Tlayang, Ntshaleng Morago
Ngwanatsele 30–Sedimonthole 6. “O Itumela mo Kutlwelong botlhokong”: Mika; Nahume; Habakuke; Sefania


“Ngwanatsele 30–Sedimonthole 6. ‘O Itumela mo Kutlwelong botlhokong’: Mika; Nahume; Habakuke; Sefania,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Ngwanatsele 30–Sedimonthole 6. ‘O Itumela mo Kutlwelong botlhokong,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

monna a otlolotse mabogo, a lebeletse loapi le le dinaledi

Kwa Tshimologong Gone go Na le Lefoko, ka Eva Timothy

Ngwanatsele 30–Sedimonthole 6: “O Itumela mo Kutlwelong botlhokong”

Mika; Nahume; Habakuke; Sefania

Go bala Kgolagano e Kgologolo gantsi go raya go bala diperofeso ka tshenyego. Morena kgapetsakgapetsa o biditse baperofeti go tsibosa baikepi ka ga dikatlholo tsa Gagwe. Bodiredi jwa ga Mika, Nahume, Habakuke, le Sefania ke dikai tse di molemo. Mo dintlheng tse di boitshegang, baperofeti ba boletsepele go wa ga ditoropo tse, ka nako eo, di ne di lebega di le maatla le thata: Ninife, Babilone, le Jerusalema. Mme seo e ne e le dingwaga tse di sekete tse di fitileng. Ke eng go le boleng go bala diperofeso tsena gompieno?

Le e leng tseo tse di ikgogomosang, ditoropo tse di boikepo di ne tsa senngwa, boikgogomoso jwa boikepo jwa tswelela. Re ka lemoga matlhasedi a yone mo dipelong tsa rona. Baperofeti ba Kgolagano e Kgologolo ba senola ka fa re ka fetogelang bosula jo. Gongwe ke lebaka le le lengwe le re balang mafoko a bone gompieno. E ne e se fela baperofeti ba tshekiso—e ne e le baperofeti ba kgololo Ditlhaloso tsa tshenyego di gwetlhwa ke ditaletso go tla kwa go Keresete le go amogela boitshwarelo jwa Gagwe. Jaaka Mika a baya, Morena ga itumele mo tshekisong ya rona, mme “o itumela mo kutlwelobotlhokong” (Mika 7:18). E ne e le tsela ya Morena bogologolo, mme ke tsela ya Gagwe gompieno. “Ditsela tsa gagwe ke tsa bosakhutleng” (Habakuke 3:6).

Go khutshwafatso ya dibuka tse, bona “Mika,” “Nahume,” “Habakuke,” and “Sefania” mo Bible Dictionary.

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Mika 6:1–8

Morena o batla eng mo go wena?

Mika o re laletsa go akanya gore go ka nna jang go “tla fa pele ga Morena, le go khubama … fa pele ga Modimo o kwa godimo” (Mika 6:6). Ke eng se temana 6–8 e se go gopotsang ka ga se se botlhokwa go Morena jaaka a sekaseka botshelo jwa gago?

Le gone bona Dale G. Renlund, “Do Justly, Love Mercy, and Walk Humbly with God,” Liahona, Nov. 2020, 109–12.

tshireletso ya dipota tsa matlapa

“Morena o molemo, tshireletso e e maatla mo letsatsing la mathata” (Nahume 1:7).

Nahume 1

Morena o gotlhe thata le kutlwelo botlhoko.

Thomo ya ga Nahume e ne e le go lebelapele tshenyego ya Ninife—toropokgolo ya mophato wa diganka Aseria, o o phatlaladitseng Iseraele le go sotlaka Juta. Nahume a simolola go tlhalosa bogale jwa Modimo le thata e e senang selekanyo, mme le gone O ne a bua ka kutlwelo botlhoko le bomolemo jwa Modimo. Lebelela ditemana mo kgaolo 1 tse di go thusang go tlhaloganya nngwe le nngwe ya mekgwa e—le mekgwa e mengwe ya Modimo e o e lemogang. Ke eng o akanya gore go botlhokwa go itse nngwe le nngwe ya dilo tse ka ga Morena?

Habakuke

ekhone ya seminari
Ke ka tshepha thato ya Morena le nako ya gagwe.

Le e leng baperofeti nako tse dingwe ba na le dipotso ka ga ditsela tsa Morena. Habakuke yo o ntseng ka nako ya go anama ga boikepo jwa Juta, o simolotse pego ya gagwe ka dipotso go Morena (bona Habakuke 1:1–4). O ka soboka jang matshwenyego a ga Habakuke? Ke dipotso dife tse di tshwanang tse batho ba di botsang ka ga Modimo gompieno? A o kile wa nna le maikutlo a tshwanang? Le gone o ka tshwantshanya dipotso tsa gagwe le tse dingwe mo dikwalong tse di boitshepo, jaaka tseo tse di fitlhelwang mo go Mareko 4:37–38 and Dithuto le Dikgolagano 121:1–6.

Morena o fetotse dipotso tsa ga Habakuke ka gore o tlaa romela Bakalatea (ba Babilone) go otlhaya Juta (bona Habakuke 1:5–11). Mme Habakuke o ne a ntse a tshwenyegile, go ne go lebega go sa siama gore Morena a eme “fa baikepi [Babilone] ba ganyaola batho ba ba siameng thata [Juta]” (bona ditemana 12–17). O bona eng mo go Habakuke 2:1–4 se se go tlhotlheletsang go tshepha Morena fa o na le dipotso tse di sa arabiwang? (Le gone bona Mareko 4:39–40; Dithuto le Dikgolagano 121:7–8;“God Will Lift Us Up” [video], Gospel Library).

4:59

God Will Lift Us Up

Kgaolo 3 ke thapelo ya ga Habakuke ya go paka le tumelo. Mokgwa wa ga Habakuke mo kgaolo 3 o farologana jang le mo kgaolo 1? Fano ke mogopolo go go thusa go o tlhatlhanya ditemana 17–19: Dira mola wa ditshegofatso tsa senama le semowa tse Modimo a go di neetseng. Ke gone akanya gore o latlhegetswe ke ditshegofatso tsa senama. Seo se ka dira gore o ikutlwe jang ka ditshegofatso tse dingwe? Ke eng go ka nna thata go “ipela mo Moreneng” (temana 18) mo dinakong tse di thata jaaka tse di tlhalositsweng mo temana 17? Tlhatlhanya ka fa o ka tlhabololang tumelo e kgolo mo Modimong, le e leng fa botshelo ekete ga bo a siama.

Le gone bona Gerrit W. Gong, “All Things for Our Good,” Liahona, May 2024, 41–44; “Lead, Kindly Light,” Hymns, no. 97; Topics and Questions, “Seeking Answers to Questions,” Gospel Library.

Nna pelotelele. Nako tse dingwe re batla dikarabo go dipotso tsa rona gone foo, mme megopolo ya semowa e tsaya nako mme ga e patelediwe. Jaaka Morena a bolelela Habakuke, E emele, gonne e le ruri e tlaa tla” (Habakuke 2:3).

Sefania

“Lona batlang Morena, lona ba ba bonolo lotlhe ba lefatshe.”

Jaaka o bala perofeso ya ga Sefania, lemoga mokgwa le maitsholo a a isitseng kwa tshenyegong—bona segolobogolo Sefania 1:4–6, 12; 2:8, 10, 15; 3:1–4. Ke gone lebelela mekgwa ya batho ba Modimo a tlaa ba bolokang—bona Sefania 2:1–3; 3:12–13, 18–19. Ke ofe molaetsa o o utlwang gore ke wa gago mo ditemaneng tse go tswa go Morena?

Sefania 3:14–20

Morena o tlaa ipela le batho ba Gagwe mo Sione.

Morago ga go bala Sefania 3:14–20, bona gore ke ditsela tse kae ka fa o ka feleletsang seele se: “Itumele o ipele ka pelo ya gago yotlhe” gonne … ke eng go le botlhokwa mo go wena go itse ka ga mabaka a go ipela? O ka tshwantshanya ditemana tse go maitemogelo a tlhalositsweng mo 3 Nefii 17 mme o tlhatlhanye ka fa Jeso Keresete a ikutlwang ka teng ka batho ba Gagwe—go akaretsa le wena.

Mo gontsi, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Ya Nonofo ya Banana dimakasine.

ekhone 02 ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Mika 5:2

Jeso O ne a tsholelwa kwa Bethelehema.

  • Bana ba gago ba ka tswa ba sa itse gore e ne e le perofeso ya ga Mika e e thusitseng Banna ba Botlhale go bona ngwana Jeso Keresete mo Betlhelehema. Fa o dirisa Mika 5:2 le Mathaio 2:1–6, gongwe bana ba gago ba diragatsa maitemogelo a bone. Ke gone o ka bua ka gore ka go reng botsalo jwa ga Jeso bo ne bo le botlhokwa gore baperofeti ba bo itse dingwaga tse dintsi pele fa a tsholwa.

Banna ba ba Botlhale ba bararo ba lebeletse naledi tse disha

Ngwana yo o Boitshepo a Tsholwa, ka Dana Wood

Nahume 1:7

“Morena o molemo, tshireletso e thata mo letsatsing la mathata.”

  • Morago ga go bala Nahume 1:7, bana ba gago ba ka aga kgotsa ba tshwantsha “tshireletso e thata” kgotsa tshireletsego (go na le setshwantsho se sengwe mo kaeding e). Ke afe mabaka a batho ba ka tlhokang tshireletso? Ke eng se se dirang letsatsi la rona, “letsatsi la matshwenyego”? Jeso Keresete o tshwana jang le tshireletso e thata ya rona?

Habakuke 2:3

Modimo ka metlha o tlaa diragatsa ditsholofetso tsa Gagwe.

  • Go itsise Habakuke 2:3, wena le bana ba gago le ka bua ka ga dilo tse di molemo mme fela morago ga go leta—jaaka leungo le le tlhokang go butswa kgotsa sebidiso se se tlhokang go butswa. Go tlaa diragala eng fa re ka leka go ja leungo kgotsa sebidiso pele se siama? Ke gone o ka bua ka moperofeti Habakuke, yo o batlileng go itse gore Morena o tlaa emisa boikepo leng mo lefatsheng. Bala karabo ya Morena mo Habakuke 2:3. O ka thusa bana ba gago go akanya ka dilo tse Modimo a di solofeditseng. Ka sekai sengwe le sengwe, lo ka bua mmogo, “E emele; gonne e le ruri e tlaa tla.”

Habakuke 2:14

Ke ka thusa go tlatsa lefatshe ka kitso ya ga Jeso Keresete.

  • Go supa Habakuke 2:14, wena le bana ba gago lo ka tlatsa jeke kgotsa selwana sengwe ka ditshwantsho kgotsa mafoko a a emetseng dilo tse Jeso a di dirileng kgotsa a di rutileng. Re ka thusa go tlatsa lefatshe ka kitso ya Morena?

  • Le gone o ka supegetsa bana ba gago mmepe wa lefatshe (bona Church History Maps, no. 7, “Map of the World”). Ba thuse go batla lefelo le kwa ba nnileng teng le mafelo kwa baanamisa efangele ba ba itseng kwa ba diretseng teng. Le gone lo ka opela pina ka go abelana efangele, jaaka “We’ll Bring the World His TruthChildren’s Songbook172–73). Re ka bolelela ba bangwe eng ka ga Jeso Keresete?

Sefania 3:14–20

Jeso Keresete o ipela le bao ba mo salang morago.

  • Mo Sefania 3:14–20, bana ba gago ba ka lebelela sengwe se ba dirang gore ba batle go “opela, … itumele le go ipela ka pelo ya gago yotlhe.” Gongwe o ka opela difela dingwe tsa boitumelo kgotsa dipina mmogo le go buisana ka ga boipelo jo o bo bonang mo efangeleng ya ga Jeso Keresete.

Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

Jeso a nyenya go setlhopha sa bana

Mme O ne a Tsaya Bana ba Bone ba Bannye ka bongwe ka bongwe, ka Casey Childs

Tsebe ya tiragatso ya poraemari: Lona batlang Morena