“Dikakanyo tse o tshwanetseng go di gakologelwa: Baperofeti le Perofeso,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Baperofeti le Perofeso,” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Dikakanyo tse o tshwanetseng go di Gakologelwa
Baperofeti le Seperofeso
Mo kgaoganong ya setso ya Sekeresete tsa Kgolagano e Kgologolo, kgaolo ya bofelo (Isaia go fitlhelela ka Malaki) e bidiwa Baperofeti. Kgaolwana e, selekanyo sa bongwe-mo-boneng jwa Kgolagano e Kgologolo, e na le mafoko a batlhanka ba Modimo ba ba laotsweng, ba ba buileng le Morena le gone go mmuelela go abelana melaetsa ya Gagwe le batho fa gare ga 900 le 500 BC.
Baperofeti Ba Bolela Thato ya Modimo
Baperofeti le perofeso ba na le seabe se segolo go ralala Kgolagano e Kgologolo. Aberahame, Isake, le Jakobe ba bone diponatshegelo le go bua le barongwa ba legodimo. Moše o buile le Modimo ba lebaganye difatlhego mme a bolelela bana ba Iseraele thato ya Gagwe. Dikwalo tsa ntlha le bobedi tsa Dikgosi di bolela ditiro tse di sa lebalesegeng le melaetsa ya baperofeti Elija le Elisha. Kgolagano e Kgologolo le gone e bua ka baperofeti ba sesadi jaaka Miriame le Debora, ba na le bomme ba bangwe ba ba segofaditsweng ka mowa wa perofeso, jaaka Rebeka le Hana. Mme le fa Dipesalema di ne di sa kwalwa ke baperofeti ba ba tlhomameng, le tsone di tletse ka mowa wa perofeso, segolobogolo jaaka di supa kwa go tleng gwa ga Mesia.
Ga go sepe sa tse se se tlang e le kgakgamatso mo malokong a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Tota e bile, efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete e re ruta gore baporofeti ga se fela batho ba ba kgatlhang ba ditso mme ke karolo e e botlhokwa ya togamaano ya Modimo. Le fa gone bangwe ba ka tswa ba bona baperofeti jaaka tlwaelo fela ka dinako tsa Kgolagano e Kgologolo, rona re ba bona ele sengwe se re nang le sone go tshwana le dinako tsa Kgolagano e Kgologolo.
Mme go bala kgaolo go tswa mo Isaia kgotsa Esekiele go ka utlwalega go farologana le go bala molaetsa wa khonferense ya kakaretso go tswa mo Poresidenteng ya bosheng ya Kereke. Ka dinako dingwe go thata go bona gore baperofeti ba bogologolo ba ne ba na le sengwe go se re bolelela. Godimo ga moo,lefatshe le re tshelang mo go lone gompieno le farologane gotlhelele le lefatshe le ba neng ba rera le go perofeta mo go lone. Mme ntlha ya gore re na le moperofeti yo o tshelang e ka tsosa potso eno: Ke ka ntlha yang fa go tshwanela maiteko—e bile go tlhoka maiteko—go bala mafoko a baporofeti ba bogologolo?
Dinako ka Botlalo, ka Greg Olsen
Baperofeti Ba Bogologolo Ba Na Le Sengwe Go Se Re Bolelela
Bontsi jwa nako, batho gompieno ga se bareetsi ba bagolo ba baporofeti ba Kgolagano e Kgologolo. Baporofeti bao ba ne ba na le matshwenyego a ba nang le one a ba neng ba a rarabolola mo metlheng ya bone le lefelo—fela jaaka baperofeti ba rona ba malatsi a bofelo ba rarabolola matshwenyego a re nang le one gompieno.
Ka nako yone eo, baperofeti ba kgona go bona go feta matshwenyego a a ba nang le one. A ruta boammaruri jwa bosakhutleng, jo bo maleba ka nako e nngwe le e nngwe le lefelo lengwe le lengwe. Ba segofaditswe ka tshenolo, ba bona ka katoloso tiro ya Modimo. Ka sekai, Isaia o tlhagisitse batho ka motlha wa gagwe ka ga dibe tsa bone. O kwadile le gone ka ga kgololo ya Baiseraele ba ba tlaa tshelang dingwaga tse 200 mo isagong. Ka nako yone eo, o rutile ka ga kgololo e batho botlhe ba Modimo ba e senkang. E bile o kwadile diperofeso tse, le gompieno, di santse di emetse go diragadiwa—jaaka ditsholofetso tsa “lefatshe le lešha” (Isaia 65:17) le le tlaa bo le “tletse ka kitso ya Morena” (Isaia 11:9), kwa merafe e e latlhegileng ya Iseraele e tlaa phuthelwang teng le kwa “ditšhaba” di se kitla di “ithuta tlhabano gotlhele” (Isaia 2:4). Bontlha jwa boitumelo le tlhotlheletso tse di tlang ka go bala mafoko a baperofeti ba Kgolagano e Kgologolo jaaka Isaia ke go lemoga gore re na le seabe mo letsatsing la kgalalelo le le mo ponatshegelong tsa bone.
E re jaaka fa o bala boperofeti jwa bogologolo, go ka kgona go thusa ithuta ka seemo se ka fa di neng di kwalwa ka teng—mme le gone o ipone mo go tsone, kgotsa “itshwantshanye mo go tsone” (1 Nefi 19:24; bona le gone temana 23). Nako tse dingwe se se kaya go lemoga Babilone jaaka sesupo sa sebe le ikgogomoso, eseng fela jaaka toropo ya bogologolo. Go ka kaya go tlhaloganya Iseraele jaaka batho ba Modimo mo nakong le lefelo lengwe le lengwe. Kgotsa go ka kaya o leba Sione jaaka lebaka la segompieno le batho ba Modimo ba le amogelang, mo boemong jwa go le leba jaaka lefoko le lengwe la Jerusalema.
Re ka tshwantshwanya dikwalo tse di boitshepo le matshelo a rona ka gore re tlhaloganya gore seperofeti se ka diragadiwa ka ditsela di mmalwa. Sekai se se ntle ke seperofeti mo Isaia 40:3: “Lentswe la yo o bitsang mo nageng, Baakanyang tsela ya Morena.” Go Bajuta ba ba tshwerweng kwa Babilone, mokwalo o o ka tswa o ne kaya Morena a ba bulela tselago tswa mo botshwarong le go boela Jerusalema. Go Mathaio, Mareko, le Luke, boperofeti bo ne bo kaya Johane wa Mokolobetsi, yo o baakantseng tsela ya tirelo ya Mmoloki mo nameng. Mme Joseph Smith o amogetse tshenolo ya gore seperofeti bo bo santse bo diragadiwa gompieno mo paakanyong ya tirelo ya Meleniamo ya ga Kereesete. Ka ditsela tse re santseng re tlaa di tlahloganya, baperofeti ba bogologolo ba bua le rona. E bile ba rutile ka bontsi boammaruri jwa bosakhutling jo bo rategang jo bo amanang le rona jaaka mo Iseraeleng o mogologolo.
Baperofeti Ba Bogologolo Ba Paka Ka Ga Jeso Keresete
Gongwe se se botlhokwa go fetisa go ipona mo diperofesong jwa Kgolagano e Kgologolo ke go bona Jeso Keresete mo go tsone. Fa o O mmatla, o tlaa O mmona, le fa a sa umakiwa ka leina. Go ka nna ga thusa go gopola gore Modimo wa Kgolagano e Kgologolo, Morena Jehofa, ke Jeso Keresete. Nako nngwe le nngwe baperofeti ba umaka se Morena a se dirang kgotsa se A tlaa se dirang, ba bua ka Mmoloki.
Morena a Itshupa kwa go Aberahame, ka Keith Larson
O tlaa bona gape dikumako ka ga Motlodiwa, Morekolodi, le Kgosi ya isago go tswa losikeng lwa ga Dafite. Tse tsotlhe ke diperofeso ka ga Jeso Keresete. Ka kakaretso thata, o tlaa bala ka kgololo, itshwarelo, thekololo, le tsosolotso. O na le Mmoloki mo dikakanyong tsa gago le pelo, diperofeti tse ka tlholego di tlaa go supegetsa kwa go Morwa Modimo. Morago gotlhe, tsela e e siameng thata go tlhaloganya boperofeti ke go nna le “mowa wa seperofeti” jo Johane a re bolelelang gore ke “bopaki jwa ga Jeso” (Tshenolo 19:10).