Tlayang, Ntshaleng Morago
Phatwe 31–Lwetse 6. “A Dilo Tsotlhe tse di Nang le Mowa di Bake Morena”: Dipesalema 102–103; 110; 116–119; 127–128; 135–139; 146–150


“Phatwe 31–Lwetse 6. “A Dilo Tsotlhe tse di Nang le Mowa di Bake Morena Morena”: Dipesalema 102–103; 110; 116–119; 127–128; 135–139; 146–150,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Phatwe 31–Lwetse 6. ‘A Dilo Tsotlhe tse di Nang le Mowa di Bake Morena,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Jeso a otlolola letsogo go thusa mosadi mongwe

Go Boela go Tlisa Tlotlo, ka Kelsy le Jesse Lightweave

Phatwe 31–Lwetse 6: “A Dilo Tsotlhe tse di Nang le Mowa di Bake Morena”

Dipesalema 102–103; 110; 116–119; 127–128; 135–139; 146–150

Leina la setso la Sejuta la Lokwalo la Dipesalema ke Tehillim, lefoko la Sehebera le le rayang “dipako.” E amana le go goa halleluja (le raya “bakang Jehofa” kgotsa “bakang Morena”). Fa o ne o tshwanetse go tlhopha lefoko le le lengwe go soboka molaetsa wa konokono wa Dipesalema, pako e tlaa nna boitshenkelo jo bo molemo. Dipesalema dingwe di na le taletso e e tlhamaletseng go “baka Morena wena” (bona segolobogolo Dipesalema 146–50), mme tsotlhe di ka tlhotlheletsa kobamelo le pako. Dipesalema di re laletsa go amogela thata ya Morena, kutlwelobotlhoko ya Gagwe, le dilo tse dikgolo tse a di dirileng. Ga re kake ra mo duela sepe tsa tsena, mme re ka Mo baka. Pako eo e ka nna ya nna ka ditsela tse di farologaneng mo bathong ba ba farologaneng—e ka akaretsa go opela, go rapela, kgotsa go neela bopaki. Gantsi e gogela mo maitlamong a a tselenetseng mo Moreneng le go sala dithuto tsa Gagwe morago. Le fa e le eng se “baka Morena wena” e se rayang mo botshelong jwa gago, o ka bona tlhotlheletso go go dira jaaka o bala le go tlhatlhanya Dipesalema.

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Pesalema 102–3116

Morena o ka nkgomotsa mo go bogeng ga me.

Ela tlhoko ka fa Pesalema 102:1–11 e tlhalosang maikutlo a go tlhobaela le a go itlhaola a gantsi a tlang ka nako ya diteko. Gongwe wena le ba bangwe ba o ba itseng le itemogetse maikutlo a a ntseng jalo. Fa o ntse o bala Dipesalema 102:12–28; 103116, batla dielana tse di go neelang tshepo ya go “bitsa leina la Morena” mo ditekong tsa gago (Pesalema 116:13). O ka batla go tshwaya, tshwara ka tlhogo, kgotsa abelana le ba bangwe dielana tse di go neelang tsholofelo mo go Ene.

Le gone bona Isaia 25:8; Bahebera 2:17–18; Alema 7:11–13; Camille N. Johnson, “Christ Is Relief,” Liahona, Motsheganong 2023, 81–83; “Where Can I Turn for Peace?” (Hymnsno. 129).

Jeso a thusa monna yo o lwalang

Carl Heinrich Bloch (1834-1890), Christ Healing the Sick at Bethesda, 1883, oil on canvas, 100 3/4 × 125 1/2 inches. Brigham Young University Museum of Art, e rekilwe ka madi a neetsweng ke Jack R. le Mary Lois Wheatley, 2001.

Dipesalema 110; 118

Jeso Keresete o diragaditse diperofeso go tswa mo Dipesalema.

Dipesalema di na le ditemana tse di supang botshelo le tirelo ya ga Jeso Keresete. Fano ke dikai di le mmalwa:

  • Pesalema 110:1–4 (bona Mathaio 22:41–45; Bahebera 5:4–10; 6:20)

  • Pesalema 118:22 (bona Mathaio 21:42; Ditiro 4:10–11; 1 Petere 2:7)

  • Pesalema 118:25–26 (bona Mathaio 21:9)

Ditemana tse di go ruta eng ka ga Jeso Keresete? Ke eng go le botlhokwa go itse se ka ga Ene?

Dipesalema 119

ekhone ya seminari
Lefoko la Modimo le tlaa mpoloka mo tseleng ya Gagwe.

Pesalema 119 e na le dielana tse dintsi tse di tshwatshanyang matshelo a rona le loeto go boela kwa go Rara wa Legodimo. Fa o ntse o bala, batla mafoko jaaka “tsamaya,” “mmila,” “tsela,” le “kgarakgatshega.” Tlhatlhanya ka loeto la botshelo jwa gago—kwa o ntseng o le teng, fa o leng teng jaanong, le kwa o yang teng. O ithuta eng mo pesalemeng eno ka loeto la gago la go boela gae? O ithutile eng ka go lebelela ditsela tsa batho ba bangwe? Go yeng ka pesalema, Modimo o neetse eng go go thusa go nna mo tseleng ya Gagwe?

Akanya ka nako e ka yone go sala morago tsela kgotsa mmepe go neng ga go thusa go etela golo gongwe ka katlego. Maitemogelo ao a go ruta eng ka go latela tsela ya Modimo?

Mo dikwalong tse di boitshepo tse dingwe tse dintsi, Morena le baperofeti ba Gagwe ba bua ka tsela. Fa tlase ke dikai dingwe. Akanya ka go sekaseka ditemana tse le go kwala kgotsa abelana le ba bangwe se o se ithutang.

Dikwalo tse di boitshepo

Se ke se ithutang ka ga tsela ya Modimo

Dikwalo tse di boitshepo

Diane 4:11–19

Dikwalo tse di boitshepo

Mathaio 7:13–14

Dikwalo tse di boitshepo

1 Nefi 8:20–28

Dikwalo tse di boitshepo

2 Nefi 31:17–21

Dikwalo tse di boitshepo

Alema 7:9, 19:20

Dikwalo tse di boitshepo

Dithuto le Dikgolagano 25:2

Boammaaruri jo bo ka go thusa jang go nna mo tseleng ya Modimo?

Ke ditshedimisetso dife tse dingwe tse o ka di ithutang go tswa mo kgakololong e e latelang go tswa mo go Poresidente Russell M. Nelson?

“Fa loeto lwa rona mo botshelong le tshwanetse go atlega, re tlhoka go sala morago kaelo ya selegodimo. Morena o rile, ‘Lebang kwa go nna mo kakanyong nngwe le nngwe; lo se belaele, lo se boife’ (Dithuto le Dikgolagano 6:36 Mme Mopesalema o kwadile, ‘Lefoko la gago ke lebone la dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me,’ [Psalm 119:105]. …

Mo loetong la gago la botshelo, o kopana le dikgoreletsi tse dintsi mme o dira diphoso. Kaedi ya dikwalo tse di boitshepo e go thusa go lemoga phoso le go dira paakanyo e e tlhokegang. O emisa go tsamaya mo tseleng e e seng yone. Ka kelotlhoko o ithutontsha tsela ya mmepe wa dikwalo tse di boitshepo. Ke gone o tswelele ka boikotlhao le puseletso e e tlhokega go boela mo tseleng e e patisanyeng le e tshesane e e isang kwa botshelong jo bosakhutleng’ [2 Nefi 31:18]” (“Living by Scriptural Guidance,” Ensign, Nov. 2000, 17).

Le gone bona Dieter F. Uchtdorf, “The Prodigal and the Road That Leads Home,” Liahona, Nov. 2023, 86–88.

Dipesalema 134–36

Morena o maatla thata go feta medimo ya disetwa.

Ela tlhoko gore ke ka ntlha yang, go ya ka Pesalema 135:15–18, e le boeleele go ikanya mo medimong e e seng yone. Ke eng se o ka raelesegang go se ikanya se se tshwanang le medimo ya disetwa? O ka dira nankolo ya dilo tse Morena a ka di dirang, jaaka bapesalema ba dirile mo Dipesalema 134–36. Ke dilo dife tse di maatla tse A go di diretseng?

Pesalema 139

Morena o itse pelo ya me.

Ke eng se o se bonang mo Pesalema 139 mo se se go thusang go tlhaloganya gore Morena o a go itse—dikakanyo tsa gago le ditiro, dinonofo le makowa? Boammaaruri jo bo tlhotlheletsa jang botshelo jwa gago le boitshenkelo jwa gago?

Dipesalema 146–50

“Baka Morena wena.”

Fa o ntse o bala dipesalema tse tsa bofelo tsa pako, akanya ka mabaka a o nang le one a go baka Morena. Ke eng go le botlhokwa go Mmaka? Ke ditsela dife tse o ka Mmakang ka tsone?

Mo gontsi, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

ekhone ya karolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Pesalema 102: 1–2

Morena o a nkgomotsa le go nneela tsholofelo.

  • Wena kgotsa mongwe wa bana ba gago le ka bala Pesalema 102: 1–2, le batla ka fa Morena a re thusang ka teng ka nako tse di thata. Re ka bona jang thuso ya Gagwe? Gape lo ka abelana le ba bangwe dinako tse lo neng lo tlhoka thuso ka tsone le go ikutlwa gore Modimo o utlwile dithapelo tsa lona.

Pesalema 119:105

Lefoko la Modimo le tshwana le lesedi.

  • Bana ba gago ba ka nna ba itumelela go bua ka gore go utlwalega jang go nna mo lefifing. Kgotsa ba ka buisana ka dilo tse di thata go di dira mo lefifing. O ka ba laletsa go dira sengwe matlho a bone a tswetswe, jaaka go tshwantsha setshwantsho. Re ithuta eng go tswa mo Pesalema 119–105 ka ga lesedi le lefoko la Modimo?

  • Batla sengwe se Rara wa Legodimo a re se neetseng go re thusa go nna mo tseleng ya Gagwe mo ditemaneng tse di latelang: Dipesalema 119:47–48; 119:105; 1 Nefi 11:25; 2 Nefi 31:20. Re ka dira eng go nna mo tseleng ya Modimo?

  • Bana ba gago ba ka itumelela go leba ditshwantsho tsa dilo tse di umakilweng mo Pesalema 119:105. Ba ka baya ditshwantsho ka thulaganyo jaaka ba bala temana. Le gone lo ka opela mmogo pina e e amanang , jaaka “Teach Me to Walk in the Light” (Children’s Songbook, 177) or “I Will Walk with Jesus” (Gospel Library).

rre a balela ngwana

Pesalema 139:1–3, 23–24

Rara wa rona wa Legodimong le Jeso Keresete ba nkitse ebile ba nthata.

  • Akanya ka go dira nankolo e khutshwane ya dilo tse o di itseng ka mongwe le mongwe wa bana ba gago. Fa o ntse o bala dinankolo ka bongwe ka bongwe, kopa bana go fopholetsa gore o tlhalosa mang. Ke gone, morago ga go bala Pesalema 139:1–3 mmogo, o ka nankola dilo tse Rara wa Legodimo le Jeso ba di itseng ka rona.

  • Kwala mafoko a Pesalema 139:23–24 mo pampitshaneng kgotsa bote. Laletsa bana go tshwaya mafoko a a tlhalosang dilo tse Modimo a ka re di direlang. Ke ka ntlha yang fa re ka batla gore Modimo a dire dilo tse?

Pesalema 146: 1, 5–9

Ke ka baka Morena.

  • Gongwe bana ba gago ba ka abelana maitemogelo a fa mongwe a ba akgola kgotsa a ba bolelela gore ba dirile tiro e ntle Abelana dingwe tsa dilo tse di molemo go tswa mo Pesalema 146:6–9 tse Morena a di dirileng (thusa bana ba gago go tlhaloganya mafoko a a sa tlwaelesegang). Laletsa bana ba gago go bua ka dilo tse dingwe tse a re di direlang. Re ka mo bakela jang dilo tseo?

Ithute mo gae; abelana le ba bangwe. Poresidente Russell M. Nelson o rutile gore legae le tshwanetse go nna “boremelelo jwa go ithuta efangele” (“Becoming Exemplary Latter-day Saints,” Liahona, Nov. 2018, 13). Ke eng se o ka se dirang beke e go tseneletsa ithutontsho ya gago ka bowena kgotsa lelwapa ya Dipesalema? Morago ga ithutontsho ya gago, akanya ka go abelana le ba bangwe se o se ithutileng le go se utlwa. O ka dira se mo puisanyo, ka molaetsa kgotsa mo maranyaneng, kgotsa kwa kerekeng.

Ka mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.