“Lwetse 28–Phalane 4. ‘Lona Gomotsang Batho Ba Me’: Isaia 40–49,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Lwetse 28–Phalane 4. ‘Lona Gomotsang Batho Ba Me,‘” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Go Fodisa Monna wa Sefofu, ka Carl Heinrich Bloch, at the Frederiksborg Museum of National History
Lwetse 28–Phalane 4: “Lona Gomotsang Batho Ba Me”
Isaia 40–49
“Gomotsang” ke lefoko la ntlha mo Isaia kgaolo 40. E tshwaya tshimologo ya modumo o o farologaneng, kgatelelo e e farologaneng mo molaetseng wa moperofeti. Mekwalo ya ga Isaia ya pele e ne ya tlhagisa Iseraele le Juta ka ga tshenyo le botshwaro tse di tlaa tlang ka lebaka la dibe tsa bone. Mme diperofeso tse tsa moragonyana di ne di diretswe go gomotsa batho ba Bajuta dingwaga di feta 150 mo isagong—morago ga gore Jerusalema le tempele di senngwe mme batho ba isiwe botshwarwa ke Babilona. Diperofeso tse, le fa go ntse jalo, di fitlhelela le e leng kgakala go tsena mo isagong go na le mo Baiseraeleng ba ba fentsweng, ba ba hutsafetseng. Di bua le rona, ba re a tleng le rona ka nako tse dingwe re ikutlwe re fentswe, re hutsafetse, e bile re latlhegile.
Molaetsa wa ga Isaia kwa bathong ba gagwe le kwa go rona o motlhofo: “O seka wa boifa” (Isaia 43:1). Gotlhe ga go a latlhega. Morena ga a go lebala, e bile o na le thata mo diemong tse di lebegang di se mo taolong ya gago. A Morena, yo o “tlhodileng magodimo” (Isaia 42:5), ga a na thata go feta Babilone, go feta sebe, go feta sengwe le sengwe se se go tshwereng? “Boela kwa go nna,” O a kopa, “ka gonne ke go rekolotse” (Isaia 44:22). O ka fodisa, tsosolosa, tiisa, itshwarela, le go gomotsa—sepe fela se se tlhokegang gore wena, mo kgannyeng ya gago, o rekololwe.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Isaia 40–49
Jeso Keresete o ka nkgomotsa le go neela tsholofelo.
Fa Baiseraele ba ne ba le batshwarwa kwa Babilone, bontsi bo tshwanetse bo ne bo ipotsa gore a ka bosakhutlheng ba latlhegetswe ke boemo jwa bone jaaka batho ba Modimo ba ba itlhophetsweng, ba kgolagano. Jaaka o bala Isaia 40–49, batla ditemana tse di ka tswang di ne tsa fa kgomotso le tsholofelo. Ka temana nngwe le nngwe e o e bonang, tlhatlhanya le go kwala se Morena a ka tswang a se raya wena mo ditemaneng tse. Fa ke megopolo e le sekae e o ka simololang ka yone:
-
40:11, 29–31:
-
41:10–13, 17–18:
-
42:6–7:
-
43:1–7, 25:
-
44:1–4, 21–24:
-
46:3–4:
-
49:7–16:
O utlwa Morena a batla gore o itse eng ka Ene?
O ka nna wa lemoga gore sefela sa “How Firm a Foundation” (Hymns, no. 85) se tsaya mo mafokong a ga Isaia mo go Isaia 41:10; 43:2–5; 46:4. Akanyetsa go opela kgotsa go reetsa sefela se, o batle ditshwano fa gare ga mafoko a sefela le ditemana tse go tswa mo go Isaia. Modimo o diragaditse jang ditsholofetso mo ditemaneng tse mo botshelong jwa gago?
Bona gape Mogolwane Patrick Kearon, “He Is Risen with Healing in His Wings: We Can Be More Than Conquerors,” Liahona, Motsheganong 2022, 37–40.
Dirisa dikwalo tse di boitshepo tse dingwe. Ka dinako tse dingwe re ka tlhaloganya Kgolagano e Kgologolo botoka fa re oketsa ithutontsho ya rona ka ditemana go tswa mo Bukeng ya ga Momone. Ka sekai, moperofeti wa Buka ya ga Momone Nefi le Jakobe ba ne ba na le dikwalo tsa ga Isaia mo dipapetlaneng tsa kgotlho (bona 1 Nefi 19:22–23), e bile ba ne ba dirisa diperofeso tse go ruta ka ga Mmoloki. Go ithuta ka fa Nefi le Jakobe ba tshwantshisitseng Isaia 48–49 le batho ba bone, bona 1 Nefi 22. Se se ka nna sa go thusa go tshwantshanya dikgaolo tse le botshelo jwa gago?
Ka go obamela Morena, re ka nna le “kagiso … e ntse jaaka noka” (Isaia 48:18).
Isaia 40–49
“Wena o motlhanka wa me.”
Go ya ka Isaia 40–49 Morena o bua ka “motlhanka” wa Gagwe le “basupi” ba Gagwe. Mafoko a a ka raya Jeso Keresete (bona Isaia 42:1–7), ntlo ya Israele (bona Isaia 45:4), le Kgosi Kurose, yo o letleletseng batho ba Bajuta go boela Jerusalema le go aga gape tempele (bona Isaia 44:26–28; 45:1–4). O ka nna le gone wa akanyetsa ka fa temana tse di amanang le wena ka teng jaaka motlhanka le mosupi wa Morena. Ka sekai, o ka tlhatlhanya dipotso tse di tshwanang le tse:
Isaia 40: 1–3, 9–3; 43: 9–9. Ke ka tsela efe e o leng mosupi wa ga Jeso Keresete? Ke “mafoko a a molemo” afe a o ka a abelanang jaaka mosupi wa Gagwe? O ka nna wa akanya gore o bileditswe kwa setulong sa basupi mo tshekong ya kgotlatshekelo. Mo tshekong e, Jeso Keresete o atlholetswe go dira maipato a a kwadilweng mo Isaia 43:11. Ke bopaki bofe bo o ka bo fang mo go bueleleng maipato a ga Jeso? Ke bosupi bofe bo o ka bo fang go tswa mo botshelong jwa gago?
Isaia 41:8–13; 42:6; 44:21. Morena o go bileditse go dira eng? Akanyetsa dipitso tsa kwa Kerekeng le ditshono tse dingwe tsa go Mo direla. O go “bopile” jang kgotsa go go baakanyetsa go nna motlhanka wa Gagwe? O go tlamela jang jaaka o mo direla?
Isaia 49:1–9 Ke melaetsa efe e o e bonang mo ditemaneng tse e e ka go thusang fa maiteko le tirelo tsa gago di lebega go nna “tsa lefela, e bile go sa thuse sepe”? (temana 4).
Isaia 40:3–8, 15–23; 42:15–16; 47:7–11
Thata ya Modimo e kgolo go fitisa thata ya selefatshe.
Isaia o gakolotse ka seboaboane batho ba gagwe ka thata ya Modimo e e senang bolekanyo, le e bapisanngwa le thata e e kgatalelo ya selefatshe e e neng e ba dikaganyeditse. Batla molaetsa o fa o ntse o bala Isaia 40:3–8, 15–23; 42:15–16; le 47:7–11 (tshwaela gore chapter 47 e labagantswe le bathupi ba Iseraele, Babilone). Ke eng se ditemana tse di se go rutang ka ga dilo tsa selefatshe? Ke eng se di se go rutang ka ga Modimo? Tlhatlhanya gore ke eng molaetsa o o ka tswa o ne o na le boleng mo bathong ba Bajuta mo botshwarong. Ke eng o na le boleng mo go wena?
Isaia 48:10; 49:13–16
Morena o ka ntokafatsa mo dipogisegong tsa me.
Jaaka o bala Isaia 48:10, tlhatlhanya ka “boikepiso jwa pogisego” jwa gago. Morena o go “tokafatsa” jang? Ke ka jang Isaia 49:13–16 a go thusa fa o boga dipogisego?
Bona le gone “Refiner’s Fire”(setshwantsho sa motshikenyego), Motlobo wa Efangele.
The Refiner's Fire
Mo gontsi, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .
Megopolo ya go Ruta Bana
Isaia 40:3– 5
Ke ka thusa go baakanya “tsela ya Morena.”
-
Akanya ka ditsela dingwe go bontsha gore go ka tswa go raya eng go “baakanyetsa … tsela ya Morena,” jaaka go tlhalositswe mo Isaia 40:3– 5. Ka sekai, wena le bana ba gago lo ka tlhamalatsa sengwe se se sokameng, lwa phepafatsa fa fatshe mo go tlhakatlhakaneng, kgotsa lwa dira tsela e e phepa mo mmung o o tletseng matlapa. O ka supa le gone ditshwantsho tsa ga Johane Mokolobetsi le Joseph Smith (bona Gospel Art Book, nos. 35, 87). Ba ne ba baakanyetsa jang tsela ya go tla ga Morena? (bona Luke 3:2–18; Dithuto le Dikgolagano 135:3). Re ka thusa jang? Se e ka nna tshono ya go bua ka fa batshwari ba Boperesiti jwa ga Arone ba thusang go baakanya tsela ya Morena (bona Dithuto le Dikgolagano 84:26–28).
Isaia 43:10
Ke ka nna mosupi wa Morena.
-
Morago ga go bala Isaiah 43:10 mmogo, lo ka bua ka gore go raya eng go nna mosupi. Abelanang le ba bangwe dilo tse lo di itemogetseng tse lo ka nnang “basupi” ba tsone—ka sekai, dijo tse lo di lekeleditseng, lefelo le lo le etetseng, kgotsa motho yo lo mo itseng. Go raya eng go nna mosupi wa Morena? Re ka bolelela batho ba bangwe ka ga Ene?
Isaia 44:3–4; 45:8
Morena o tlaa “tŝhela” ditshegofatso tsa Gagwe mo go wena.
-
Morago ga go bala ditemana tse, bana ba gago ba ka nosetsa setlhatshana le go bua ka ga ditshegofatso tse Morena a di tshetseng mo go bone. Go diragala eng ka setlhatshana fa re se nosetsa? Ditshegofatso tsa Morena di re thusitse jang go gola?
Ya rona “tshiamo [e ka nna] jaaka makhubu a lewatle” (Isaiah 48:18).
Isaia 48:17–18
Go tshegetsa ditaelo tsa Modimo go tlisa kagiso.
-
Ditshwantsho kgotsa ditshwantsho tsa motshikinyego tsa dinoka le makhubu a lewatle di ka thusa bana ba gago go bona ka leitlho la mogopolo Isaia 48:18 (jaaka ditshwantsho tse di mo tshedimosetsong e). Bana ba gago ba ka nna ba itumelela go tshikinya diatla le matsogo a bone jaaka noka le makhubu a lewatle. Kagiso e ka tshwana jang le noka? Tshiamo e ka tshwana jang le makhubu? Bua ka fa go tshegetsa ditaelo tsa Modimo go go thusitseng ka teng go ikutlwa o na le kagiso jaaka noka kgotsa o le maatla jaaka lekhubu.
-
Opela mmogo pina ka ga ditaelo, jaaka “Keep the Commandments” (Children’s Songbook, 146–47). Pina eno e ruta eng ka gore ke ka ntlha yang re tshwanetse go tshegetsa ditaelo tsa Modimo?
Isaia 49:14–16
Morena ga a kitla a ntebala.
-
Isaia 49:14–16 e ka nna kgomotso e kgolo mo baneng ba gago mo dingwageng tse di tlang. Fa o ntse o bala temana 14, o ka bua ka se se ka dirang gore batho ba ikutlwe ba lebetswe kgotsa ba tlogetswe. Re itse jang gore Morena ga a re lebala?
-
Go itsise Temana 15–16, o ka botsa bana ba gago ka mongwe yo ba se kitlang ba mo lebala, jaaka leloko la lelwapa kgotsa tsala. Go ya ka Isaia 49:14–16, ke eng Morena a ka se re lebale? Ke gone lo ka abelana mongwe le yo mongwe maikutlo a lona ka ga Jeso Keresete.
Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.