Tlayang, Ntshaleng Morago
Phalane 19–25. “Pele Ga Ke Go Bopa Mo Sebopelong Ke Ne Ke Go Itse”: Jeremia 1–3; 7; 16–18; 20


“Phalane 19–25. ‘Pele Ga Ke Go Bopa Mo Sebopelong Ke Ne Ke Go Itse’: Jeremia 1–3; 7; 16–18; 20,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Phalane 19–25. ‘Pele Ga Ke Go Bopa Mo Sebopelong Ke Ne Ke Go Itse,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Jeremia a lebile monna o mongwe

Jeremiah [Jeremia], ka Walter Rane

Phalane 19–25: “Pele Ga Ke Go Bopa Mo Sebopelong Ke Ne Ke Go Itse”

Jeremia 1–3; 7; 16–1820

Lwa ntlha, Jeremia o ne a sa akanye gore o ka nna moperofeti yo o molemo. “Bona, ga ke itse go bua,” a ngongorega (Jeremia 1:6). Mme Morena a mo tlhomamisetsa, “Ke beile mafoko a me mo molomong wa gago” (temana 9). Jeremia o ne a ikutlwa e le “ngwana” yo o senang maitemogelo (temana 6), mme Morena a mo tlhalosa gore ka nnete o ipaakantse go feta ka fa a neng a lemoga ka teng—o ne a tlhomilwe mo pitsong e pele a tsholwa (bona temana 5). Ka jalo Jeremia o ne a beela fa thoko poifo ya gagwe mme a amogela pitso. O ne a tlhagisa dikgosi le baperesiti ba Jerusalema gore o ipaya ba ba boitshepo ga go kake ga ba boloka. “Ngwana” yo a neng a akanya gore ga a kgone go bua o ne a ikutlwela mafoko a Modimo “mo pelong [ya gagwe] jaaka molelo o o fisang” mme a seka a kgona go didimala (Jeremia 20:9).

Polelo ya ga Jeremia le yone ke polelo ya gago. Modimo o ne a go itse, le wena, pele ga o tsholwa mme a go baakanyetsa tirelo ya gago mo botshelong. Magareng ga dilo tse dingwe, tirelo e e akaretsa sengwe se Jeremia a se bonetseng pele: go phutha batho ba Modimo, ka bongwe ka bongwe, go “[ba] tlisa kwa Sione” (Jeremia 3:14). Mme le fa o sa itse ka tsepamo se o ka se dirang kgotsa go sebua, o ka “senne le poifo … ; gonne ke na le wena, go bua Morena” (Jeremia 1:8, 19).

­­­Ka tshoboko ya buka ya ga Jeremia, bona “Jeremia” mo Bible Dictionary.

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Jeremia 1:4–19; 7:1–7; 20:8–9

Baperofeti ba beleditswe go bua lefoko la Modimo.

Akanya o bua le tsala yo o iseng a utlwalele gope ka baperofeti, mme o tlhophe go tlhalosa tsamaiso o dirisa pitso ya ga Jeremia go nna moperofeti mo Jeremiah 1:4–19. Ke eng se o se bonang mo ditemaneng tsena se se go rutang sengwe ka ga baperofeti ba Modimo? Bona le gone Jeremia 7:1–7; 20:8–9 le sefela sa go tshwana le “We Listen to a Prophet’s Voice,” (Hymns, no. 22).

O nna wa batla go ruta tsala ya gago ka ga moperofeti yo o tshelang wa gompieno. A go na le sengwe mo ditemaneng tse se se ka go thusang? Ka sekai, ke eng se baperofeti mo malatsing a rona gompieno ba “kumulang” kgotsa “se gogela tlase”? Ke eng se ba se “agang” le go “jwala”? (Jeremia 1:10). O tlile jang go itse gore moperofeti wa rona yo o tshelang o biditswe ke Modimo?

Bona le gone Mekwalo ya Tumelo 1:6, 9; “Why Do We Have Prophets?” (setshwantsho sa motshikinyego), ChurchofJesusChrist.org

1:37

Why Do We Have Prophets?

Jeremia 1:5

ekhone ya seminari
Modimo o ne a nkitse pele ga ke tsholwa.

Jeremia o ithutile eng ka ga ene mo Jeremia 1: 5? Jaaka moperofeti o biditsweng bošheng, ke eng tshedimosetso e e ka nna botlhokwa gore a e itse?

Bontsi jwa se Jeremia o se ithutileng ka ga ene mo Jeremia 1: 5 le gone go buammaruri ka ga wena. Modimo o ne a go itse, pele ga o tsholwa mme a go baakanyetsa maikarebelo a a kgethegileng. Go ithuta mo gontsi ka ga botshelo jwa gago pele ga o tsholwa, bala Alema 13:1–4; Dithuto le Dikgolagano 138:53–56; and Aberahame 3:22–23. O ka dira nankolo ya boammaaruri jo o bo bonang. Ke eng tshedimosetso e e le botlhokwa gore o e itse?

Go ithuta go feta ka fa boammaruri bo bo amileng botshelo jwa ga Mogolwane Ahmad S. Corbitt, ithutuntshe molaetsa wa gagwe “You Can Gather Israel!” (Liahona, Motsheganong 2021, 63–63). Go itse ke botshelo jwa pele jwa gago go ka ama jang ka fa o tshelang ka teng botshelo jwa gago jwa go swa?

Fa ke se Poresidente Russell M. Nelson a se buileng ka ga botshelo jwa pele jwa gago:

“Rraeno wa Legodimo o sa le a go itsile lebaka le loleele. Wena, jaaka Morwae kgotsa Morwadiagwe, o tlhophilwe ke Ene go tla mo lefatsheng ka nako e e rategang e, go nna moeteledipele mo tirong ya gagwe e kgolo mo lefatsheng. O ne o tlhophile e seng ka sebopego sa gago sa mmele mme ka mekgwa ya semowa jaaka bo gatlhamelamasisi, bopelokgale, thokgamo ya pelo, lenyorelo boammaruri, keletso ya kitso, le thato ya go direla ba bangwe.

O simolotse mekgwa e mengwe e kwa nako ya botshelo jwa pele jwa gago. Tse dingwe o ka di simolola fa mo lefatsheng jaaka o tsweletse o di batla””Decisions for Eternity,” Liahona, Nov. 2013, 107).

Akanya ka diemo dingwe tse o ka kopanang le tsone mo go ka nnang botlhokwa go gakologelwa boammaruri jo ka botshelo jwa pele jwa gago. O ka dira eng go ikgakolola ka boammaaruri jo?

Bona le gone Russell M. Nelson, “Decisions for Eternity,” Liahona, Nov. 2013, 106–9; Topics and Questions, “Foreordination,” “Premortal Life,” Motlobo wa Efangele.

kwa molemeng, motho a eme mo teng ga siseteneng e tona se se senang sepe; kwa mojeng, lephororo

Mo Jeremia 2:13, Morena tshwantshantse seemo sa batho sa semowa le “disisetene tse di thubegileng” le go tshwantshanya Ene ka sebele le “motswedi wa metsi a a tshelang.”

Jeremia 2; 7

“Ba ntatlhile nna motswedi wa metsi a a tshelang.”

Kwa mafelong a a kwakwaletseng kwa Baiseraele ba neng ba nna teng, batho ba ne ba boloka metsi a a ratengang mo mabolokelong a metsi a a ka fa tlase ga lefatshe a bidiwa disisetene. O akanya gore go umaka ka “disisetene tse di thubegileng” mo Jeremia 2:13 go ka tswa go kaya eng? Ke eng go amogela metsi go tswa motsweding go le botoka go gaisa go ikaega ka sisetene? Go raya eng go latlha “motswedi wa metsi a a tshelang”? Jaaka o bala Jeremia 2 le 7, tshwaela jaaka batho ba neng ba latlha metsi a a tshelang a Morena (bona, ka sekai, Jeremiah 2:26–28; 7:2–11). Ke eng “metsi a a tshelang” e le sekao se se siameng ka se Mmoloki a se go fang? Akanya ka fa o amogelang metsi a a tshelang ka teng.

Jeremia 7 e lebagantswa le batho ba ba neng ba tsena kwa “ntlong ya Morena … go obamela Morena,” mme ditiro tsa bone di ne di sa metšhe boineelo jwa bone ka kwa ntle (bona temana 2–11). Ke melaetsa efe e o ikutlwang Morena a ka tswa a na le yone go wena mo ditemana 21–23?

Dirisa dithuto tsa sedirisiwa. Baperofeti ba Morena gantsi ba tshwantshanya boammaruri jwa semowa le dilo tse di tlwaelesegileng. Akanyetsa go dira ka go tshwana jaaka o ithuta le go ruta efangele. Ka sekai, go bona mo tlhaloganyong Jeremia 2:13, o ka tsenya metsi mo selwaneng se se ranyegileng kgotsa thubegileng kgotsa go nwa mo motsweding. Ke ka jang fa Jeso e le “motswedi wa metsi a a tshelang”? (Jeremia 2:13). Re nwa jang mo metsing a a tshelang a Gagwe?

Jeremia 3:14–18; 16:14–21

Morena o tlaa phutha batho ba Gagwe.

Mo Jeremia 16:14–15, Jeremia o tshwantshantse go phuthiwa ga Iseraele mo malatsing a bofelo le Ekesodo ya Iseraele go tswa Egepeto. Go ya ka wena, ke eng go phuthiwa go ka nna botlhokwa thata mo bathong ba Modimo go fetisa Ekesodo?

Ke eng se Jeremia 3:14–18; 16:14–21 di tlhagisang ka ga go phuthiwa go tlaa diragalang ka teng?

Mo molaetseng wa gagwe “Hope of Israel,” Poresidente Russell M. Nelson, jaaka Jeremia, o rutile gore go phuthiwa gwa Iseraele ke “selo se se botlhokwa thata se se diragalang mo lefatsheng gompieno” (worldwide youth devotional, Seetebosigo 3, 2018, Motlobo wa Efangele). Bala kgotsa reetsa molaetsa wa gagwe, mme o bone gore a ka bona (a) ka fa Poresidente Nelson a tlhalosang go phuthiwa gwa Iseraele, (b) ka fa a tlhalosang botlhokwa jwa yone, le (c) ka fa o ka nnang karolo ya go phutha.

Go feta, bona dikgatiso tsa dimakasine tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana .

ekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Jeremia 1:5

Rara wa Legodimo o ne a nkitse pele ga ke tsholwa.

  • Go simolola ka botlhokwa jwa boammaruri jo bo rutilweng mo Jeremia 1:5, o ka bontsha bana ba gago setshwantsho sa ngwana (kgotsa, fa go kgonega, lo ka leba ditshwantsho tsa bana ba gago fa ba le masea). Botsa bana ba gago gore a ba itse kwa ba tshedileng teng pele fa ba tsholwa. Le gone lo ka opela mmogo pina e e rutang ka ga botshelo jwa pele, jaaka “I lived in Heaven” (Children’s Songbook, 4).

  • Fa bana ba gago ba eletsa go ithuta go feta, o ka ba thusa go batla “Premortal Life” mo Guide to the Scriptures. Ba ka batla dikarabo tsa dipotso tsa “mang,” “leng,” le “eng” ka ga botshelo jwa pele.

mosetsana a tshwere ngwana

Jeremia 1:4–19

Baperofeti ba bileditswe go bua mafoko a Morena.

  • Akanyetsa go supa ditshwantso tsa baperofeti ba ba tshelang kgotsa baperofeti go tswa mo dikwalong tse di boitshepo (o ka bona dingwe mo Church magazine, Gospel Art Book, le Tlayang, Ntshalang Morago). Botsa bana ba gago se ba seitseng ka baperofeti ba.

  • Go ruta ka se baperofeti ba se dirang, o ka tlhopha dingwe tsa ditemana tse di ka go thusang mo Jeremia 1, jaaka ditemana 5, 7, 10, le 19. Bana ba gago ka bongwe ba ka tlhopha nngwe ya ditemana tse, ba e bala, le go abelana se ba se ithutileng ka ga baperofeti.

Jeremia 16:14–16

Ke ka thusa bana ba ga Rara wa Legodimo go boela go Ene.

  • Fa lo ntse lo bala Jeremia 16:16, bana ba gago ba ka itira e kare ba “fišha” kgotsa “tsoma” dilwana mo kamoreng. Poresidente Russell M. Nelson o tshwantshantse batsomi ba ditlhapi le batsomi ba diphologolo mo ditemaneng tse le baanamisa efangele (bona “The Gathering of Scattered Israel,” Liahona, Nov. 2006, 81). Baanamisa efangele ba dira eng? Re ka thusa jang go “fišha” le go “tsoma” Iseraele yo o phatlaletseng? (Bona “A Message for Children from President Russell M. Nelson” [setshwantsho sa motshikinyego], ChurchofJesusChrist.org).

    3:30

    Video: A Message for Children from President Russell M. Nelson

Jeremia 18:1–6

Ke ka letla Morena go kaela botshelo jwa me, jaaka mmopi a bopa mmopa.

  • Go sekaseka ditemana tse, lo ka buisana kgotsa go supa ka fa dinkgwana di dirwang ka teng (bona setswantsho kwa bofelelong jwa thulaganyo e). Ke molaetsa ofe yo Morena a nang le one go rona mo Jeremia 18:1–6? Go raya eng go nna mmopa mo diatleng tsa Morena? (Bona le gone Isaia 64:8). Ka polelo e nngwe e e re tshwantshanyang le mmopa wa mmopi, bona molaetsa wa Mogolwane Richard J. Mayne “The Joy of Living a Christ-Centered Life” (Liahona, Nov. 2015, 27–30).

Go feta, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e wa Tsala .

diatla di bopa mmopa mo leotwaneng

“Bona, jaaka mmopa o le mo diatleng tsa mmopi, le wena o mo go tsa me, O ntlo ya Iseraele” (Jeremia 18:6).

Tsebe ya ditiragatso ya Poraemari: Ke ka thusa bana ba ga Rara wa Legodimo go boela kwa go ene.