Tlayang, Ntshaleng Morago
Phalane 26–Ngwanatsele 1 “Ke Tlaa Fetola Khutsafalo ya Bone Boitumelo”: Jeremia 31–33; 36–39; Dikhutsafalo 1; 3


Phalane 26–Ngwanatsele 1 ‘Ke Tlaa Fetola Khutsafalo ya Bone Boitumelo”: Jeremia 31–33; 36–39; Dikhutsafalo 1; 3” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

Phalane 26–Ngwanatsele 1 ‘Ke Tlaa Fetola Khutsafalo ya Bone Boitumelo,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Jeremia a beile tlhogo mo seatleng sa gagwe

Jeremia a Hutsafaletse Tshenyego ya Jerusalema, ka Rembrandt van Rijn

Phalane 26–Ngwanatsele 1: “Ke Tlaa Fetola Khutsafalo ya Bone Boitumelo”

Jeremia 31–33; 36–39; Dikhutsafalo 13

Lantlha fa Morena a bitsa Jeremia go nna moperofeti, O mmoleletse gore thomo ya gagwe e tlaa nna “go kumula, le go tlhoma” (Jeremia 1:10)—mme mo Jerusalema, gone go tletse ka boikepo go kumula le go tlhoma. Mme se e ne e le karolo fela ya thomo ya ga Jeremia—le gone o ne a bileditswe “go aga, le go jwala” (Jeremiah 1:10). Ke eng se se ka agiwang kgotsa jwalwa mo matlotleng a senyegileng a a tlogetsweng ke tsuologo ya batho ba kgolagano? Go botsa ka tsela e nngwe, fa sebe kgotsa tlalelo e tlogetse matshelo a rona e le matlotla, re ka aga le go jwala jang gape? Karabo e ikaegile ka “Lekala la tshiamo” (Jeremia 33:15), Mesia yo o solofeditsweng. O tlisa “kgolagano e ntšha” (Jeremia 31:31)—nngwe e e tlhokang boineelo jwa ditebego tsa kwantle. Molao wa gagwe o tshwanetse go nna mo dikarolong tse di kwantle tsa [rona],” di kwadilwe mo dipelong tsa [rona].” Ke sone se se rayang Morena go “nna Modimo wa [rona]” le go “nna batho ba [Gagwe]” (Jeremia 31:33). Ke tsamaiso ya botshelo jotlhe, mme re tlaa nna re dira diphoso mme e re dirile go hutsafala nako le nako. Fa re dira, Morena o solofeditse, “Ke Tlaa Fetola Khutsafalo ya Bone Boitumelo” (Jeremia 31:13).

Kaedi ya Dikhutsafalo, bona “Lamentations, Book of” mo Kaeding ya Dikwalo tse di Boitshepo.

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Jeremia 3133

Morena o tlaa tlisa batho ba Gagwe ba kgolagano go tswa mo botswarong.

Mo Jeremia 3133 Morena o lemoga “khutsafalo, le selelo se se botlhoko” (Jeremia 31:15) tse Baiseraele ba tlaa di itemogelang mo botshwarong. Le fa gontse jalo, le gone o ne a neela mafoko a kgomotso le tsholofelo. Di batle jaaka o bala dikgaolo tse. Ke ditsholofetso dife tse o di bonang tse di go amang?

Jeremia 31:31–34; 32:37–42

ekhone ya seminari
“Ba tlaa nna batho ba me, ,mme Ke tlaa nna Modimo wa bone.”

Le ntswa Baiseraele ba kgaotse dikgolagano tsa bone, Jeremia a perofesa gore Morena gape o tlaa tlhomamisa “kgolagano ya bosakhutleng” le e “ntšha” le bone (Jeremia 31:31; 32:40). Kgolagano eo ke efe? Akanya ka go leba megopolo mo Kaedi ya Dikwalo tse di boitshepo, “New and Everlasting Covenant,” Gospel Library.

Jaaka o bala Jeremia 31:31–34; 32:37–42, tlhatlhanya:

  • Go raya eng mo go wena go nna karolo ya batho ba Modimo ba kgolagano

  • Go raya eng mo go wena go nna le molao wa Gagwe o kwadilwe mo pelong ya gago.

  • Se Morena a se solofetsang fa o dira dikgolagano le Ene.

  • Ka fa kgolagano ya botsalano le Morena e go fetolang ka teng.

Ke tsholofetso efe e o e dirileng le Modimo jaaka o tsere karolo mo ditaong tse di boitshepo? O diragatsa jang ditsholofetso tsa Gagwe mo go wena.

Le gone bona David A. Bednar, “Abide in Me, and I in You; Therefore Walk with Me,” Liahona, May 2023, 123–26.

Jeremia 36

Dikwalo tse di boitshepo di na le thata go mphetola go tswa mo bosuleng.

Go yeng ka Jeremia 36:2–3, ke eng Morena a laola Jeremia go kwala diperofeso tsa gagwe? Jaaka o bala Jeremiah 36, lemoga ka fa batho ba ba latelang ba ikutlwileng ka teng ka ga perofeso tse.

  • Morena (bona ditemana 1–3, 27–31)

  • Jeremia (bona ditemana 4–7, 32)

  • Baruke (bona ditemana 4, 8–10, 14–18)

  • Jehudi le Kgosi Jehoiakime (bona ditemana 20–26)

  • Elenathane, Delaia, le Gemaria (bona temana 25)

Tlhatlhanya ka fa o ikutlwang ka teng ka ga dikwalo tse di boitshepo Di go thusitse jang go fetogela bosula?

Jeremia 37–39

Tlhomama mo go saleng morago Baperofeti ba Modimo.

Mo Jeremia 37:1–3, 15–21; 38:1–6, 14–28, ke bosupi bofe jo o bonang gore Kgosi Setekia o ne a dumela Jeremia e ne ele moperofeti wa boammaaruri wa Morena. Ke bosupi bofe jo o bo bonang gore Setekia o ne a sa dumele? O ithuta eng go tswa mo tshwantshanyong e? Jaaka o bala Jeremia 39, tlhatlhanya ka pharologanyo e e kabong e e dirile fa Setekia le batho ba gagwe ba ka bo ba setse moperofeti morago le go tshegetsa ditaelo tsa Morena. (Tshwantshanya se se diragaletseng Setekia le se se diragaletseng lelwapa la ga Lehi mo 1 Nefi 1–2.)

Jeremia 38:6–13; 39:15–18

Ke ka nna pelokgale mo go emeleng se se siameng.

Badiredi ba kgosi ba ne ba ikutlwa ekete diperofeso tsa ga Jeremia di ne di dira masole a bone go ra rata go lwa, ke gone ba latlhela Jeremia mo kgolegelong e leswe (bona Jeremia 38:1–4). Mo Jeremia 38:6–13, ke eng se se go kgatlhang ka ga phetolo ya Ebete-meleke Moethopia? Le gone lemoga tshegofatso e Morena a e neetseng Ebede-meleke mo Jeremia 39:15–18.

O ka sala jang morago sekai sa ga Ebete-meleke?

Jeremia mo Jerusalema, a atolosa letsogo le le lengwe le go kunkuretsa tlhogo ya gagwe mo go le lengwe

Selelo sa ga Jeremia

Dikhutsafalo 1; 3

Morena o ka tlosa kutlobotlhoko e ke e itemogelang ka ntlha ya sebe.

Buka ya Dikhutsafalo ke kgobokanyo ya maboko a a kwadilweng morago ga tshenyego ya Jerusalema le tempele. Ke eng o akanya gore go botlhokwa go bo ba bolokilwe? Akanya ka ditshwantshiso mo Dikhutsafalo 1 le 3 go go thusa go tlhaloganya ka ga khutsafalo e kgolo e utlwilweng ke Iseraele. Ke melaetsa efe ya tsholofelo mo go Keresete e o e bona? (Bona segolobogolo Dikhutsafalo 3:20–33; le gone bona Mathaio 5:4; Jakoba 4:8–10; Alema 36:17–20).

Poresidente M. Russell Ballard o umakile diemo tse di mmalwa tse di ka dirang bangwe go latlhegelwa ke tsholofelo, mme o neetse kgakololo ka ga kwa go ka bonwang tsholofelo:

“Bangwe ba rona re fitlhela matshelo a rona a imelwa ke matshwenyego, go swaba, le kutlobotlhoko. Bontsi ba ne ba ikutlwa ba sa thusege ka tlhakatlhakano e go neng go lebega e fenya lefatshe. Bangwe ba tlalelwa ke maloko a lelwapa ba ba tsewang ke bo teng ka pela, ba kgothwa ke diemo tse di bokoa le boleng jwa boitsholo jo bo fokotsegang. … Bontsi bo tlogetse go amogela boikepo le bosula jwa lefatshe jo bo thata go baakanngwa. Ba neetse tsholofelo. …

“… Bangwe mo gare ga rona ba latlhegetswe ke tsholofelo yotlhe ka ntlha ya sebe le tlolo. Motho o ka inwetsa mo go boteng mo ditseleng tsa lefatshe mo go lebegang ekete ga gona tsela e tswang le go latlhegelwa tsholofelo yotlhe. Kopo ya me go ba ba wetseng mo seraing se sa moganetsi lo se kitla lo itlhoboga! Le ntswa dilo di lebega di pitlagane kgotsa ka fa go pitlaganeng ka teng ba ka nna, tswee tswee ntumele, ka metlha o ka nna le tsholofelo. Ka metlha” (“The Joy of Hope Fulfilled,” Ensign, Nov. 1992, 31–32).

Le gona bona “Come, Ye Disconsolate,” Hymns, no. 115.

Thusa ba bangwe go tsaya maikarabelo a go ithuta ga bone. Nako tse dingwe tsela e e motlhofo go ruta ke go bolelela baithuti se re akanyang ba tshwanetse go se itse. Le fa gontse jalo, tsela e e motlhofo ka metlha ga se tsela e e siameng. Mogolwane David A. Bednar o rutile: “Maikaelelo a rona e se nne ‘Ke ba bolelele eng?’ Le fa gontse jalo, dipotso tse re ka di ipotsang ke ‘Ke ka ba laletsa go dira eng? Ke dipotso dife tse ke ka di botsang tse di tlhotlheletsang, fa ba rata go fetola, ba tlaa simolola go laletsa Mowa o o Boitshepo mo matshelong a bone?’” (evening with a General Authority, Feb. 7, 2020, broadcasts.ChurchofJesusChrist.org; see also Teaching in the Savior’s Way25). Go na le ditsela tse dintsi go thusa baithuti go nna le maikarabelo a go ithuta ga bone. Ka sekai, mo kaeding e baithuti ba lalediwa go sekaseka, tlhatlhanya, dira nankolo, lebelela ditshwantsho, tsaya karolo mo thutong ya sedirisiwa, tshwantsha, le go abelana le go diragatsa se ba se ithutang.

ekhone ya karolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Jeremia 31:3

Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba nthata “ ka lorato la bosakhutleng.”

  • Jaaka o bala Jeremia 31:3 le bana ba gago, ba ka go thusa go batla di dirisiwa (kgotsa ditshwantsho tsa di dirisiwa) tseo di tsaya lobaka, jaaka madi a tshipi, le tseo tse di sa tseeng lobaka, jaaka lengatho la leungo. Lo ka bua ka gore “bosakhutleng o raya eng le go abelana ka fa o utlwileng “lorato la bosakhutleng” la Rara wa Legodimo. Le gone le ka opela mmogo pina jaaka “God Is Watching Over All” (Children’s Songbook, 229).

Jeremia 31:31–34; 32:38–41

Modimo o tlaa nthusa go tshegetsa dikgolagano tsa me.

  • Bana ba gago ba ka itumelela go tshwantsha pelo mo pampiring le go kwala mo pelong dilo tse ba di ithutileng go tswa Jeremia 31:31–34 ka go dira dikgolagano le Modimo. O ka batla go sekaseka kgolagano e ba e dirileng kwa kolobetsong (bona Mosia 18:10, 13) le go buisana gore go raya eng go kwala ditsholofetso mo dipelong tsa bone.

mosetsana a bala dikwalo tse di boitshepo

Jeremia 1: 1–4

Dikwalo tse di boitshepo ke lefoko la Modimo.

  • Tsebe ya tiragalo ya beke e ka thusa bana ba gago go ithuta ka ga Jeremia, Baruke, le kgosi (bona Jeremia 36). Le gone ba ka dira mo go tsmamaelanang le mafoko mo Jeremia 36:4–10, jaaka go kwala mo bukeng (bona temana 4) le go balela batho dikwalo tse di boitshepo (bona temana 8, 10).

  • Wena le bana ba gago le ka leba buka ya bana le dikwalo tse di boitshepo le go bua ka ga ka fa dibuka tse di farologanyeng ka teng. Ke eng se se dirang dikwalo tse di boitshepo di kgethege? Go ka tlhotlheletsa go abelana ka bo lona dinankolo tsa dikwalo tse di boitshepo tse di kgethegileng mo go wena.

Jeremia 38: 6– 3

Ke ka emela se se siameng.

  • O ka dirisa setshwantso kwa bokhutlong jwa kaedi go thusa bana ba gago go akanyetsa polelo ya ga Ebete-meleke mo Jeremia 38:6–13. Gongwe o ka ba thusa go batla temana e Ebete-meleke ba dirileng sengwe se se pelokgale go thusa moperofeti wa Morena. Re ka dira eng go supa gore re itse moperofeti gompieno a biditswe ke Modimo.

Dikhutsafalo 1:1–2, 16; 3:22–26

Mmoloki o kgonisitse go itshwarelwa dibe ga me.

  • Go itsise Dikhutsafalo, o ka tlhoka go tlhalosetsa bana ba gago gore gonne Baiseraele ba ne ba sa ikwatlhaya, Jerusalema le tempele di ne tsa senngwa. Le ka abelana ka bo lona ka fa le ka bong le ikutlwa ka teng fa o ne o nna koo nako eo (bona Dikhutsafalo 1:1–2, 16). Molaetsa mo Dikhutsafalo 3:22–26 o ka go neela jang tsholofelo?

  • Le ka bolelelana ka bo lona ka ga dinako tse o utlwileng kutlobotlhoko ka ga tshwetso e e seng yone e o e dirileng. Le bonang mo Dikhutsafalo 3:22–26 se se re thusang go tlhaloganya boitshwarelo jo Jeso Keresete a bo neelang?

Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

Jeremia a tsholediwa go tswa mo kgolegelong ka megala

E le Ruri ke Tlaa go Golola (Jeremia 39:18), ka Eva Timothy

Tsebe ya tiragatso ya poraemari: Dikwalo tse di boitshepo ke lefoko la Modimo