Ngwanatsele 2–8 ‘Mowa o o Mošha Ke Tlaa o Tsenya mo go Wena”: Esekiele 1–3; 33–34; 36–37; 47,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
Ngwanatsele 2–8 ‘Mowa o o Mošha Ke Tlaa o Tsenya mo go Wena,’” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026
Ngwanatsele 2–8:“Mowa o o Mošha Ke Tlaa o Tsenya mo go Wena”
Esekiele 1–3; 33–34; 36–37; 47
Esekiele e ne e le moperofeti yo a neng a isiwa botshwarwa. Le Baiseraele ba bangwe, o ne a tshwerwe le go romelwa kwa Babilone. Mo Jerusalema, Esekiele e ka bo e ne e le moperesiti yo o direlang mo tempeleng. Mo Babilone, o ne a le mo gare ga “bone ba ba mo botshwarong,” mme o ne “a nna kwa ba nnang” (Esekiele 3:15), makgolo a dimaele go tswa mo ntlo e e rategang ya Modimo le ka tsholofelo e nnye ya go boa. Ke gone letsatsi lengwe Esekiele o ne a bona ponatshegelo. O ne a bona “kgalalelo ya Morena” (Esekiele 1:28)—e seng kwa morago ga tempele kwa Jerusalema mme gone mo Babilone mo gare ga ba ba mobotshwarong. Boikepo mo Jerusalema, o ithutile, bo ne bo le maswe gore boleng teng jwa Modimo bo se nne teng koo (bona Esekiele 8–11; 33:21).
Mme go na le sengwe sa tsholofelo ka ga molaetsa wa ga Esekiele. Go sa kgathalesege gore batho ba kgolagano ba wetse kwa bokgakala bokae, Modimo ga a ba tlogela gotlhelele. Fa ba ka “utlwa lefoko la Morena” (Esekiele 37:4), se se neng se sule se ka tsosolosiwa. Ya bone “pelo ya letlapa” e ka emisediwa ka “pelo e ntšha” (Esekiele 36:26). Mme mo isagong, Morena o tlaa tlhomamisa tempele e ntšha le Jerusalema yo o mošha, “mme leina la toropo go tswa mo letsatsing leo e tlaa nna, Morena o koo” (Esekiele 48:35).
Tshobokanyo ya buka ya ga Esekiele, bona “Esekiele” in the Bible Dictionary.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Esekiele 3; 34
Morena o ntaletsa go thusa ka tiro ya Gagwe.
Mo Esekiele 3 le 34, Morena o raya baeteledipele ba batho ba Gagwe jaaka balebeledi le badisa. Jaaka o bala dikgaolo tse, akanya ka tse ditlhogo di se akantshang ka ga gore go raya eng go nna moeteledipele.
“Dinku” ke bo mang tse Morena a batlang o di fudisa? O bona eng mo Esekiele 34 se se ka thusa mongwe yo o baakanyetsang go direla thomo ya efangele, go godisa bana, kgotsa go diragatsa kabelo ya bodiredi? O ka sala jang sekai sa Mmoloki morago jaaka modisa wa rona? (bona temana 11–31).
Le gone o ka tlhatlhanya matshwao a o a bonang mo kgaolong e. “Mafelo a molemo” le “lesaka le le molemo” di ka tswa di raya eng mo temana 14? Pharologanyo ke eng magareng ga dinku tse di latlhegileng le tse di lelekilweng”? (temana 16). Ke ditshupo dife tse dingwe tse o di bonang?
Le gone bona Johane 21:15–17; Gerrit W. Gong, “Ministering,” Liahona, May 2023, 16–19.
Esekiele 33:10–19
Morena o batla go itshwarela.
“Fa dibe … tsa rona di le mo go rona,” Baiseraele ba ba tshwerweng ba gakgamala, “ke gone re ka tshela jang?” (Esekiele 33:10). Ka karabo, Morena o ba rutile ka ga boikotlhao le boitshwarelo. Dipotso tse di ka go thusa go tlhatlhanya se a se rutileng:
-
O akanya gore go raya eng go “tshepha tshiamo ya [gago]”? (bona Esekiele 33:12–13).
-
O ka raya mongwe o reng yo o ikutlwang gore batho ba ba tlhalosiwang mo Esekiele 33:12–19 ga ba a tsewa sentle? (Le gone bona Mathaio 21:28–31; Luke 18:9–14).
-
O bona eng mo ditemaneng tse tse di go thusang go tlhaloganya gore go raya eng go ikwatlhaya? Ke ditshedimosetso dife tse dingwe tse o di bonang mo go Esekiele 36:26–27 le Alema 7:14–16?
Esekiele 37
Morena o phutha batho ba Gagwe le go ba neela botshelo jo bosha.
Go phuthiwa ga Iseraele go supiwa mo Esekiele 37 ka ditshupo tse pedi. Jaaka o bala ka ga e nngwe ya ntlha—marapo a a suleng a tsoselediwa go botshelo (bona ditemana 1–14)—tlhatlhanya ka se e se akantshang mo go wena ka ga go phuthega ga Iseraele mo go gotlhe matlhakoreng a sesiro (le gone bona Esekiele 36:24–30). Akanya ka dipotso jaaka tse:
-
Morena o leka go fitlhelela eng ka go phutha Iseraele?
-
O go diragatsa jang?
O ka ipotsa dipotso tse di tshwanang le tse jaaka o bala ka ga tshupo ya bobedi, mo ditemana 15–28. Tshupo e e akaretsa dithobane tse pedi, tse barutegi ba bantsi ba ditlhalosa jaaka magong a a kwalelang a kopantswe ka kgokagano. Thobane ya ga Juta e kaya Baebele (e re ka bontsi jwa Baebele bo kwadilwe ke kokomane ya ga Juta), le thobane ya ga Josefa e ka kaya Buka ya ga Momone (e re ka lelwapa la ga Lehi e ne e le dikomane tsa ga Josefa wa Egepeto). Ka seo mo tlhaloganyong, ditemana tse di ruta eng ka ga boleng jwa dikwalo tse di boitshepo mo go phuthegeng ga Iseraele?
Akanya ka ga ka fa Baebele le Buka ya ga Momone di dirileng mmogo mo botshelong jwa gago—segolo bogolo, go go thusa go tla go Keresete. Ke ditselana dife tse di nang le boleng mo go wena?
Le gone bona 2 Nefi 3:11–13; 29:14; “Israel, Israel, God Is Calling,” Hymns, no. 7; Topics and Questions, “Baebele,” “Buka ya ga Momone,” Gospel Library; “The Book of Mormon Gathers Scattered Israel” (video), Gospel Library.
The Book of Mormon Gathers Scattered Israel
Mo ponatshegelong, Esekiele o bone noka e elela go tswa kwa tempeleng le pholo ya Lewatle le le Suleng.
Esekiele 47:1–12
Ke ka bona pholo mo ntlong ya Morena.
Jaaka o bala Esekiele 47:1–12, go ka thusa go itse gore Lewatle le le Suleng le letswai mo tlhapi le dimela di ka se tshele mo go lone. Ke eng se se go kgatlhang ka ga metsi a a tlhalosiwa mo ditemana 1–12? (le gone bona Tshenolo 22:1). Metsi a a ka tswa a supa eng? Ditlhare di ka tswa di tlhalosa eng mo temana 12 e se rayang?
Molaetsa wa ga Mogolwane Dale G. Renlund “Family History and Temple Work: Sealing and Healing” o tlalaletsa eng mo go tlhaloganyeng gago? (bona Liahona, May 2018, 47–48). Tlhatlhanya ka fa o boneng botshelo jwa semowa le pholo ka ntlha ya tempele.
Megopolo ya go Ruta Bana
Esekiele 3:17; 33:1–5
Baperofeti ba tshwana le balebedi ba ba re tlhagisang ka kotsi.
-
Bana ba bannye ba ka itumelela go dira ditiro tse di tsamayang le Esekiele 3:17. Ka sekai, ba ka supa matlho a bone, ditsebe, le molomo fa o bala mafoko “molebedi,” “utlwa,” le “molomo.” Le gone ba ka tswa ba rata go ya go pagama—kwa ntle kgotsa go dikologa kamore. Jaaka ba tsamaya, ba tlhagise ka dilo mo tseleng, jaaka dinoka le go di tlola, dikala go di huhumela, kgotsa go tila diphologolo (boammaaruri kgotsa go itira ekete). Se se ka etelelapele puisano ka ga ka fa baperofeti ba Morena ba re tlhagisang ka dikotsi tse re sa di boneng.
-
Fano ke tsela e nngwe go supa Esekiele 3:17; 33:1–5. Mongwe wa bana ba gago o ka itsaya ekete ke “molebedi” ka go lebelela kwantle ka fensetere le go bolelela mongwe le mongwe ka se se diragalang kwantle. Le gone le ka lebelela setshwantsho sa motshikinyego “Watchman on the Tower” (ChurchofJesusChrist.org). Moperofeti wa rona yo o tshelang ke molebedi wa rona jang?
4:17Watchman on the Tower
Moperofeti Esekiele, ka Lyle Beddes
Esekiele 37:15–23
Baebele le Buka ya ga Momone e thusa go re “phuthela” kwa go Jeso Keresete.
-
Morago ga go bala Esekiele 37:15–23 mmogo, wena le bana ba gago le ka batla dithobane tse pedi le go kwala mo go tsone Go Juta (Baebele) mme mo go e nngwe Go Josefa (Buka ya ga Momone). Ke gone o ka abelana dipolelo kgotsa dikwalo tse di boitshepo go tswa mo Baebele le Buka ya ga Momone tse di go thusang go ikutlwa o atumalana le mmoloki mme lo nne “batho ba [Gagwe]” (temana 23). Ke eng go le molemo gonna le tsotlhe dibuka tse pedi tse tsa dikwalo tse di boitshepo?
O seka wa leka go khurumetsa sengwe le sengwe. O ka se kgone go sekaseka boammaaruri bongwe le bongwe mo go Esekiele le bana ba gago. Akanya ka thapelo se ba tlhokang go se tlhaloganya, le go batla kaelo ya semowa go tlhomamisa se o ka lebelelang sone. (Bona Teaching in the Savior’s Way,, 17.)
Esekiele 47:1–12
Dipelo tsa rona le malwapa di ka bona pholo mo ntlong ya Morena.
-
Esekiele 47 tlhalosa ponatshegelo ya ga Esekiele ya go elela ga metsi go tswa mo tempeleng le pholo ya Lewatle le le Suleng—lewatle le le letswai le e leng gore tlhapi le dimela di ka se tshele mo go lone. Gongwe bana ba gago ka bongwe ba ka tshwantsha sedirisiwa se le sengwe kgotsa tse pedi go tswa mo ponatshegelong, jaaaka tempele, noka, sekaka, Lewatle le le Suleng, matshwititshwiti a ditlhapi, kgotsa setlhare sa leungo. Ke gone, jaaka o bala ditemana 1–12 mmogo, ba ka abelana ditshwantsho tsa bone fa sedirisiwa se umakiwa. Ke ditshegofatso dife tse di tswang mo nokeng mo ponatshegong? Thusa bana go bona ka fa ditshegofatso tse ditshwanang le ditshegofatso tse Mmoloki a di neelang bao ba tshegetsang dikgolagano tsa tempele. Setshwantsho sa motshikinyego “And the River Will Grow” (Gospel Library) can help.
3:43And the River Will Grow
-
Le gone lo ka opela mmogo pina e e tlhalosang ditshegofatso tsa tempele, jaaka “Families Can Be Together Forever” (Children’s Songbook, 188). Pina e e ruta eng mabapi le ka fa Morena a re segofatsang mo ntlong e e boitshepo ya Gagwe?
Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.