“Phukwi 27–Phatwe 3. ‘Ke Dira Tiro e Kgolo”: Esera1; 3–7; Nehemia 2; 4–6; 8,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Phukwi 27–Phatwe 3. ‘Ke Dira Tiro e Kgolo,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Ke na le Tiro e Kgolo e ke tshwanetseng go e Dira, ka Tyson Snow
Phukwi 27–Phatwe 2: “Ke Dira Tiro e Kgolo”
Esera 1; 3–7; Nehemia 2; 4–6; 8
Batho ba Bajuta ba ne ba le batshwarwa mo Babilone dingwaga di ka nna 70. Ba ne ba latlhegetswe ke Jerusalema le tempele, mme bontsi bone bo lebetse maitlamo a bone mo molaong wa Modimo. Mme Modimo o ne a sa ba lebala. E le ruri, O boletse ka baperofeti ba Gagwe, “Ke tlaa lo etela, mme ke dire lefoko la me le le molemo mo go lona, mo go direng gore lo bowe” (Jeremia 29:10). A le boammaaruri mo perofesong e, Morena o ne a dira tsela ya gore batho ba Gagwe ba boele—gotlhe kwa Jerusalema le, mo go botlhokwa thata, kwa dikgolaganong tsa bone. Mme o ne a godisa batlhanka ba ba diragaditseng “tiro e kgolo” (Nehemia 6:3): Molaodi yo a neng a bidiwa Serubabela o bone go agiwa gape ga ntlo ya Morena. Esera, moperesiti le mokwadi, o ne a thusa batho go busetsa dipelo tsa bone kwa molaong wa Morena. Mme Nehemia o ne a etelela pele go agiwa gape ga mabota a tshireletso go dikologa Jerusalema. Ba ne ba ganediwa, mme gape ba ne ba bona thuso go tswa mo metsweding e ba neng ba sa e solofela. Maitemogelo a bone a ka re tlhotlheletsa le go re rotloetsa gonne le rona re dira tiro e kgolo. Mme jaaka bone, tiro ya rona e na le mo gontsi go dira le ntlo ya Morena, molao wa Morena, le tshireletso ya semowa e re e bonang mo go Ene.
Ka ga tshoboko ya dikwalo tsa ga Esera le Nehemia, bona “Ezra” le “Nehemiah” in the Bible Dictionary.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Esera 1
Morena o tlhotlheletsa batho go diragatsa maikaelelo a Gagwe.
Morago ga Peresia a fenya Babilone, Morena a tlhotlheletsa kgosi ya Peresia, go romela setlhopha sa Bajuta kwa Jerusalema go aga gape tempele. Jaaka o bala Esera 1, elatlhoko se Kurose a ne a se dira go thusa Bajuta mo tirong e botlhokwa e. O bona jang Morena a dira ka banna le basadi ba ba go dikologileng, go akaretsa batho ba e seng maloko a Kereke ya Gagwe? Se se go akantsha eng ka ga Morena le tiro ya Gagwe?
Le gone bona Isaia 44:24–28.
Esera 3:8–13; 6:16–22
Ntlo ya Morena ke lefelo la boitumelo.
Fa Babilone a tlhasela Jerusalema, ba ne ba thukutha tempele le go e fisa (bona 2 Dikgosi 25:1–10; 2 Ditiragalo 36:17–19). O akanya gore o ka bo o ikutlwile jang fa o ne o le mongwe wa Bajuta ba ba boneng se? (bona Dipesalema 137). Ela tlhoko kafa Bajuta ba neng ba ikutlwa ka teng, masomesome a dingwaga moragonyana, fa ba ne ba letlelelwa go boa le go aga tempele gape (bona Esera 3:8–13; 6:16–22). Se se ka go tlhotlheletsa go tlhatlhanya maikutlo a gago ka ga Morena le ntlo ya Gagwe. Ke eng go agiwa ga tempele e le lebaka la go ipela?
Tempele ya Serubabele, ka Sam Lawlor
Esera 4–7; Nehemia 2; 4; 6
Modimo o na le tiro e e botlhokwa e ke tshwanetseng go e dira.
Tiro ya Morena ga se gantsi e sa ganediwe. Se se ne se le boammaaruri ka maiteko a a neng a eteletswepele ke Serubabele le Nehemia. Fano ke tsela e motlhofo e e ka go thusang go ithuta go tswa mo dipolelong le go akanya ka fa o ka dirang tiro ya Morena ka gone le fa o ganediwa:
Tiro ya Modimo ya ga Serubabele (Ezra 4:3):
Tiro ya Modimo ya ga Nehemia (Nehemiah 2:17–18):
Tiro ya me ya Modimo:
Kganetso e Serubabele a neng a lebane le yone (Esera 4:4–24):
Kganetso e Nehemia a neng a lebane le yone (Nehemia 2:19; 4:1–3, 7–8; 6:1–13):
Kganetso e ke lebaneng le yone:
Ka fa Serubabele a neng a tsiboga ka teng (Ezra 5:1–2):
Ka fa Nehemia a neng a tsiboga ka teng (Nehemiah 2:20; 4:6, 9; 6:3–15):
Ke ka tsiboga jang:
Ka go thusa go tshwantshanya maitemogelo a ga Nehemia le botshelo jwa gago, o ka ithutontsha molaetsa wa ga Poresidente Dieter F. Uchtdorf “We Are Doing a Great Work and Cannot Come Down[Re Dira Tiro e Kgolo mme ga re ka ke ra Fologa]” (Liahona, May 2009, 59–62), especially the last two sections. Jaaka o akanya ka ga tiro e Modimo a go e neetseng, o ka ithutontsha “Young Women Theme” kgotsa “Aaronic Priesthood Quorum Theme” (Gospel Library). Kgotsa o ka leba mo sefeleng jaaka “As Sisters in Zion” (Hymns, no. 309) kgotsa “Ye Elders of Israel” (Hymns, no. 319).
O akanya gore go raya eng go nna le “tlhaloganyo ya go dira” mo tirelong ya Mmoloki? (Nehemia 4:6). Go ka tswa go raya eng go nna le “seatla se se molemo sa … Modimo se leng mo go [wena]” jaaka o dira tiro ya Gagwe? (Nehemia 2:8; le gone bona Nehemia 2:18; Esera 7:6, 9, 27–28). O bone jang seatla sa Gagwe mo maitekong a gago A go mo direla?
Nehemia 8
Ke a segofala fa ke ithutontsha dikwalo tse di boitshepo.
Ka ga ditshika mo botshwarong, Bajuta ba ne ba na le monyetla o monnye wa “buka ya molao wa ga Moše” (Nehemia 8:1). Mo Nehemia 8, Esera o balela batho molao. O bona eng mo ditemaneng tse se se supang ka fa Esera le batho ba gagwe ba ikutlwileng ka teg ka ga Modimo le lefoko la Gagwe? (segolobogolo bona ditemana 1–12). Ke eng mo botshelong jwa gago mo go supang ka fa o ikutlwang ka teng ka ga Modimo le lefoko la Gagwe?
Bona le gone Teachings of Presidents of the Church: Ezra Taft Benson (2014), 115–24.
Ka mo gontsi, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.
Megopolo ya go Ruta Bana
Esera 3:8–13; 6:16–22
Ntlo ya Morena ke lefelo la boitumelo.
-
Go ruta bana ba gago ka ga boitumelo jo Bajuta ba nneng ba na le bone fa tempele ya bone e ne e agiwa gape, o ka ba bontsha setshwantsho se se tshwanang le se se fa tlase. Bua ka gore ke eng batho ba ba ka itumelela go nna teng mo ntlong ya Morena. Le gone o ka bolelela bana ba gago gore ke eng tempele e le lefelo la boitumelo mo go wena. Tempele e go thusitse jang go utlwa o atamalane le Rara wa Legodimo le Mmoloki?
-
Fa o ntse o bala Esera 3:10–13 le bana ba gago, ba thuse go bona mafoko a a supang ka fa Bajuta ba ikutlwileng ka teng fa tempele e ne e agiwa gape. Fa o tsena kwa bokhutlong jwa temana 13, gongwe le ka goa ka boitumelo mmogo. Thusa bana ba gago go akanya ka mabaka a go itumela a gore Morena o re neetse ditempele. Re ka supa jang boitumelo joo?
-
Akanya ka go opela pina ka ga tempele le bana ba gago, jaaka temana ya bobedi ya “Welcome Home” (Gospel Library). Morago ga mola mongwe le mongwe, o ka ema go botsa bana ba gago go abelana sengwe se ba se ratang ka ga tempele. Le gone lo ka lebelela ditshwantsho tsa tempele fa lo ntse lo opela.
Nehemia 2:17–20; 6:1–9
Morena o tlaa nthusa go dira “tiro e kgolo” ya Gagwe.
-
Abelana le bana ba gago polelo ya ga Nehemia (bona Nehemia 2:17–20; 6:1–9; kgotsa “Nehemia” mo Old Testament Stories, 173–74). Jaaka o bala Nehemia 2:20, wena le bana ba gago lo ka “emelela” mme lo ipeye e kete le thusa go aga mabotana a Jerusalema. Kgotsa bana ba gago ba ka itumelela go aga lebota ka di boloko kgotsa di dirisiwa tse dingwe. Jaaka ba dira, o ka ba thusa go akanya ka dilo tse di botlhokwa tse Rara wa Legodimo a batlang re di dira.
1:38Nehemiah
-
Fa lo ntse lo bala Nehemia 2:20, laletsa bana ba gago go tsholetsa diatla tsa bone fa ba utlwa o re “nonotsha diatla tsa me.” Bolelela bana ka ga nako ya fa o utlwa Modimo a nonotsha diatla tsa gago go dira tiro ya Gagwe.
Nehemia 2:1–12
Dikwalo tse di boitshepo ke tshegofatso.
-
Balela kwa godimo diele go tswa mo Nehemia 8:2–3, 5–6, 8–9, 12 tse di tlhalosang se batho ba se dirileng fa ba utlwa Esera a bala dikwalo tse di boitshepo. Jaaka o bala, bana ba gago ba ka diragatsa diele tse. Ke gone le ka abelana ka fa le ikutlwang ka teng fa lo bala kgotsa utlwa dikwalo tse di boitshepo.
-
Jaaka lo bala mmogo ditemana 8–8, lo ka botsa bana ba lona gore ke eng se se ba thusang go tlhaloganya dikwalo tse di boitshepo. Ba supegetse ka fa ba ka dirisang dithuso tsa ithutontsho ya dikwalo tse di boitshepo Guide to the Scriptures and Topics and Questions (Gospel Library). Laletsa bana ba gago go abelana sengwe se ba se ithutileng ka ga Mmoloki go tswa mo dikwalong tse di boitshepo.
Batla boammaaruri jwa bosakhutleng mo dikwalong tse di boitshepo. “Dikwalo tse di boitshepo di tletse ka boammaaruri jwa efangele, mme dinako tse dingwe go tlhoka go akanya go di bona. Fa lo ntse lo ithuta mmogo go tswa mo dikwalong tse di boitshepo, ema mme o botse bao o ba rutang gore ke boammaaruri bofe jwa efangele jo ba bo lemogang. Ba thuse go bona ka fa boammaaruri jo bo tsamaisanang le togamaano ya poloko ya ga Rara wa Legodimo. Ka dinako tse dingwe boammaaruri jwa bosakhutleng bo bolelwa mo dikwalong tse di boitshepo, mme ka dinako tse dingwe bo supiwa mo dipolelong le mo matshelong a batho ba re balang ka bone. Le gone go ka thusa go batla mmogo ditso tsa ditemana tse o balang ka tsone, le gone ditlhaloso tsa ditemana le ka fa di re amang ka teng gompieno” (Teaching in the Savior’s Way, 22).
Ka go le gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.