Tlayang, Ntshaleng Morago
Phatwe 3–9. “O Tlela … Motlha o Ntseng jaana”


“Phatwe 3–9. ‘O Tlela … Motlha o Ntseng Jaana’: Esethere,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Phatwe 3–9. ‘O Tlela … Motlha o Ntseng Jaana,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Esethere a khubame fa pele ga  Kgosi

Mohumagadi Esethere o Boloka Batho ba ga Jehofa, ka Sam Lawlor

Phatwe 3–9: “O Tlela … Motlha o Ntseng Jaana”

Esethere

Bontsi jwa ditiragalo mo lokwalong la ga Esethere di ka tswa di lebega jaaka lesego kgotsa kwelano. O tlhalosa jang gape kafa mosetsana mongwe wa Mojuta wa khutsana a neng a nna mohumagadi wa Peresia ka nako e e siameng fela gore a boloke batho ba gagwe gore ba se ka ba bolawa? Ke kgonagalo efe ya gore ntsalae Esethere e bong Moretekai a utlwe leano la go bolaya kgosi? A tse e ne e le makgatlhanothapong fela, kgotsa a e ne e le karolo ya togamaano ya selegodimo? Mogolwane Ronald A. Rasband o ne a lemoga jaana: “Se se ka lebegang e le tshono e e sa rulaganngwang, tota, se okametswe ke Rre yo o lorato kwa Legodimong. … Morena o mo dintlheng tse dinnye tsa matshelo a rona” (“By Divine Design,” Liahona, Nov. 2017, 56). Re ka nna ra se ka ra lemoga tlhotlheletso ya Morena ka metlha mo “dintlheng tse dinnye tse”. Mme re ithuta go tswa mo maitemogelong a ga Esethere gore O ka kaela tsela ya rona le go re baakanyetsa “ka nako e e ntseng jalo” (Esethere 4:14) mogang re ka nna didirisiwa mo diatleng tsa Gagwe go diragatsa maikaelelo a Gagwe.

­­­Go bona kakaretso ya lokwalo lwa ga Esethere, bona “Esther, book of” in the Bible Dictionary.

aekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Esethere

aekhone ya seminari
Morena o mpaya mo diemong tse ke ka kgonang go segofatsa ba bangwe.

Poresidente Dieter F. Uchtdorf o rutile gore mongwe le mongwe wa rona “o eme mo lefelong le le kgethegileng mme re na le tiro e e botlhokwa e rona fela [re] ka e dirang. … Morena o go neetse maikarabelo a gago ka lebaka. Go ka tswa go na le batho le dipelo tse wena fela o ka di fitlhelelang le go di ama. Gongwe ga gona ope gape yo o ka kgonang go dira jalo ka tsela e e yone eo” (“Lift Where You Stand,” Liahona, Nov. 2008, 56).

Fa o ntse o bala polelo ya ga Esethere, tlhatlhanya ka fa pego e e mo amang ka teng. Batla ditsela tse Morena a di dirileng gore a kgone go boloka Bajuta (bona, sekai, Esthere 2:21–23; 3:10–14; 4:14–16). Ka jalo tlhatlhanya ka fa A go fileng menyetla go segofatsa ba bangwe. Ke dife dingwe diemo kgotsa dikamano tse A go kaetseng mo go tsone “ka nako e e tshwanang le e”? (Esthere 4:14). Fa o na le tshegofatso ya bopatiriaka, akanyetsa go e bala go ithuta thata ka ga tiro e Morena a nang le yone gore o e dire. O ka dira eng go diragatsa tiro e?

Bona le gone “For Such a Time as This” (setshwantsho sa motshikinyego), ChurchofJesusChrist.org.

13:44

For Such a Time as This

Re ka ithuta thata ka go dira go na le go reetsa. Mogolwane David A. Bednar o gakolotse barutintshi: “Maikaelelo a rona ga a a tshwanela go nna gore ‘Ke ba bolelela eng?’ Mo boemong, dipotso tse re ka di ipotsang ke ‘Ke ka ba laletsa go dira eng? Ke dipotso dife tse di tlhotlheleditsweng tse ke ka di botsang gore, fa ba eletsa go araba, di tlaa simolola go laletsa Mowa o o Boitshepo mo matshelong a bone?’” (mo Teaching in the Savior’s Way25). Fa e le gore o ruta lelwapa la gago kgotsa tlelase ka ga Esethere, o ka ba kopa go dira eng se se ka ba thusang go ithuta?

Moretekai a lebile Hamane a pagame pitse mo mebileng

“E rile fa Hamane a bona gore Moretekai o ne a sa obama … ke gone Hamane a tlala ka tšhakgalo” (Esethere 3:5).

Esethere 3; 5:9–147

Boikgogomoso le tšhakgalo di kgona go gogela kwa tshenyegong.

Mo lokwalong ga ga Esethere, re ithuta go tswa mo boikanyegong jwa ga Esethere le Moretekai, mme le gone re ithuta go tswa mo boikgogomosong le tšhakgalo ya ga Hamane. Jaaka o bala Esethere 3; 5:9–14, elatlhoko maikutlo, mafoko, le ditiro tsa ga Hamane. Di senola eng ka ene le ditlhotlheletso tsa gagwe? Ke ditlamorago dife tse a lebeganyeng le tsone? (Bona Esthere 7). Go bala ka Hamane go ka go tlhotlheletsa gore o sekaseke gore ke eng se se tlhotlheletsang maikutlo a gago le ditiro tsa gago. A o tlhotlheletsega go dira diphetogo dipe? O ka boela jang kwa go Rara wa Legodimo go bona thuso?

Bona le gone Diane 16:32; Alema 5:28.

Esethere 3–4; 5:2–3; 8:11–12

Go itima dijo go supa gore ke tshepa le go ikaega mo Moreneng.

Ela tlhoko gore ke ka ntlha yang fa Esethere le Bajuta ba bangwe botlhe ba ne ba swetsa ka gore ba itime dijo (bona Esethere 3:13; 4:1–3, 10–17). Go itima dijo go ba segofaditse jang? (bona Esethere 5:2–3; 8:11–12). Ke ka ntlha yang Morena a re kopa go itima dijo? (bona Topics and Questions, “Fasting and Fast Offerings,” Gospel Library). Akanyetsa ka fa o ka dirang go itima dijo tshegofatso e kgolo ka teng mo botshelo jwa gago.

Bona le gone Isaia 58:6–12; “Fasting: Young Single Adult Ward, Amanda” (setshwantsho sa motshikinyego), ChurchofJesusChrist.org.

2:41

Fasting: Young Single Adult Ward, Amanda

Esethere 3:1–11; 4:10–17; 5:1–4; 9:17–19

Go dira selo se se siameng gantsi go lopa bopelokgale jo bogolo.

E rile fa Moretekai le Esethere ba ne ba emela ditumelo tsa bone le batho ba bone, ba ne ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng. Boitshenkelo jwa rona bo ka nna jwa nna le ditlamorago tse di seng maswe thata, mme go dira se se siameng go sa ntse go ka tlhoka bopelokgale. O ithuta eng go tswa mo go Esethere 3:1–4; 4:10–17 ka ga go nna le bopelokgale go dira selo se se siameng? Elatlhoko ditlamorago tse di farologanyeng tse Moretekai le Esthere ba neng ba di itemogela morago ga go supa bopelokgale (bona Esethere 3:5–11; 5:1–4). Ke eng se Esethere le Moretekai ba neng ba tlhoka go se itse ka Modimo go dira boitshenkelo jo ba neng ba bo dira?

Akanya diemo tse o tlhokang bopelokgale go emela se se siameng. O ithuta eng go tswa mo go Esethere le Moretekai se se ka go thusang go bona bopelokgale mo Moreneng?

Bopelokgale jwa ga Esethere bo gogetse kwa ”letsatsi la monate” (bona Esethere 9:17–19). Bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Keresete bo go neetse jang “letsatsi la boipelo”?

Bona le gone “Courage,” “Dare to Stand Alone” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele; “True to the Faith,” Hymns, no. 254.

3:19

Courage

4:20

Dare to Stand Alone

Mo gontsi, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana .

aekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Esthere 2:5–7

Ke ka direla lelwapa lwa me.

  • O ka nna wa ikutlwa o tlhotlheletsega go dirisa Esethere 2:7 go ruta bana ba gago ka ga go thusa maloko a lelwapa a a tlhokang, jaaka Moretekai a diretse Esethere. O ka nna wa bala temana mmogo kgotsa wa e soboka ka mafoko a gago. Ke gone wena le bana ba gago le ka akanya ka maloko a lelwapa ba ba ka tswang ba tlhoka thuso ya lona. Dira thulaganyo ya go ba thusa.

Esethere 3:1–11; 4:10-17

Morena o ka nthusa go nna pelokgale.

  • Dikai tsa ga Esethere le Moretekai di ka thusa bana ba gago go tlhaloganya gore bopelokgale go raya go dira selo se se siameng lentswa o tshogile. Akanyetsa go kwala dipolelwana Moretekai o ne a le pelokgale fa a … le Esethere o ne a le pelokgale fa a … . Fa le ntse ithuta polelo ya ga Esethere mmogo, bana ba gago ba ka akanya ka ditsela tsa go feleletsa diele. O ka bala Esther 3:1–11; 4:10–17 kgotsa “Queen Esther” (mo Old Testament Stories, 166–70) kgotsa leba ditshwantsho mo tshedimosong e. Ke gone kwala Ke tlaa nna pelokgale ka go … , mme o laletsa bana ba gago go nankola dilo tse Rara wa Legodimo a batlang ba di dira tse di lopang bopelokgale. Pina ka ga bopelokgale, jaaka “Dare to Do Right” (Children’s Songbook, 158) e ka thusa.

    2:45

    Queen Esther

  • Le ka nna le gone lwa ithuta ka ga dinako tse Jeso Keresete a neng a le pelokgale—ka sekai, fa A bogela dibe tsa rona kwa Gethesemane le mo mokgorong (bona Mathaio 26:36–39; 27:33–35). Kopa bana ba gago go abelana ka nako e baneng ba le pelokgale, mme o abelane maitemogelo a gago le wena.

Esethere 4:1–3, 10– 17

Go itima dijo go tlisa ditshegofatso tsa Morena.

  • Go bala Esethere 4:1–3, 10– 17 go ka go thusa go ruta bana ba gago ka ga go itima dijo. Ke eng Esethere le Bajuta ba ne ba itima dijo? Bolelela bana ba gago gore ke eng o itima dijo. Gape o ka ba botsa gore ba ka tlhalosetsa jang tsala e e iseng e ko e dire go itima dijo pele. Re ka thusa jang ditsala tsa rona go tlhaloganya ditsthegofatso tse di tlang ka go itima dijo?

  • Kgothaletsa bana ba gago go akanya ka sengwe se ba ka tlhokang thuso ya Morena ka sone. Ntsha mogopolo gore ba dire karolo eo ya go itima dijo ga bone ka Sontaga o o latelang wa go itima dijo.

Mohumagadi Esethere a eme go bapa le Kgosi

Ka gonne Esethere o ne a le pelokgale, o ne a kgona go boloka batho ba Morena.

Esethere 4:14

Ke ka nna sedirisiwa mo diatleng tsa Modimo.

  • Thusa bana ba gago go tlhaloganya gore fa Esethere a ne a boifa, Moretekai o ne a mo kgothatsa ka go mo tlhalosetsa gore Morena o ne a mo thusa go nna mohumagadi “ka nako e e tshwanang le e” (Esethere 4:14). Moretekai o ne a kaya eng ka se? Buisana ka fa Esethere a neng e le sedirisiwa sa Morena ka teng. Re ka nna jang didirisiwa tsa Morena?

  • O ka thusa jang bana ba gago go tlhaloganya gore sedirisiwa ke eng? Gongwe o ka laletsa mongwe go tshameka pina mo seletsong sa mmino kgotsa supa setshwantsho sa mongwe a dirisa sedirisiwa. Morago ga moo o ka bua ka gore go raya eng go nna sedirisiwa mo diatleng tsa Modimo.

Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine .

Mohumagadi Esethere

Queen Esther [Mohumagadi Esethere], ka Minerva Teichert, © William and Betty Stokes

Tsebe ya ditiragatso ya Poraemari: Morena o ka nthusa go nna pelokgale