Tlayang, Ntshaleng Morago
Lwetse 14–20 “Modimo ke Poloko ya Me”: Isaia 1–12


“Lwetse 14–20. ‘Modimo ke Poloko ya Me”: Isaia 1–12,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Lwetse 14–20. ‘Modimo ke Poloko ya Me,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Isaia a kwala mo sekorolong

Moperofeti Isaia a Bolelapele go Tsalwa ga ga Keresete, ka Harry Anderson

Lwetse 14–20: “Modimo ke Poloko ya Me”

Isaia 1–12

Le fa e le la ntlha o bala buka ya Isaia, o ka nna wa fitlhela ditemana tse di utlwalang di tlwaelesegile. Seo ke gonne, mo baperofeting botlhe ba Kgolagano e Kgologolo, Isaia ke ene a nopotsweng gantsi mo dikwalong tse dingwe tsa dikwalo tse di boitshepo, go akaretsa le ene Mmoloki ka bo Ene. Mafoko a ga Isaia le gone a bonala mo difeleng le e mengwe moopelo e e boitshepo.

Ke ka ntlha yang fa Isaia a nopolwa gantsi jaana? E le ruri lengwe la lebaka ke gore Isaia o ne a na le neo ya go tlhalosa lefoko la Modimo ka puo e e tiileng thata, e e sa lebalesegeng. Mme go feta moo. Isaia o tlhotlheleditse baperofeti go ya ka ditshika gonne boammaaruri jo a bo rutileng bone bo feta tshika ya gagwe (fa gare ga 740 le 701 BC). O ne a kwala ka tiro e kgolo ya Modimo ya thekololo, e e leng kgolo thata go feta tšhaba e le nngwe kgotsa motlha o le mongwe. Go tswa mo go Isaia, Nefi o ithutile gore ene le batho ba gagwe, le fa ba ne bakgaogane le Iseraele yotlhe, ba ne ba santse ba le karolo ya batho ba kgolagano ya Modimo. Mo go Isaia, bakwadi ba Kgolagano e Ntšha ba bone diperofeso ka ga Mesia tse di neng tsa diragadiwa fela fa pele ga matlho a bone. Mme mo Isaia, Joseph Smith o bone tlhotlheletso ya tiro ya malatsi a bofelo ya go phuthiwa ga Iseraele le go agiwa ga Sione. Fa o bala Isaia, o tlaa bona eng?

Ka mo gontsi ka Isaia le go mekwalo ya gagawe, bona “Isaia” in the Bible Dictionary. Ka kitso ka ga motlha o Isaia a neng a tshela ka one, bona 2 Dikgosi 15–20 le 2 Ditiragalo 26–32.

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Isaia 1–12

Mafoko a ga Isaia otlhe a tlaa diragadiwa.

Mmoloki o ne a ruta gore “dilo tsotlhe tse [Isaia] a di buileng di nnile teng mme di tlaa nna teng, le go ya ka mafoko a a a buileng” (3 Nefi 23:3). Fa o ntse o ithutontsha lokwalo lwa Isaia, akanyetsa go dira tšhate ya diperofeso tse di nang le ditlhogo tse di tshwanang le tse: Malatsi a ga Isaia, Tirelo ya Mmoloki, le Malatsi a bofelo. Ela tlhoko gore bontsi jwa diperofeso tsa ga Isaia di diragadiwa ka ditsela tse di fetang bongwe (bona Bible Dictionary, “Isaia”).

Poresident Dallin H. Oaks o rutile: “Lokwalo la ga Isaia le na le diperofeso tse di lebegang di na le ditiragatso tse di mmalwa. Nngwe e lebega e akaretsa batho ba malatsi a ga Isaia kgotsa diemo tsa tshika e e latelang. Bokao jo bongwe, jo gantsi e leng jwa tshwantshetso, go lebega bo kaya ditiragalo tsa nako ya meridian, fa Jerusalema a ne a senngwa le batho ba gagwe ba phatlalala morago ga go bapolwa ga Morwa Modimo. Bokao jo bongwe gape kgotsa tiragatso ya perofeso yone eo e lebega e amana le ditiragalo tse di neng di le teng mo go Tleng ga Bobedi ga Mmoloki. Bonnete jwa gore bontsi jwa diperofeso tse di ka nna le bokao jo bontsi le gatelela botlhokwa jwa go batla ga rona tshenolo go tswa mo Moweng o o Boitshepo go re thusa go di ranola ” (“Scripture Reading and Revelation,” Ensign, Jan. 1995, 8).

Go tlhaloganya Isaia. Mmoloki o rile, “Sekaseka dilo tse ka tlhoafalo; gonne mafoko a ga Isaia a magolo” (3 Nefi 23:1; le gone bona ditemana 2–3). Le fa go ntse jalo mo go ba le bantsi, Isaia o ka nna thata go mo tlhaloganya. Megopolo e e latelang e ka thusa:

  • Tlhatlhanya dikao le ditshwantshiso tse Isaia a a dirisitseng.

  • Ipotse, “Ke ithuta eng ka ga Jeso Keresete?” (bona 1 Nefi 19:23).

  • Batla ditlhogo tse di utlwalang di amana le nako ya rona.

  • Dirisa dithuso tsa go ithutontsha, sekai thanodi, mokwalo o o kwa tlase ga tsebe, ditlhogo tsa dikgaolo le Kaedi ya Dikwalo tse di Boitshepo.

Isaia 1; 3–5

ekhone ya seminari
Baperofeti ba tlhagisa ka ga sebe mme ba solofetsa tsholofelo ka boikotlhao.

Jaaka baperofeti mo metlheng yotlhe, Isaia ka gale o tlhagisa batho ka ga seemo sa bone sa semowa. Fa o ntse o bala Isaia 1; 35, batla dieleng tse di tlhalosang ka fa batho ba neng ba dira ka teng mo semoweng (bona, ka sekai, Isaiah 1:2–4, 21–23; 3:9, 16–17; 5:11–12, 20–23). Ke mathata afe a a tshwanang le ano a o a bonang mo motlheng wa rona? Le gone o ka leba ditemana tse di tlhagisang ka ga ditlamorago tsa seemo sa semowa sa Baiseraele (jaaka Isaia 1:7; 3:17–26; 5:5–7, 13–15).

Mo tlalaletsong ya ditlhagiso, Isaia o ne a neela melaetsa ya tsholofelo ya thekololo ka Mmoloki (bona, ka sekai, Isaia 1:16–19, 25–27; 3:104). O ithuta eng ka Morena mo melaetseng e? Molaetsa wa Morena mo ditemaneng tse o farologana jang le se Satane a batlang gore re se dumele?

Jaaka Isaia, baperofeti gompieno ba re tlhagisa ka ga sebe le ditlamorago jwa sone, mme ba re neela melaetsa ya tsholofelo ka Jeso Keresete. O ka akanya ka dikai dife? O ka batla go sekaseka molaetsa go tswa mo khonforenseng ya kakaretso e e fitileng, o batla ditlhagiso le ditsholofetso tse di ntseng jalo.

Isaia 2; 4; 11–12

Modimo o tlaa dira tiro e kgolo mo malatsing a bofelo.

Bontsi jwa diperofeso tsa ga Isaia di na le bokao jo bo tlhomameng jwa malatsi a rona. Go di bona, batla madiri a paka e e tlang (a a jaaka “e tlaa nna” kgotsa “e tlaa tsamaya”). Ka sekai, batla madiri a fa o ntse o bala Isaia 2; 4; 11–12. Le gone o ka leka go a emisetsa ka madiri a paka ya jaanong (jaaka e tlaa nna kgotsa e tlaa tsamaya). Ke diperofeso dife tse segolobogolo di go tlhotlheletsang? O ithuta eng go tswa mo diperofesong ka ga Sione, go aga ditempele, le go phuthiwa ga Iseraele?

Isaia 2:2–3 e amana segolobogolo le Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Diperofeso tse di diragadiwa jang? O ithuta eng ka ga “ditsela” le “ditselana” tsa Morena mo ntlong ya Gagwe? (temana 3).

Le gone bona Isaiah 5:26; “High on the Mountain Top,” Hymns, no. 5.

Isaia 6

Baperofeti ba bidiwa ke Modimo.

Mo Isaia 6, Isaia o ne a bolela ka pitso ya gagwe ya go nna moperofeti. Fa o ntse o bala kgaolo e, ke eng se se go kgatlhang ka ga maitemogelo a ga Isaia? Kgaolo e e tlhotlheletsa jang tsela e o akanyang ka Morena, baperofeti ba Gagwe, le tiro e ba bileditsweng go e dira?

Marea a tshotse ngwana Jeso

“Gonne ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neetswe” (Isaia 9:6).

Isaia 7–9

Modimo o solofeditse go romela Jeso Keresete go nna Mmoloki wa me.

Ka nako ya tirelo ya ga Isaia, Iseraele e ne ya dira kgolagano le Seria go iphemela kgatlhanong le Aseria. Iseraele le Siria ba ne ba batla go pateletsa Ahase, kgosi ya Juta, go ikopanya le bone. Mme Isaia a perofesa gore kgolagano e tlaa retela mme a gakolola Ahase go tshepa mo Moreneng (Isaia 7:7–9; 8:12–13).

Fa Isaia a gakolola Ahase, o ne a dira diperofeso di le mmalwa tse di itsegeng, jaaka Isaia 7:14; 8:13–14; 9:2, 6–7. le fa e le eng se diperofeso tse di ne di se kaya mo go Ahase, sentle di ama Jeso Keresete (Le gone bona Mathaio 1:21–23; 4:16; 21:44; Luke 1:31–33). Ke eng “Immanuele” e le setlhogo se se siameng sa Mmoloki? (bona Mathaio 1:23). O nnile “Mogakolodi” kgotsa “Kgosana ya Kagiso” jang mo go wena? (Isaia 9:6) Ke eng gape se o se ithutang ka ga Mmoloki go tswa mo ditemaneng tse?

Mo gontsi, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

ekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Isaia 1:2–4, 16–19

Ka ntlha ya ga Jeso Keresete, ke ka ikwatlhaya le go ntlafala.

  • Mo Isaia 1:2–4, wena le bana ba gago le ka batla mabaka gore Morena o ne a sa itumelela batho. Ela tlhoko tshwantshanyo le diphologolo mo temana 3—ke mang “mong” wa rona? Re supa jang gore re A mo itse?

  • Go bona ka leitlho la mogopolo Isaiah 1:16–18, wena le bana ba gago le ka leba sengwe se se bohibidu jo bo phatsimang le sengwe se bosweu jo bo itshekileng. Kgotsa gongwe lo ka dira mmogo go tlhatswa sengwe. Re itshekologa jang semowa? Jeso o re thusa jang go nna phepa? Re ithuta eng ka ga Mmoloki go tswa mo ditemaneng tse? Abelana le bana ba gago ka fa o ikutlwang ka teng ka Ene le se a se go diretseng.

Isaia 2:2–4

Mo tempeleng, Ke ithuta ka Jeso Keresete.

  • Isaia o bonetsepele nako e fa “thaba ya ntlo ya Morena” e tlaa goga batho go tswa “ditšhabeng tsotlhe” (Isaia 2:2). O ka thusa jang bana ba gago go ikutlwa ba itumetse ka go ya ntlo ya Morena? O ka ba laletsa go tshwantsha setshwantsho sa legae la bone. Ke gone balang mmogo Isaia 2:2, mme o ba laletse go tshwantsha setshwantsho sa “ntlo ya Morena,” e e leng tempele. Balang Isaia 2:3 mmogo. Ba laletse go tsenya mo ditshwantshong tsa bone batho ba bantsi ba tla kwa tempeleng, go akaretsa le malwapa a bone.

  • Le gone lo ka bala Isaia 2:2–3 mmogo le go supa sengwe se se le tlhotlheletsang wena le bana ba gago go ya tempeleng. Ke gone, morago ga go bala Isaia 2:4 mmogo, le ka buisana ka fa tempele e ba tlisetsang kagiso. Akanya ka go opela pina ka ga tempele, jaaka “I Love to See the Temple” (Children’s Songbook, 95). Thusa bana ba gago go batla mafoko mo pineng a a rutang ka ga se tempele e leng sone le se re se dirang teng.

Tempele ya Salt Lake ka lotlatlana

Tempele ya Salt Lake

Isaia 7:14; 9:6–7

Jeso Keresete o tlile mo lefatsheng go nna Mmoloki wa me.

  • Go itsise diperofeso tsa ga Isaia ka Keresete, wena le bana ba gago le ka bua ka ga maemo a batho, jaaka poresidente, bishopo, kgotsa moruti. Ditlhogo tse di re bolelela eng ka ga batho ba? Thusa bana ba gago go batla ditlhogo tsa ga Jeso Keresete mo Isaia 7:14 le 9:6–7 (le gone bona tsebe ya tiragatso ya beke e). Nngwe le nngwe ya ditlhogo tse e ruta eng ka Ene? Re ithuta eng gape ka ga Jeso Keresete go tswa mo ditemaneng tse?

  • Le gone o ka abelana le bana ba gago “Isaiah the Prophet” (in Old Testament Stories, 150–51). Ema ka nako le nako go botsa ka se Isaia a neng a se itse ka ga Jeso Keresete dingwaga tse dintsi pela fa a tsholwa. Ke gone o ka dirisa Mathaio 1:21–23; Luke 1:31–33 go bua ka ga ka fa diperofeso tsa ga Isaia mo Isaia 7:14; 9:6–7 di neng tsa diragadiwa.

    1:18

    Isaiah the Prophet

Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

go itaya ga legadima mo loaping fa godimo ga tempele

Isaia o rutile gore tempele e tlaa nna “lefelo la botshabelo” le “go nna botshabelo mo matsubutsubung le mo puleng” (Isaia 4:6). Tempele ya Idaho Falls Idaho

Tsebe ya tiragatso ya poraemari: Isaia a perofesa ka ga Jeso Keresete