate le dikgosi tse dingwe tsa kwa Juta. Akanya kafa diphetogo tsa bone tse di tlhotlhelediwang ke tumelo, diphenyo tsa bone le dikgwetlho tsa bone di ka amang botshelo jwa gago ka teng.

Go bona kakaretso ya buka ya 2 Ditiragalo, bona“Ditiragalo” mo Guide to the Scriptures.

aekhone ya ithuthuntsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

2 Ditiragalo 14–16

Go ikanya Modimo go tlaa ntlisetsa kagiso.

Fa Asa e le kgosi ya Juda, o ne a lebana le mathata a le mantsi—fela jaaka rotlhe re lebana le one gompieno. Fa o ntse o bala ka diteko tse a neng a lebana le tsone, ela tlhoko gore o ne a ikanya kae le kafa seo se neng sa fetoga ka gone fa nako e ntse e tsamaya.

Kumako

Dikgwetlho tse Asa a neng a lebane le tsone

Kwa Asa a neng a ikanya teng

Kumako

2 Ditiragalo 14:9–12

Kumako

2 Ditiragalo 15:1–8

Kumako

2 Ditiragalo 16:1–10

Ke eng fa ka dinako tse dingwe re tlogela go tshepa Morena? Ke eng se sengwe se o se ithutang mo botshelong jwa ga Asa?

Bona gape D. Todd Christofferson “Our Relationship with God,” Liahona, Motsheganong 2022, 78–80.

2 Dikgosi 18

Ke kgona go femela boammaaruri, le fa bo sa ratwe ke batho.

Moperofeti Mikaia o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa a gatelelwa thata ke go bolelela pele gore dikgosi Jehoshafate le Ahabe ba tla atlega mo ntweng ya bone kgatlhanong le Siria. Batla bosupi jwa kgatelelo eo mo 2 Ditiragalo 18:1–12. Ke bosupi bofe jo o bo bonang jwa bopelokgale le bothokgami jwa ga Mikaia mo ditemana 13–27? (Ela tlhoko gore mo temaneng 14, Mikaia o araba ka tsela ya go sotla; karabo ya gagwe ya mmatota e mo temaneng 16.) Mafoko a ga Mikaia a diragadiwa jang mo ditemana 28–34?

Ke maemo afe a mo go one o ka lebanang le kgatelelo e e tshwanang le e Mikaia a neng a lebane le yone? Ke eng se se go nayang bopelokgale jwa go emela Morena le dithuto tsa Gagwe?

mmepe wa Juta

Ka dinako tsa ga Kgosi Jehoshafate, ditšhaba di le tharo di ne tsa tlhasela Jerusalema.

2 Ditiragalo 20:1–25

aekhone ya seminari
Mo dinakong tse di thata, nka retologela kwa go Modimo le baperofeti ba Gagwe.

Fa o ntse o bala 2 Ditiragalo 20:1–12, batla se Kgosi Jehoshafate a neng a se dira fa merafe e mentsi e ne e tla go tlhasela Juta. O ka dirisa jang ditiro tsa gagwe mo maemong a a gwetlhang a o lebaneng le one?

Phetolo ya Morena ya thapelo ya ga Jehoshafete e gatisitswe mo ditemana 14–17. Ke dipolelwana dife tse o di fitlhelang koo tse di ka go gomotsang kgotsa tsa kgona go gomotsa mongwe yo o mo itseng ka nako ya mathata?

Letsatsi le le latelang, batho ba Jerusalema ba ne ba tswa go ya go kgatlhantsha masole a a neng a ba ganetsa. Fa o ntse o bala 2 Ditiragalo 20:20, batla molaetsa o Jehoshafate a neng a o naya batho ba Jerusalema. Mafoko a gagwe a ne a diragadiwa jang? (bona ditemana 22–23). Modimo o go segofaditse jang ka ntlha ya go dumela mo go Ene le go latela baperofeti ba Gagwe?

Poresidente Russell M. Nelson o ne a re: “Maitemogelo a me ke gore fa o setse o emisitse go baya matshwao a potso ka fa morago ga dipolelo tsa moperofeti mme o baya matshwao a kgakgamalo boemong jwa one, mme o dira jalo, masego a tshologa fela. Ga ke nke ke ipotsa gore, ‘Ke leng moperofeti a bua jaaka moperofeti mme ke leng a sa bue?’ Kgatlhego ya me e ntse e le gore, ‘Nka tshwana jang le ene thata?’” (mo go Lane Johnson, “Russell M. Nelson: A Study in Obedience,” Ensign, Phatwe. 1982, 24).

Bona le gone Dithuto le Dikgolagano 21:4–6; “A Secure Anchor” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele; “Make inspired choices,” Go Nonofo ya Banana: Kaelo ya go Dira Ditshwetso (2022), 4–5.

3:37

A Secure Anchor

Lemoga dipolelo tse di motlhofo tsa boammaaruri. Mogolwane Neal A. Maxwell o ne a ruta jaana: “Dikwalo tse di boitshepo di re neela diteemane tse dintsi thata tsa thuto. Mme fa lesedi la Mowa le tshameka mo matlhakoreng a lone a a mmalwa, di phatsima ka tlhaloganyo ya selestiale mme di bonese tsela e re tshwanetseng go e sala morago” (“According to the Desire of [Our] Hearts,” Ensign, Nov. 1996, 21). Fa o ithuta dikwalo tse di boitshepo, akanyetsa go tsaya nako go lemoga, go tshwaya, le go akanya ka melaetsa e mekhutshwane mme e le maatla. Dikai dingwe di ka bonwa mo go 2 Ditiragalo 14:11; 15:7; 18:13; 20:15; 26:5. Ke “diteemane dife tsa thuto” tse dingwe tse o ka di bonang?

2 Ditiragalo 26:3–21

Boikgogomoso bo isa kwa tshenyegong.

Fela jaaka dikgosi tse dingwe tse dintsi tsa Juta, puso ya ga Usia e ne ya simolola ka ditirafatso tse dikgolo mme ya felela ka masetlapelo. Batla sekao se mo 2 Ditiragalo 26. O ka re ke eng se se neng sa fetola botshelo jwa ga Usia?

Fa o ntse o bala verses 16–23, nna o gopotse gore ka nako eno, ke baperesiti fela ba ba neng ba letlelelwa go fisa maswalo mo tempeleng. O akanya gore ke eng fa Kgosi Usia a ne a sa ikobele Modimo? O ithuta eng mo maitemogelong ano a a utlwisang botlhoko?

Bona le gone “Be Thou Humble,” Hymns, no. 124.

2 Ditiragalo 30

Ke ka nna modirakagiso.

Mo 2 Ditiragalo 30, Hesekia e ne e le kgosi ya Juda. O ne a laletsa Bogosi jo bo gaisanang jwa Iseraele go phuthegela kwa Jerusalema go keteka Tlolaganyo—sengwe se Baiseraele ba neng ba sa kgone go se dira ka dingwaga di le dintsi (bona ditemana 1–12). Ke eng se se go kgatlhang ka taletso eno le kafa e neng ya amogelwa ka gone—ke baeng ba Baiseraele le ke batho ba ba neng ba ba amogetse kwa Juta?

E re ka go ne go tsere lobaka lo loleele jaana, baeng bangwe ba ba neng ba tlile kwa Jerusalema ba ne ba sa tlwaelana le dintlha tsa kafa ba ka tsayang karolo ka teng mo Tlolaganyong. Jaaka o bala 2 Ditiragalo 30:18–27, o ithuta eng mo karabong ya ga Hesekia le mo ditlamoragong tsa karabo ya gagwe?

Bona le gone Russell M. Nelson, “Peacemakers Needed,” Liahona, May 2023, 98–101.

Ka ga megopolo thata, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

aekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

2 Ditiragalo 14–1620

Ke ka tshepha Modimo.

  • Go simolodisa kakanyo ya go ikanya Morena, o ka bontsha bana ba gago sengwe se o tshepang go go baya o sa kolobe fa pula e na, jaaka sekhukhu kgotsa baki. A ba bue ka lebaka la go bo re ka ikanya dilo tseno. Go tswa foo ba thuse go bapisa seo le go ikanya ga rona Morena. Ke eng fa re tshepa gore o tlaa re babalela semoweng?

  • O ka thusa bana ba gago go lemoga kafa Kgosi Asa le Kgosi Jehoshafate ba neng ba tsibogela dikgwetlho ka go tshepa Morena (bona 2 Ditiragalo 14:11; 20:3–5, 12). Abelanang ditsela tseo o ka bontshang Morena gore o a mo tshepa.

2 Ditiragalo 20:1–29

Modimo o tla utlwa le go araba dithapelo tsa me.

  • Tsebe ya tiro ya beke eno e ka thusa bana ba gago go tlhaloganya polelo ya thapelo ya ga Jehoshafate le karabo ya Morena. Wena le bana ba gago le ka abelana dinako tse Modimo a neng a utlwa le go araba dithapelo tsa lona. Akanyetsa go akaretsa dinako tse dikarabo di neng tsa tla ka ditsela kgotsa ka dinako tse o neng o sa di solofela. Pina jaaka “I Pray in Faith” (Children’s Songbook, 14), e ka thusa go aga tumelo ya bana ba gago.

2 Ditiragalo 26:3–23

Nka ikokobetsa.

  • Go ithuta ka diphatsa tsa boikgogomoso, bana ba gago ba ka aga tora ka diboloko kgotsa dinwelo tse dinnye. Fa ba ntse ba baya boloko nngwe le nngwe kgotsa senwelo mo toreng, ba thuse go lemoga nngwe ya ditirafatso tsa ga Usia go tswa mo 2 Ditiragalo 26:3–15. Fa ba sena go fetsa go aga tora, buisana le bana ba gago gore Usia o ne a ka dira jang gore e nne e le telele e bile e nonofile. Ke eng se se neng se ka dira gore e we? Go tswa foo, fa o ntse o bala temana 16, lo ka bua ka gore go kaya eng go nna le dipelo tsa rona tse di “tsholetsegelang tshenyego ya [rona].” Abelana le bana ba gago se se diragetseng ka Usia mo ditemana 16–23. A ba dige tora ya bone. Buang ka se re ka se dirang gore re nne re ikokobeditse.

Hesekia a baka Modimo

King Hezekiah and the People Thank God [Kgosi Hesekia le Batho ba Leboga Modimo], © Lifeway Collection/licensed from goodsalt.com

2 Ditiragalo 30

Ke ka nna modirakagiso.

  • Setshwantsho se se fa godimo se supa fa Hesekia a ne a laletsa baagelani ba Juta ba ba tswang kwa Bogosing jwa Iseraele go tla go keteka Tlolaganyo le bone. O ka leba setshwantsho seno le bana ba gago mme wa bala 2 Ditiragalo 30:18–19, e e tlhalosang gore bangwe ba baeng ba ne ba sa tlhapa go ya ka molao wa ga Moshe. Hesekia o ne a dira eng? Seno se ka bo se dirile gore baeng ba ikutlwe jang? Thusa bana ba gago go akanya ka tsela e ba ka tshwanang le Hesekia ka yone mo tseleng e ba tshwarang ba bangwe ka yone.

Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

Usia a lelekwa mo tempeleng fa go bonala lepero mo phatleng ya gagwe

Uzziah’s Pride and Punishment, ka A. M. Boon

Tsebe ya tiro ya Poraemari: Modimo o tla utlwa le go araba dithapelo tsa me