Tlayang, Ntshaleng Morago
Phatwe 24–30. “Ke Tla Bolela Se A Se Diretseng Mowa Wa Me”: Dipesalema 49–51; 61–66; 69–72; 77–78; 85–86


“Phatwe 24–30. ‘Ke Tla Bolela Se A Se Diretseng Mowa Wa Me”: Dipesalema 49–51; 61–66; 69–72; 77–78; 85–86,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Phatwe 24–30. ‘Ke Tla Bolela Se A Se Diretseng Mowa Wa Me,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Jeso a tshwere lebone bosigo

Go Boloka Seo Se Neng Se Latlhegile, ka Michael Malm

Phatwe 24–30: “Ke Tla Bolela Se A Se Diretseng Mowa Wa Me”

Dipesalema 49–51; 61–66; 69–72; 77–78; 85–86

Bakwadi ba Dipesalema ba abelane maikutlo a a boteng mo pokong Ya bone. Ba ne ba kwala ka go ikutlwa ba kgobegile marapo, ba tshogile e bile ba ikwatlhaya. Ka dinako tse dingwe ba ne ba bile ba ikutlwa ba latlhilwe ke Modimo, mme dipesalema dingwe di supa maikutlo a phelo pelo kgotsa go felelwa ke tshepo. Fa o kile wa ikutlwa jalo, go bala Dipesalema go ka go thusa go itse gore ga se wena fela. Mme gape o tlaa bona dipesalema tse di ka go kgothatsang fa o na le maikutlo a a ntseng jalo, ka gore bapesalema gape ba galaleditse Morena bomolemo jwa Gagwe, ba gakgamalela thata ya Gagwe, mme ba itumelela maikutlwelobotlhoko a Gagwe. Ba ne ba itse gore re imelwa ke bosula le sebe mme gore Morena o “molemo, mme o iketleeleditse go itshwarela” (Pesalema 86:5). Ba ne ba tlhaloganya gore go nna le tumelo mo Moreneng ga go reye gore ga o kitla o boga ka tlhobaego, sebe, kgotsa poifo. Go raya gore o itse gore o ka sokologela kwa go mang fa o dira.

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Dipesalema 49; 62:5–12

Thekololo e tla fela ka Jeso Keresete.

Pesalema 49 e na le molaetsa go “ba ba botlana le ba bagolo, bahumi le bahumanegi” (temana 2). O ka re molaetsa o ke eng? O ikutlwa Pesalema 62:5–12 e oketsa eng mo molaetseng oo?

Go bala dipesalema tse go ka go tlhotlheletsa go akanya ka ditsela tse re raelesegang go tshepa sengwe se sele go na le Modimo go bona thekololo (bona Pesalema 49:6–7). Botshelo jwa gago bo tlhotlheleditswe jang ke bopaki jwa gago gore “Modimo o tlaa rekolola mowa [wa gago] mo thateng ya lebitla”? (Pesalema 49:15).

Dipesalema 51; 85–86

ekhone ya seminari
Ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya Mmoloki, ke ka itshwarelwa.

Kgosi Dafite o kwadile Pesalema 51 morago ga go lemoga gore o tlhoka go itshwarelwa thata—sengwe se rotlhe re se tlhokang. Ke ditemana dife tse di tlhalosang maikutlo a o kileng wa nna le one? Ke eng se o se bonang mo pesalemeng e se se go nayang tsholofelo ya go itshwarelwa?

Gape o ka nna wa batla mo go Pesalema 51 go bona dintlha tse di ka go thusang gore go ikwatlhaya go raya eng. Dira nankolo ya tse o di bonang. Bona gore a o ka oketsa nankolo ya gago ka go sekaseka molaetsa wa ga Poresidente Russell M. Nelson “We Can Do Better and Be Better” (Liahona, Motsheganong 2019, 67–69).

O ka tlhalosa gore go utlwalega jang go amogela boitshwarelo ka Keresete? Fa o tlhoka thuso go tlhalosa maikutlo a gago, o ka batla mo Dipesalema 51:1–2, 7–12; 85:2–9. Batho bangwe ba rata go tshwantsha kgotsa go bona ditshwantsho go supa maikutlo a bone; o ka lekeletsa seo. O ka opela kgotsa wa reetsa sefela ka ga Mmoloki, jaaka “I Stand All Amazed” (Hymns, no. 193).

Go ikwatlhaya, re tlhoka tumelo eseng fela gore Jeso Keresete o kgona go re ntlafatsa mme le gone gore O tlaa. Ke eng se o se bonang mo Pesalema 86:5, 13, 15 se se go thusang go itse gore Mmoloki o a kgona le go rata go itshwarela?

Bona le gone Alma 36; Peter F. Meurs, “He Could Heal Me!,” Liahona, Motsheganonh 2023, 39–41.

Dipesalema 51:13–15; 66:5–20; 71:15–24

Bopaki jwa me jwa ga Jeso Keresete bo ka nthusa ba bangwe go Tla kwa go Ene.

Tlhatlhanya ka fa o boneng bopaki jwa gago jwa ga Jeso Keresete ka teng le thata ya tetlanyo ya Gagwe. Ka jalo, jaaka o ithutontsha Psalms 51:13–15; 66:5–20; 71:15–24, akanya ka fa o ka laletsang ba bangwe go “Tla le go bona ditiro tsa Modimo” (Pesalema 66:5). Fa o ne o ka “bolela se [Morena] a se diretseng mowa wa [gago]” (Pesalema 66:16), o ne o tla bolela eng?

Go raya eng mo go wena go “bua ka tshiamo ya [Gagwe] letsatsi lotlhe”? (Pesalema 71:24).

Bona le gone Alema 26

lekolwanyana le abelana dikwalo tse di boitshepo le ba bangwe

“Tlayang mme lo reetse, … mme ke tlaa bolela se [Modimo] a se diretseng Mowa Wa Me” (Pesalema 66:16).

Dipesalema 63; 69; 77–78

Morena o tlaa nthusa mo nakong ya me ya go tlhoka.

Dipesalema di le mmalwa di tlhalosa gore go ntse jang go ikutlwa o le kgakala le Modimo e bile o tlhoka thuso ya Gagwe thata (bona Pesalema 63:1, 8; 69:1–8, 18–21; 77:1–9). Mo Dipesalema 6369; 77–78, ke eng se o se bonang se se nayang bapesalema tshepiso.

Fa o tlaletswe , go go thusa jang go “gakologelwa ditiro tsa Morena” le “dikgakgamatso tsa Gagwe tsa bogologolo”? (Pesalema 77:11). Dingwe tsa dikgakgamatso tse di tlhalositswe mo Pesalema 78. Jaaka o bala ka tsone, tlhatlhanya gore ke eng se se go thusang go “tsepamisa tsholofelo [ ya gago] mo Modimong (temana 7).

Go feta, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana .

ekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Ka gonne Sontaga ono ke Sontaga wa botlhano wa kgwedi, barutabana ba Poraemari ba rotloediwa go dirisa ditiro tsa go ithuta mo “Appendix B: Preparing Children for a Lifetime on God’s Covenant Path.”

Dipesalema 51; 86:5, 13, 15

Fa ke ka dira boitshenkelo jo bo sa siamang, Jeso o ka nthusa go fetoga.

  • Go thusa bana ba gago go lemoga boammaaruri ka ga boikotlhao mo Pesalema 51, o ka nna wa tshwantsha pelo e tona. Go tswa foo o ka thusa bana ba gago go kwala mo teng ga pelo dilo tse di maswe tse Satane a re raelelang go di dira. Re ntsha jang dilo tse mo dipelong tsa rona? Kopa bana ba gago go batla lefoko “pelo” mo Pesalema 51:10, 17. Bua ka gore ditemana tse di ruta eng ka ga boikotlhao. Letlelela bana ba gago go sutlha mafoko a a mo teng ga pelo mme ba kwale mafoko a mašha a a tlhalosang ditsela tse Jeso a kgonang go re fetola ka tsone fa re ikwatlhaya.

  • O ka nna wa batla go thusa bana ba gago go ithuta gore go raya eng go nna le “pelo e e thubegileng le mowa o o ngomogileng” (Pesalema 51:17). Ba ka fapaanela go thuba sengwe se se nang le kgapetlana e e thata, jaaka lee kgotsa lenoko. O ka ba thusa go tshwantshanya kgapetlana le dilo tse di re thibelang go utlwa lorato lwa Rara wa Legodimo. Re ka Mo bulela dipelo tsa rona jang?

  • Le gone le ka leba setshwantsho sa Mmoloki mmogo mme wa botsa bana ba gago gore ke mafoko afe a ba ka a dirisang go Mo tlhalosa. Ba laletse go batla mafoko a a Mo tlhalosang mo Pesalema 86:5, 13, 15. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse dilo tse ka Ene?

Pesalema 61: 2–3

Jeso Keresete ke Mmoloki lefika lwa me.

  • Bana ba gago ba ka nna ba itumelela go tshwantsha ditshwantsho tsa dikao mo Pesalema 61:2–3. Jeso Keresete o tshwana jang le “lefika” le le kwa godimo (temana 2), “botshabelo” le “kago e e thata ya phemelo”? (temana 3).

Serala se se tlholang se se agilweng ka matlapa

“O diregile botshabelo jwa me, le kago e e thata ya phemelo” (Pesalema 61:3).

Dipesalema 66:16; 77:11; 78:6–7

“Ke tlaa gakologelwa ditiro tsa Morena.”

  • Kopa bana ba gago go abelana dingwe tsa dipolelo tse ba di ratang tsa dikwalo tse di boitshepo (ditshwantsho go tswa mo Gospel Art Book di ka nna tsa thusa). Dipolelo tse di re ruta eng ka ga Mmoloki? Lo ka bala mmogo Pesalema 66:16 mme la amogana go araba potso “Morena o diretse eng mowa wa me”?

  • Fa lo ntse lo bala Pesalema 77:11; 78:6–7 mmogo, lo ka abelana ka fa le lekang go “gakologelwa ditiro tsa Morena” (Pesalema 77:11)), go akaretsa ditiro tsa Gagwe mo botshelong jwa gago. Sakaramente e re thusa jang go mo “gakologelwa ka metlha”? Moroni 4:3; 5:2).

Pesalema 71:8

Ke ka bolelela ba bangwe ka ga Jeso Keresete.

  • Morago ga go bala Pesalema 71:8 le bana ba gago, ba laletse go tshwantsha molomo o o motona. Ba kope go go thusa go “tlatsa” molomo ka ditshwantsho kgotsa mafoko a a kayang dilo tse re ka di bolelelang ba bangwe ka ga Jeso Keresete.

  • Lo ka fetisa go dikologa setshwantso sa ga Jeso Keresete. Motho yo o tshwereng setshwantsho o ka bua selo se le sengwe se a se itseng ka ga Ene. Re ka thusang jang ba bangwe go itse dilo tse?

Bana ba na le go le gontsi go go abelana. “Fa bana ba ithuta sengwe se sešha, ka tlholego ba batla go se abelana le ba bangwe. Rotloetsa keletso e ka go fa bana ditshono tsa go rutana melawana ya efangele, maloko a malwapa a bone, le ditsala tsa bone. Gape ba kope go abelana le wena dikakanyo tsa bone, maikutlo, le maitemogelo a bone a a amanang le melawana e o e rutang. O tla fitlhela gore ba na le diponatshegelo tse di motlhofo, tse di itshekileng le tse di maatla.” (Teaching in the Savior’s Way32).

Pesalema 86:7

Rara wa Legodimo o utlwa ebile o araba dithapelo tsa me.

  • Bontsi jwa dipesalema di tshwana le dithapelo tse di yang kwa Modimong. Fa o ntse o bala Dipesalema le bana ba gago, o ka nna wa ba bontsha dilo tse re ka di dirisang go buisana le ba ba kgakala, jaaka mogala kgotsa lekwalo. Ke gone bala Pesalema 86:7. Re “bitsa” Rara wa Legodimo jang? O re araba jang?

  • Le ka opela mmogo pina ka ga thapelo, jaaka “A Child’s Prayer” (Children’s Songbook, 12–13; bona gape Susan H. Porter, “Pray, He Is There,” Liahona, Motshegano 2024, 77–79). Bolelanang ka dinako tse Modimo a arabileng dithapelo tsa lona.

Go feta, bona kgatiso ya makasine was kgwedi e wa Tsala .

Setshwantsho sa ga Jeso

Tlayang go Keresete, ka Casey Childs

Tsebe ya ditiragatso ya poraemari: Fa ke ka dira tshwetso e e phoso, Jeso o ka nthusa go fetoga