Tlayang, Ntshaleng Morago
Phatwe 10–16. “Le Fa Gontse Jalo Ke Tlaa Nna Ke Mo Tshepa Fela”: Jobe 1–3; 12–14; 19; 21–24; 38–40; 42


Phatwe 10–16. ‘Le Fa Gontse Jalo Ke Tlaa Nna ke Mo Tshepha Fela’: Jobe 1–3; 12–14; 19; 21–24; 38–40; 42,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

Phatwe 10–16. ‘Le Fa Gontse Jalo Ke Tlaa Nna ke Mo Tshepha Fela,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Jobe a dikaganyeditswe ke batho ba bangwe

Dikatlholo tsa ga Jobe, ka Joseph Brickey

Phatwe 10–16: “Le Fa Gontse Jalo Ke Tlaa Nna ke Mo Tshepha”

Jobe 1–3; 12–14; 19; 21–24; 38–4042

Go tlwaelegile go ipotsa gore ke eng fa dilo tse di bosula di diragalela batho ba ba siameng—kgotsa, mo kgannyeng eo, ke eng fa dilo tse di molemo di diragalela batho ba ba bosula. Ke eng Modimo, yoo o siameng, a letlelela seo? Lokwalo la ga Jobe le tlhalosa dipotso tse di tshwanang le tse. Jobe e ne e le mongwe wa batho ba ba siameng yo o diragaletsweng ke dilo tse di maswe. Ka ntlha ya diteko tsa ga Jobe, ditsala tsa gagwe tsa ipotsa gore a mme gone o ne a siameng tota. Jobe o ne a tlhomamisa tshiamo ya gagwe mme a ipotsa gore a tota Modimo o siame. Mme le fa Jobe a ne a boga e bile a gakgametse, o ne a boloka thokgamo le tumelo ya gagwe mo go Jeso Keresete. Mo lokwalong la ga Jobe, tumelo e a botsolotswa le go lekwa mme ga e ke e tlogelwa gotlhelele. Se ga se reye gore dipotso tsotlhe di a arabiwa. Mme lokwalo la ga Jobe le ruta gore go fitlhelela di arabiwa, dipotso di ka nna teng le tumelo. Mme go sa re sepe gore go diragalang mo nakong ena, re ka re ka Morena wa rona, Le fa gontse jalo ke tlaa mo tshepa fela” (Jobe 13:15).

Go tshoboko ya lokwalo lwa Jobe, bona “Jobe” mo Kaelong ya Dikwalo tse di Boitshepo (Motlobo wa Efangele).

aekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Jobe 1–3; 12–13

Ke ka ikanya Modimo mo diemong tsotlhe.

Dikgaolo tse di simololang tsa Jobe di gatelela, ka tsela ya poko, tiro ya ga Satane jaaka mmaba wa rona kgotsa molatofatsi; ga di tlhalose kamano tota fa gare ga Modimo le Satane. Jaaka o bala se Satane a se buileng ka ga Jobe (bona Jobe 1:9–11; 2:4–5), o ka ipotsa, “Ke eng ke nna ke le boikanyego mo Modimong?” Ke ka ntlha yang fa go ka nna diphatsa go obamela Morena fela ka ntlha ya lebaka le Satane a le akantshang?

Ke eng se se go kgatlhang ka tsibogo ya ga Jobe mo ditekong tsa gagwe? (bona Jobe 1:20–22; 2:9–10).

Ditsala tsa ga Jobe di ne tsa akantsha gore Modimo o ne a mo otlhaya (bona Jobe 4–5; 811). O bona mathata a fe ka mogopolo o? Bala tsibogo ya ga Jobe mo dikgaolo 12–13 Ke eng se Jobe o ne a itse eng ka Modimo se se mo kgonisitseng gore a tswelele a tshepha? ke eng se o se itseng ka Modimo se se go thusang go lebagana le dikgwetlho?

Jobe 19

Jeso Keresete ke Morekolodi wa me.

Ka dinako tse dingwe re ithuta boammaaruri jo bo botlhokwa thata ka dinako tse dithata thata. Tlhatlhanya diteko tse Jobe a di tlhalositseng mo Jobe 19:1–22 le boammaaruri jo a bo boletseng mo ditemana 23–27. O itse jang gore Morekolodi wa gago o a tshela? Kitso e e dira pharologanyo jang mo botshelong jwa gago?

Akanya ka go opela kgotsa go reetsa sefela ka ga Jeso Keresete, jaaka “I Know That My Redeemer Lives” (Hymns, no. 136). Ke mafoko a fe mo sefeleng se a a supang maikutlo a gago ka ga Ene?

Le gone bona Dithuto le Dikgolagano 121:1–12122.

Jobe 21–24

aekhone ya seminari
“E tlaare a sena go nteka, ke tlaa tswa jaaka gauta.”

Mo Jobe 21–24, o tlaa bala puisano fa gare ga ga Jobe le ditsala tsa gagwe. Mo gare ga kganetsano eno e ne e le potso e batho ba le bantsi ba neng ba e botsa: Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe batho ba ba siameng ba boga?

Le ntswa re sena dikarabo tsotlhe, mo efangeleng e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete, re na le boammaaruri bongwe jo bo ka re thusang go tlhaloganya tlalelo le pogisego. Fa tlase ke dikwalo tse di boitshepo tsa malatsi a bofelo tse di nang le bongwe jwa boammaaruri jo. Dikwalo tse di boitshepo tse di go ruta eng ka ga Rara wa Legodimo le togamaano ya Gagwe?

Le gone o ka bala dithuto tsa ga Poresidente Spencer W. Kimball ka ga tlalelo mo “Tragedy or Destiny?” (Teachings of Presidents of the Church: Spencer W. Kimbal 2011), 11–21).

O ikaegile ka se o se ithutontshitseng, o ka araba jang potso jaaka “Ke eng Modimo a letlelela basiami go boga?”

Jeso mo mokorong le monna yo mongwe ka fa tlase ga loapi lo lo tletseng dinaledi

Calm and Stars, by Yongsung Kim. Setshwantsho ka bopelononi jwa havenlight.com

Jobe 38–40; 42

Pono ya Modimo e kgolo go feta ya me.

A fediwa pelo ke ditatofatso tsa ditsala tsa gagwe (bona Jobe 16:1–5; 19:1–3), Jobe o ne a botsa Modimo gangwe le gape gore ke eng fa a ne a tshwanelwa ke go boga jaana (bona Jobe 19:6–7; 23:1–931). Morena o ne a seka a neela lebaka le le tlhamaletseng mo bukeng ya ga Jobe. Mme o ne a ruta molaetsa o o botlhokwa mo dikgaolong 38–40. O ka khutshwafatsa jang molaetsa oo? Ka sekai, o ithuta eng mo dipotsong tsa Morena mo Jobe 38:1–7, 18–24?

O tla lemoga gore Morena o ne a bua le Jobe ka dingwe tsa dibopiwa tsa Gagwe le ditiro tse dingwe tsa nonofo (bona Jobe 38–39). O ka lebelela dingwe tsa di bopiwa tseo (kgotsa ditshwantsho tsa tsone). Dilo tsena di re thusa jang go akanya ka tsela e sele ka ga Modimo? Ka ga diteko tsa gago? Di ne tsa fetola jang go lebelela dilo ga ga Jobe? (bona Jobe 42:1–6; le gone bona Moše 1:8–10).

Fano ke melaetsa e mebedi ya khonforense ya kakaretso e e ka re thusang go fetola ka fa re lebang dilo ka teng: Tamara W. Runia, “Seeing God’s Family through the Overview Lens” (Liahona, Nov. 2023, 62–69); Russell M. Nelson, “Think Celestial!” (Liahona, Nov. 2023, 117–20). Mo mongwe wa molaetsa e mebedi e, batla sengwe se o ka ratang go se gakologelwa nako e e tlang fa diteko tsa gago di lebega di go fekeetsa. O tlaa ikgakolola jang se o se ithutileng?

Nna le bokgoni. Go ithuta ga go tlhokege gore go nne fela go bala, go akanya le go bua. Ka dinako tse dingwe thuto e e gopolwang motlhofo thata e tla ka ditsela tse di matlhagatlhaga. Ka sekai, fa o bala kafa Morena a neng a fetola tsela e Jobe a neng a leba dilo ka yone mo Jobe 38–40, o ka nna wa tsamayatsamaya mme wa leba dingwe tsa dilo tse Morena a di bopileng, tse dikgolo le tse dinnye. Kgotsa o ka nna wa leba selo ka ditsela tse di farologaneng—go tswa kwa godimo, kwa tlase, gaufi, kgakala, jalo le jalo.

Go bona go le gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

aekhone ya karolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Jobe 1–2; 1219

Tumelo mo go Jeso Keresete e tlaa nthusa ka nako tse di thata.

  • Rotloetsa bana ba gago go go bolelela se ba se itseng ka ga Jobe. Fa ba tlhoka thuso, o ka ba supegetsa Jobe 1:1, 13–22; 2:7–10 or to “Jobe” (in Old Testament Stories, 145–47). Jobe o ne wa tsibogela jang dikgwetlho? (bona Jobe 1:21; 2:10).

    1:55

    Job

  • Jobe o ne a le boikanyego mo dikgwetlhong tsa gagwe ka ntlha ya se a neng a se itse ka ga Morena. Gongwe wena le bana ba gago le ka lebelela ditshwantsho tsa ga Jeso Keresete a amana le ba bangwe (jaaka sengwe se se fa tlase kgotsa setshwantsho mo Gospel Art Book). Bua ka ga se o se itseng ka ga Ene le gore O ntse jang. Fano ke dingwe tsa ditemana tse di supang gore Jobe o ne a itse ka ga Morena: Jobe 12:10, 13, 16; 19:25–27. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse dilo tse ka Ene?

Jeso a otlologele go fodisa motho

O ba Fodisa Botlhe, ka Michael Malm

Jobe 14:14

Ka ntlha ya ga Jeso Keresete, Ke tlaa tshela gape morago ga ke sena go swa.

  • Jobe o boditse potso e e botlhokwa mo Jobe 14:14. Gongwe wena le bana ba gago le ka faapana go abelana ka fa le ka arabang Jobe ka teng. O ka nna wa batla megopolo mo Alema 11:42–44, mo setshwantshong sa motsikinyego “In a Coming Day” (Gospel Library), kgotsa mo pineng ka ga Tsogo, jaaka “Did Jesus Really Live Again?” (Children’s Songbook, 64).

1:11

#BECAUSEofHIM: An Easter Message of Hope and Triumph

Jobe 16:1–5; 22:5

Ditsala tse di molemo di nonotshana le go kgothatsana.

  • Fa Jobe a ne a hutsafetse, ditsala tsa gagwe di ne di re Modimo o a mo otlhaya gonne o leofile (bona Jobe 22:5). Fa re ne re le ditsala tsa ga Jobe, re ne re ka leka go mo thusa jang? Mafoko a rona a ka thusa ba bangwe jang fa ba hutsafetse? (bona Jobe 16:5). Akanyetsa go bontsha setshwantsho se le sengwe kgotsa go feta mo tshobokong e fa lo ntse lo buisana ka dipotso tse.

  • Akanya ka go botsa bana ba gago go nankola mekgwa mengwe ya tsala e e molemo le go bua leina la tsala e e nang le mekgwa eo. Ke gone o ka lebelela setshwantsho sa ga Jeso Keresete. Ke ditsela dife tse Jeso e leng tsala e molemo mo mongweng le mongwe wa rona? O ka akanya ka mongwe yo o mo nakong e e thata. Loga leano gore o tlaa nna tsala e e tshwanang le Keresete jang mo go bone.

Jobe 19:23–27

Jeso Keresete ke Morekolodi wa me.

  • Morago ga go bala Jobe 19:23–27, wena le bana ba gago le ka bua ka fa lo itseng ka teng gore Morekolodi wa rona oa tshela. Lo ka dira mmogo go tsenya bopaki jwa lona (kgotsa ditshwantsho tsa Mmoloki) mo bukeng (bona temana 23).

  • Le gone le ka opela pina e e pakang ka ga Mmoloki, jaaka “I Know That My Redeemer Lives” (Hymns, no. 136). Abelana diele go tswa mo sefeleng tse nonotshang tumelo ya gago mo go Ene. Ke eng fa go le botlhokwa go itse gore Jeso Keresete o a tshela?

Ka go le gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

Jobe a dikaganyeditswe ke batho ba bangwe

Jobe le Ditsala tsa Gagwe, ka Iiya Repin

Tsebe ya tiragatso ya Poraemari: Jeso Keresete ke Morekolodi wa me.