“Lwetse 21–27. ‘Tiro Ya Kgakgamatso E E Akabatsang’: Isaiah 13–14; 22; 24–30; 35,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Lwetse 21–27. ‘Tiro Ya Kgakgamatso E E Akabatsang‘,” Tlayang, Ntshalang Morago: 2026
Sekgwa se se Boitshepo, ka Brent Borup
Lwetse 21–27: “Tiro Ya Kgakgamatso E E Akabatsang”
Isaia 13–14; 22; 24–30; 35
Selo se le sengwe se Morena a kopang baperofeti go se dira ke go tlhagisa ka ga ditlamorago tsa sebe. Mo baperofeting ba Kgaolo e Kgologolo, se gantsi se ne se raya go bolelela babusi ba magosi a a nonofileng gore ba tlhoka go ikwatlhaya. E ne ele tiro e e diphatsa, mme Isaia o ne a se na poifo, e bile ditlhagiso tsa gagwe mo magosing a motlha wa gagwe—go akaretsa Iseraele, Juta, le ditšhaba tse di mo tikologong—di ne di le bopelokgale (bona Isaia 13–23).
Le fa go ntse jalo, Isaia o ne le gone a na le molaetsa wa tsholofelo. Le mororo ditshenyego tse di perofesitsweng di ne tsa tla mo magosi ano, Isaia o ne a bonelapele gore go tla nna le tshono ya go tsosolosiwa le go ntšhafadiwa. Morena o tlaa laletsa batho ba Gagwe go boela kwa go Ene. O tlaa dira “mmu o omeletseng … o tlaa nna mogobe wa metsi, le lefatshe le le nyorilweng le tlaa nna metswedi ya metsi” (Isaia 35:7). O tlaa dira “tiro ya dikgakgamatso e e akabatsang” (Isaia 29:14), go tsosolosetsa Iseraele ditshegofatso tse A neng a di ba solofeditse. Le fa e le Isaia le eseng ope fela yo o neng a tshela ka nako eo o tshedile go bona tiro ya kgakgamatso e. Mme re a e bona gompieno. Ka nnete, re karolo ya teng.
Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Isaia 13:1–11, 19–22; 14:1–20
Boikgogomoso le selefatshe di tlaa palelwa.
Ka motlha wa ga Isaia, Babilone e ne e le bogosi jo bo maatla bo na le mmusi yo o nonofileng. Jaanong Babilone ke ditso tsa bogologolo. Ka jalo ke ka ntlha yang fa molaetsa wa ga Isaia o o yang kwa Babliona, mo Isaia 13–14, o le botlhokwa mo go rona gompieno? Ka gonne Babilona o kaya boikgogomoso, bopelotshetlha le boleo, dilo tse di sa ntseng di re dikologile gompieno. Akanya ka bokao bo jaaka o bala Isaia 13:1–11, 19–22; 14:1–20. O ka nna wa akanyetsa dipotso tse di tshwanang le tse:
-
Ke ditshwano dife tse o di bonang fa gare ga boikgogomoso jwa kgosi ya Babilone le boikgogomoso jwa ga Satane? (bona Isaia 14:4–20; Moše 4:1–4). Ke ditlhagiso dife tse o di iponelang mo ditemaneng tse?
-
Mmoloki o neela jang “boikhutso mo kutlobotlhokong ya gago, le mo poifong ya gago”? (Isaia 14:3).
“O tlaa metsa loso ka phenyo” (Isaia 25:8).
Isaia 22:22–23; 24:21–23; 25:6–8; 26:19; 28:16
Jeso Keresete ke Mesia yo o solofeditsweng.
Dithuto tsa ga Isaia gantsi di bua ka thomo ya Mmoloki, go akaretsa setlhabelo sa Gagwe sa tetlanyo, Tsogo, le Go Tla ga Bobedi. Ke dikarolo dife tsa thomo ya Gagwe tse di tlang mo tlhaloganyong jaaka o bala ditemana tse: Isaia 22:22–23; 24:21–23; 25:6–8; 26:19; 28:16? Ke ditemana dife tse dingwe tse o di bonang tse di go gopotsang Mmoloki?
Neela baithuti sebaka sa go supa tshupo ka Jeso Keresete. “Go nna morutintshi wa efangele ya ga Jeso Keresete go raya go thusa ba bangwe go tlhaloganya le go ikaega ka dithuto tsa Gagwe, thata e e rekololang, le lorato lo lo itekanetseng” (Teaching in the Savior’s Way,8). Tsela nngwe e e bonolo ya go dira seo nako le nako fa o ruta ke go botsa potso e e tshwanang le “Ke eng se o se boneng mo dikwalong tse di boitshepo mo bekeng e se se go rutileng sengwe ka Mmoloki?” Go tswa foo a baithuti ba abelane maitemogelo a bone le go nonotshana tumelo mongwe le yo mongwe.
Isaia 24:1–12; 28:1–8; 29:7–13; 30:8–14
Go fapoga mo Moreneng go tlisa diphatsa tsa semowa.
Mo mautlwelobotlhokong a Gagwe, Morena o ne a romela Isaia go tlhagisa batho ba kgolagano gore ba ne ba fapoga mo go Ene. Bona gore a o ka bona ditshupo tsa tlhagiso tsa semowa tsa se mo Isaia 24:5; 29:13; 30:8–12. Ke eng maitshwaro a le ditiro tse di le diphatsa mo semoweng?
Go tlhagisa ka ga ditlamorago tsa go fapoga mo Moreneng, Isaia o ne a dirisa ditshwantshiso dingwe tse di sa lebalesegeng. Fa o ntse o di ithutontsha, ipotse gore go fapoga mo Moreneng go ntse jang:
-
Lefatshe la bohutsana, le le lolea (Isaia 24:1–12).
-
Botagwa (Isaia 28:7–8).
-
Tlala le lenyora (Isaia 29:7–10).
-
Lebota kgotsa nkgwana e e thubegileng (Isaia 30:13–14).
Ke eng fa go le botlhokwa mo go wena go nna gaufi le Morena?
Isaia 29; 30:18–26; 35
Morena o ka tsosolosa se se latlhegileng kgotsa thubegileng.
A o kile wa latlha sengwe se o neng o akanya gore ga o kitla o se bona gape? Kgotsa gongwe sengwe se ne sa thubega, mme o ne o tshwenyegile gore se ka se tlhole se baakantswe. Fa re fapoga mo Moreneng, Satane o batla gore re akanye gore ga re kake ra boa kgotsa ra fodisiwa. Le fa go ntse jalo, Isaia o tlhalosa dingwe tsa dilo tsa dikgakgamatso tse Morena o tlaa di dirang go re thusa go boela kwa go Ene. O ithuta eng go tswa mo Isaia 29:13–24; 30:18–26; 35 ka ga Morena, lorato lwa Gagwe, le thata ya Gagwe? Gongwe o ka batla seele mo ditemaneng tse se se go neelang tsholofelo fa o tlhoka go fodisiwa O ka leba le gone molaetsa wa ga Kgaitsadi Amy A. Wright “Christ Heals That Which Is Broken” (Liahona, Motsheganong 2022, 81–84).
Tsela e le nngwe e Morena a supang thata ya Gagwe le mautlwelobotlhoko ke ka Tsosoloso ya efengele ya Gagwe. Isaia 29 e na le ditemana di le mmalwa tse di nang le papisanyo ya ditiragalo tsa Tsosoloso. Sekai:
-
Tshwantshanya Isaia 29:11–12 le 2 Nefi 27:6–26 le Joseph Smith—History 1:63–65.
-
Tshwantshanya Isaia 29:13–14 le Dithuto le Dikgolagano 4 le Joseph Smith—Ditso 1:17–19.
-
Tshwantshanya Isaia 29:18–24 le tsebe ya setlhogo sa Buka ya ga Momone.
Mo mogopolong wa gago, ke eng “kgakgamatso” le “akabatsa” (Isaia 29:14) e le mafoko a a siametseng go tlhalosa Morena a tsosolosa efangele ya Gagwe? O ka thusa jang go diragatsa diperofeso ka Tsosoloso? Ka megopolo, leba mo molaetseng wa ga Mogolwane Gerrit W. Gong, “All Nations, Kindreds, and Tongues,” (Liahona, Nov. 2020, 38–41).
Bona le gone “Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete ka Botlalo: Kanamiso mo Lefatsheng ya Go Ipelela Dingwaga tse di Makgolo a Mabedi” (Motlobo wa Efangele); “The Morning Breaks,” Hymns, no 1.
Go feta, bona dikgatiso tsa kgwedi tsa dimakasine tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .
Megopolo ya go Ruta Bana
Isaia 14:3; 25:8–9; 28:16
Jeso Keresete o ka mpoloka mo sebeng le loso.
-
O tlaa thusa jang bana ba gago go bona Mmoloki mo dikwalong tsa ga Isaia? O ka nna wa ba thusa go batla diele tse di ba gakololang ka Ene mo Isaia 14:3; 25:8; or 28:16. Ba ka metšhisa ditemana tse go tswa mo Isaia le ditemana tse dingwe tse di rutang ka ga Mmoloki, jaaka Mathaio 11:28–30; 1 Bakorinthe 15:53–57; Helamane 5:12. Ke dilo dife tse di kgolo tse Mmoloki a re di diretseng?
-
Morago ga go bala Isaia 25:8–9 mmogo, lo ka leba ditshwantsho tsa Mmoloki mo Gethesemane, mo mokgorong, le morago ga Tsogo ya Gagwe. Letlelela bana ba gago go bua ka se se diragalang mo ditshwantshong le gore ke eng ba rata Jeso le go “itumela mo polokong ya gagwe” (temana 9).
-
O kanna wa ikgethela go bolelela bana ba gago ka ga bohutsana jo o bo ikutlwetseng fa mongwe yo o mo ratang a a swa. Paka ka kgomotso e o e amogelang ka ntlha ya ga Jeso Keresete. Gongwe bana ba gago ba ka tshwantsha sefatlhogo se se lelang mme morago ga foo ba phimola dikeledi fa o ntse o bala Isaia 25:8 mmogo.
Thato Ya Gago A E Diragale, ka Ken Spencer
Isaia 25:4– 6
Jeso o mpha “botshabelo go tswa mo matsubutsubung.”
-
A wena le bana ba gago lo kile lwa itemogela tshegofatso ya bodulo jo bo sireletsegileng ka nako ya matsubutsubu kgotsa moriti mo letsatsing le le mogote la selemo? Kgotsa a lo kile lwa itumelela go ja dijo tse di monate fa lo ne lo tshwerwe ke tlala? Buisana ka ga maitemogelo a fa lo ntse lo bala Isaia 25:4–6. Jeso o tshwana jang le dilo tse?
Isaia 29:11–18, 24
Tsosoloso ya efangele ke “tiro ya kgakgamatso”.
-
Jaaka wena le bana ba gago lo bala Isaia 29:14, abelana le bone mafoko a mangwe a a rayang selo se le sengwe le “kgakgamatso” le “akabatsa.” A ba go thuse go bona dilo kgotsa ditshwantsho tse di emelang dingwe tsa ditiro tse di gakgamatsang tsa Morena mo malatsing a bofelo. Tse di ka akaretsa moriti wa Buka ya ga Momone, setshwantsho sa tempele, kgotsa setshwantsho sa Ponatshegelo ya Ntlha (go na le e le nngwe kwa tshimologong ya tshoboko e). Go tswa foo bana ba gago ba ka tlhopha sengwe mme ba abelana gore ke ka ntlha yang fa se ba gakgamatsa.
-
Pina ka ga Tsosoloso ya efangele e ka tsamaelana sentle le Isaiah 29, jaaka “On a Golden Springtime” (Children’s Songbook, 88). Mme gongwe maitemogelo a gago ka bo wena a ka thusa bana go tlhaloganya gore tsosoloso e raya eng. Ka sekai, wena le bana ba gago le ka bua ka ga sengwe se lo se latlhileng le ka fa lo sa boneng ka teng. Thusa bana ba gago go tshwantshanya se le Tsosoloso ya efangele. Go ya ka Isaia 29:13–15, ke eng re tlhoka Tsosoloso? Ke tiro efe ya dikgakgamatso e Morena a e dirang go tsosolosa efangele ya Gagwe? (bona tsebe ya tiragatso ya beke e).
Go feta, bona kgatiso ya kgwedi e ya makasine wa Friend .