“Ngwanatsele 23–29 ‘Batlang Morena, mme O tlaa Tshela’: Amose; Obadia; Jona,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Ngwanatsele 23–29 ‘Batlang Morena, mme O tlaa Tshela,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Jona mo Letshitshing la Ninefe, ka Daniel Lewis
Ngwanatsele 23–29: “Batlang Morena, mme O tlaa Tshela”
Amose; Obadia; Jona
Jona o ne a le mo sekepeng se ya Tareshishe. Ga gona sepe se se phoso ka go ya Tareshishe, fa e se fela gore go kgakala go tswa kwa Ninefe, kwa Jona a neng a tshwanetse go neela molaetsa wa Modimo. Fa sekepe se lebegana le diphefo tse dikgolo, Jona o ne a itse gore ke ka ntlha ya go sa obamele ga gagwe. Ka go kgorometsa ga ga Jona, bapagami ba bangwe ba ne ba mo latlhela mo bo teng jwa lewatle go emisa. Gone go lebega jaaka bokhutlo jwa ga Jona le bodiredi jwa gagwe. Mme Morena o ne a sa itlhoboga ka ga Jona—fela jaaka A ne a sa itlhoboga ka batho ba Ninefe, mo ntlong ya Iseraele, kgotsa mo mongweng wa rona.
Ka jalo o nna a romela baperofeti—jaaka Jona, Amose, Obadia, le moperofeti wa rona gompieno—ka molaetsa gore fa re ikwatlhaya, ga re kake ra kobiwa gotlhelele. Go tsotlhe “diphiri” tse Modimo a di senotseng (bona Amose 3:7), se se mo gare ga tse ditlhokegang thata: gore gonne ka Jeso Keresete, ga go thari go fetoga. O batla go re thusa go tshela dikgolagano tse re di dirileng le Ene, e bile o rata go re neela monyetla o mongwe.
Mo gontsi ka dibuka tse, bona “Amose,” “Obadia,” le “Jona” in the Bible Dictionary.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Amose 3:1–8; 7:10–15
Morena o senola boammaaruri ka Baperofeti ba Gagwe.
Mo Amose 3:3–6, moperofeti Amose o supa dikai ka ditshwetso tse re ka ithutang go tswa mo ditshupong tse re di utlwang kgotsa bonang; fa tau e duma, e tshwanetse ya bo e tshwere phologolo; fa nonyane e tshwere mo sethaisong, go tshwanetse ga bo go na le kgogedi koo. Mo temana 7–8, Amose o ne a dirisa bonokopila jwa gagwe mo baperofeting. Ke ditshwetso dife tse re ka di dirang fa moperofeti a perofesa? O ithuta eng gape ka ga baperofeti go tswa Amose 7:10–15?
Ke eng se Morena a se go senoletseng ka baperofeti ba Gagwe?
Mogolwane Ulisses Soares o ne a re“go nna le baperofeti ke tshupo ya lorato la Modimo” (“Prophets Speak by the Power of the Holy Spirit,” Liahona, May 2018, 99). Akanya ka fa o ka feleletsang seele se: “Ke a itse Modimo o a nthata, gonne o rometse baperofeti ba …”Fano ke dingwe tsa dikwalo tse di boitshepo tse di ka thusang: Deuteronome 18:18; Esekiele 3:16–17; Baefeso 4:11–14; 1 Nefi 22:2; Dithuto le Dikgolagano 21:4–6; 84:36–38; 107:91–92.
O ka reng go mongwe yo o ikutlwang gore baperofeti ga ba tlhokege gompieno?
Bona le gone Topics and Questions, “ProphetsGospel Library.
Amose 4–5
“Batla Morena, mme o tlaa tshela.”
Go yeng ka Amose 4:6–13, ke eng se Morena a solofetseng se tlaa diragala morago ga Baiseraele ba itemogela diteko? (le gone bone Helaman 12:3). Le ntswa diteko tsa gago di sa romelwa ke Modimo, di go neetse jang ditshono go boela kwa go Ene?
Jaaka o bala Amose 5:4, 14–15, tlhatlhanya ka fa Morena a leng letlhogonolo ka teng mo go wena. Ka ga jang go mmatla go go tliseditseng botshelo?
Amose 8:11–12
Lefoko la Morena le ka kgotsofatsa tlala le lenyora la semowa.
Jaaka o bala Amose 8:11–12, akanya kaga gore leuba ke tshwantshiso e molemo ya go tshela o sena lefoko la Modimo (le gone bona Johane 6:26–35; 2 Nefi 9:50–51; 32:3; Enose 1:4–8). O itse jang fa o le mo tlaleng ya semowa?
Ditemana tse le gone di ka amana le Boitimokanyi jo Bogolo (bona Topics and Questions, “Boitimokanyi,” Gospel Library). “Leuba” le la semowa le amile jang bana ba Modimo?” Tsosoloso e kgotsofaditse jang tlala ya gago ya semowa?
Le gone bona “The Great Apostasy” (video), Gospel Library.
The Great Apostasy
Obadia 1:21
Ke bo mang“baboloki … mo thabeng ya Sione”?
Go raya Obadia 1:21, Poresidente Gordon B. Hinckley o tlhalositse gore re nna baboloki mo Thabeng ya Sione fa re amogela ditao mo boemo jwa baswi mo tempeleng (bona “Closing Remarks,” Liahona, Nov. 2004, 105). Go dira tiro eo go tshwana jang—fa e se fela ka tsela e nnye—go se Mmoloki a re se diretseng? Go dira tiro e go go thusitse jang go utlwa o atumalane le Mmoloki?
Le gone bona “Holy Temples on Mount Zion,” Hymns, no. 289.
Jona 1–4
Morena o kutlwelobotlhoko go botlhe ba ba sokologelang kwa go Ene.
Ninefe e ne e le mmaba wa Iseraele a itsewe ka dikgoka le bosetlhogo. Go Jona, go ne go lebega go se nnete gore ba ne ba iketleeleditse go ikwatlhaya. Go ka kgatlhisa go tshwantshanya botho jwa ga Jona (bona Jona 1; 3–4) go maikutlo a ga Alema le barwa Mosia (bona Mosia 28:1–5; Alema 17:23–25). O ithuta eng go tswa Jona 3 se se go rotloetsang go abelana efangele le eleng batho ba eketeng ga ba iketleeletsa go fetoga?
Jaaka o bala Jona, leba sekai sa kutlobotlhoko ya Morena. Ke eng o akanya gore Jona o ne a sa “itumela” le go “galefa thata” (Jona 4:1) fa Morena a atolosa kutlwelobotlhoko go batho ba Ninefe? O akanya gore Morena o ne a leka go mo ruta eng mo kgaolo 4? Tlhatlhanya ka fa o itemogetseng kutlwelobotlhoko ya Gagwe mo botshelong jwa Gago. O ithuta eng go tswa mo go Jona mo go ka go rutang go nna kutlwelobotlhoko?
Megopolo ya go Ruta Bana
Gonne Sontaga se ke Sontaga sa botlhano sa kgwedi, Baruti ba Poraemari ba rotloediwa go dirisa ditiriso tsa go ithuta mo “Appendix B: Preparing Children for a Lifetime on God’s Covenant Path.”
Amose 3:7
Baperofeti ke barongwa ba ga Jeso Keresete.
-
Go thusa bana ba gago go tlhaloganya Amose 3:7, o ka ba sebetsa molaetsa yo motlhofo go mongwe wa bone le go ba kopa go abelana molaetsa le bana ba bangwe. Morongwa mo tiragatsong e o tshwana jang le Moperofeti? Ke eng Morena a re neela baperofeti?
-
Go ithuta mo gontsi ka ga se baperofeti ba se dirang, wena le bana ba gago le ka sekaseka recent messages from the current President of the Church. Le gone le ka opela pina jaaka“Follow the Prophet” (Children’s Songbook, 110–11). Abelana mongwe le mongwe gore ka go reng o itlhophela go sala moperofeti wa Modimo morago.
Thusa bana go tsenya mo tlhogong dikwalo tse di boitshepo. Mogolwane Richard G. Scott o abelane: “Go tsenya mo tlhogong dikwalo tse di boitshepo ke go tsweledisa botsalano jo bosha. Go tshwana le jaaka o lemoga motho yo mosha yo o ka go thusang ka nako ya go tlhokega, a go neela tlhotlheletso le kgomotso, le go nna motswedi wa kgothatso go phetogo e e tlhokegang” (“The Power of Scripture,” Ensign, Nov. 2011, 6). Go thusa bana ba gago go tsenya mo tlhogong gotlhe kgotsa karolo ya Amose 3:7, o ka e kwala fa fatshe mme le e boeletse mmogo. Ke gone o ka sutlha kgotsa khurumetsa mafoko a se kae go fitlhelela bana ba gago ba ka boeletsa temana yotlhe go tswa mo tlhogong.
Amose 8:11–12
Tsosoloso ya Efangele e feditse mmopamo wa boitimokanyi.
-
Laletsa bana ba gago go itsaya ekete ba tshwerwe ke tlala jaaka o bala Amose 8:11–12. Re ikutlwa jang fa re tshwerwe ke tlala ya lefoko la Modimo? Gongwe bana ba gago ba ka itsaya ekete ba a ja jaaka o abelana le bone dingwe tsa dikwalo tse di boitshepo tse o di ratang.
-
O ka dirisa Kaedi ya Dikwalo tse di Boitshepo, “Apostasy” (Gospel Library), or “After the New Testament” (in New Testament Stories, 167–70) go thusa bana ba gago go tlhaloganya “mmopamo” o o tlileng go tswa mo Boitimokanying jo Bogolo le ka fa o fedileng ka Tsosoloso. Abelanang mongwe le yo mongwe mabaka a o a itumeletseng a gore Morena o tsosolositse efangele ya Gagwe mo malatsing a rona.
2:52After the New Testament
Jona 1–3
Morena o tlaa nthusa go mo obamela, le e leng fa go le thata.
-
Go thusa bana ba gago go ithuta polelo ya ga Jona, o ka sekaseka “Jonah the Prophet” in Old Testament Stories; see also this week’s activity page). Ke gone o ka botsa:
-
Go diragetseng fa Jona a ne a sa obamele Morena? (bona Jona 1:4–17).
-
Jona o dirile eng go ikwatlhaya? (bona Jona 1:10–12; 2:1–4, 9; 3:1–4).
-
Go diragetseng fa Jona a obamela? (bona Jona 3:5).
2:30Jonah the Prophet
-
-
Bana ba gago ba ka itumela go bolela gape polelo ya ga Jona kgotsa go e diragatsa. Abelanang mongwe le mongwe maitemogelo mangwe fa Morena a ne a batla o dira sengwe se se thata mo g wena. O go thusitse jang go mo obamela?
Jona 1–4
Morena o kutlwelobotlhoko go botlhe ba ba sokologelang kwa go Ene.
-
Gongwe bana ba gago ba ka itsaya ekete ba botsolotsa Jona ka ga maitemogelo a gagwe. Ba ka mmotsa dipotso dife? Ba rotloetse go botsa dipotso go batla go itse gore Jona o ithutileng ka ga Morena. Jona o ka reng, ka sekai, ka ga kutlwelobotlhoko ya Morena? (bona, ka sekai, Jona 2:7–10; 3:10; 4:2).
Keresete le Monna wa Bolwetse jwa go Tetesela, by J. Kirk Richards
-
Thusa bana ba gago go akanya ka dikai fa Mmoloki a supa kutlwelobotlhoko go ba bangwe, jaaka Mareko 2:3–12; Luke 23:33–34; and Johane 8:1–11. Wena le bana ba gago le ka batla ditshwantsho tsa dikai tse. Ke mabaka a fe a re nang le o ne go nna kutlwelobotlhoko go ba bangwe?
Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.