Tlayang, Ntshaleng Morago
Phalane 12–18. “Morekolodi o Tlaa Tla mo Sione”: Isaia 58–66


“Phalane 12–18. ‘Morekolodi o Tlaa Tla mo Sione’: Isaia 58–66,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Phalane 12–18. ‘Morekolodi o Tlaa Tla mo Sione,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Jeso a balela batho sekorolo mo sinagogeng

Jeso mo Sinagogeng kwa Nasaretha, ka Greg Olsen

Phalane 12–18: “Morekolodi o Tlaa Tla mo Sione”

Isaia 58–66

Go le pele mo tirelong ya Gagwe, Jeso Keresete o ne a etela sinagoge mo Nasaretha, kwa a neng a godisitswe teng. O ne a ema koo go bala go tswa mo dikwalong tse di boitshepo, a bula buka ya ga Isaia, mme a bala se jaanong re se itseng jaaka Isaia 61:1–2. Ke gone o ne a itsise, “Gompieno dikwalo tse di boitshepo tse di diragadiwa mo ditsebeng tsa lona.” Se e ne e le nngwe ya dipolelo tse di tlhamaletseng tsa Mmoloki tsa gore E ne e le Motlodiwa, yo o neng a tlaa “fodisa ba ba dipelo di phatlogileng” le go “rerela batshwarwa kgololo” (bona Luke 4:16–21). E le ruri dikwalo tse di boitshepo tse di ne e le ruri tsa diragadiwa mo letsatsing leo. Mme, jaaka bontsi jwa diperofeso tsa ga Isaia, le gone e a diragadiwa mo malatsing a rona. Mmoloki o tswelela ka go fodisa dipelo tse di phatlogileng tsa ba ba tlang kwa go Ene. Go na le batshwarwa ba bantsi ba ba tlhokang kgololesego. Mme go na le isago e e galalelang go ipaakanyetsa—nako e Morena a tlaa “dirang magodimo a mašha le lefatshe le lešha” (Isaia 65:17) mme “a dire tshiamo le pako go phunyega fa pele ga ditšhaba tsotlhe” (Isaia 61:11). Go bala Isaia go re bula matlho go bona se Morena a setseng a se dirile, se a se dirang, le se a sa ntseng a tlaa se direla batho ba gagwe.

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Isaia 58:3–12

ekhone ya seminari
Go itima dijo go aga thata ya semowa le go segofatsa batho ba ba tlhokang.

Ke ka ntlha yang fa motho a ka ithaopela go sa a ja fa dijo di le teng? Jaaka o ithutontsha Isaia 58:3–12, o ka akanya ka ga mabaka a gago a go itima dijo—le mabaka a Morena go neela molao o. Fano ke dingwe tsa dipotso tse o ka di tlhatlhanyang:

  • Ke eng go itima dijo nako tse dingwe go ka tsewa jaaka mokgweleo go na le tshegofatso? (bona Isaia 58:3–5). Dithuto tsa Morena mo kgaolong e e fetola jang tsela e o lebang dilo ka yone?

  • Go ka tswa go raya eng “go bofolola dipante tsa boikepo” le go “roba jokwe nngwe le nngwe”? (Isaia 40:29). Go itima dijo go ka segofatsa ba bangwe jang? (bona temana 7).

  • Go itima dijo go go tliseditse jang ditshegofatso tse di tlhalosiwang mo Isaia 58:8–12?

Mo molaetseng wa gagwe“Is Not This the Fast That I Have Chosen?” (Liahona, May 2015, 22–25), Poresidente Henry B. Eyring o abelane dikai di le mmalwa tse ka fa batho ba segofaditsweng ke go itima dijo le moneelo wa go itima dijo. O itemogetse jang ditshegofatso tse di tshwanang mo botshelong jwa gago?

Le gone bona “Bless Our Fast, We Pray,” Hymns, no. 138; Topics and Questions, “Fasting and Fast Offerings,” Gospel Library.

Itse batho ba o ba ruta. “Go nna moruti wa Mokgwa wa ga Keresete go akaretsa go itse batho ba o ba rutang le go kgaratlha go tlhaloganya se se mo dipelong tsa bone. … O ka batla go itse ka fa ba ithutang ka teng botoka. O ka botsa dipotso, reetsa ka kelotlhoko, le go lemoga. Mo godimo ga tsotlhe o ka rapelela go tlhaloganya mo fela Mowa o ka go neelang. Fa o itse motho botoka, go botoka go kgona go ba thusa go bona bokao jwa mong le thata mo efangeleng ya ga Jeso Keresete. Fa fela o tlhaloganya lenyora la motho, Mowa o ka go ruta ka fa o ka thusang go timola lenyora ka metsi a a tshedileng a Mmoloki” (Teaching in the Savior’s Way13).

Isaia 58:13–14

Go tlotla Morena ka Sabata go tlisa boitumelo.

A letsatsi la Sabata le “monate” mo go wena? Jaaka o ithutontsha Isaia 58:13–14, akanya ka fa o ka bonang monate o montsi mo letsatsing la Morena. Ka sekai, go ka tswa go raya eng go fetoga “ go tswa mo direng kgatlhego ya gago mo letsatsing la [Gagwe] le le Boitshepo”? Pharologanyo ke eng fa gare ga go [ja monate] mo Moreneng” le go “dira go rata ga gago”?

Le gone bona Russell M. Nelson, “The Sabbath Is a Delight,” Liahona, May 2015, 129–32.

Isaia 59:9–21; 61:1–3; 63:7–9

Jeso Keresete ke Mmoloki le Morekolodi wa me.

Isaia 58–66 e na le dinankolo tse dintsi tsa thomo ya tetlanyo ya ga Jeso Keresete. Di batle jaaka o ithutontsha. Segolobogolo, ela tlhoko ditlhogo le mafoko a a dirisiwang go tlhalosa Mmoloki. Ka Sekai:

  • Ke eng se se go kgatlhang ka ga tlhaloso ya “motsereganyi” mo Isaia 59:16–21? Mmoloki o fenya jang diemo tse di tlhalositsweng mo ditemana 9–15?

  • Fa Jeso Keresete a itsese batho ba Nasaretha gore ke Mesia, O ne a nankola go tswa Isaia 61:1–3 (bona Luke 4:16–21; le gone bona setshwantsho sa motsikinego “Jesus Declares He Is the Messiah,” Gospel Library). Jeso Keresete o go segofaditse jang wena le ba bangwe ka ditsela tse di tlhalositsweng mo ditemaneng tse? O neetse jang bontle mo boemong jwa molora?

    3:24

    Jesus Declares He Is the Messiah

  • Ke “lorato lwa bopelontle jwa Morena” bo fe jo o ka bo “umakang”? (bona Isaia 63:7–9).

  • Ke ditshupiso dife tse dingwe tsa Mmoloki tse o di bonang mo Isaia 58–66?

Le gone bona Mosia 3:7; Dithuto le Dikgolagano 133:46–53

diatla tsa monna di otlolotswe ka lebone la leokwane go tshuba lebone la mosadi.

Mpho ya Lesedi, ka Eva Timothy

Isaia 60; 62

“Morena o tlaa nna mo go wena lesedi la bosakhutlheng.”

Isaia 60 le 62 di bua ka lesedi le bontsho, matlho le go bona go ruta ka ga ka fa efangele ya ga Jeso Keresete e tlaa segofatsang lefatshe mo malatsing a bofelo. Lebelela dikakanyo tse mo Isaia 60:1–5, 19–20; 62:1–2. Jaaka o bala dikgaolo tse, tlhatlhanya ka fa Modimo a phuthang bana ba Gagwe go tswa mo lefifi go lesedi la Gagwe. Seabe sa gago ke eng mo tirong e?

Le gone bona 1 Nefi 22:3–12; 3 Nefi 18:24; Dithuto le Dikgolagano 14:9; Bonnie H. Cordon, “That They May See,” Liahona, May 2020, 78–80.

Isaia 64:1–5; 65:17–2566

Keresete o tlaa busa mo lefatsheng ka nako ya Meleniamo.

Isaia o buile ka letsatsi le fa “mathata a pele a tlaa lebalwa” (Isaia 65:16). Le fa perofeso e e na le ditiragatso tse di mmalwa, ga yone mo go tletseng, letsatsi leo le santse le tlaa tla—fa Jeso Keresete a bowa. Isaia o tlhalosa letsatsi le la isago mo Isaia 64:1–5; 65:17–2566. Lemoga ka fa kgapetsa kgapetsa a dirisitseng mafoko jaaka “itumele” le “go itumela.” Ke eng letsatsi la go bowa ga ga Mmoloki e tlaa nna go itumela mo go wena? O ka dira eng go ipaakanyetsa go tla ga Gagwe?

Le gone bona Articles of Faith 1:10; Russell M. Nelson, “The Future of the Church: Preparing the World for the Savior’s Second Coming,” Ensign, Apr. 2020, 13–17.

Mo gontsi, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

ekhone ya karolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Isaia 58:6–11

Go itima dijo go ntshegofatsa le ba bangwe e le ruri.

  • Gongwe tsela e e botoka go rotloetsa bana ba gago go itima dijo—fa ba iketleeleditse—ke go ba thusa go tlhaloganya maikaelelo a Morena ka molao o. Akanya ka go bala mmogo Isaia 58:6–11 go batla dikarabo tsa dipotso tse: Ke eng re itima dijo? Re itima dijo jang? Le gone o ka leba mo “Fast, Fasting” mo kaeding ya Dikwalo tse di boitshepo.

  • Fa o kile wa nna le maitemogelo a rileng ka go itima dijo, a abelane le bana ba gago. Le gone o ka ba botsa ka fa ba ka tlhalosetsang tsala gore ke eng Morena a re neetse molao o.

Isaia 58:13–14

Sabata o ka nna monate mo go nna.

  • Morago ga go bala Isaia 58:13–14, o ka supa malatsi a beke mo khalentareng mme o laletse bana ba gago go bua malatsi le wena. Fa o tsena fa go Sabata, ba kope go bitsa letsatsi leo “monate.” Ba bolelele gore ke eng Sabata a le monate.

  • Abelana le mongwe le mongwe ditsela tse o ka “ja monate mo Moreneng” ka Sabata. Gongwe bana ba gago ba ka tshwantsha megopolo ya bone le go e tsenya mo “bokosong ya Sabata o monate.” Ke gone, fa ba tlhoka megopolo ka dilo tse ba ka di dirang ka Sabata, ba ka goga mogopolo go tswa mo bokoseng.

Setswhantsho sa ga Jeso

Lesedi la Rona, ka Dan Wilson

Isaia 60:28–31

Mmoloki O tshwana le lesedi mo go nna.

  • O ka laletsa bana ba gago go tswala matlho a bone jaaka o bala Isaia 60:1–3. Ba kope go bula matlho a bone fa ba utlwa lefoko “lesedi” mme ba a tswale gape fa ba utlwa lefoko “lefifi.” Tlhalosa gore Jeso Keresete le efangele ya Gagwe di jaaka lesedi le le re thusang go bona tsela ya rona go boela kwa go Rara wa Legodimo.

Isaia 65:17–25

Fa Jeso a tla gape, O tlaa tlisa kagiso le boitumelo.

  • Isaia 65:17–25 tlhalosa ka fa lefatshe le tlaa nnang ka teng fa Mmoloki a tla gape. Jaaka o bala ditemana tse le bana ba gago, ba thuse go batla ka fa botshelo bo tlaa farologanang ka teng mo “lefatsheng le lešha” Isaia a tlhalosa. Ke eng se e tlaa nna nako ya go “itumela le go ipela ka bosenang bokhutlo”? (temana 18).

  • Le gone le ka opela mmogo pina ka ga Go Tla ga Bobedi, jaaka “When He Comes Again” (Gospel Library). Abelanang mongwe le mongwe ka fa le ikutlwang ka teng ka go bowa ga Mmoloki. Re ka dira eng go baakanyetsa letsatsi leo?

Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

Jeso Keresete mo marung a tswa lesedi

“Tsoga, o phatsime; gonne lesedi la gago le tlile, le kgalalelo ya Morena e go tlhabetse” (Isaia 60:1). Lesedi le Botshelo, ka Mark Mabry

Tsebe ya tiragatso ya Poraemari: Sabata o ka nna monate mo go nna