Tlayang, Ntshaleng Morago
Lwetse 7–13 “O Tlaa Kaela Ditsela tsa Gago”: Diane 1–4; 15–16; 22; 31; Moreri 1–3; 11–12


Lwetse 7–13 ‘O Tlaa Kaela Ditsela tsa Gago”: Diane 1–4; 15–16; 22; 31; Moreri 1–3; 11–12,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

Lwetse 7–13 ‘O Tlaa Kaela Ditsela tsa Gago,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Jeso a na le bana

Jeso a na le Bana, ka Dilleen Marsh

Lwetse 7–13: “O Tlaa Kaela Ditsela tsa Gago”

Diane 1–4; 15–16; 22; 31; Moreri 1–3; 11–12

O ka akanya gore lokwalo la Diane jaaka kgobokanyo ya dikgakololo tse di botlhale go tswa mo batsading ba ba lorato (bona Diane 1:8). Molaetsa wa konokono ke gore fa o batla botlhale—segolo bogolo botlhale jwa Modimo—botshelo bo tlaa tsamaya sentle. Mme Diane di latelwa ke lokwalo la Moreri, le le lebegang e kare la re, “Ga go motlhofo.” Moreri yo o nopotsweng mo go Moreri o ne a lemoga gore o ne a “neela pelo ya [gagwe] go itse botlhale” mme a sa ntse a bona “go tshwenyega ga mowa” le “khutsafalo e ntsi” (Moreri 1:17–18). Ka ditsela tse di farologaneng, lokwalo le botsa “A go ka nna le bokao jwa mmatota mo lefatsheng le mo go lone sengwe le sengwe se lebegang e le boithamako, sa nakwana e bile se sa tlhomamisege?”

Mme le fa go ntse jalo, fa dikwalo tse pedi di leba botshelo ka tebo e e farologanyeng, di ruta boammaaruri jo bo tshwanang. Moreri o bolela: A re utlweng bokhutlo jwa dikgang: Boifa Modimo, mme o tshegetse ditaelo tsa gagwe: gonne se ke tiro yotlhe ya motho” (Moreri 12:13). Se ke molawana o o fitlhelwang go ralala Diane: ” O ikanye Morena ka pelo yotlhe ya gago” (Diane 3:5; le gone bona temana 7). Botshelo ka metlha bo botoka—fa se gore ka metlha bo itekanetse—fa re ikanya le go sala morago Morena Jeso Keresete.

Ka tshobokanyo ya dikwalo tse, bona“Proverbs, book of” and “Ecclesiastes” in the Bible Dictionary.

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Diane 1–4; 15–16; Moreri 1–3; 11–12

“Sekegela botlhale tsebe .”

Dikwalo tsa Diane le Moreri di tletse ka ditshedimosetso ka ga botlhale. Akanya ka go tshwaya lefoko “botlhale” le mafoko a a amanang, jaaka “kitso” le “tlhaloganya,” jaaka o a bona mo Diane 1–4; 15–16; Moreri 1–3; 11–12. Dikgaolo tse di ama jang tsela e o akanyang ka yone ka botlhale? Go ikaegile ka se o se bonang, o ka tlhalosa jang botlhale jo Morena a bo neelang”? (Diane 2:6). Ke ditshegofatso dife tse di tswang mo botlhaleng jwa Modimo?

Le gone bona Mathaio 7:24–27; 25:1–13.

Thusa baithuti go abelana se ba se ithutang. Neela baithuti tshono ya go abelana mongwe le mongwe ka se ba se ithutang ka ga Mmoloki le efangele ya gagwe. Go dira se go tlaa ba thusa go tlhaloganya boammaaruri jo ba bo rutiwang le go bo supa. Le gone go tlaa ba thusa go nna le tshepo mo bokgoning jwa bone jwa go abelana boammaaruri mo seemong sa bone” (Teaching in the Savior’s Way26). Ka sekai, o ka laletsa baithuti go kwala fatshe dikinolo dingwe go tswa mo Diane kgotsa Moreri kwa ba bonang megopolo ka ga botlhale jwa Modimo. Ke gone laletsa baithuti go bua ka ga se ba se ithutang.

Diane 1:7; 2:5; 3:7; 15:33; 16:6; 31:30; Moreri 12:13

“O Seka wa nna botlhale mo matlhong a gago: boifa Morena.

Setlhogo se sengwe se se bonwang mo Diane le Moreri ke ”poifo ya Morena.” Lebelela seelana se jaaka o bala. O ikutlwa gore go raya eng go boifa Morena? Leba megopolo mo molaetseng wa ga Mogolwane David A. Bednar “Therefore They Hushed Their Fears” (Liahona, May 2015, 46–49). Go boifa Morena go farologanye jang le mefuta e mengwe ya go boifa?

Le gone bona Diane 8:13

Diane 3:5–74

ekhone ya seminari
“O ikanye Morena ka pelo yotlhe ya gago.”

O ka leka go gwetlha mongwe jang gore go botoka go “ikanya Morena” go na le go “ikaega … ka tlhaloganyo ya rona”? ((Diane 3:5). Ke tshwantshiso efe kgotsa dithuto tsa sedirisiwa dife tse o ka e dirisang? Jaaka o tlhatlhanya Diane 3:5–7, akanya ka ditsela tse o ka feleletsang seele jaaka se: Go ikanya Morena go tshwana le … Go ikaega ka tlhaloganyo ya gago go tshwana le …

Ke eng go se botlhale go ikaega ka tlhaloganyo ya rona? O lemogile jang gore Morena o a ikanyega?

Le fa gontse jalo, re ka bona go le thata go ikanya Morena ka dinako tse dingwe. Ke eng go ntse jalo? Mogolwane Gerrit W. Gong o file mabaka mangwe, le kgakololo e e ka thusang, mo “Trust Again” (Liahona, Nov. 2021, 97–99). Ke dipolelo kgotsa dithuto dife tse o di bonang mo molaetseng o tse di ka thusang mongwe go tsosolosa go ikanya ga bone mo Moreneng?

Gotlhe Diane 3:6 le Diane 4 di tshwantshanya botshelo le “tselana” kgotsa “tsela.” O akanya gore go raya eng go letla Morena a “kaela ditsela tsa [gago]”? (Diane 3:6). O bone eng mo kgaolo 4 se se go thusang go “tlhatlhanya tsela ya dikgato tsa [gago]”? (temana 26). Ka sekai, di raya eng ditemana 11–12 le 18–19 ruta ka ga ditshegofatso tsa go sala morago tsela e e siameng? Di raya eng ditemana 26–27 mo go wena?

Le gone bona 2 Nefi 31:18–21; “Lord, I Would Follow Thee,” Hymns, no. 220.

Diane 15; 16:24–32

“Phetolo e e bonolo e thibosa bogale.”

Megopolo mengwe mo Diane 15–16 e ka go tlhotlheletsa go tokafatsa tsela e o buisanang le ba bangwe, segolobogolo ba o ba ratang. Ka sekai, akanya ka nako e e rileng fa “Phetolo e e bonolo” e thusitseng go”[thibosa] bogale” (Diane 15:1).

Le gone o ka akanya ka dinako tse fa Mmoloki a neng a kaya dithuto mo Diane 15:1–4, 18 (bona Mareko 12:13–17; Johane 8:1–11). O ka sala jang morago sekao sa Gagwe jaaka o kopana le ba bangwe?

Kgakololo mo Diane 15; 16:24–32 e ka diragadiwa jang mo maranyaneng a di tlhaeletsanyo gompieno? Bona gore a o ka bona temana mo dikgaolong tse tse o ka di buisang jaaka kgakololo ka go dirisa maranyane kgotsa melaetsa.

Le gone bona Neil L. Andersen, “Following Jesus: Being a Peacemaker,” Liahona, May 2022, 17–20; Ronald A. Rasband, “Words Matter,” Liahona, May 2024, 70–77; For the Strength of Youth: A Guide for Making Choices (2022), 11–12.

mosadi le dinonyane tsa lewatle

Ke Mang yo o ka Bonang Mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng? II, ka Louise Parker

Diane 31: 10–31

“Mosadi yo o boifang Morena, o tlaa galalediwa.”

Diane 31:10–31 tlhalosa “mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng,” kgotsa mosadi wa nonofo ya semowa e e kgolo, bokgoni, le tlhotlheletso. O ka leka go khutshwafatsa ka mafoko a gago se ditemana tse di se buang ka ga basadi ba ba mokgwa o o faphegileng. Ke mokgwa o fe wa eno o o ka o etsang?

Moreri 1–312

Botshelo jwa go swa ke jwa nakwana.

Ke ka ntlha yang go le botlhokwa mo go wena go gakologelwa mo go kalo mo lefatsheng le, jaaka Moreri 1–2 e tiisa, gore ke “boithamako” (kgotsa nakwana mme gantsi ga bo botlhokwa)? Ke eng se o se bona mo Moreri 12 seo se neelang botshelo boleng jwa bo bosakhutleng?

Mo gontsi, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

ekhone ya karolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Diane 1:7; 2:5; 15:33; 16:6; Moreri 12:13

Go “boifa Modimo” go raya go mo rata le go mo obamela.

  • Go thusa bana ba gago go tlhaloganya ditemana ka go boifa Modimo, o ka emisetsa lefoko “poifo” ka mafoko jaaka tlotlo, lorato, kgotsa kobamelo (le gone bona Bahebera 12:28). Se se ama jang tsela e re akanyang ka ga ditemana tse? Re supa jang gore re boifa Morena?

Diane 3: 5–7

Ke ka ikanya Morena ka pelo yotlhe ya me.

  • Wena le bana ba gago le ka dira tiro e e tsamaelanang le Diane 3:5–7, jaaka go dira pelo ka diatla tsa gago, o ikaegela mo letlhakoreng le le lengwe, o tsamaya mo lefelong, le go supa matlho a gago. Re ka supa jang gore re ikanya mo go Jeso Keresete ka dipelo tsotlhe tsa rona?

  • Go supa gore go go raya eng go “go sa ikaega ka tlhaloganyo ya gago” (Diane 3:5), akanya ka go laletsa bana ba gago go ikaega ka sengwe se se nonofileng kgotsa se tlhomame, jaaka lebota. Ke gone ba ka leka go ikaega ka selo se se sa nonofang, jaaka lefeelo. Kgotsa ba ka leka go seega thobane kgotsa pensele ka di dirisiwa tse di nonofileng ka tsela e e farologaneng, tse di jaaka buka kgotsa pampintshana. Ke eng go le botlhokwa go “ikanya Morena” (temana 5) mme e seng go tlhaloganya ga rona”?

Mosadi yo o ritibetseng ka sethunya

Go Ithuta go Ikanya Morena, ka Kathleen Peterson

Diane 15: 1, 18

Ke ka dirisa mafoko a bopelonomi.

  • Gongwe wena le bana ba gago lo ka akanyetsa ka diemo tse wena kgotsa bone ba ka ikutlwang le galefile. Balang Diane 15:1 mmogo, mme thusa bana ba gago go dirisa temana e mo seemong se ba neng ba akanya ka sone. Gongwe ba ka ikatisa ka dingwe tsa “dikarabo tse di bonolo.” Pina ka ga bopelonomi, jaaka“Love Is Spoken Here” (Children’s Songbook, 190–91), e ka gatelela molawana o.

  • Go ithuta gore go raya eng go nna “bonya go galefa” (Diane 15:18), wena le bana ba gago le ka abelana dinako tse wena (kgotsa mongwe yo o mo itseng) o neng wa ikutlwa o galefile mme wa tlhopha go nna bonolo. Thusa bana ba gago go akanya ka dilo tse re ka nnang bonako go fa re le “bonya go galefa.” Ka sekai, re ka nna bonako go akanya ka ga Jeso, go kopa Rara wa Legodimo thuso, go akanya ka pina ya Poraemari, kgotsa, fa go kgonega, go tsamaya.

Ka mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

Jeso a eteletsepele dinku tse pedi

“Mo ditseleng tsotlhe tsa gago mo ipolelele ene, mme o tlaa kaela ditsela tsa gago” (Diane 3:6). O a nkgoga, ka Yongsung Kim. Setshwantsho ka bopelonomi jwa havenlight.com

Tsebe ya tiragatso ya Poraemari: Ke ka dirisa mafoko a bopelontle