Tlayang, Ntshaleng Morago
Ngwanatsele 16–22. “Ke Tlaa Ba Rata Ka Tshosologo”: Hosea 1–6; 10– 14; Joele


“Ngwanatsele 16–22. ‘Ke Tlaa Ba Rata Ka Tshosologo’: Hosea 1–6; 10– 14; Joele,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Ngwanatsele 16–22. ‘Ke Tlaa Ba Rata Ka Tshosologo,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

banyalani ba bašha kwa ntle ga tempele

Ngwanatsele 16–22: “Ke Tlaa Ba Rata Ka Tshosologo”

Hosea 1–6; 10–14; Joele

Kgolagano ya Iseraele le Morena e ne e tshwanetse go nna e e ko teng e bile e na le bokao bogolo mo Morena a e tshwantshantseng le lenyalo. Kgolagano, jaaka lenyalo, e akareditse maikaelelo a bosakhutleng, maitemogelo a a kopanetsweng, kago ya botshelo mmogo, boikanyegi jo bo faphegileng, le, go di gaisa tsotlhe, lorato lwa pelo yotlhe. Ka bohutsana, Baiseraele ba ne ba se boikanyego mo kgolaganong ya bone. Le fa go ntse jalo molaetsa wa Morena go bone e ne e se “Ke tlaa lo gana ka bosakhutleng.” Mo boemong e ne ele “Ke tlaa lo laletsa gape” (bona Hosea 2:14–15). “Ke tlaa go beelela ka tshiamo,” A bega ka moperofeti Hosea (Hosea 2:19). “Ke tlaa fodisa boikepo jwa bone, Ke tlaa ba rata ka tshosologo” (Hosea 14:4). Se ke molaetsa o a re o fang gompieno jaaka re sekaseka go tshegetsa dikgolagano tsa rona ka lorato le boineelo.

Joele o abelane molaetsa o o tshwanang: “Boelang kwa go Morena Modimo wa lona: gonne ene o boitshwarelo le kutlwelobotlhoko, o pelotelele le lerato le legolo” (Joele 2:13). Go bala mafoko a a baperofeti a ka go tlhotlheletsa go tlhatlhanya kamano ya gago le Morena—go akanya ka fa boikanyego jwa Gagwe bo go tlhotlheletsang go nna boikanyego kwa go Ene.

­­Ka tshoboko ya dibuka tsa Hosea le Joele, bona “Hosea, or Hoshea” le “Joel” mo Bible Dictionary.

ekhone ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Hosea 1– 3–14

Morena ka metlha o ntaletsa go boela kwa go Ene.

Mosadi wa ga Hosea, Gomere, o ne a se boikanyego go ene, mme Modimo a supegetsa ka tiragalo e ya bohutsana go ruta Baiseraele ka fa a ikwatlang ka bone le kgolagano ya bone le Ene. Jaaka o bala Hosea 1–3, tlhatlhanya ka fa Morena a lebang ka teng kamano ya Gagwe le batho ba Gagwe ba kgolagano. Ke ka jang go dira kgolagano le Morena go tshwanang le go tsena mo lenyalong? Ke ka jang go palelwa ke go tshegetsa kgolagano go tshwana le go tlhoka boikanyego mo mokapelong? (bona Hosea 2:5–7, 13). Ke eng se Hosea 2:14–23 e se go rutang ka ga lerato le mautlwelobotlhoko a Morena? O Mo supegetsa jang lorato le maikaelelo?

Mo Hosesa 14, batla ditsholofetso tse dintsi tse dintle tse Morena a di dirang le bao ba ba boelang go Ene. Polelwana e e reng “rata ka tshosologo” e raya eng mo go wena? (temana 4). Ke eng sa tshwantshiso ya ditlhare mo ditemana 5–8 a go rutang ka ga ditshegofatso tsa Morena, go akaretsa ditshegofatso tsa go ikwatlhaya? Jaaka bontlha bongwe jwa ithutontsho e, akanyetsa go opela kgotsa reetsa sefela ka ga maitlwelobotlhoko a ga Mmoloki, jaaka “Come unto Jesus” (Hymns, no. 117).

Mosadi yo o tshwenyegileng

Gomere, yo o kayang ntlo ya Iseraele le kgolagano ya bone e e robilweng, o ne a filwe thekololo ke Morena. Setshwantsho ka Deb Minnard, teseletso go tswa goodsalt.com

Hosea 6:4–7; Joele 2:12–13

Boineelo go Modimo go tshwanetse go ikutlwelwa ka fa teng, e seng fela go bontshiwa kwa ntle.

Batho ba letsatsi la ga Hosea ba ne ba dira setlhabelo sa diphologolo, mme ba ne ba roba ditaelo tse di botlhokwa go fitisa. O akanya gore go raya eng gore Morena o “eletsa maikutlwelobotlhoko, mme e seng setlhabelo; le kitso ya Modimo go gaisa ditshupelo tse di fisiwang”? (Hosea 6:6). O akanya gore go raya eng gore tshiamiso e tshwana le leru kgotsa monyo? (bona Hosea 6:4). Ke eng se tsiamiso ya rona e nne jaaka sone? (bona Isaia 48:18; 1 Nefi 2:9–10).

Le gone o ka bala Mathaio 9:10–13; 12:1–8 go bona ka fa mmoloki a dirisitseng Hosea 6:6 ka nako ya bodiredi jwa Gagwe. Ke eng se ditemana tse di go thusang go se tlhaloganya ka mafoko a ga Hosea?

Fa o bala Joele 2:12–13, go tswa go ka thusa go itse gore go phatlola kgotsa go gagola diaparo tsa mongwe e ne ele bokao jwa kwa ntle jwa khutsafalo kgotsa boikwatlhao. Go gagola dipelo tsa rona go pharologanyo jang le go gagola diaparo tsa rona?

Joele 2

ekhone ya seminari
“Ke tlaa tshela mowa wa me mo bathong botlhe.”

Ke eng tse di tshwanang tse o di bonang magareng ga letsatsi la rona le letsatsi le Joele a le boneng go sale gale? (Bona segolobogolo Joel 2:1–2, 11, 18–32). O kgatlhiwa ke eng ka ditshegofatso tse Morena a di solofetsang mo ditemana 18–32? Ke eng ditshegofatso tse di ka tswa di le botlhokwa jo bo kgethegile gompieno?

Go ka tswa go kgatlhisa go bala se Moroni a se buileng ka ga Joele 2 fa a etetse Joseph Smith ka 1823 (bona Joseph Smith—Ditso 1:41). O ikutlwa jang gore diperofeso mo Joele 2:28–32 di a diragadiwa mo letsatsing la rona? (Bona le gone Ditiro 2:1–21). O akanya gore go raya eng gore Morena o ka “tshela mowa [wa Gagwe] mo bathong”? (Joele 2:28).

O ka nna wa tlhatlhanya mafoko a go tswa Poresidente Russell M. Nelson: “Mo malatsing a a tlang, ga gona go nna le kgonagalo ya go falola semowa go sena kgogelo, kaelo, kgomotso, le tlhotlheletso e e tlhomameng ya Mowa o o Boitshepo” (“Revelation for the Church, Revelation for Our Lives.” Liahona, Motsheganong 2018, 96). Ke eng tshenolo e le botlhokwa mo phalolong ya rona ya semowa?

O ka dira jang fa o ikutlwa ekate ga o amogele tshologelo e o? Fa ke megopolo e se kae e e ka thusang. Batho ba ba mo dikwalong tse di boitshepo ba ba dirile jang go amogela tshologelo ya Mowa o o Boitshepo wa Morena?

Jaaka o bala mafoko go tswa Mogolwane David A. Bednar, tlhatlhanya gore go raya eng mo go wena go ikutlwela tshologelo ya Mowa o o Boitshepo mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi:

“Gantsi re dira thata mo go rona go amogela tshenolo ya mong. Ka seo ke raya tshegofatso ya kgolagano ke gore re tshegetse dikgolagano tsa rona, re ka nna ka metlha le Mowa o o Boitshepo go tswelela o nna mopati wa rona. Mme re bua ka ga yone le go e tsaya jaaka ekare go utlwa lentswe la Morena ka Mowa wa Gagwe o o Boitshepo ke tiragalo e e sa tlwaelesegang. … [Mowa o o Boitshepo] o tshwanetse wa nna le rona ka nako tsotlhe. Eseng ka motsotso le motsotso, mme fa motho a dira bo jotlhe jwa gagwe—ga o tlhoke go felela—mme fa wena le nna re dira bo jotlhe jwa rona ebile re sa dire tlolo molao e e masisi, ka jalo re ka baya tsholofelo ya rona mo go kaelweng ke Mowa o o Boitshepo. …

“… Re lebega re dumela gore Mowa o o Boitshepo o a gakgamatsa ebile o mo golo le bonako, fa one o ikokobetsa ebile o le mosesane le go oketsega ka tsamao ya nako” (“Elder David A. Bednar Discussion” [maitseboa le Molaodi Kakaretso, Feb. 7, 2020], broadcasts.ChurchofJesusChrist.org).

Bona le gone Gary E. Stevenson, “Promptings of the Spirit,” Liahona, Nov. 2023, 42–45; “Enemy Territory”” (setshwantsho sa motshikinyego), Motlobo wa Efangele.

3:38

Enemy Territory

Dira lefelo la semowa “O tlhokometse eng seo se bakang tikologo ya semowa ya go ithuta efangele? Ke eng se se e paledisang? … Akanya ka thulaganyo e gantsi o rutelang mo go yone [kgotsa go ithuta]. O ikutlwa jang fa o le teng? O ka laletsa jang Mowa o o Boitshepo ka tsela e e mosola go nna teng? (Teaching in the Savior’s Way7).

ekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Hosea 2:19–20

Ke ka tshegetsa dikgolagano tsa me ka boikanyego.

  • Mobukeng ya ga Hosea, Morena o tshwantshantse dikgolagano tsa Gagwe le batho ba Gagwe le lenyalo. Go ithuta go tswa mo tshwantshanyong e, wena le bana ba gago lo ka nna lwa leba ditshwantsho tsa monyadi wa mme le wa rre mme bua ka fa Rara wa Legodimo a batlang monna le mosadi ba ba mo nyalong ba tshwarana ka teng. Thusa bana ba gago go batla mafoko mo Hosea 2:19–20 a a tlhalosang ka fa Morena a ikutlwang ka ga rona. Re ka bontsha Morena jang gore re a Mo rata e bile re tlaa nna boikanyego mo go Ene?

Hosea 10:12

“Ke nako ya go batla Morena.”

  • Hosea 10:12 e umaka go jwala, go roba, nako, le pula go re laletsa go batla Morena. Jaaka o bala ditemana tse, ke megopolo efe ya ditlhamo e e tlang mo tlhaloganyong e e ka tlhotlheletsang bana ba gago go Mo batla? Ka sekai, gongwe bana ba gago ba ka tshwantsha sesupa nako mme ba kwala ditsela tse ba ka batlang Morena ka dinako tse di farologanyeng go mo letsatsing. Pina e tshwana le ”Anytime, Anywhere” (Motlobo wa Efangele) e ka go thusa go ruta gore ka metlha ke nako e e molemo go batla Morena.

  • Kgotsa bana ba gago ba ka dira ditiro tse di motlhofo tse di tsamaelanang le temana, jaaka go itira e kare ba jwala dipeo, kgetla merogo, kgotsa go ema mo puleng. Thusa bana ba gago go tshwantshanya go jwala peo le go roba dijo tse di molemo le go tshela ka tshiamiso le go amogela ditshegofatso tsa Modimo. Ka jalo lo ka bolelelana ka ga ditshegofatso tse Morena a di neseditseng mo go lona jaaka lo ne lo leka go Mo batla.

Hosea 13:4, 14

Jeso Keresete ke Mmoloki le Morekolodi wa me.

  • Go gatelela boammaruri mo Hosesa 133:4 ka gore ga gona Mmoloki kwa ntle gwa ga Jeso Keresete, o ka bontsha bana ba gago ditshwantsho tsa batho ba le mmalwa, go akaretsa Jeso. Bana ba gago ba amogana go supa ka monwana motho yo o nang le thata ya go re boloka mo sebeng le leso. Abelana bopaki jwa gago ka ga Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe.

  • Bana ba gago ba batla mafoko mo Hosea 13:4, 14 a a tlhalosang Jeso Keresete. Ke eng se mafoko a a se re rutang ka ga Ene? Akanyetsa go thusa bana ba gago go dirisa Guide to the Scriptures go batla dikwalo tse di boitshepo tse dingwe tse di rutang gore Jeso ke Mmoloki le Morekolodi. Abelanang mongwe le mongwe ka fa le ikutlwang ka teng ka go tla ga ga Jeso Keresete.

mosetsana a rapela

Hosea 2:28–29

Mowa o o Boitshepo o ka nkaela.

  • Gongwe o ka thusa bana ba gago go tlhaloganya Joele 2:28–29 ka go ba letla go tshela sengwe se se metsi mme lwa se farologanya le go rotha kgotsa go elela. Go ka raya eng gore Mowa o o boitshepo o “tshelwa” mo go rona?

  • Jaaka wena le bana ba gago le bala Joele 2:28–29 mmogo, o ka laletsa bana ba gago go tsenya maina a mongwe le mongwe mo boemong jwa mafoko “barwa ba gago,” le “barwadio.” Mme wa ba thusa go senka dikwalo tse di boitshepo jaaka Johane 14:16; Moroni 10:5; Dithuto le Dikgolagano 42:17 go bona gore Mowa o Boitshepo o ka ba thusa jang.

Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Tsala makasine.

Jeso a bitsa mo kgorong

Mmoloki, ka Kelly Pugh

Tsebe ya ditiragatso ya Poraemari: Mowa o o Boitshepo o ka nkaela