Tlayang, Ntshaleng Morago
Phalane 5–11 “O ne a Itshokela Khutsafalo ya Rona, mme a Rwala Mahutsana a Rona”: Isaia 50–57


Phalane 5–11 ‘O ne a Itshokela Khutsafalo ya Rona, mme a Rwala Mahutsana a Rona”: Isaia 50–57,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

Phalane 5–11 ‘O ne a Itshokela Khutsafalo ya Rona, mme a Rwala Mahutsana a Rona,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Jeso a rwele korone ya mitlwa

Go Sotlwa ga ga Keresete, ka Carl Heinrich Bloch

Phalane 5–11: “O ne a Itshokela Khutsafalo ya Rona, mme a Rwala Mahutsana a Rona”

Isaia 50– 57

Go yeng ka tirelo ya gagwe, Isaia o ne a bua ka mogolodi yo o nonofileng. Diperofeso tse di ne di tlaa nna botlhokwa thata mo Baiseraeleng makgolokgolo a dingwaga moragonyana fa ba ne ba le mo botshwarong kwa Babilone. Mongwe yo o neng a ka diga mabota a Babilone o ne a tla nna mofenyi yo mogolo e le ruri. Mme yo o ga se mofuta wa Mesia yo Isaia a neng a mo tlhalosa mo dikgaolo 52–53: “O a nyadiwa a ba a ganwa ke batho; monna wa mahutsana, a tlwaetse pelo botlhoko: mme ra mo fitlhela jaaka go ne go ntse difatlhogo tsa rona ; o ne a nyadiwa, mme ra seka ra mo tlotla. ” (Isaia 53:3–4).

Ka go romela mogolodi yo o neng a sa solofelwa jaana, Modimo o ne a re ruta ka ga mogolodi wa boammaaruri. Go re boloka go tswa mo kgatelelong le pogisego, Modimo a romela Mongwe yo Ene “a neng a gateletswe, le … go bogisega.” Kwa bangwe ba neng ba solofetse tau, O ne a romela kwana (bona Isaia 53:7). Ruri, Ditsela tsa Modimo ga se ditsela tsa rona (bona Isaia 55:8–9). Jeso Keresete o re golola e seng fela ka go bula kgolegelo mme ka go tsaya lefelo la rona mo teng. O re golola go tswa mo mo dikeetaneng tsa khutsafalo le mahutsana ka go di itshokela ka Boene (bona Isaia 53:4–5, 12). Ga a re boloke a le kgakala. O boga le rona, mo ditirong tsa “bopelontle jwa bosakhutleng” joo “bo ka sekeng jwa tswa mo go wena” (Isaia 54:8, 10).

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Isaia 50–52

Isago e phatsimela batho ba Morena.

Le fa Baiseraele ba ne ba fetsa dingwaga di le dintsi mo botshwarong—gape le fa botshwarwa joo e ne e le ditlamorago tsa ditlhopho tsa bone tse di bokoa—Morena o ne a batla gore ba lebe kwa isagong ka tsholofelo. Ke eng se o se bonang mo molaetseng wa ga Isaia se se go nayang tsholofelo? Tšhate e e tshwanang le eno e ka nna ya go thusa go ithutontsha:

Se ke se ithutang ka ga Modimo (bona, ka sekai, Isaia 50:2, 5–9; 51:3–8, 15–16; 52:3, 9–10)

Melaetsa ya tsholofelo (bona, ka sekai, Isaia 50:9; 51:3–5, 11–12, 22–23; 52:9–10)

Se ke ka se dirang go dira tsholofelo boammaaruri (bona, ka sekai, Isaia 50:10; 51:1–2, 6–9; 52:1–3, 9–11)

Le gone bona Mosia 12:20–24; 15:13–18; 3 Nefi 20:29–46; Dithuto le Dikgolagano 113:7–10; Russell M. Nelson, “Embrace the Future with Faith,” Liahona, Nov. 2020, 73–76.

Jeso a rwele mokgoro

Ka ntlha ya Lorato, ka Angela Johnson

Ruta baithuti go tla go Jeso Keresete. “Sepe se o se dirang jaaka moruti se tlaa segofatsa baithuti go feta go na le go ba thusa go itse Rara wa Legodimo le Jeso Keresete le go utlwa lorato lwa Bone” (Teaching in the Savior’s Way8). Jaaka o ipaakanyetsa go ruta Isaia 50–57 go ba bangwe, akanya ka fa o ka ba thusang go bona digokaganyi ma gareng ga dikgwetlho tsa Iseraele, diperofeso tsa ga Isaia tsa ga Keresete, le go amogela thuso ya selegodimo mo dikgwetlhong tsa bone.

Isaia 53

ekhone ya seminari
Jeso Keresete o itseetse mo go Ene dibe tsa me le mahutsana.

Ke dikgaolo di sekae mo dikwalong tse di boitshepo tse di tlhalosang thomo ya thekololo ya ga Jeso Keresete mo gontle thata go na le Isaia 53. Akanya ka ditiragalo jaaka tse go tlhaloganya botoka le go diragatsa dithuto tse di maatla tse.

  • Tlhatlhanya kgotsa buisanang ka fa dipolelo le ditshwantsho tsa motshikinyego gantsi di supang bagaka ba ba falotsang batho. Tshwantshanya di tshwantshiso tseo le ditlhaloso tsa Mmoloki mo Isaia 53.

  • Morago ga go bala temana nngwe le nngwe, ema go tlhatlhanya se Mmoloki a se bogileng—”dikhutsafalo,” ”mahutsana,” le ditlolo” A di itshoketseng—go batho botlhe le e leng wena. O ka emisetsa mafoko jaaka “re” le “rona” ka “ke” le “la me” jaaka o bala. Ke maikutlo le dikakanyo di fe tse ditemana tsena di di tlhotlheletsang mo go wena?

  • Akanya ka go lebelela setshwantsho sa motshikinyego “My Kingdom Is Not of This World” (Gospel Library), mme o tlhatlhanye ka fa diperofeso mo Isaia 53 di diragaditsweng. Ke dikhutsafalo le mahutsana a feng a mmoloki a di go rwaletseng?

    5:25

    My Kingdom Is Not of This World

  • Batla ditshwantsho tsa ditiragalo tse di dikologileng Tetlanyo ya ga Jeso Keresete (bona Gospel Art Book, nos. 56–60). Ke gone o ka bona dipolelwana mo Isaia 53 tse di tlhalosang ditiragalo mo ditshwantshong. Dithuto tse di go rotloetsa go dira eng?

Le gone bona “Behold the Great Redeemer Die,” Hymns, no. 191.

Isaia 54; 57:15–19

Jeso Keresete o batla ke boela kwa go Ene.

Rotlhe re na le dinako fa re ikutlwa re le kgakala le Morena ka ntlha ya dibe tsa rona kgotsa makoa. Bangwe le gone ba latlhegetswe ke tsholofelo gore O tlaa kitla a ba itshwarela. Isaia 54 le 57 ke dikgaolo tse dikgolo go di bala go itsholofetsa gape le go ithotloetsa ka dinako tseo. Segolo bogolo mo Isaia 54:4–10; 57:15–19, ke mafoko a fe a go rutang ka fa Mmoloki a ikutlwang ka wena? Go dira pharologanyo e e ntseng jang mo botshelong jwa gago go itse dilo tse ka Ene?

Poresident Dieter F. Uchtdorf o rutile:

“Ga go kgathalasege gore matshelo a rona a ka tswa a senyegile mo go feletseng jang. Ga go kgathelesege ka fa dibe tsa rona di leng bohibidu jo bo mokgona jang, ka fa boteng jwa kutlobotlhoko ya rona, ka fa re leng nosi, re tlogetswe, kgotsa dipelo tsa rona di thubegile ka teng. Le e leng bao ba ba senang tsholofelo, ba ba tshelang ka go itlhoboga, ba ba sotlang go tshepiwa, ba ineetse mo boikanyegong jwa bone, kgotsa ba fetogetse Modimo ba ka agiwa sešha. …

“Dikgang tsa boitumelo tsa efangele ke tse: ka ntlha ya togamaano ya boitumelo e tlametswe ka Rara wa Legodimo yo o lorato le ka setlhabelo sa bosafeleng sa ga Jeso Keresete, ga re kake fela ra rekololwa go tswa mo seemong sa go wa le go tsoselediwa mo go itshekeng, mme le gone re ka feta go akanya ga senama mme re nne barua boswa ba botshelo jo bosakhutleng le batsayakarolo ba kgalalelo e e sa tlhalosegeng ya Modimo” (“He Will Place You on His Shoulders and Carry You Home,” Liahona, May 2016, 102).

Le gone bona Patrick Kearon, “God’s Intent Is to Bring You Home,” Liahona, May 2024, 87–89.

Isaia 55–56

Morena o laletsa botlhe go ”tshegetsa kgolagano ya me.”.

Go tswa tshika tshikeng, Iseraele o ntse a kaiwa jaaka batho ba kgolagano ba Modimo. Le fa gontse jalo, Togamaano ya Modimo ka metlha e ne e akaretsa go feta tšhaba e le nngwe fela, gonne “mongwe le mongwe yo o tshwerweng ke lenyora” o lalediwa go “tla … kwa metsing” (Isaia 55:1). Tsenya se mo tlhaloganyong jaaka o bala Isaia 55 le 56, mme tlhatlhanye gore go raya eng go nna batho ba Modimo. Ke molaetsa o fe wa Modimo go bao ba ba ikutlwnag “gotlhelele ba kgaogane” go tswa mo go Ene? (Isaia 56:3). Akanya ka go tshwaya ditemana tse di tlhalosang mekgwa le ditiro tsa bao ba tshegetsa kgolagano ya me” (bona Isaia 56:4–7).

Mo gontsi, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

ekhone ya karolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Isaia 51–52

Morena o ntaletsa go tsenya nonofo ya [me.]

  • Go ka itumedisa bana ba gago go lemoga dipolelwana jaaka “tsoga,” “emelela,” le “tsenya nonofo ya gago” Isaiah 51:9, 17; 52:1–2, 9 mme ba diragatse dipolelwana tseo. Morago ga go dira jalo, o ka bua gore go raya eng go tsoga, emelela, le go tsenya nonofo semowa. Morena o re kopa gore re dire eng mo temaneng e?

  • Bana ba gago le gone ba ka bala Isaia 51:1, 4, 7 le go supa yo Morena a buang le ene le gore o batla ba dira eng. Go raya eng go “reetsa” Morena? Re ka supegetsa Morena gore re “reetsa” Ene?

Isaia 53:3–9

Jeso Keresete o itseetse ka Boene dibe tsa me le dikhutsafalo.

  • Wena le bana ba gago le ka lebelela ditshwantsho di le mmalwa di supa go boga le loso lwa ga Jeso Keresete (bona, ka sekai, Gospel Art Book, nos. 56, 5758). Ke gone le ka bala mmogo Isaia 53:3–6, 9 le go leba mafoko a a tlholosang se se diragalang mo setswantshong. Thusa bana ba gago go tlhaloganya gore Isaia o abelane boammaaruri jo dingwaga tse makgolo pele fa di diragala. Ke eng go le botlhokwa gore batho ba itse dilo tse dingwaga tse dintsi go le pele? (bona Alema 39:15–19).

  • Morago ga go bala go tswa mo Isaia 53:4, “bana ba gago ba ka leka go tsholetsa sengwe se se bokete (kgotsa ba itsaya ekete ba tsholetsa e le nngwe). Bua ka fa “khutsafalo” le “bohutsana” kgotsa botlhoko di ka utlwalang di le bokete le bothata go rwalwa. Ke eng Jeso tsere “dikhutsafalo,” “dikhutsafalo,” le “maikepo,” kgotsa dibe? (le gone bona Alma 7:11–12).

Jeso Keresete a na le bana

Isaia 55:6

Ke ka batla Morena le go Mmitsa,

  • Go ruta bana ba gago ka ga Isaiah 55:6, o ka fitlha setshwantsho sa ga Jeso gongwe mo kamoreng. O ka laletsa bana ba gago go batla setshwantsho le go bua tsela e le nngwe e ba ka “batlang … Morena a santse a ka bonwa.” Pina jaaka “Seek the Lord Early” (Children’s Songbook, 108) e ka ba neela megopolo. Ke gone o ka letla mongwe wa bana go fitlha setshwantsho le bo le boeletsa tiragatso.

Isaia 55:8–9

Ditsela tsa Morena di kwa godimo ga tsa me.

  • Morago ga go bala Isaia 55:9, go ka kgatlhisa mo baneng ba gago go ema mo setulong le go bua ka fa dilo di lebegang di farologanye fa o le kwa “godimo.” Kgotsa ba ka tshwantsha setshwantsho sa se Isaia 55:9 e se rayang mo go bone. Ke gone le ka buisana dingwe tsa ditsela tsa Morena tse di kwa godimo go na le ditsela tsa rona. Ka sekai, ke e feng tsela ya Gagwe ya go tsaya baleofi? (bona Mareko 2:15–17). Ke efe tsela ya Gagwe ya go goga ba bangwe? (bona Mathaio 20:25–28). Abelana le bana ba gago ka fa o ithutileng go tshepa ditsela tsa Morena tse di kwa godimo le dikakanyo.

Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

setshwantsho sa ga Jeso

Lesedi la Gagwe, ka Michael Malm

Tsebe ya tiragatso ya Poraemari: Ke ka batla Morena le go Mmitsa