“Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: Go bala Maboko mo Kgolagano e Kgologolo,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Go bala Dipoko mo Kgolagano e Kgologolo,” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Dikakanyo tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa
Go Bala Dipoko mo Kgolagano e Kgologolo
Mo dikwalong tsa Kgolagano e Kgologolo tsa Genesise go fitlha ko go Esethere, re filthela ka bontsi dipolelo—dipego tse di tlhalosang ditiragalo tsa ditso go tswa mo tebong ya semowa. Noa o ne a aga araka, Moše o ne a golola Baiseraele, Hana o ne a rapelela gore a nne le morwa, jalo le jalo. Go simolola ka Jobe, re bona mokgwa o o farologanyeng wa go kwala. Mo dikwalong tse, bakwadi ba Kgolagano e Kgologolo ba fetogela mo puong ya poko go supa maikutlo a a tseneletseng kgotsa diperofeso tsa konokono ka tsela e e gopotsegang.
Re setse re bone dikai tse di mmalwa tsa poko di gasame mo dikwalong tsotlhe tsa ditso tsa Kgolagano e Kgologolo. Go tloga mo lokwalong la ga Jobe go ya pele, re tla bona go le gontsi ka ga yone. Dikwalo tsa ga Jobe, Dipesalema, le Diane di batlile gotlhelele e le poko, jaaka e le dikarolo tsa dikwalo tsa boperofeto jaaka Isaia, Jeremia, le Amose. Ka gore go bala poko go farologanye le go bala polelo, go e tlhaloganya gantsi go lopa tebo e e pharologanyo. Fano go na le dikakanyo dingwe tse di ka go thusang go bona bokao jo bontsi mo pokong ya Kgolagano e Kgologolo.
Go Itse Maboko a Sehebera
La ntlha, go ka go thusa go itse gore poko ya Sehebera mo Kgolaganong e Kgologolo ga e a ikaega ka raeme jaaka mefuta mengwe ya poko. Mme le mororo raeme, go tshameka ka mafoko le go boeletsa medumo e le dilo tse di tlwaelegileng mo pokong ya bogologolo ya Sehebera, ka tlwaelo dilo tseno di a latlhega fa di ranolwa. karolo nngwe e o tlaa e lemogang, le fa gontse jalo, ke go boaboeletsa dikakanyo kgotsa megopolo, tse ka dinako tse dingwe di bidiwang “papisanyo.” Fa ke sekai se se motlhofo go tswa mo go Isaia:
Apara thata ya gago, Ao Sione;
apara diaparo tsa gago tse dintle, O Jerusalema. (Isaia 52:1)
Pesalema 29 e na le mela ele mentsi e e bapisaneng—ka sekai:
Lentswe la Morena le maatla;
Lentswe la Morena le tletse kgalalelo. (Pesalema 29:4)
Le gone fa ke sekai se mo go sone go itse gore mola wa bobedi o bapile le wa ntlha go dirang temana motlhofo go tlhalogangwa:
Gape ke go neetse bophepa jwa meno mo ditoropongng tsotlhe tsa gago,
le go tlhoka senkgwe mo mafelong otlhe a lona. (Amose 4:6)
Mo dikaing tse, mmoki o boeleditse mogopolo ka dipharologanyo tse dinnye. Mothale o o ka gatelela mogopolo o o boeleditsweng le go dirisa dipharologanyo go o tlhalosa go feta kgotsa go o tlhabolola.
Mo mabakeng a mangwe, diele tse pedi tse di bapileng di dirisa puo e e tshwanang go fitisa megopolo e e farologanyeng, jaaka mo sekaing se:
Phetolo e e bonolo e thibosa bogale:
Mme lefoko le le tlhokofatsang le tlhotlheletsa bogale. (Diane 15:1)
Mofuta o wa papisanyo ga o a diragala ka phoso. Mokwadi o o dirile ka maikaelelo. O ba thusitse go ntsha maikutlo a semowa kgotsa boammaaruri ka bobedi jwa maatla le bontle. Ka jalo fa o lemoga papisanyo mo mokwalong wa Kgalagano e Kgologolo, ipotse gore e go thusa jang go tlhaloganya molaetsa wa mokwadi. Ka sekai, ke eng se Isaia a neng a leka go se bua ka go amanya “thata” le “diaparo tse dintle” le “Sione” le “Jerusalema”? (Isaia 52:1). Re ka akanyetsa eng ka polelwana “phetolo e e bonolo” fa re itse gore “lefoko le le tlhokofatsang” ke bolebana jwa yone? (Diane 15:1).
O buseditse Moya Wa me, ka Walter Rane
Dipoko tsa Sehebera e tshwantshangwa le go dira Tsala e Ntšha
Batho bangwe ba tshwantshanya go bala dipoko le go kopana le motho o mošha. Go bala poko tsa Kgolagano e Kgologolo, ka jalo, go ka nna jaaka go kopana le mongwe go tswa lefatsheng le le kgakajana le setso se sele yo o buang puo e e farologanyeng le ya rona—le yo go diragalang gore a bo a na le dingwaga di feta dikete tse pedi. Motho yo gongwe o tlaa bua dilo tse re sa di tlhaloganyeng la ntlha, mme se ga se reye gore ga a na sepe se se botlhokwa se a ka se buang. Re tlhoka fela go tsaya nako le bone, re leka go leba dilo ka tsela e ba di lebang ka yone. Re ka nna ra fitlhela gore mo dipelong tsa rona, tota re tlhaloganyana sentle thata. Mme fa re bontsha bopelotelele le kutlwelobotlhoko, motho yo re mo tlwaetseng yo mosha a ka feleletsa e le tsala e e rategang.
Ka jalo fa o bala polelwana go tswa mo go Isaia, ka sekai, e akanyetse gore ke tshimologo ya ntlha le motho yo re mo tlwaetseng. Ipotse, “Ke ikutlwa jang ka kakaretso?” Polelwana e e dira gore ke ikutlwe jang—le fa e le gore ga o tlhaloganye lefoko lengwe le lengwe? Ke gone e bale gape, makgetho a le mmalwa fa go kgonagala. Akanyetsa go e balela kwa godimo; batho bangwe ba bona bokao jwa tlaleletso ka tsela eo. Ela tlhoko mafoko a a tlhomameng a Isaia a a tlhopileng, segolo bogolo mafoko a a tshwantshang setshwantsho mo tlhaloganyong ya gago. Ditshwantsho tse di go dira gore o ikutlwe jang? Di akantsha eng ka ga maikutlo a ga Isaia? Fa o ntse o ithutontsha thata ka mafoko a bakwadi ba ba Kgolagano e Kgologolo, o tlaa bona thata gore ba tlhopile mafoko a bone ka matsetseleko le botegeniki go tlhalosa moletsa o o tseneletseng wa semowa.
Maboko a ka nna ditsala tse di gakgamatsang ka gore a re thusa go tlhaloganya maikutlo a rona le maitemogelo. Maboko a Kgolagano e Kgologolo a botlhokwa thata ka gore a re thusa go tlhaloganya maikutlo le maitemogelo a rona a a botlhokwa thata—a a golaganeng le kamano ya rona le Modimo.
Jaaka o ithutontsha poko mo Kgolagano e Kgologolo, gakologelwa gore ithutontsho ya dikwalo tse di boitshepo e tlhwatlhwa kgolo fa e re gogela kwa go Jeso Keresete. Batla matshwao, ditshwantsho, le boammaaruri tse di agang tumelo ya gago mo go Ene. Reetsa tlhotlheletso go tswa mo Moweng o o Boitshepo jaaka o ithutontsha.
Mekwalo ya Botlhale
Setlhopha sengwe sa poko ya Kgolagano e Kgologolo ke se barutegi ba se bitsang “mekwalo ya botlhale.” Jobe, Diane, le Moreri di wela mo setlhopheng se. Le fa dipesalema di tlhalosa maikutlo a go baka, go hutsafala le go obamela, dikwalo tsa botlhale di tlhoma mogopolo mo kgakololong e e botlhakwa kgotsa mo dipotsong tse di tseneletseng, tsa filosofi. Lokwalo lwa Jobe, ka sekai, le sekaseka tshiamiso ya Modimo le mabaka a go bo batho boga. Diane di naya kgakololo ya kafa motho a ka tshelang sentle ka teng, go akaretsa le mafoko a a botlhale a a kokoantsweng le go fetisediwa mo ditshikeng tsa pele. Mme Moreri o belaela boikaelelo jwa botshelo ka bojone—fa sengwe le sengwe se lebega se feta ka bonako e bile se sa lebisisiwa fela, re bona kae bokao jwa nnete? O ka nna wa akanya ka mekwalo ya botlhale jaaka puisano e e akanyeditsweng le bagakolodi ba ba tlhotlheleditsweng ba ba batlang go abelana dikelelelo ka ga Modimo le lefatshe le A le bopileng—mme gongwe ba go thuse go tlhaloganya dilo tse botokanyana go feta pele.